Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A “Lefoko” la ga Jehofa le go Sireletse

A “Lefoko” la ga Jehofa le go Sireletse

A “Lefoko” la ga Jehofa le go Sireletse

KA 490 B.C.E., kwa ntweng e e sa lebalesegeng ya kwa Marathon, Baathena ba le dikete di le 10 go ya go di le 20 ba ne ba lebana le masole a le mantsi thata a Baperesia. Tsela e masole a Bagerika a neng a rata go ithulaganya ka yone mo moleng wa tlhabano e ne e le go gwanta ba le setlhopha se se kitlaneng. Ba ne ba dira jalo ba kopantse dithebe tsa bone gore di sale di lebega e kete ke lobota lo lo nang le metswi ya marumo. Go ithulaganya ga Baathena bano jalo mo moleng wa tlhabano go ne ga dira gore ba fenye masole a a nonofileng thata a Baperesia.

Bakeresete ba boammaaruri ba mo ntweng ya semoya. Ba lwa le baba ba ba maatla—babusi ba ba sa bonaleng ba tsamaiso eno e e boikepo ya gone jaanong, ba ba tlhalosiwang mo Baebeleng e le “babusi ba lefatshe ba lefifi leno, . . . mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.” (Baefeso 6:12; 1 Johane 5:19) Batho ba Modimo ba tswelela pele go fenya—mme e seng ka maatla a bone. Tlotlo yotlhe e ya kwa go Jehofa, yo o ba sireletsang le go ba kaela jaaka go kwadilwe mo go Pesalema 18:30: “Lefoko la ga Jehofa ke le le itshekisitsweng. Ke thebe mo go botlhe ba ba tshabelang mo go ene.”

Ee, Jehofa ka “lefoko” la gagwe le le itshekisitsweng, le le mo Dikwalong Tse di Boitshepo, o sireletsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang mo kotsing ya semoya. (Pesalema 19:7-11; 119:93) Solomone o ne a kwala jaana ka botlhale jo bo fitlhelwang mo Lefokong la Modimo: “O se ka wa bo tlogela, mme bo tla go boloka. O bo rate, mme bo tla go dibela.” (Diane 4:6; Moreri 7:12) Botlhale jwa Modimo bo re sireletsa jang mo kotsing? Akanya ka sekai sa Iseraele wa bogologolo.

Batho ba ba Sireleditsweng ke Botlhale Jwa Modimo

Molao wa ga Jehofa o ne o sireletsa le go kaela Baiseraele mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo. Ka sekai, melao e e kaga dijo, boitekanelo le go ntshetsa batho kwantle ga bothibelelo fa ba lwala bolwetse bongwe jo bo kotsi e ne e ba sireletsa mo malwetseng a le mantsi a a neng a tlhasetse ditšhaba tse dingwe. E ne ya nna fela go simolola ka lekgolo la bo19 la dingwaga fa borasaense ba sena go lemoga dibaketeria ba neng ba simolola go dira dilo ka tsela e e tshwanang le ya Molao wa Modimo. Melao e e kaga go nna le lefatshe, thekololo, go duela sekoloto le go duedisa batho morokotso e ne ya lere melemo mo Iseraele ka go dira gore dilo di tsamaele setšhaba sentle le gore go nne le ikonomi e e siameng. (Duteronome 7:12, 15; 15:4, 5) Tota e bile, Molao wa ga Jehofa o ne wa thusa go boloka mmu wa Iseraele o le mo maemong a a siameng! (Ekesodo 23:10, 11) Ditaelo tse di amanang le kobamelo ya maaka di ne di sireletsa batho mo semoyeng, di ba sireletsa gore ba se ka ba tsenwa ke madimona, gore ba se ka ba ntsha bana setlhabelo le go ba sireletsa mo dilong tse dingwe tse di boikepo tse dintsi, mo godimo ga gore e sireletse batho gore ba se ka ba obamela medimo ya disetwa e e sa tsheleng.—Ekesodo 20:3-5; Pesalema 115:4-8.

Eleruri, “lefoko” la ga Jehofa le itshupile e se “le le se nang mosola” mo Iseraele; go na le moo, le ne le raya botshelo le boleele jwa malatsi mo go botlhe ba ba le utlwang. (Duteronome 32:47) Go ntse jalo le gompieno ka ba ba utlwang mafoko a a botlhale a ga Jehofa, le fa gone Bakeresete ba sa tlhole ba le kafa tlase ga kgolagano ya Molao. (Bagalatia 3:24, 25; Bahebera 8:8) Tota e bile, go na le go beelwa melao e le mentsintsi, Bakeresete ba na le melaometheo e e farologaneng ya Baebele e e ba kaelang le go ba sireletsa.

