Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bakeresete ba Bonatsa Kgalalelo ya ga Jehofa

Bakeresete ba Bonatsa Kgalalelo ya ga Jehofa

Bakeresete ba Bonatsa Kgalalelo ya ga Jehofa

“Go itumela matlho a lona ka gonne a a bona, le ditsebe tsa lona ka gonne di a utlwa.”—MATHAIO 13:16.

1. Go tsoga potso efe mo mogopolong wa rona fa re akanya ka tsela e Baiseraele ba ileng ba itshwara ka yone fa ba bona Moshe kwa Thabeng ya Sinai?

BAISERAELE ba ba neng ba phuthegetse kwa Thabeng ya Sinai ba ne ba na le lebaka le le utlwalang la go atamalana le Jehofa. Gakologelwa gore o ne a ba golotse kwa Egepeto ka seatla se se nonofileng. O ne a ba tlhokomela ka dilo tse ba neng ba di tlhoka, a ba naya dijo le metsi mo nageng. Mo godimo ga moo, o ne a dira gore ba fenye fa ba ne ba tlhaselwa ke masole a Baamaleke. (Ekesodo 14:26-31; 16:2–17:13) Fa ba ntse ba thibeletse mo nageng fa pele ga Thaba ya Sinai, ba ne ba tshosiwa thata ke ditumo tsa maru le dikgadima mo ba neng ba sala ba roroma. Moragonyana, ba ne ba bona Moshe a fologa Thaba ya Sinai, sefatlhego sa gagwe se bonatsa kgalalelo ya ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, go na le gore ba batle go bona kgalalelo eno sentle le go e anaanela, ba ne ba tswa ba tshaba. Ba ne “ba boifa go . . . atamela [Moshe].” (Ekesodo 19:10-19; 34:30) Ke ka ntlha yang fa ba ne ba tshaba go leba kgalalelo ya ga Jehofa yo o neng a ba diretse dilo tse dintsi jalo tse di molemo?

2. Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba ka tswa ba ile ba boifa fa ba bona kgalalelo ya Modimo e e neng e le mo go Moshe?

2 Go ka direga gore go tshaba ga Baiseraele mo nakong eno go ne go amana le sengwe se se neng se ile sa direga pelenyana. Nako ele ya fa ba ne ba tlola molao wa ga Jehofa ka boomo mme ba itirela namane ya gouta, Jehofa o ne a ba otlhaya. (Ekesodo 32:4, 35) A ba ile ba ithuta sengwe mo kotlhaong eno ya ga Jehofa le go e anaanela? Nnyaa, ba le bantsi ba ne ba se ka ba ithuta sepe. Fa Moshe a ne a le gaufi le go swa, o ne a bua ka tiragalo eno ya go itirela ga bone namane ya gouta mmogo le ditiragalo tse dingwe tsa go tlhoka kutlo tsa Baiseraele. O ne a ba raya a re: “Lo ne lwa itshwara ka go tsuologela taelo ya ga Jehofa Modimo wa lona, lo ne lwa se ka lwa supa tumelo mo go ene le fa e le go reetsa lentswe la gagwe. Lo itshupile lo na le boitshwaro jwa botsuolodi mo go Jehofa go simolola ka letsatsi le ke lo itsileng ka lone.”—Duteronome 9:15-24.

3. Moshe o ne a ipipa sefatlhego jang le gone leng?

3 Ela tlhoko se Moshe a neng a se dira fa a bona gore Baiseraele ba a boifa. Pego ya teng e balega jaana: “E ne e re fa Moshe a fetsa go bua le bone, a bo a baya lesire mo sefatlhegong sa gagwe. Mme e ne e re fa Moshe a tsena [mo motlaaganeng] fa pele ga ga Jehofa a ya go bua le ene, o ne a ntsha lesire go fitlha a tswa. Mme o ne a tswa a bo a bua le bomorwa Iseraele se a neng a se laetswe. Mme bomorwa Iseraele ba bona sefatlhego sa ga Moshe, gore letlalo la sefatlhego sa ga Moshe le ne le ntsha marang; mme Moshe a busetsa lesire mo sefatlhegong sa gagwe go fitlha a tsena a ya go bua le [Jehofa].” (Ekesodo 34:33-35) Ke ka ntlha yang fa Moshe a ne a ipipa ka lesire ka dinako tse dingwe? Re ka ithutang eng mo go seno? Dikarabo tsa dipotso tseno di ka re thusa go sekaseka kamano ya rona le Jehofa go bona gore e ntse jang.

