Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Segofatsa Thata ba ba Bolokang Tsela ya Gagwe

Jehofa o Segofatsa Thata ba ba Bolokang Tsela ya Gagwe

Kgang ya Botshelo

Jehofa o Segofatsa Thata ba ba Bolokang Tsela ya Gagwe

JAAKA GO BOLETSE ROMUALD STAWSKI

Fa ntwa ya bobedi ya lefatshe e ne e simolola ka September 1939, e ne e bifile kwa bokone jwa Poland. E re ka ke ne ke le mosimanyana yo o ratang dilo wa dingwaga di le robongwe, ke ne ka ya kwa lebaleng la ntwa le le neng le le gaufi le rona go ya go bona gore go diregang. Se ke neng ka se bona se ne se tshosa tota—ditopo di ne di rapaletse fa fatshe, loapi lo tletse mosi o o hupetsang. Le fa gone ke ne ke akantse fela ka go fitlha kwa gae ke babalesegile, ke ne ka simolola go ipotsa dipotso tseno: “Ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela gore dilo tse di maswe jalo di direge? O tsaya letlhakore la bomang?”

FA NTWA e ela kwa bokhutlong, basha ba ne ba patelediwa go berekela puso ya Jeremane. Ope fela yo o neng a gana o ne a kalediwa mo setlhareng kana mo borogong a kwadilwe letshwao le le reng “moepapuso” mo sehubeng sa gagwe. Motse wa rona wa Gdynia o ne o le fa gare ga mephato e mebedi e e lwantshanang ya masole. Fa re ne re tswela kwa ntle ga motse re ya go ga metsi, re ne re foswa ke marumo a ditlhobolo le a dibomo, mme nnake e bong Henryk o ne a bolawa. Ka ntlha ya maemo a a maswe a a neng a le gone, mmè o ne a tsenya rona bana ba banè mo kamoreng e e kafa tlase ga ntlo. Fa re le koo, nnake wa dingwaga tse pedi, e bong Eugeniusz, o ne a swa a bolawa ke dikodu tse ditshweu.

Ke ne ka ipotsa gape jaana: “Modimo o kae? Ke ka ntlha yang fa a letlelela pogo e e kanakana?” Le fa gone ke ne ke le Mokatoliki yo o tlhagafetseng e bile ke ya kerekeng ka metlha, ke ne ke sa bone dikarabo tsa dipotso tseno.

Ke ne Ka Amogela Boammaaruri Jwa Baebele

Ke ne ka bona dikarabo tsa dipotso tsa me go tswa mo motsweding o o sa lebelelwang. Ntwa e ne ya fela ka 1945, mme mo masimologong a 1947, re ne ra etelwa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa Gdynia. Mmè o ne a buisana le Mosupi yoo, mme ke ne ka utlwa dingwe tsa dilo tse ba neng ba tlotla ka tsone. Dilo tseo di ne di utlwala, ka jalo re ne ra dumela go ya dipokanong tsa Bokeresete fa ba ne ba re laletsa. Kgwedi e le nngwe fela morago ga moo, le fa gone ke ne ke ise ke tlhaloganye boammaaruri jwa Baebele sentle, ke ne ka tsamaya le setlhopha sengwe sa Basupi ba mo lefelong la rona mme ka rerela batho ka lefatshe le le botoka, le le se nang dintwa le masetlapelo. Go dira jalo go ne ga intumedisa fela thata.

Ke ne ka kolobediwa ka September 1947 kwa kopanong nngwe ya potologo kwa Sopot. Ka May wa ngwaga o o latelang, ke ne ka simolola tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha, ke dirisa bontsi jwa nako ya me ke rerela ba bangwe molaetsa wa Baebele. Baruti ba mo lefelong la rona ba ne ba ganetsa tiro ya rona thata mme ba tlhotlheletsa batho gore ba re tlhasele. Ka nako nngwe segopa se se galefileng se ne sa re tlhasela, sa re konopa ka maje sa bo sa re itaya botlhoko. Mo lekgetlong le lengwe, baitlami bangwe ba basadi le baruti ba mo lefelong la rona ba ne ba rotloetsa setlhopha sengwe sa batho gore se re tlhasele. Re ne ra ya go iphitlha kwa seteisheneng sa mapodise, mme setlhopha seo se ne sa dikologa kago, se re tshosetsa gore se tla re itaya. Kwa bofelong, mapodise a mangwe a ne a tla, mme re ne ra tsamaisiwa re disitswe ke mapodise a le mantsi.

