Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba-Menno ba Batla Boammaaruri Jwa Baebele

Ba-Menno ba Batla Boammaaruri Jwa Baebele

Ba-Menno ba Batla Boammaaruri Jwa Baebele

MOSO mongwe ka November 2000, barongwa bangwe ba Basupi ba ga Jehofa kwa Bolivia ba ne ba leba kwa ntle ka fensetere ya ntlonyana ya bone mme ba bona setlhopha sengwe sa banna le basadi ba ba ikaparetseng sentle fela ba eme kwa hekeng ba tshogile. Fa barongwa ba bula heke, baeng bano ba ne ba simolola ka go re, “Re batla go itse boammaaruri jo bo tswang mo Baebeleng.” Baeng bano e ne e le Ba-Menno. Banna ba ne ba apere diaparo tsa go bereka, basadi bone ba apere dikhiba tse dintsho mme ba ne ba buisana ka Sejeremane. Ba ne ba lebega ba tshogile. Ba ne ba ntse ba gadima go bona gore a ga go na ope yo o ba setseng morago. Tota le fa ba ne ba palama ditepisi gore ba tsene mo ntlong, lengwe la makawana le ne la re, “Ke batla go itse batho ba ba dirisang leina la Modimo.”

Fa ba sena go tsena mo ntlong, baeng bano ba ne ba simolola go phuthologa fa ba ne ba newa dijo tse di motlhofo. Ba ne ba tswa kwa setšhabeng sengwe sa bone se se nnang mo polasing nngwe e e kgakala. Teng koo, ba ne ba feditse dingwaga di le thataro ba ntse ba amogela makasine wa Tora ya Tebelo ka poso . Ba ne ba botsa jaana: “Re badile gore go tla nna le paradaise mo lefatsheng. A seo se boammaaruri?” Basupi ba ne ba ba bontsha karabo go tswa mo Baebeleng. (Isaia 11:9; Luke 23:43; 2 Petere 3:7, 13; Tshenolo 21:3, 4) Molemirui yo mongwe o ne a raya ba bangwe a re: “A lo a bona! Ruri go ntse jalo. Paradaise e tlile go nna teng mo lefatsheng.” Ba bangwe ba ne ba ntse ba re: “Re akanya gore re bone boammaaruri.”

Ba-Menno ke bomang? Ba dumela eng? Go araba dipotso tseno, re tshwanetse go boela morago kwa lekgolong la bo16 la dingwaga.

Ba-Menno ke Bomang?

Ka dingwaga tsa bo1500, tiro e e neng e ntse e gola ya go ranolwa ga Baebele le go gatisiwa ga yone ka dipuo tse di tlwaelegileng tsa Yuropa e ne ya dira gore batho ba simolole go kgatlhegela go ithuta Baebele koo. Martin Luther le Balweladiphetogo ba bangwe ba ne ba gana dithuto di le dintsi tsa Kereke ya Katoliki. Le fa go ntse jalo, dikereke tse di neng di sa tswa go tlhongwa tsa Porotesetanta di ne tsa tswelela fela ka ditlwaelo tsa tsone tse dintsi tse di sa tshegediweng ke Baebele. Ka sekai, ba le bantsi ba ne ba batla gore lesea lengwe le lengwe le le sa tswang go belegwa le kolobediwe mo kerekeng. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ba neng ba batla boammaaruri jwa Baebele ba ne ba lemoga gore motho o nna leloko la phuthego ya Bokeresete fa a sena go dira tshwetso e e theilweng mo kitsong e a nang le yone pele a kolobediwa. (Mathaio 28:19, 20) Bareri ba ba tlhagafetseng ba ba neng ba dumela seno ba ne ba simolola go ya kwa ditoropong le kwa metseng ba ruta batho Baebele le go kolobetsa batho ba ba godileng. Ka jalo, ba ne ba bidiwa Ba-Anabaptist, leina le le kayang “batho ba ba kolobeditsweng lekgetlho la bobedi.”