Batho ba ba Sirelediwang ke Melaometheo

Melao e ka dirisiwa ka lobaka lo lo rileng fela mme e ka nna ya nakwana. Le fa go ntse jalo, melaometheo ya Baebele, ka e le boammaaruri jwa motheo, gantsi e kgona go dirisiwa ka dinako tsotlhe mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo. Ka sekai, akanya ka molaomotheo o o mo go Jakobe 3:17, o o reng: “Botlhale jo bo tswang kwa godimo sa ntlhantlha bo itshekile, go tswa foo bo na le kagiso.” Boammaaruri joo jwa motheo bo ka sireletsa batho ba Modimo jang gompieno?

Go itsheka go bolela go nna phepa mo boitsholong. Ka jalo, ba ba lebang boitsheko bo le botlhokwa ga ba tile fela boitsholo jo bo sa siamang mme le dilo tse di gogelang kwa go jone, go akaretsa le go akanya ka tlhakanelodikobo e e sa siamang le ka ditshwantsho tse di hepisang. (Mathaio 5:28) Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba ratanang ba ba reetsang molaomotheo o o mo go Jakobe 3:17 ba tila go dira dilo tse di tla dirang gore ba palelwe ke go nna le boikgapo. Ka go bo ba kaelwa ke melaometheo, ga ba raelesege go dira dilo tse di tla dirang gore ba se ka ba itsheka, gongwe ka go akanya gore fa fela ba sa tlole molao wa Modimo, boitshwaro jwa bone bo amogelwa ke Jehofa. Ba a itse gore Jehofa “o bona se pelo e leng sone” mme a bo a tsaya kgato ka se a se bonang. (1 Samuele 16:7; 2 Ditiragalo 16:9) Batho ba ba ntseng jalo ba ba botlhale ba sireletsa mebele ya bone mo malwetseng a le mantsi a tlhakanelodikobo a a anameng thata gompieno e bile ba sireletsa megopolo ya bone le maikutlo a bone.

Gape, Jakobe 3:17 e bolela gore botlhale jwa Modimo bo “na le kagiso.” Re a itse gore Satane o leka go re kgaoganya le Jehofa ka go jala moya wa bothubaki mo dipelong tsa rona, ka go dirisa dibuka tse di belaetsang, difilimi, mmino le metshameko ya dikhomputara—tse dingwe tsa tsone di tlhotlheletsang batho ba ba di tshamekang gore ba nne le seabe mo ditirong tsa bosetlhogo le polao! (Pesalema 11:5) Tsela e e bontshang gore Satane o a atlega e bontshiwa ke tsela e bokebekwa jo bo setlhogo bo golang ka yone. Malebana le bokebekwa joo, dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, lokwalodikgang lwa kwa Australia e leng The Sydney Morning Herald le ne la nopola Robert Ressler, yo a tlhamileng lefoko “serial killer,” (motho yo o tsamayang a bolaya batho). Ressler a re babolai ba a neng a ba botsolotsa ka dingwaga tsa bo1970 ba ne ba tlhotlheleditswe ke ditshwantsho tse di hepisang tse e seng tsa sepe “fa di bapisiwa le tsa motlha wa gompieno.” Ka jalo, Ressler o ne a tlhalosa gore “dilo di tla nna maswe thata mo isagweng—e tlile go nna lekgolo la dingwaga le lesha le babolai ba mofuta ono ba tlileng go ntsifala mo go lone.”

Eleruri, dikgwedi di le mmalwa fa go sena go begiwa dikgang tseo, ratlhobolo mongwe o ne a bolaya masea a le 16 le morutabana wa bone kwa keretšheng kwa Dunblane, Scotland, pele a ipolaya. Kgwedi e e latelang, ratlhobolo mongwe wa setsenwa o ne a bolaya batho ba le 32 kwa toropong e e didimetseng ya kwa Tasmania ya Port Arthur, kwa Australia. Mo dingwageng tsa bosheng jaana, go ile ga nna le dipolao di le dintsi mo dikolong di le mmalwa kwa United States, tse di neng tsa dira gore Baamerika ba ipotse gore go direga eng. Ka June 2001, Japane e ne ya umakwa thata mo dikgannyeng mo lefatsheng lotlhe fa monna mongwe yo a sa tseyeng sentle a ne a tsena mo sekolong sengwe a bo a bolaya bana ba le 8 ba mophato wa ntlha le wa bobedi ka go ba tlhapa ka thipa a bo a gobatsa batho ba bangwe ba le 15. Boammaaruri ke gore ga re itse gore dilo tse di bosula tseno di bakwa ke eng, mme gone re a itse gore bothubaki jo bo bontshiwang mo metsweding ya dikgang bo lejwa e le jone jo bo dirang gore batho ba dire dilo tseno. Mokwaladikgang wa kwa Australia e bong Phillip Adams o ne a kwala jaana: “Fa e le gore papatso ya metsotswana e le 60 fela e ka dira gore batho ba reke ba le bantsi, ga o ka ke wa mpolelela gore filimi e e tsayang diura di le pedi e e dirang dimilionemilione tsa madi ga e ka ke ya fetola mekgwa ya batho.” Selo sengwe se se neng sa direga ke gore mo legaeng la ratlhobolo yoo wa kwa Port Arthur, mapodise a ne a gapa dibidio tse 2 000 tse di bontshang bothubaki le ditshwantsho tse di hepisang.