Ditshono Tse ba Neng Ba se Ka Ba di Dirisa

4. Moaposetoloi Paulo o ne a re go ipipa ka lesire ga ga Moshe go ne go kaya eng?

4 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore go ipipa ka lesire ga ga Moshe go ne go amana le boemo jwa mogopolo le jwa dipelo jwa Baiseraele. O ne a kwala jaana: “Bomorwa Iseraele ba ne ba sa kgone go leba sefatlhego sa ga Moshe ka tlhomamo ka ntlha ya kgalalelo ya sefatlhego sa gagwe . . . Maatla a bone a mogopolo a ne a kgwaraladitswe.” (2 Bakorintha 3:7, 14) A bo joo e le boemo jo bo hutsafatsang jang ne! Baiseraele e ne e le setšhaba se Jehofa a neng a se itlhophetse, mme o ne a batla gore ba atamalane le ene. (Ekesodo 19:4-6) Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa batle go leba kgalalelo ya Modimo ka tlhomamo. Go na le gore ba ineele mo go Jehofa ka lorato ka go retolosetsa dipelo le megopolo ya bone kwa go ene, ditiro tsa bone di ne tsa bontsha gore tota ba mo fularetse.

5, 6. (a) Baiseraele ba motlha wa ga Moshe ba ne ba tshwana le Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ka tsela efe? (b) Ba ba neng ba reetsa Jesu ba ne ba farologana jang le ba ba neng ba se ka ba mo reetsa?

5 Go na le tiragalo nngwe e e tshwanang e e neng ya direga mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Ka nako ya fa Paulo a ne a sokologela mo Bokereseteng, kgolagano ya Molao e ne e tseetswe sebaka ke kgolagano e ntšha, e Jesu Keresete, e bong Moshe yo Mogolwane, e leng motsereganyi mo go yone. Jesu o ne a bonatsa kgalalelo ya ga Jehofa sentle ka mafoko le ka ditiro. Paulo o ne a kwala jaana ka Jesu yo o neng a tsositswe mo baswing: “Ke ponatso ya kgalalelo ya [Modimo] le setshwano totatota sa gagwe ka boene.” (Bahebera 1:3) A bo Bajuda ba ne ba na le tshono e e molemo jang ne! Ba ne ba ka kgona go reetsa mafoko a botshelo jo bo sa khutleng mo go Morwa Modimo ka boene! Se se utlwisang botlhoko ke gore ba le bantsi ba Jesu a neng a ba rerela ba ne ba se ka ba reetsa. Jesu o ne a bua ka bone, a nopola mafoko a ga Jehofa a a neng a buiwa ke moporofeti Isaia, a re: “Pelo ya batho bano ga e tlhole e amogela sepe, mme ka ditsebe tsa bone ba utlwile mme ga ba arabele, ba tswetse matlho a bone; gore le ka motlha ba tle ba se ka ba bona ka matlho a bone mme ba utlwa ka ditsebe tsa bone mme ba go tlhaloganya ka dipelo tsa bone mme ba boele morago, mme ke ba fodise.”—Mathaio 13:15; Isaia 6:9, 10.

6 Bajuda ba ne ba farologana fela thata le barutwa ba ga Jesu, ba a neng a bua ka bone a re: “Go itumela matlho a lona ka gonne a a bona, le ditsebe tsa lona ka gonne di a utlwa.” (Mathaio 13:16) Bakeresete ba boammaaruri ba eletsa go itse Jehofa le go mo direla. Ba rata go dira thato ya gagwe e e tlhalosiwang mo Baebeleng. Ka ntlha ya moo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba bonatsa kgalalelo ya ga Jehofa mo bodireding jwa kgolagano e ntšha, mme ba dinku tse dingwe le bone ba dira jalo.—2 Bakorintha 3:6, 18.

