Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Akgolelwa Tsela e ba Ratang Baebele ka Yone

Ba Akgolelwa Tsela e ba Ratang Baebele ka Yone

Ba Akgolelwa Tsela e ba Ratang Baebele ka Yone

MARIANNA, yo e leng Mosupi wa ga Jehofa kwa borwa jwa Italy, o na le dingwaga di le 18 mme o mo ngwageng wa gagwe wa bofelo kwa sekolong se segolwane. O tsena sekolo se le sengwe le Basupi ba bangwe ba babotlana.

Marianna a re: “E setse e le dingwaga di sekae jaanong bangwe ba rona ba bala temana ya letsatsi mo bukaneng ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe ka nako ya go ikhutsa. Re ne re kgona fela go e balela gaufi le phaposi ya barutabana. Le teng foo go ne go na le modumonyana. Bontsi jwa barutabana ba ne ba re bona fa ba feta, mme bangwe ba ne ba ema gore ba bone se re se dirang. Gantsi seno se re buletse sebaka sa gore re arabe dipotso tsa bone. Go ne go ema mo e ka nnang morutabana a le mongwe letsatsi le letsatsi. Go na le ba le mmalwa ba ba ileng ba ema mme ba reetsa motlotlo wa rona wa temana e e tswang mo Baebeleng mme ba ile ba tlhalosa gore ba kgatlhwa ke tsela e rona Basupi re kgatlhegelang dilo tsa semoya ka yone. Tsatsi lengwe, mothusa mogokgo wa rona o ne a re kopa gore re ye go tshwarela motlotlo wa rona mo phaposing ya barutabana.

“Fa morutabana wa me a sena go bona gore re ne re tlhatlhoba temana ya letsatsi, o ne a kopa mogokgo gore re dirise nngwe ya ditlelase e go se nang modumo kwa go yone. Mogokgo o ne a dumela mme morutabana wa me o ne a re baka fa pele ga tlelase yotlhe ka gonne re tlhoma sekao se se molemo. Rotlhe re itumelela tshiamelo e kgolo e Jehofa a e re neileng.”