Motho mongwe yo o neng a ya kwa bathong ba Ba-Anabaptist fa a batla boammaaruri e ne e le Menno Simons, moruti wa Katoliki mo motseng wa Witmarsum kwa karolong e e kwa bokone ya Netherlands. Ka 1536 o ne a kgaogane le kereke mme o ne a batliwa ke baeteledipele ba kereke. Ka 1542, Mmusimogolo wa Roma e e Boitshepo e bong Charles V o ne a solofetsa batho ba ba neng ba tla tshwara Menno tuelo ya di-guilder di le 100. Le fa go ntse jalo, Menno o ne a kokoanya bangwe ba Ba-Anabaptist go dira diphuthego di le mmalwa ka bone.

Ba-Menno Gompieno

Fa nako e ntse e ya, pogiso e ne ya dira gore Ba-Menno ba le diketekete ba tshabele kwa Amerika Bokone ba tswa kwa Yuropa Bophirima. Fa ba le koo, ba ne ba nna le tshono ya go tswelela ba batla boammaaruri le go anamisetsa molaetsa wa bone mo bathong ba bangwe ba le bantsi. Mme ba ne ba sa tlhole ba tlhoafaletse go tswelela pele ba ithuta Baebele le go rera phatlalatsa jaaka bagolwagolwane ba bone. Ba le bantsi ba ne ba ngaparetse dithuto tse di sa tsweng mo Baebeleng tse di jaaka Tharonngwe, go sa sweng ga moya le molelo wa dihele. (Moreri 9:5; Esekiele 18:4; Mareko 12:29) Gompieno, baruti ba Ba-Menno ba batla ba tlhomile mogopolo thata mo dikgannyeng tsa kalafi le tsa loago go na le mo tirong ya boefangele.

Go fopholediwa gore gone jaanong go na le Ba-Menno ba ka nna 1 300 000 ba ba nnang mo dinageng di le 65. Le fa go ntse jalo, Ba-Menno ba motlha wa gompieno ba utlwisiwa botlhoko ke go tlhoka kutlwano ga bone, fela jaaka go ile ga dira Menno Simons mo makgolong a a fetileng a dingwaga. Ka Ntwa ya Lefatshe 1, go sa utlwane ka dikgopolo ka dikgotlhang tsa lefatshe go ne ga baka dikgaogano tse dikgolo. Ba le bantsi kwa Amerika Bokone ba ne ba gana go tsenela bosole ka ntlha ya mabaka a a tswang mo Baebeleng. Mme An Introduction to Mennonite History ya re: “Ka 1914 go gana go tsenela bosole e ne e le selo se dikereke tsa Ba-Menno kwa Yuropa Bophirima di neng di se dira mo nakong e e fetileng fela.” Gompieno, ditlhopha dingwe tsa Ba-Menno di amogetse thata mekgwa mengwe ya bosheng kgotsa di e amogetse go se kae fela. Ba bangwe ba sa ntse ba kopela diaparo tsa bone ka go dirisa dikgoge go na le go dirisa ditalama mme ba dumela gore banna ga ba a tshwanela go beola ditedu.

Ditlhopha dingwe tsa Ba-Menno tse di neng di ikemiseditse go ikgaoganya le mokgwa wa segompieno wa go tshela, di ne tsa fudugela kwa mafelong a kwa go one dipuso di ba letlelelang go tshela kwantle ga go tshwenngwa. Ka sekai, kwa Bolivia, Ba-Menno ba ka nna 38 000 ba itirile ditlhopha di le mmalwa tse di ikgaogantseng le batho ba bangwe mme sengwe le sengwe sa tsone se na le mokgwa o se dirang dilo ka one. Ditlhopha dingwe di iletsa batho ba tsone go nna le koloi, di letlelela fela dipitse le dikaraki tsa dipitse. Ditlhopha tse dingwe tsone di ne di iletsa batho ba tsone go nna le radio, thelebishene le go reetsa mmino. Tse dingwe di ne di ba iletsa go ithuta puo ya naga e ba nnang mo go yone. Moagi mongwe wa sengwe sa ditlhopha tseno o ne a re: “Baruti ga ba re letle go ithuta Se-Spain gore ba tle ba kgone go re laola.” Ba le bantsi ba ikutlwa ba gateletswe e bile ba tshelela mo poifong ya gore ba tla lelekiwa mo setšhabeng—selo se se maswe se se ka diragalelang motho yo o iseng a tshele le batho ba bangwe ntle le Ba-Menno.