Lebaka La go Bo Dikgang Tse di Molemo di Siregile

7. Ke ka ntlha yang fa go sa re gakgamatse go bo batho ba le bantsi ba gana go amogela dikgang tse di molemo?

7 Jaaka re bone, mo motlheng wa ga Jesu le wa ga Moshe, Baiseraele ba le bantsi ba ile ba gana tshono e ntlentle e e neng e ba bulegetse. Go direga se se tshwanang le mo motlheng wa rona. Batho ba le bantsi ba gana dikgang tse di molemo tse re ba rerelang tsone. Seno ga se re gakgamatse. Paulo o ne a kwala jaana: “Jaanong, fa dikgang tse di molemo tse re di bolelang totatota di siregile, di siregetse ba ba nyelelang, ba modimo wa tsamaiso eno ya dilo o foufaditseng megopolo ya ba ba sa dumeleng.” (2 Bakorintha 4:3, 4) Mo godimo ga maiteko a Satane a a dirang go dira gore dikgang tse di molemo di se ka tsa bonatshega, batho ba le bantsi ba ipipa difatlhego ka gonne ga ba batle go bona.

8. Batho ba le bantsi ba foufaditswe jang ke go tlhoka kitso, mme re ka dira eng gore go se ka ga nna jalo ka rona?

8 Matlho a ba le bantsi a tshwantshetso a foufaditswe ke go tlhoka kitso. Baebele e bua ka batho ba ditšhaba e re ba “mo lefifing mo mogopolong, e bile ba kgaogane le botshelo jo e leng jwa Modimo, ka ntlha ya botlhokakitso jo bo mo go bone.” (Baefeso 4:18) Pele Paulo, e leng monna yo o neng a itse Molao fela thata a nna Mokeresete, o ne a foufaditswe ke go tlhoka kitso mo e leng gore o ne a bogisa phuthego ya Modimo. (1 Bakorintha 15:9) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a mo senolela boammaaruri. Paulo o tlhalosa jaana: “Lebaka la go bo ke ne ka bontshiwa kutlwelobotlhoko e ne e le gore go dirisiwa nna jaaka sekao se se kwa pelepele, Keresete Jesu a bontshe go itshwara ka bopelotelele gotlhe e le sekao sa ba ba tlileng go dumela mo go ene gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng.” (1 Timotheo 1:16) Fela jaaka Paulo, batho ba le bantsi ba ba kileng ba bo ba ganetsa boammaaruri jwa Modimo ba a mo direla gone jaanong. Leno ke lebaka le le botlhokwa la go tswelela re naya batho ba ba re ganetsang bosupi. Gone jaanong jaana, go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha le go le tlhaloganya go a re sireletsa gore re se ka ra dira sepe ka go tlhoka kitso ka tsela e e tla kgopisang Jehofa.

9, 10. (a) Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bontsha jang gore ga ba batle go ithuta le fa e le go fetola tsela e ba tshelang ka yone? (b) A go na le tsela e ba tshwanang ka yone le Dikereke tse di ipitsang gore ke tsa Bokeresete gompieno? Tlhalosa.

9 Batho ba le bantsi ga ba kgone go tlhaloganya dilo tsa semoya ka gonne ga ba batle go ithuta e bile ga ba batle go fetola tsela e ba lebang dilo ka yone. Bajuda ba le bantsi ba ile ba gana Jesu le dithuto tsa gagwe ka gonne ba ne ba ngaparetse Molao wa ga Moshe ka botlhogoethata. Le fa go ntse jalo, go na le bangwe ba ba neng ba reetsa. Ka sekai, fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, “boidiidi jo bogolo jwa baperesiti jwa simolola go utlwa tumelo.” (Ditiro 6:7) Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a kwala jaana ka Bajuda ba le bantsi: “Go tla go fitlha gompieno le fa e le leng fela fa Moshe a balwa, go nna le lesire mo dipelong tsa bone.” (2 Bakorintha 3:15) Go ka direga gore Paulo o ne a itse se Jesu a neng a se raya baeteledipele ba Bajuda mo nakong e e fetileng, fa a ne a ba raya a re: “Lo hukutsa Dikwalo, ka gonne lo akanya gore ka tsone lo tla nna le botshelo jo bo sa khutleng; mme tseno ke tsone tota tse di nayang bosupi ka ga me.” (Johane 5:39) Dikwalo tse ba neng ba di hukutsa ka kelotlhoko di ne di tshwanetse go ba thusa go lemoga gore Jesu e ne e le Mesia. Le fa go ntse jalo, Bajuda ba ne ba na le tsela ya bone fela ya go akanya, mme tota le Morwa Modimo yo o neng a dira dikgakgamatso o ne a se ka a kgona go ba thusa.

