Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele ya Bogologolo ya Sejeremane e Dirisa Leina la Modimo

Baebele ya Bogologolo ya Sejeremane e Dirisa Leina la Modimo

Baebele ya Bogologolo ya Sejeremane e Dirisa Leina la Modimo

LEINA la Modimo, Jehofa, le tlhaga makgetlho a le diketekete mo New World Translation of the Holy Scriptures, e e gatisitsweng ka puo ya Sejeremane ka 1971. * Le fa go ntse jalo, eno e ne e se Baebele ya ntlha ya Sejeremane e e dirisitseng leina la Modimo. Go bonala Baebele ya ntlha ya Sejeremane e leina Jehofa le neng le tlhaga mo go yone e gatisitswe dingwaga di ka nna 500 tse di fetileng ke Johann Eck, moithutabodumedi yo o itsegeng wa Katoliki ya Roma.

Johann Eck o tsholetswe kwa borwa jwa Jeremane ka 1486. Fa a na le dingwaga di le 24 e ne e le porofesa wa thutabodumedi kwa yunibesithing ya Ingolstadt, go fitlhela a swa ka 1543. Eck o tshedile mo motlheng wa ga Martin Luther, mme boobabedi e ne e le ditsala ka lobaka lo lo rileng. Le fa go ntse jalo, moragonyana Luther o ne a di goga kwa pele e le Molweladiphetogo, fa Eck ene a ne a buelela Kereke ya Katoliki.

Mmusi wa kwa Bavaria o ne a laela Eck gore a ranolele Baebele mo puong ya Sejeremane, mme thanolo eo e ne ya gatisiwa ka 1537. Go ya ka Kirchliches Handlexikon, thanolo ya gagwe e ne e latelela mokwalo wa ntlhantlha thata mo e leng gore “e tshwanetse go tseelwa kwa godimo go feta kafa go ntseng go dirwa ka teng.” Thanolo ya ga Eck ya Ekesodo 6:3 e balega jaana: “Ke nna Morena, yo o neng a bonala kwa go Aberame, Isake, le Jakobe ke le Modimo Mothatayotlhe: mme leina la me Adonai, ga ke a le ba senolela.” Eck o ne a kwala ntlha eno e e tlhalosang fa thoko ga temana eo: “Leina Adonai Jehoua.” Bakanoki ba bantsi ba Baebele ba dumela gore leno e ne e le lekgetlho la ntlha leina la Modimo le dirisiwa mo Baebeleng ya Sejeremane.

Le fa go ntse jalo, leina la Modimo ga le bolo go itsiwe le go dirisiwa ka diketekete tsa dingwaga. Le dirisitswe bogologolo ka puo ya Sehebera, e mo go yone “Jehofa” a dirisiwang go bitsa Modimo o o esi wa boammaaruri. (Duteronome 6:4) Dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, mafoko a ga Jesu a a neng a a bua a re o dirile gore leina la Modimo le itsiwe a ne a kwadilwe ka puo ya Segerika. (Johane 17:6) Fa e sa le go simolola ka nako eo, leina leno le gatisitswe ka dipuo di le dintsintsi, mme go ise go ye kae, fa go diragadiwa Pesalema 83:18, botlhe ba tla itse gore yo leina la gagwe e leng Jehofa ke Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa, pele ka Seesemane ka 1961. Jaanong e teng ka dipuo di feta 50, e feletse kana karolo ya yone.

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Kgatiso ya 1558 ya Baebele ya ga Eck, le ntlha e e fa thoko e e tlhalosang leina Jehofa mo go Ekesodo 6:3