Kafa Peo ya Boammaaruri e Neng ya Jalwa ka Gone

E ne e le kafa tlase ga maemo ano fa molemirui wa Mo-Menno e bong Johann a ne a bona makasine wa Tora ya Tebelo mo legaeng la moagelani wa gagwe. Ba lelapa la ga Johann ba ne ba fudugile go tswa kwa Canada go ya kwa Mexico mme kwa morago ba ya Bolivia. Mme Johann ka dinako tsotlhe o ne a batla go thusiwa go batla boammaaruri jwa Baebele. O ne a kopa go adima makasine oo.

Moragonyana, fa a ne a le kwa motseng a ile go rekisa dikungo tsa polasi ya gagwe, Johann o ne a atamela Mosupi mongwe yo o neng a tsamaisetsa batho dimakasine tsa Tora ya Tebelo mo mmarakeng. Mosupi yono o ne a mo supetsa morongwa mongwe yo o buang Sejeremane mme go ise go ye kae, Johann o ne a amogela Tora ya Tebelo ka poso ka Sejeremane. Ba ne ba ithuta makasine mongwe le mongwe ka kelotlhoko ba bo ba o fetisa go tswa mo lelapeng le lengwe go ya kwa go le lengwe mo setlhopheng sa gagwe go fitlha makasine o onala. Ka dinako tse dingwe, malapa a ne a kopana mmogo a bo a ithuta makasine wa Tora ya Tebelo go fitlha bosigogare, ba leba ditemana tse di umakilweng tsa Baebele. Johann o ne a tlhatswega pelo gore Basupi ba ga Jehofa e tshwanetse ya bo e le bone ba ba dirang thato ya Modimo ka kutlwano mo lefatsheng lotlhe. Pele ga Johann a tlhokafala, o ne a bolelela mosadi wa gagwe le bana jaana: “Lo bale Tora ya Tebelo ka dinako tsotlhe. E tla lo thusa go tlhaloganya Baebele.”

Bangwe ba lelapa la ga Johann ba ne ba simolola go buisana le baagelani ba bone ka dilo tse ba neng ba di ithuta mo Baebeleng. Ba ne ba re: “Lefatshe ga le kitla le senngwa. Go na le moo, Modimo o tla le dira paradaise. E bile, Modimo ga a tlhokofatse batho kwa diheleng.” Go ise go ye kae, baruti ba kereke ba ne ba utlwa ka dikgang tseno, mme ba ne ba tshosetsa ba lelapa la ga Johann gore ba tla ba leleka fa ba sa emise ka dithuto tseno tsa bone. Moragonyana, ka nako ya fa lelapa le ne le tlotla ka go gatelelwa ga bone ke baruti ba Ba-Menno, lekawana lengwe le ne la bua sengwe. Le ne la re: “Ga ke itse gore ke ka ntlha yang fa re ngongorega ka baruti ba kereke ya rona. Rotlhe re a itse gore bodumedi jwa boammaaruri ke bofe mme ga re ise re dire sepe ka gone.” Mafoko ano a ne a ama rraagwe lekawana leno. Go ise go ye kae, maloko a le lesome a lelapa leno a ne a tsaya loeto mo sephiring go ya go batla Basupi ba ga Jehofa mme a feleletsa a le mo legaeng la barongwa jaaka go umakilwe kwa tshimologong.