Ka nako eo, go ne go se na phuthego mo lefelong le re neng re rera mo go lone. Ka dinako dingwe re ne re robala kwa ntle mme re ne re itumelela go bo re kgona go dira tiro ya go rera le fa re ne re lebane le maemo ao. Gompieno, go na le diphuthego tse di nonofileng mo lefelong leo.

Tirelo ya Bethele le go Tshwarwa

Ka 1949, ke ne ka lalediwa gore ke tle kwa Legaeng la Bethele kwa Łódź. A bo e ne e le tshiamelo e kgolo jang ne go direla mo lefelong le le ntseng jalo! Ka maswabi, ga ke a ka ka nna nako e telele koo. Ka June 1950, kgwedi e le nngwe pele tiro ya rona e thibelwa kafa molaong, nna le bakaulengwe ba bangwe ba kwa Bethele re ne ra tshwarwa. Ke ne ka isiwa kwa kgolegelong mme fa ke le koo, ba ne ba nthamathamisa ka dipotso e bile ba ntshwere makgwakgwa.

E re ka rre a ne a bereka mo sekepeng se se neng se ya kwa New York ka metlha, mapodise a a neng a nthamathamisa ka dipotso a ne a leka go mpateletsa gore ke dumele gore rre e ne e le setlhola se se neng se berekela United States. Ke ne ka tshwanela gore ke itshokele go botsolodiwa le go tshwarwa makgwakgwa. Mo godimo ga moo, mapodise a le manè a ne a leka go mpateletsa go neela bosupi kgatlhanong le Mokaulengwe Wilhelm Scheider, yo o neng a okametse tiro ya rona kwa Poland ka nako eo. Ba ne ba ntitaya mo diretheng ka dithobane tse dikima. Fa ke ntse ke rapame fa fatshe ke dutla madi, ke ikutlwa gore ga ke sa tlhole ke kgona go itshoka, ke ne ka goa ke re, “Jehofa, nthuse!” Babogisi ba me ba ne ba gakgamala mme ba tlogela go ntitaya. Mo metsotsong e se kae fela, ba ne ba robala. Ke ne ka simolola go ritibala le go nna le maatla gape. Seno se ne sa ntlhomamisetsa gore Jehofa o araba batlhanka ba gagwe ka lorato fa ba mo kopa thuso. Go ne ga nonotsha tumelo ya me mme ga dira gore ke ikanye Modimo ka botlalo.

Pego ya bofelo ya mapodise e ne e kwadilwe dilo tse di seng boammaaruri tse go neng go twe di ne di builwe ke nna. Fa ke ne ke ganetsa seo, lepodise lengwe le ne la nthaya le re, “O tla tlhalosa kwa kgotlatshekelong!” Mongwe yo o neng a le mo seleng e le nngwe le nna yo o neng a le botsalano o ne a mpolelela gore ke se ka ka tshwenyega, e re ka pego eo e ne e tshwanetse go tlhatlhobiwa pele ke mosekisi wa sesole go bona gore a e boammaaruri, mme seo se ne se tla nnaya sebaka sa go ganetsa bosupi joo jwa maaka. Go ne ga direga fela jalo.

Tiro ya go Potologa le go Tshwarwa Gape

Ke ne ka gololwa ka January 1951. Kgwedi e le nngwe morago ga moo, ke ne ka simolola go direla ke le molebedi wa potologo. Le fa tiro ya rona e ne e thibetswe, ke ne ka bereka le bakaulengwe ba bangwe go nonotsha diphuthego le go thusa Basupi ka nna ba ba neng ba gasame ka ntlha ya tiro ya mapodise a a neng a nna a ba beile leitlho. Re ne ra kgothaletsa bakaulengwe gore ba tswelele ka bodiredi. Mo dingwageng tsa moragonyana, bakaulengwe bano ba ne ba tshegetsa balebedi ba potologo ka bopelokgale e bile ba dira tiro ya go gatisa le go anamisa dibuka tsa Baebele mo sephiring.

