Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Leng Motho a ka Kgopisegang?

Ke Leng Motho a ka Kgopisegang?

Ke Leng Motho a ka Kgopisegang?

BAEBELE e bua jaana mo go Moreri 7:9: “Go kgopisega go nna mo sehubeng sa dimatla.” Temana eno e bontsha gore ga re a tshwanela go kgopisega motlhofo fela fa mongwe a re kgopisa; go na le moo re mo itshwarele.

Le fa go ntse jalo, a temana ya Moreri 7:9 ya re le ka motlha ga re a tshwanela go kgopisiwa ke sepe kana ke ope, gore re tshwanetse go itshwarela batho botlhe go sa kgathalesege gore ba re leofela go le kana kang kana ga kae le gore re se ka ra leka go rarabolola bothata jo bo leng gone? A re tshwanetse go nna re kgopisa ba bangwe ka mafoko le ka ditiro tsa rona ka gonne re itse gore motho yo re mo kgopisang o tshwanetse go re itshwarela? Ga go ka ke ga nna jalo.

Jehofa Modimo ke sekao se segolo sa go bontsha lorato, bopelotlhomogi, go itshwarela le go bontsha boitshoko. Le fa go ntse jalo, mo Baebeleng go na le makgetlo a le mantsi a mo go one batho ba neng ba mo kgopisa. Fa a kgopisitswe ka tsela e e maswe thata, o ne a otlhaya batho ba ba mo kgopisitseng. A re sekasekeng dikai dingwe.

Go Kgopisa Jehofa

Pego e e mo go 1 Dikgosi 15:30 e bua ka maleo a ga Jeroboame “a a leofisitseng Iseraele ka one le ka go kgopisa ga gagwe mo a kgopisitseng Jehofa Modimo.” Baebele e bua jaana ka Kgosi Ahase wa Juda mo go 2 Ditiragalo 28:25: “A dira mafelo a a kwa godimo gore a kuisetse medimo e mengwe mosi wa setlhabelo mo go one, mo a neng a kgopisa Jehofa Modimo wa borraagwemogologolwane.” Sekai se sengwe ke se se mo go Baatlhodi 2:11-14: “Bomorwa Iseraele ba simolola go dira se se neng se le bosula mo matlhong a ga Jehofa le go direla Bobaale . . . , ba bo ba kgopisa Jehofa. . . . Foo bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Iseraele, mo a neng a ba tsenya mo diatleng tsa bathopi.”

Go na le dilo tse dingwe tse di neng tsa kgopisa Jehofa mme ga tlhokega gore a tseele batho ba ba mo kgopisitseng kgato e e masisi. Ka sekai, re bala jaana mo go Ekesodo 22:18-20: “O se ka wa tlogela moloi wa mosadi a ntse a tshela. Motho ope fela yo o lalang le phologolo o tshwanetse gore ruri a bolawe. Motho yo o ntshetsang medimo epe ditlhabelo fa e se Jehofa a le nosi o tshwanetse go senngwa.”

Ga se gore Jehofa o ne a tswelela pele fela a itshwarela Baiseraele fa ba ne ba ntse ba mo kgopisa ka go mo direla maleo a a masisi ba sa bontshe boikwatlhao jwa mmatota. Fa go ne go bonala sentle gore batho ba ba dirang dilo tse di bosula ga ba bontshe boikwatlhao jwa mmatota e bile go se na sepe se se bontshang gore ba a sokologa mo ditirong tsa bone gore ba ikobele Jehofa, o ne kgabagare a ba senya. Seno se ne sa diragalela setšhaba sotlhe ka 607 B.C.E., fa ba senngwa ke Bababelona, mme ba senngwa gape le ka 70 C.E. ke Baroma.

Ruri Jehofa o kgopisiwa ke dilo tse di maswe tse batho ba di buang le tse ba di dirang, e bile o tla bolaya badiraphoso ba ba sa ikwatlhaeng ba ba dirang maleo a a masisi. A mme gone seno se raya gore, go ya ka se se buiwang mo go Moreri 7:9, ga a tshwanela go kgopisega? Le e seng. Ga go phoso gore a kgopisiwe ke maleo a a masisi mme e bile o atlhola ka tshiamo ka dinako tsotlhe. Baebele e bua jaana ka Jehofa: “Tiro ya gagwe e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso. Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene; o siame e bile o thokgame.”—Duteronome 32:4.

Go Kgopisa ba Bangwe ka Tsela e e Masisi

Mo Molaong o Modimo a neng a o naya Baiseraele ba bogologolo, motho o ne a otlhaiwa botlhoko fa a ne a diretse yo mongwe boleo jo bo masisi. Ka sekai, fa legodu le ne le tsena mo ntlong ya motho go le bosigo mme mong wa ntlo a bo a mmolaya, mong wa ntlo o ne a sa nne le molato ope wa madi. O ne a lejwa e le yo o diretsweng molato o mogolo wa bokebekwa. Ke ka moo re balang jaana: “Fa legodu le ka fitlhelwa le thuba le bo le itewa mme la swa, ga go na molato wa madi kaga [mong wa ntlo].”—Ekesodo 22:2.