Letsatsi le le latelang, barongwa ba ne ba etela ditsala tsa bone tse disha kwa di nnang gone. Koloi ya barongwa e ne e le yone fela mo tseleng. Fa ba ne ba kgweetsa ka iketlo ba feta dikaraki tsa dipitse, ba ne ba gakgamaletse baagi ba motse mme le baagi ba motse le bone ba ne ba ba gakgamaletse. Go ise go ye kae, ke fa barongwa ba ntse mo tafoleng le Ba-Menno ba le lesome, e leng malapa a le mabedi.

Mo letsatsing leo, go ne ga tsaya diura di le nnè go ithuta kgaolo 1 ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. * Mo serapeng sengwe le sengwe, balemirui ba ne ba leba ditemana tse di oketsegileng tsa Baebele mme ba ne ba batla go itse gore a ba ne ba di dirisa sentle. Morago ga potso nngwe le nngwe fa go ntse go ithutiwa, go ne go feta metsotso e le mmalwanyana gore balemirui bano ba buisane pele ka Sejeremane sa ga bone pele ga fa mongwe yo o neng a buelela setlhopha sotlhe a ne a ka araba ka Se-Spain. E ne e le letsatsi le le itumedisang mme pogiso e ne e atamela. Ba ne ba le gaufi le go kopana le diteko, fela jaaka go ne ga direga ka Menno Simons fa a ne a simolola go batla boammaaruri jwa Baebele makgolo a ka nna matlhano a dingwaga a a fetileng.

Go Lebana le Diteko ka Ntlha ya Boammaaruri

Morago ga malatsi a le mmalwa, baruti ba kereke ba ne ba tla kwa legaeng la ba lelapa la ga Johann go ba tshosetsa mmogo le ba bangwe ba ba kgatlhegang: “Re utlwile go twe Basupi ba ga Jehofa ba ne ba lo etetse. Lo ba kganele gore ba se ka ba boa gape, e bile fa lo sa tlise dikgatiso tsa bone gore di fisiwe, lo tlile go lelekiwa.” Ba ne ba ithutile Baebele le Basupi gangwe fela, ka jalo seno e ne e le teko e kgolo fela thata.

Mongwe wa borramalapa o ne a araba a re: “Ga re ka ke ra dira jaaka lo kopa. Batho bao ba ne ba tlile go re ruta Baebele.” Baruti ba kereke ba ne ba itshwara jang? Ba ne ba ba leleka ka go bo ba ithuta Baebele! Seno se ne se utlwisa botlhoko eleruri. Koloi ya feketiri ya tšhisi e ne ya feta legae la bone kwantle ga go tsaya mashi a bone, a e neng e le sone fela se ba neng ba itshedisa ka sone. Mongwe wa borramalapa ano o ne a lelekwa kwa tirong. Yo mongwe ene o ne a thibelwa go tlhola a reka dilwana kwa lebenkeleng mme morwadie wa dingwaga di le lesome o ne a lelekiwa kwa sekolong. Baagelani ba ne ba dikaganyetsa lengwe la magae ano go tla go tsaya mosadi wa lekawana lengwe, ba bolela gore o ne a ka se ka a tsamaya le monna wa gagwe yo o lelekilweng. Go sa kgathalesege seno sotlhe, malapa a a neng a ithuta Baebele ga a ka a tlogela go batla boammaaruri.