Ba ba ngaparelang melaometheo ya Baebele ba sireletsa megopolo le dipelo tsa bone mo mefuteng yotlhe ya boitlosobodutu e e kgothaletsang go rata bothubaki. Ka jalo, ga ba letle “moya wa lefatshe” gore o ame tsela e ba akanyang ka yone le dikeletso tsa bone. Go na le moo, ba ‘rutwa ke moya wa Modimo,’ e bile ba leka go tlhagolela go rata maungo a one, a a akaretsang kagiso. (1 Bakorintha 2:12, 13; Bagalatia 5:22, 23) Ba dira seno ka go ithuta Baebele ka metlha, go rapela le ka go tlhatlhanya. Gape, ga ba tsalane le batho ba ba ratang bothubaki, go na le moo ba tlhopha go tsalana le batho ba ba tshwanang le bone ba ba tlhoafaletseng lefatshe le lesha le le nang le kagiso la ga Jehofa. (Pesalema 1:1-3; Diane 16:29) Ee, ruri botlhale jwa Modimo bo a sireletsa!

A “Lefoko” la ga Jehofa le Sireletse Pelo ya Gago

Fa Jesu a ne a lekwa kwa nageng, o ne a ganetsa Satane ka go nopola Lefoko la Modimo ka botswerere. (Luke 4:1-13) Le fa go ntse jalo, o ne a sa tlotle le Diabolo go mmontsha gore ke mang yo o botlhale. Ka go dirisa Dikwalo gore a iphemele, Jesu o ne a bua go tswa mo pelong mme ke ka lebaka leo leano la ga Diabolo le le neng le berekile sentle kwa Edene, le ileng la palelwa mo go Jesu. Maano a ga Satane a tla palelwa mo go rona fa re tlatsa dipelo tsa rona ka mafoko a ga Jehofa. Go dira jalo go botlhokwa thata ka gonne “metswedi ya botshelo e tswa mo go yone [pelo].”—Diane 4:23.

Mo godimo ga moo, re tshwanetse go tswelela re sireletsa pelo ya rona, re sa ineele. Satane, ka go bo a reteletswe kwa nageng, ga a ka a tlogela go leka Jesu. (Luke 4:13) O tla nna a leka go re tsietsa le rona, a leka maano a a farologaneng gore a senye bothokgami jwa rona. (Tshenolo 12:17) Ka jalo, a re etseng Jesu ka go tlhagolela go rata Lefoko la Modimo thata re ntse re rapelela moya o o boitshepo le botlhale re sa kgaotse. (1 Bathesalonika 5:17; Bahebera 5:7) Jehofa o solofetsa botlhe ba ba tshabelang kwa go ene gore ga ba kitla ba gobala semoyeng.—Pesalema 91:1-10; Diane 1:33.

Lefoko la Modimo le Sireletsa Phuthego

Satane a ka se kgone go dira gore “boidiidi jo bogolo” jo bo boleletsweng pele bo se ka jwa falola pitlagano e kgolo. (Tshenolo 7:9, 14) Le fa go ntse jalo, o sa ntse a leka go senya Bakeresete gore bangwe ba bone ba se ka ba amogelwa ke Jehofa. Leano leo le ile la atlega kwa Iseraeleng wa bogologolo mme la dira gore batho ba le 24 000 ba swe pele ba tsena ka Lefatshe le le Solofeditsweng. (Dipalo 25:1-9) Gone mme, Bakeresete ba ba leofileng ba ba ikwatlhayang ka mmatota ba thusiwa ka lorato gore ba boele gape mo boemong jwa bone jo bo siameng jwa semoya. Mme badiraphoso ba ba sa ikwatlhayeng, jaaka Simeri wa bogologolo, ba tsenya boitsholo le bomoya jwa ba bangwe mo kotsing. (Dipalo 25:14) Fela jaaka fa masole a le mo moleng wa tlhabano mme a sa tshwara dithebe, ga ba ipeye mo kotsing fela mme ba baya le ba bangwe mo kotsing.