10 Batho ba le bantsi gompieno ba ba mo Dikerekeng tse di ipitsang gore ke tsa Bokeresete le bone ba ntse fela jalo. Fela jaaka Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga, “ba na le tlhoafalo ka Modimo; mme e seng go ya ka kitso ya boammaaruri.” (Baroma 10:2) Le mororo bangwe ba ithuta Baebele, ga ba batle go dumela se e se buang. Ba gana go dumela gore Jehofa o ruta batho ba gagwe a dirisa setlhopha sa gagwe sa Bakeresete ba ba tloditsweng sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. (Mathaio 24:45) Le fa go ntse jalo, rona re a tlhaloganya gore Jehofa ke ene a rutang batho ba gagwe le gore tsela e re tlhaloganyang dithuto tse Modimo a re rutang tsone e nna e ntse e tokafala. (Diane 4:18) Fa re itetla go rutwa ke Jehofa, re tla nna le kitso kaga thato ya gagwe le ka maikaelelo a gagwe.

11. Go dumela ga batho se bone ba batlang go se dumela go ile ga dira jang gore boammaaruri bo ba fitlhegele?

11 Ba bangwe ba foufadiwa ke go bo ba batla go dumela se bone ba batlang go se dumela. Go ne ga bolelelwa pele gore bangwe ba ne ba tla sotla batho ba Modimo le molaetsa o ba o rerang o o amanang le go nna gone ga ga Jesu. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Go ya ka keletso ya bone, ntlha eno ga ba kgone go e lemoga,” ya gore Modimo o ne a tlisa morwalela mo lefatsheng mo motlheng wa ga Noa. (2 Petere 3:3-6) Ka tsela e e tshwanang, batho ba le bantsi ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba dumela ba sa okaoke gore Jehofa o kutlwelobotlhoko, o pelonomi e bile o a itshwarela; le fa go ntse jalo ba itlhokomolosa kgotsa ba gana ntlha ya gore ga a tlogele ba ba molato a sa ba otlhaya. (Ekesodo 34:6, 7) Bakeresete ba boammaaruri ba leka ka natla go tlhaloganya se tota Baebele e se rutang.

12. Batho ba ile ba foufadiwa megopolo jang ke dingwao?

12 Batho ba le bantsi ba ba tsenang dikereke ba foufadiwa ke dingwao. Jesu o ne a raya baeteledipele ba bodumedi ba mo motlheng wa gagwe a re: “Lo dirile lefoko la Modimo lefela ka ntlha ya ngwao ya lona.” (Mathaio 15:6) Fa Bajuda ba sena go boa kwa botshwarwa kwa Babelona, ba ile ba tsosolosa kobamelo e e itshekileng ka tlhagafalo, mme baperesiti bone ba ile ba nna mabela le go ipona tshiamo. Meletlo ya bodumedi e ne ya nna seomodiro fela, Modimo a sa tlhole a tlotlwa ka tsela e e tshwanetseng mo go yone. (Malaki 1:6-8) Mo motlheng wa ga Jesu, bakwadi le Bafarasai ba ne ba okeditse Molao wa ga Moshe ka dingwao tse dintsintsi. Jesu o ne a senola boitimokanyi jwa banna bao ka gonne ba ne ba sa lemoge melaometheo e e siameng e Molao oo o neng o theilwe mo go yone. (Mathaio 23:23, 24) Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba letla dingwao tsa bodumedi tse di itiretsweng ke batho tsa ba faposa mo kobamelong e e itshekileng.

“O Bona Ene Yo o Sa Bonaleng”

13. Moshe o ne a bona kgalalelo ya ga Jehofa ka ditsela dife tse pedi?

13 Fa Moshe a ne a le mo thabeng, o ne a kopa go bona kgalalelo ya Modimo, mme o ne a bona masaledi fela a kgalalelo ya ga Jehofa. Fa a tsena mo motlaaganeng, o ne a sa ipipe ka lesire. Moshe e ne e le monna wa tumelo yo o neng a batla go dira thato ya Modimo. Le fa a ile a segofadiwa ka go bontshiwa kgalalelo ya ga Jehofa mo ponatshegelong, o ne a setse a ntse a bone Modimo ka matlho a tumelo. Baebele ya re Moshe “o ne a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.” (Bahebera 11:27; Ekesodo 34:5-7) Mme o ne a bonatsa kgalalelo ya Modimo e seng fela ka marang a lesedi le le neng le phatsima mo sefatlhegong sa gagwe ka nakwana mme gape le ka go leka go thusa Baiseraele go itse Jehofa le go mo direla.