Ka letsatsi lengwe ka April 1951, fa ke tswa kwa pokanong ya Bokeresete, ke ne ka tshwarwa mo mmileng ke mapodise a sephiri a a neng a ntse a mpeile leitlho. E re ka ke ne ke gana go araba dipotso tsa bone, ba ne ba nkisa kwa kgolegelong nngwe kwa Bydgoszcz mme ba simolola go nthamathamisa ka dipotso mo bosigong jone joo. Ke ne ka laelwa go ema mo leboteng ka malatsi le masigo a le marataro, ke sa newe dijo kana metsi, ke dikologilwe ke mosi o montsi wa disekerete tsa mapodise. Ke ne ka itewa ka thobane, ka fisiwa ka sekerete. Fa ke idibala, ba ne ba ntshela ka metsi ba bo ba simolola go mpotsolotsa gape. Ke ne ka kopa Jehofa gore a nneye mmatla gore ke itshoke, mme o ne a nthusa.

Go nna kwa kgolegelong kwa Bydgoszcz go ne go na le melemo mengwe. Fa ke le koo ke ne ka kgona go rerela batho bangwe boammaaruri jwa Baebele ba ba neng ba sa kgone go fitlhelelwa ka tsela epe e nngwe. Mme gone, go ne go na le ditshono tse dintsi tsa go neela bosupi. Gantsi magolegwa a ne a reetsa dikgang tse di molemo ka tlhoafalo ka gonne a ne a le mo maemong a a utlwisang botlhoko, a a neng a sa solofetse sepe.

Diphetogo Tse Pedi Tse di Botlhokwa

Moragonyana fela fa ke sena go gololwa ka 1952, ke ne ka kopana le Nela, kgaitsadi mongwe yo o tlhagafetseng wa mmulatsela. O ne a ntse a bula tsela kwa borwa jwa Poland. Moragonyana o ne a bereka mo lefelong le mo go lone re neng re gatisetsa dibuka tsa rona mo sephiring. Tiro eo e ne e le e e boima, e e neng e tlhoka gore motho a nne tlhaga e bile a ikitshe setlhabelo. Re ne ra nyalana ka 1954, mme ra tswelela mo tirelong ya nako e e tletseng go fitlha morwadiarona, e bong Lidia, a tsholwa. Morago ga moo re ne ra swetsa ka gore Nela a tlogele tirelo ya nako e e tletseng, a boele gae, mme a tlhokomele morwadiarona, gore nna ke kgone go tswelela mo tirong ya go potologa.

Mo go one ngwaga oo, re ne ra tshwanelwa ke go dira tshwetso e nngwe gape e e botlhokwa. Ke ne ka kopiwa go direla ke le molebedi wa kgaolo mo lefelong le le neng le akaretsa nngwetharong ya Poland. Re ne ra rapela ka kgang eo. Ke ne ke itse kafa go leng botlhokwa ka gone go nonotsha bakaulengwe ba rona mo nakong eo ya fa tiro e ne e thibetswe. Bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba tshwarwa, ka jalo ba ne ba tlhoka go kgothadiwa thata semoyeng. Nela o ne a nkema nokeng, mme ka amogela kabelo eo. Jehofa o ne a nthusa go direla mo kabelong eno ka dingwaga di le 38.

Ke ne Ke Okametse Mafelo a go Gatisa Dibuka mo Sephiring

Mo dinakong tseo, molebedi wa kgaolo o ne a tshwanetse go tlhokomela mafelo a go gatisa dibuka mo sephiring a a neng a le kwa mafelong a a kgakala. Mapodise a ne a re setse morago ka metlha, a leka go bona mafelo a rona a go gatisa le go a tswala. Ka dinako dingwe a ne a atlega, mme ga re ise re ko re tlhoke dijo tsa semoya. Go ne go bonala sentle gore Jehofa o ne a re tlhokometse.

Gore motho a kopiwe go dira tiro e e boima le e kotsi ya go gatisa, o ne a tshwanetse gore a nne motho yo o ikanyegang, yo o tlhaga, a ikitsha setlhabelo e bile a le boikobo. Dinonofo tseo e ne e le tsone tse di neng tsa dira gore mafelo a rona a go gatisa mo sephiring a tswelele a dira sentle. Go bona lefelo le le siameng la go gatisetsa mo sephiring le gone go ne go se motlhofo. Mafelo mangwe a ne a lebega a siame, mme bakaulengwe ba koo ba ne ba se kelotlhoko. Mo mafelong a mangwe, bakaulengwe ba ne ba le kelotlhoko fa mafelo one e ne e se a a siameng. Bakaulengwe ba ne ba iketleeleditse go ikitsha setlhabelo. Ke rata thata bakaulengwe le bokgaitsadi botlhe ba ke neng ke na le tshiamelo ya go bereka le bone.