Ka jalo, Baebele e laela jaana: “Lo tlogele go ikopanya le motho yo o bidiwang mokaulengwe yo e leng mogokafadi kgotsa motho yo o bogagaru kgotsa moobamedi wa medingwana kgotsa mogobolodi kgotsa letagwa kgotsa yo o tsayang ka dikgoka, le gone lo se ka lwa ja le motho yo o ntseng jalo. . . . Tlosang motho yo o boikepo mo gare ga lona.” (1 Bakorintha 5:11, 13) A ga o dumele gore “mafoko” ano a a botlhale a thusa go sireletsa phuthego ya Bokeresete go nna phepa mo boitsholong le mo semoyeng?

Kafa letlhakoreng le lengwe, dikereke di le dintsi tse di ipitsang gore ke tsa Bokeresete le batlhanogi di leba ditemana tsa Baebele tse di kgalang boitsholo jo bo repileng gore di siilwe ke nako. Ka jalo, maleo otlhe a a masisi ba a tsaya e le a a itshiametseng fela, tota le a a dirwang ke baruti. (2 Timotheo 4:3, 4) Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore Diane 30:5, e le yone e buang ka “lefoko” la ga Jehofa le le tshwanang le thebe, e latelwa ke taelo eno mo Pr 30 temaneng ya 6: “O se ka wa oketsa mafoko a [Modimo] gore a tle a se ka a go kgalemela, le gore o se ka wa supiwa o le moaki.” Ee, ba ba fetolang se Baebele e se buang ke baaki ba semoya—baaki ba ba molato go gaisa batho botlhe! (Mathaio 15:6-9) Ka jalo, a re itumeleng thata go bo re le karolo ya phuthego e e tlotlang Lefoko la Modimo thata.

Go Sirelediwa ke “Lonko lo lo Monate”

E re ka batho ba Modimo ba ngaparela Baebele e bile ba abela ba bangwe molaetsa wa yone o o gomotsang, ba ntsha “lonko lo lo monate” lwa botshelo lo lo itumedisang Jehofa lo e keteng lwa maswalo. Mme mo bathong ba ba sa siamang, batho ba ba tshwereng molaetsa oo ba ntsha “lonko lo lo bosula lo lo isang losong,” go ya ka thanolo ya ga J. B. Phillips. Ee, lonko lo lo bosula lwa baikepi lwa tshwantshetso lo fetotswe ke tsamaiso ya ga Satane ya dilo mo e leng gore baikepi bano fa ba na le ba ba ntshang “lonko lo lo monate lwa ga Keresete” ba ikutlwa ba sa ba rate kgotsa ba ba tlhoile. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ba tlhoafaletseng go anamisa dikgang tse di molemo ba nna “lonko lo lo monate lwa ga Keresete mo go ba ba bolokwang.” (2 Bakorintha 2:14-16) Batho ba ba ntseng jalo ba ba peloephepa gantsi ba tshwenngwa ke boitimokanyi le maaka a bodumedi a a leng gone mo bodumeding jwa maaka. Ka jalo, fa re bula Lefoko la Modimo mme re ba bolelela molaetsa wa Bogosi, ba ikutlwa ba atamalane le Keresete e bile ba batla go ithuta go le gontsi.—Johane 6:44.

Ka jalo o se ka wa ikutlwa o kgobegile marapo fa bangwe ba sa arabele molaetsa wa Bogosi sentle. Go na le moo, leba “lonko lo lo monate lwa ga Keresete” jaaka selo se se go sireletsang semoyeng se se dirang gore batho ba ba bosula ba se ka ba tsena mo lefelong le lentle la semoya le go nnang batho ba Modimo mo go lone, mme o le lebe e le lonko lo lo ngokang batho ba ba nang le dipelo tse di siameng.—Isaia 35:8, 9.

Go gwanta ga masole a Bagerika a kwa Marathon e le setlhopha se se kitlaneng a ngangatletse dithebe tsa one go ne ga dira gore ba fenye ntwa e e neng e le boima tota. Ka tsela e e tshwanang, Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tlhomamisediwa gore ba tla fenya mo ntweng ya bone ya semoya, ka go bo seo ke se ba se ‘ruileng boswa.’ (Isaia 54:17) Ka jalo, a mongwe le mongwe wa rona a tswelele a tshabela kwa go Jehofa ka go nna a “ngangatletse lefoko la botshelo thata.”—Bafilipi 2:16.

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

‘Botlhale jo bo tswang kwa godimo bo itshekile, go tswa foo bo na le kagiso’