Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Ikanyega Go na Le Mosola?

A go Ikanyega Go na Le Mosola?

A go Ikanyega Go na Le Mosola?

“KARL yo e leng moemedi wa inshorense o ne a re: “Madi a o a duelang inshorense ya kalafi a mantsi thata. * Fa o ka ikwadisa mo khampaning ya me ya inshorense, o tla somarela diranta di le 120 ka kgwedi, mme ke madi a mantsi.”

Jens o ne a araba a re: “Seo se ka tswa se le boammaaruri. Mme ga ke bolo go dirisana le khampani eno ya inshorense ka dingwaga di le mmalwa. Ba nthusitse tota mo nakong e e fetileng mme ke batla go tswelela ke ikanyega mo go bone.”

Karl o ne a araba a re: “Go ikanyega ke nonofo e e molemo. Mme fela go go jela madi a mantsi!”

Karl o ne a bua boammaaruri. Gantsi go ikanyega mo mothong yo mongwe go ka re jela madi. Gape go tlhokega gore re dirise nako ya rona, nonofo ya rona re bo re tsenye maikutlo fa re dirisana le motho yoo. A go ikanyega go na le mosola?

Go Tseelwa Kwa Godimo Mme ga go Dirwe

Mo patlisisong nngwe e e dirilweng ke Setheo sa Patlisiso sa go Batla Maikutlo a Batho sa Allensbach kwa Jeremane, diperesente di le 96 tsa batho ba ba botsoloditsweng ba ne ba tsaya go ikanyega e le nonofo e e molemo. Patlisiso ya bobedi ya Allensbach e e dirilweng mo bathong ba dingwaga tse di magareng ga 18 le 24 e ne ya bontsha gore batho ba le 2 mo go ba le 3 ba ba botsoloditsweng ba ne ba tsaya go ikanyega e le nonofo e e molemo.

Le fa batho ba le bantsi ba bolela gore go ikanyega go siame bone ka bobone ga ba ikanyege. Ka sekai kwa dinageng di le mmalwa tsa Yuropa, banyalani kana maloko a lelapa gantsi ga a ikanyege mo go ba malapa a bone. Batho ba bantsi le bone ga ba ikanyege mo ditsaleng tsa bone. Go ikanyega mo pele go neng go le teng fa gare ga bathapi le bathapiwa kana fa gare ga bagwebi le bareki ga go tlhole go le teng. Seno se bakilwe ke eng?

Ka dinako tse dingwe tsela e botshelo bo potlakileng ka yone e dira gore batho ba se ka ba nna le nako kana le nonofo ya go dira dilo tse di tlhokang gore ba ikanyege. Batho ba ba kileng ba swabisiwa ke batho ba ba neng ba dirisana le bone gongwe jaanong ga ba tlhole ba batla go ikanyega mo go ope. Ba bangwe ba bona go le botoka gore ba tshele ka tsela e e sa tlhokeng gore ba ikanyege mo go ope.

Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, go ikanyega ke nonofo e e molemo e gantsi e tseelwang kwa godimo fela mme e sa dirisiwe. Seno se tsosa dipotso tseno: A go ikanyega go a thusa? Fa go ntse jalo, re tshwanetse go ikanyega mo go bomang, le gone ka ditsela dife? Go ikanyega go na le mosola ofe?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Maina a mangwe a fetotswe mo setlhogong seno le mo go se se latelang.

[Mafoko a a mo go tsebe 3]

Go ikanyega ke nonofo e e molemo e gantsi e tseelwang kwa godimo fela mme e sa dirisiwe