Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke mabaka afe a a dirang gore go twe dipolelwana tse di tshwanang le “ene a le esi yo o nang le bosasweng” le ene “yo go se nang le a le mongwe wa batho yo o mmoneng kgotsa yo o ka mmonang” di bua ka Jesu e seng ka Jehofa Modimo?

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Go bonatshega gono, Mothati yo o itumetseng le yo o esi o tla go bontsha ka dinako tsa gone tse di tlhomilweng, ene Kgosi ya ba ba busang e le dikgosi le Morena wa ba ba busang e le barena, ene a le esi yo o nang le bosasweng, yo o nnang mo leseding le le ka se kang la atamelwa, yo go se nang le a le mongwe wa batho yo o mmoneng kgotsa yo o ka mmonang.”—1 Timotheo 6:15, 16.

Gantsi bakanoki ba Baebele ba akanya gore dipolelwana tse di jaaka “ene a le esi yo o nang le bosasweng,” ‘Mothati yo o esi’ le ene “yo go se nang le a le mongwe wa batho yo o mmoneng kgotsa yo o ka mmonang” ga di bue ka ope o sele fa e se ka Mothatayotlhe. Gone ke boammaaruri gore mafoko ao a ka dirisiwa go tlhalosa Jehofa. Le fa go ntse jalo, ditemana tse di dikologileng kgang e go buiwang ka yone di bontsha gore mo go 1 Timotheo 6:15, 16 Paulo o ne a bua ka Jesu.

Kwa bofelong jwa temana ya 14, Paulo o umaka “go bonatshega ga Morena wa rona Jesu Keresete.” (1 Timotheo 6:14) Ka jalo, fa Paulo a ne a kwala mo 1Ti 6 temaneng ya 15 gore “go bonatshega gono, Mothati yo o itumetseng le yo o esi o tla go bontsha ka dinako tsa gone tse di tlhomilweng,” o bua ka go bonatshega ga ga Jesu e seng ga Jehofa Modimo. Ka jalo he, ke mang ‘Mothati yo o esi’? Go bonala go utlwala go konela ka gore Jesu ke Mothati yo Paulo a buang ka ene. Ka ntlha yang? Ditemana tse di dikologileng kgang e go buiwang ka yone di bontsha gore Paulo o bapisa Jesu le babusi ba batho. Eleruri Jesu, fela jaaka Paulo a kwadile, ke “Kgosi ya [batho] ba ba busang e le dikgosi le Morena wa ba ba busang e le barena.” * Ee, fa Jesu a bapisiwa le bone, ke ‘Mothati yo o esi.’ Jesu o neilwe “bobusi le seriti le bogosi, gore ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo tsotlhe di mo direle.” (Daniele 7:14) Ga go na mothati ope wa motho yo a ka bolelang gore o neilwe taolo e e ntseng jalo!

Go tweng ka polelwana e e reng “ene a le esi yo o nang le bosasweng”? Gape, Jesu fano o bapisiwa le dikgosi tsa batho. Ga go na babusi bape ba lefatshe ba ba ka bolelang gore ba neilwe bosasweng, mme Jesu ene a ka kgona go bolela gore o bo neilwe. Paulo o ne a kwala jaana: “Re a itse gore Keresete, e re ka jaanong a tsositswe mo baswing, ga a tlhole a swa; loso ga lo tlhole lo le mong wa gagwe.” (Baroma 6:9) Ka jalo, Jesu ke ene wa ntlha yo go buiwang ka ene mo Baebeleng gore o amogela mpho ya bosasweng. Eleruri, ka nako ya fa Paulo a ne a kwala mafoko ano, Jesu e ne e le ene fela yo o neng a neilwe botshelo jo bo sa ka keng jwa senngwa.

Gape, re tshwanetse go gakologelwa gore go ne go tla bo go le phoso gore Paulo a re Jehofa Modimo a le esi o na le bosasweng, e re ka Jesu le ene a ne a na le bosasweng ka nako ya fa Paulo a ne a kwala mafoko ao. Mme Paulo o ne a ka kgona go bua gore Jesu a le nosi o ne a na le bosasweng fa a bapisiwa le babusi ba lefatshe.

Mo godimo ga moo, ruri go boammaaruri gore fa Jesu a sena go tsosiwa le go tlhatlogela kwa legodimong, o ne a ka tlhalosiwa go twe ke ene “yo go se nang le a le mongwe wa batho yo o mmoneng kgotsa yo o ka mmonang.” Gone ke boammaaruri gore barutwa ba gagwe ba ba tloditsweng ba ne ba tla bona Jesu fa ba sena go swa mme morago ga moo ba bo ba tsosediwa kwa legodimong go ya go tshela jaaka dibopiwa tsa semoya. (Johane 17:24) Mme ga go na motho ope mo lefatsheng yo o tla bonang Jesu a le mo kgalalelong ya gagwe. Ka jalo, go ka bolelwa ga twe e sa le Jesu a tsosiwa le go tlhatlogela kwa legodimong, ‘ga go na le a le mongwe wa batho’ yo o mmoneng.

Ke boammaaruri gore fa o lebelela kgang eno fela fa godimo, go ka bonala e kete se go buiwang ka sone mo go 1 Timotheo 6:15, 16 se lebisitse go Modimo. Mme ditemana tse di dikologileng kgang e Paulo a buang ka yone—mmogo le ditemana tse dingwe tse di tshegetsang kgang eno—di bontsha gore Paulo o ne a bua ka Jesu.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Go buiwa ka tsela e e tshwanang ka Jesu mo go 1 Bakorintha 8:5, 6; Tshenolo 17:12, 14; 19:16.