14. Jesu o ne a bona kgalalelo ya Modimo jang, mme o ne a itumelela go dira eng?

14 Fa Jesu a ne a le kwa legodimong, o ne a bona kgalalelo ya Modimo ka tlhamalalo ka lobaka lo loleele thata, le eleng pele lobopo lo bopiwa. (Diane 8:22, 30) Mo nakong eo yotlhe, ene le Modimo ba ne ba atamalane thata e bile ba ne ba ratana tota. Jehofa Modimo o ne a rata leitibolo leno la popo yotlhe ka lorato lo logolo tota. Jesu le ene o ne a rata Modimo, yo a mo neileng botshelo. (Johane 14:31; 17:24) Ba ne ba ratana ka lorato lo Rre le ngwana ba ratanang ka lone. Fela jaaka Moshe, Jesu le ene o ne a itumelela go bonatsa kgalalelo ya Modimo ka dilo tse a neng a di ruta batho.

15. Bakeresete ba tlhatlhanya ka kgalalelo ya Modimo ka tsela efe?

15 Fela jaaka Moshe le Jesu, Basupi ba Modimo ba gompieno ba rata thata go tlhatlhanya ka kgalalelo ya ga Jehofa. Ga ba a fapoga dikgang tse di molemo tse di galalelang. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Fa go retologelwa kwa go Jehofa [gore go dirwe thato ya gagwe], lesire leno le a tlosiwa.” (2 Bakorintha 3:16) Re ithuta Dikwalo ka gonne re batla go dira thato ya Modimo. Re rata kgalalelo e e phatsimang mo sefatlhegong sa Morwa wa ga Jehofa e bong Jesu Keresete Kgosi e e tloditsweng, e bile re etsa sekao sa gagwe. Fela jaaka Moshe le Jesu, re segofaditswe ka go abelwa bodiredi jwa go ruta batho ba bangwe ka Modimo yo o galalelang yo re mo obamelang.

16. Go itse boammaaruri go re solegela molemo jang?

16 Jesu o ne a rapela jaana: “Ke go baka phatlalatsa, Rara, . . . ka gonne o fitlhetse ba ba botlhale le ba ba bonokopela dilo tseno mme o di senoletse masea.” (Mathaio 11:25) Jehofa o dira gore batho ba ba nang le dipelo tse di siameng le ba ba boikokobetso ba tlhaloganye maikaelelo a gagwe le botho jwa gagwe. (1 Bakorintha 1:26-28) O a re sireletsa e bile o re ruta gore re solegelwe molemo ka botlalo mo botshelong. E kete re ka dirisa sebaka sengwe le sengwe ka tsela e e molemo gore re atamalane le Jehofa, re anaanele dilo di le dintsi tse a re direlang tsone tse di dirang gore re mo itse botoka.

17. Re ka kgona go itse dinonofo tsa ga Jehofa jang ka botlalo?

17 Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng a re: “Ka difatlhego tse di sirolotsweng re bonatsa jaaka diipone kgalalelo ya ga Jehofa [e bile] re fetolelwa mo go sone setshwano seo go tswa kgalalelong go ya kgalalelong.” (2 Bakorintha 3:18) Go sa kgathalesege gore a tsholofelo ya rona ke go tshela mo lefatsheng kgotsa kwa legodimong, fa re ithuta go le gontsi ka Jehofa—dinonofo tsa gagwe le botho jwa gagwe jo bo tlhalosiwang mo Baebeleng—re tla tshwana le ene botokanyana. Fa re tlhatlhanya ka botshelo, bodiredi le dithuto tsa ga Jesu ka tsela e e bontshang gore re a di anaanela, re tla kgona go bontsha dinonofo tsa ga Jehofa ka botlalo. Mme a bo go re itumedisa jang ne go itse gore ka go dira jalo re baka Modimo wa rona, ene yo re batlang go bonatsa kgalalelo ya gagwe!

A o A Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba ne ba tshaba go leba kgalalelo ya Modimo e e neng e bonala mo go Moshe?

• Dikgang tse di molemo di ne di “siregile” jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga? mo motlheng wa rona?

• Re bonatsa kgalalelo ya Modimo jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Baiseraele ba ne ba sa kgone go leba sefatlhego sa ga Moshe

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Fela jaaka Paulo, batho ba le bantsi ba ba neng ba ganetsa boammaaruri jwa Modimo ba a mo direla gone jaanong

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Batlhanka ba ga Jehofa ba itumelela go bonatsa kgalalelo ya Modimo