Go Femela Dikgang Tse di Molemo

Mo dinakong tseo tsa mathata, re ne re tlhola re latofadiwa gore re dira tiro ya boepapuso e e seng kafa molaong, re bo re isiwa kwa kgotlatshekelong. Seno e ne e le bothata ka gonne re ne re se na babueledi ba ba ka re femelang. Babueledi bangwe ba ne ba re utlwela botlhoko, mme bontsi jwa bone ba ne ba tshaba batho mme ba sa batle go galefisa balaodi. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a itse se re se tlhokang, mme ka nako e e tshwanetseng o ne a dira gore dilo di re tsamaele sentle.

Molebedi mongwe wa potologo yo o tswang kwa Kraków e bong Alojzy Prostak, o ne a tshwarwa maswe thata ka nako ya fa a ne a botsolodiwa mo e leng gore o ne a tshwanelwa ke go isiwa kwa bookelong jwa mo kgolegelong. Lebaka la go bo a ne a ema a nitame le fa a ne a tlhokofadiwa mo tlhaloganyong le mo mmeleng le ne la dira gore magolegwa a mangwe a a mo bookelong jwa kgolegelo a mo tlotle le go mo kgatlhegela. Mongwe wa bone e ne e le mmueledi mongwe yo o neng a bidiwa Witold Lis-Olszewski, yo o neng a kgatlhilwe thata ke bopelokgale jwa ga Mokaulengwe Prostak. Mmueledi yono o ne a bua le Mokaulengwe Prostak ka makgetlo a le mmalwa a mo solofetsa a re: “Fa ke gololwa fela fano ke bo ke letlelelwa go tswelela ka tiro ya me ya go nna mmueledi, ke tla rata go emela Basupi ba ga Jehofa kwa kgotlatshekelong.” O ne a dira se a se buileng.

Rre Olszewski o ne a na le setlhopha sa gagwe sa babueledi, ba go neng go kgatlha go bona kafa ba ikemiseditseng ka gone go diragatsa tsholofetso ya bone ya go re thusa. Ka nako ya fa re ne re ganediwa thata, ba ne ba buelela bakaulengwe mo ditshekong tse di ka nnang 30 ka kgwedi—e le nngwe ka letsatsi! E re ka Rre Olszewski a ne a tshwanetse go itse sengwe le sengwe ka ditsheko tseno, ke ne ka abelwa gore ke nne ke ntse ke ikgolagantse le ene. Ke ne ka bereka le ene ka dingwaga di le supa mo dingwageng tsa bo1960 le bo1970.

Ka nako eo ke ne ka ithuta mo gontsi ka tiro e e amanang le dilo tsa molao. Gantsi ke ne ke ela tlhoko ditsheko, ke reetsa dikakgelo tsa babueledi—tse di siameng le tse di sa siamang—mekgwa e ba neng ba emela bakaulengwe ka yone mo kgotlatshekelong, le go reetsa bosupi jo bo neng bo ntshiwa ke badumedi ka rona. Seno se ne sa nthusa thata go thusa bakaulengwe ba rona, segolobogolo bakaulengwe ba ba neng bileditswe go tla go ntsha bosupi mo kgotlatshekelong, gore ba itse gore ba tshwanetse go reng le gore ke leng ba tshwanetseng go didimala fela.

Fa tsheko e ne e tsweletse, gantsi Rre Olszewski o ne a robala mo matlong a Basupi ba ga Jehofa. E ne e se ka go bo a ne a sa kgone go duelela kamore kwa hoteleng, mme e ne e le ka go bo, jaaka a kile a bua, “Ke batla go nna le boikutlo jo bo tshwanang le jo lo nang le jone pele tsheko e simolola.” Ka thuso ya gagwe, re ne ra kgona go fenya ditsheko di le dintsi. O kile a mpuelela ka makgetlo a le mmalwa, mme ga a ise a ko a ntuedise. Mo lekgetlong lengwe, o ne a gana go duelelwa ditsheko di le 30. Ka ntlha yang? O ne a re: “Ke batla go ntshetsa tiro ya lona moneelo mongwe o monnye.” Mme tirelo ya gagwe e ka bo e jele madi a mantsi tota. Tiro e e neng e dirwa ke setlhopha sa ga Rre Olszewski e ne ya lemogiwa le ke balaodi, mme seo ga se a ka sa dira gore a tlogele go re thusa .