Barongwa ba ne ba tswelela ba tsaya loeto lo loleele beke le beke go ya go tshwara thuto ya Baebele. Malapa ano a ne a fitlhela dithuto tseno tsa Baebele di a nonotsha tota! Maloko mangwe a lelapa a ne a tsamaya diura tse pedi ka karaki ya dipitse gore a nne gone ka nako ya thuto. Go ne go ama maikutlo tota fa malapa a ne a kopa mongwe wa barongwa go rapela. Mo ditlhopheng tseno, Ba-Menno ba ne ba se ke ba rapelele kwa godimo, ka jalo ba ne ba ise ba tsamaye ba utlwe ope a ba rapelela. Banna ba ne ba geletse dikeledi. Ba ne ba gakgametse tota fa ba bona barongwa bano ba tla ka theipe. Mmino o ne o sa letlelelwa mo setlhopheng sa bone. Ba ne ba itumeletse Dipina Tsa Bogosi thata mo e leng gore ba ne ba swetsa ka gore ba opele dipina tsa Bogosi morago ga thuto nngwe le nngwe! Le fa go ntse jalo, potso ke gore, ba ne ba tlile go tshela jang mo maemong a bone a masha?

Go Iponela Bakaulengwe ba ba Lorato

E re ka ba ne ba kgaogantswe le setlhopha sa bone, malapa ano a ne a simolola go itirela tšhisi ya bone. Barongwa ba ne ba ba thusa go bona batho ba ba ka e rekang. Mosupi wa bogologolo wa kwa Amerika Bokone yo o goletseng kwa setlhopheng sengwe sa Ba-Menno kwa Amerika Borwa o ne a utlwalela ka mathata a malapa ano. O ne a eletsa thata go ba thusa. Mo sebakeng sa beke fela, o ne a tla kwa Bolivia ka sefofane a tla go ba etela. Mo godimo ga gore a ba kgothatse thata semoyeng, o ne a thusa malapa ano go reka bene ya bone gore ba kgone go ya kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi le go isa dikungo tsa bone tsa polasi kwa mmarakeng.

Leloko lengwe la lelapa le gakologelwa jaana: “Go ne go le boima tota fa re sena go lelekiwa mo setlhopheng sa rona. Re ne re ya kwa Holong ya Bogosi re utlwile botlhoko, mme re ne re boa re itumetse.” Eleruri, bakaulengwe ba mo lefelong leo ba ne ba ba thusa fa ba le mo mathateng le go ba tshegetsa. Bangwe ba ne ba ithuta Sejeremane mme Basupi ba le mmalwa ba ba buang Sejeremane ba ne ba tla mo Bolivia ba tswa kwa Yuropa ba tla go ba thusa go tshwara dipokano tsa Bokeresete ka Sejeremane. Go ise go ye kae, batho ba le 14 go tswa mo setlhopheng sa Ba-Menno ba ne ba rerela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi.

Ka October 12, 2001, lobaka lo lo kafa tlase ga ngwaga morago ga loeto lwa bone lwa ntlha kwa legaeng la barongwa, batho bano ba le 11 ba e kileng ya bo e le Ba-Anabaptist, ba ne ba kolobediwa gape, mo lekgetlhong leno e le go tshwantshetsa gore ba ineetse mo go Jehofa. Go tloga ka nako eo, ba le bantsi ba ile ba kolobediwa. Yo mongwe moragonyana o ne a bolelela jaana: “Fa e sa le re ithuta boammaaruri go tswa mo Baebeleng, re ikutlwa jaaka makgoba a a golotsweng.” Yo mongwe o ne a re: “Ba-Menno ba le bantsi ba ngongorega ka kgang ya gore ga go na lorato mo setšhabeng sa bone. Mme Basupi ba ga Jehofa bone ba a kgatlhegelana. Ke ikutlwa ke babalesegile fa ke na le bone.” Fa o batla go tlhaloganya boammaaruri jo bo tswang mo Baebeleng botoka, le wena o ka lebana le mathata. Mme fa o batla thuso ya ga Jehofa e bile o bontsha tumelo le bopelokgale jaaka malapa ano a ile a dira, le wena o tla atlega e bile o tla itumela.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ba itumelela go amogela dikgatiso tsa Baebele ka Sejeremane

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Le fa mmino o ne o ileditswe ka dinako tsotlhe, gone jaanong ba a opela morago ga thuto nngwe le nngwe ya Baebele