Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ba ka Bo ba Golotswe ka Bonako”

“Ba ka Bo ba Golotswe ka Bonako”

“Ba ka Bo ba Golotswe ka Bonako”

GENEVIÈVE DE GAULLE, setlogolo sa ga Charles de Gaulle, poresidente ya pele ya kwa Fora, o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa fa a ne a le kwa kampeng ya pogisetso ya Bonasi ya kwa Ravensbrück, kwa bokone jwa Jeremane. O ne a kwala mafoko a a fa godimo mo lekwalong le a neng a le kwala ka August 1945.

Magolegwa a kampa ya pogisetso ya kwa Auschwitz, kwa Poland a ne a gololwa ka January 27, 1945. Fa e sa le ka 1996, letlha leno le nnile letsatsi la segopotso kwa Jeremane la batho ba ba neng ba bogisiwa ke Puso ya ga Hitler.

Fa poresidente ya Palamente ya Puso ya Baden-Württemberg, e bong Peter Straub a ne a neela puo ya segopotso ka January 27, 2003, o ne a akgela jaana: “Re tshwanetse go tlotla thata batho botlhe ba ba neng ba bogisiwa ka ntlha ya bodumedi jwa bone kana boemo jwa bone jwa sepolotiki le ba ba neng ba ikemiseditse go swa go na le go ineela, mme ga ke kgone go tlhalosa tlotlo e e ntseng jalo ka mafoko. Basupi ba ga Jehofa e ne e le bone fela ba ba neng ba gana gotlhelele go ineela mo pusong ya ga Hitler: Ga ba a ka ba tsholetsa letsogo go galaletsa Hitler. Ba ne ba gana go ema nokeng ‘Moeteledipele le Puso ya gagwe,’ fela jaaka ba ne ba gana go ya ntweng le go dira ditiro dipe tse ba neng ba patelediwa go di dira. Mme le bana ba bone ba ne ba se karolo ya Mokgatlho wa Basha wa ga Hitler.”

Jesu Keresete o ne a bua jaana ka balatedi ba gagwe: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:16) Ka jalo, boemo jo Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bo tsaya e ne e le ka ntlha ya mabaka a bodumedi fela. Straub o ne a tswelela ka go re: “Basupi ba ga Jehofa, ba ba neng ba tshwanetse go apara khutlotharo mo diaparong tsa bone fa ba ne ba le magolegwa kwa dikampeng tsa pogisetso, e ne e le bone fela ba ba neng ba ka fedisa pogiso ya bone. Ba ne ba tlhoka fela go saena lekwalo le mo go lone ba neng ba itatola tumelo ya bone.”

Go itatola tumelo ya bone e ne e le selo se bontsi jwa Basupi ba neng ba se kitla ba se dira. Ka jalo, ba ka nna 1 200 ba bone ba ne ba swa ka nako ya Bonasi. Ba le 270 ba bone ba ne ba bolawa ka ntlha ya go bo segakolodi sa bone se ne se sa ba dumelele go tsenela bosole. Ba ne ba sa bue fela mafoko ano mme ba ne ba a ikobela: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29.

Ulrich Schmidt, e bong poresidente ya Palamente ya Puso ya North Rhine-Westphalia o ne a tlhalosa gore Basupi ba ga Jehofa e ne e le batho ba ba tlwaelegileng fela. Fa boroutšhara jwa Lantag Intern bo bua ka puo eo ya ga Schmidt, bo ne jwa bitsa Basupi bo re ke “batho ba ba tlwaelegileng fela, ba ba neng ba latela segakolodi sa bone, e le baagi ba ba pelokgale ba ba neng ba ganetsa dikgopolo tsa Bonasi ka ntlha ya tumelo ya bone ya Bokeresete.” Re ka tlhomamisega gore Jehofa Modimo o itumelela botlhe ba ba mo ngaparelang fa ba le mo maemong a a boima. Re bala jaana mo go Diane 27:11: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.”

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]

Courtesy of United States Holocaust Memorial Museum