Mosadi yo o beteletsweng o na le tshwanelo ya go kgopisegela thata motho yo o mo beteletseng, e re ka go betelela e le boleo jo bo masisi mo matlhong a Modimo. Mo Molaong wa ga Moshe, monna yo o neng a beteletse mosadi o ne a tshwanetse go swa “fela jaaka fa motho a tsogologela mongwe ka ene a ba a mmolaya.” (Duteronome 22:25, 26) Le fa gone re sa tlhole re latela Molao oo, Molao oo o dira gore re kgone go lemoga gore Jehofa o ikutlwa jang fa motho a betelelwa, e leng tiro e e maswe tota.

Mo motlheng wa rona, go betelela le gone ke tlolomolao e e masisi e e otlhaelwang botlhoko. Motho yo o beteletsweng o na le tshwanelo yotlhe ya gore a begele mapodise kgang eo. Ka go dira jalo, mapodise a ka otlhaya modiraphoso. Mme fa motho yo o beteletsweng e le ngwana, batsadi e ka nna bone ba ba begang kgang eno kwa mapodiseng.

Go Kgopisa ba Bangwe ka Tsela e e Seng Masisi

Le fa go ntse jalo, ga se melato yotlhe e e tlhokang gore mapodise a e tseele kgato. Ka jalo, ga re a tshwanela go kgopisiwa go sa tlhokege ke melato e e sa reng sepe e batho ba bangwe ba re direlang yone, mme gone re tshwanetse go ba itshwarela. Re tshwanetse go itshwarela motho ga kae? Moaposetoloi Petere o ne a botsa Jesu jaana: “Morena, morwarre o tshwanetse go nteofela makgetlo a le kae gore ke mo itshwarele? Go fitlha go makgetlo a le supa?” Jesu a mo raya a re: “Ke a go raya ka re, e seng, Go fitlha go makgetlo a le supa, mme, Go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa.”—Mathaio 18:21, 22.

Kafa letlhakoreng le lengwe, go tlhokega gore re nne re tokafatse botho jwa rona jwa Bokeresete gore re leke gore re se ka ra nna ra kgopisa ba bangwe. Ka sekai, fa o dirisana le batho ba bangwe, a ka dinako dingwe o bua fela ka go phantsha, o bontsha gore ga o ba akanyetse, o ba kgoba? Go dira jalo go ka kgopisa ba bangwe. Go na le gore motho yo o kgopisitseng yo mongwe a tshwaye motho yo a mo kgopisitseng phoso e bile a akanye gore motho yoo o tshwanetse go mo itshwarela, motho yo o kgopisitseng yo mongwe o tshwanetse go lemoga gore ke ene yo o dirileng gore yo mongwe a kgopisege. Yo o kgopisitseng yo mongwe o tshwanetse go laola ditiro tsa gagwe le puo ya gagwe gore a se ka a kgopisa ba bangwe di tloga fela. Seno se tla dira gore motho yoo a se ka a nna a ntse a utlwisa ba bangwe botlhoko. Baebele e re gakolola jaana: “Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka, mme loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.” (Diane 12:18) Fa re kgopisa ba bangwe, le fa gone e se ka boomo, go kopa maitshwarelo go tla thusa thata go baakanya bothata.

Lefoko la Modimo le bontsha gore re tshwanetse go “[latelela] dilo tse di isang kagisong le dilo tse di bakang go agana.” (Baroma 14:19) Fa re akanyetsa maikutlo a ba bangwe e bile re le pelonomi, re tla bo re dira go dumalana le mafoko a seane se se reng: “Lefoko le le builweng ka nako e e le tshwanetseng le tshwana le diapole tsa gouta mo dilong tse di setilweng tsa selefera.” (Diane 25:11) A bo seno se dira gore batho ba re lebe ka tsela e e molemo le e e itumedisang jang ne! Go bua ka tsela e e bonolo e e akanyetsang ba bangwe go ka fetola le maikutlo a a sa siamang a ba bangwe ba nang le one: “Loleme lo lo bonolo lo ka roba lerapo.”—Diane 25:15.

Ka jalo, Lefoko la Modimo le re gakolola jaana: “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai, gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.” (Bakolosa 4:6) ‘Go lokwa ka letswai’ go raya gore re dire gore mafoko a rona a itumedise ba bangwe, ka go dira jalo re tila go ba kgopisa. Bakeresete ba leka go dirisa kgakololo eno ya Baebele mo puong ya bone le mo ditirong tsa bone: ‘Senka kagiso mme o e latelele.’—1 Petere 3:11.

Ka jalo, go bonala Moreri 7:9 e raya gore re tshwanetse go tlogela go kgopisiwa ke diphoso tse di sa reng sepe tse ba bangwe ba re direlang tsone. Diphoso tseno di ka direga ka ntlha ya go sa itekanelang ga batho kana e ka nna tsa ka boomo, mme e se tse di masisi. Mme fa phoso e le e e masisi, go a utlwala gore motho yo o kgopisitsweng a kgopisege e bile a swetse go tsaya kgato e e tshwanetseng.—Mathaio 18:15-17.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Jehofa o ne a dira gore Baiseraele ba ba sa ikwatlhaeng ba senngwe ke Baroma ka 70 C.E.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

“Lefoko le le builweng ka nako e e le tshwanetseng le tshwana le diapole tsa gouta”