Go thata gore ke tlhalose kafa bakaulengwe ba rona ba neng ba neela bosupi jo bontle ka gone ka nako eo ya ditsheko. Batho ba le bantsi ba ne ba ya dikgotlatshekelong go ya go lebelela le go kgothatsa bakaulengwe ba ba neng ba latofadiwa. Ka nako ya fa go ne go na le ditsheko tse dintsi, go ne ga tla mo e ka nnang baemanokeng ba le 30 000 mo ngwageng o le mongwe. Ruri seo e ne e le boidiidi jo bogolo jwa Basupi!

Kabelo e Ntšha

Ka 1989, tiro ya rona e ne e sa tlhole e thibetswe. Dingwaga tse tharo moragonyana go ne ga agiwa ofisi e ntšha e bo e neelwa. Ke ne ka kopiwa go tla go bereka mo Lephateng la Tirelo ya Tshedimosetso Kaga Dikokelo, e leng kabelo e ke neng ka e amogela ka boitumelo. Re ne re bereka re le setlhopha sa batho ba bararo, re tshegetsa bakaulengwe ba rona ba ba neng ba lebane le kgang ya go tshela madi mme re ba thusa go femela tshwetso ya bone e e theilweng mo segakoloding sa Bokeresete.—Ditiro 15:29.

Nna le mosadi wa me re itumeletse thata tshiamelo e re nnileng le yone ya go direla Jehofa mo bodireding jwa phatlalatsa. Nela o ne a nkema nokeng le go nkgothatsa ka metlha. Ka metlha ke lebogela gore fa ke ne ke tshwaregile ka dikabelo tsa me mo tirong ya Modimo kana ke le kwa kgolegelong, o ne a se nke a ngongorega go bo ke seyo kwa gae. Mo dinakong tse di thata, o ne a gomotsa ba bangwe go na le gore ene a ngomoge pelo.

Ka sekai, ka 1974 ke ne ka tshwarwa mmogo le balebedi ba bangwe ba potologo. Bakaulengwe ba bangwe ba ba neng ba itse ka seo ba ne ba batla tsela e e bonolo e ba ka itsiseng mosadi wa me ka seno. Fa ba mmona, ba ne ba mmotsa jaana: “Kgaitsadi Nela, a o ikemiseditse go utlwa dikgang tse di bosula?” Kwa tshimologong o ne a garoga pelo, e re ka a ne a akanya gore ke sule. Fa a utlwa se tota se diragetseng, o ne a bua jaana a wetse dibete: “O a tshela! Ga se la ntlha a tsenngwa mo kgolegelong.” Bakaulengwe ba ne ba mpolelela moragonyana gore ba ne ba kgatlhilwe thata ke tsela e a neng a leba dilo ka yone.

Le fa gone re ile ra lebana le dilo tse di botlhoko mo nakong e e fetileng, ka metlha Jehofa o ne a re segofatsa thata ka ntlha ya go boloka ditsela tsa gagwe. Re itumela thata go bo morwadiarona, Lidia, le monna wa gagwe, Alfred DeRusha, ba ile ba nna banyalani ba Bakeresete ba ba tlhomang sekao. Ba godisitse barwa ba bone, Christopher le Jonathan, go nna batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo, se se dirang gore re itumele le go feta. Nnake e bong Ryszard, le kgaitsadiake, Urszula, le bone ba nnile Bakeresete ba ba ikanyegang ka dingwaga tse dintsi.

Jehofa ga a ise a ko a re tlogele, mme re batla go tswelela re mo direla ka pelo yotlhe. Re ile ra iponela go diragadiwa ga mafoko ano a Pesalema 37:34: “Solofela mo go Jehofa mme o boloke tsela ya gagwe, mme o tla go godisa gore o rue lefatshe.” Re lebeletse pele kwa nakong eo ka pelo yotlhe.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Kwa kopanong e e neng e tshwaretswe mo jarateng ya mokaulengwe mongwe kwa Kraków, ka 1964

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Nna le mosadi wa me, Nela, le morwadiarona, Lidia, ka 1968

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ke na le mosimanyana mongwe wa Mosupi pele ga a dira karo ya pelo e go sa dirisiweng madi mo go yone

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ke na le Nela ka 2002

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ke na le Dr. Wites, ngaka e kgolo e e dirang dikaro tsa pelo mo baneng a sa dirise madi, kwa bookelong bongwe kwa Katowice