Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Tla Tsamaya mo Leineng la ga Jehofa Modimo wa Rona

Re Tla Tsamaya mo Leineng la ga Jehofa Modimo wa Rona

Re Tla Tsamaya mo Leineng la ga Jehofa Modimo wa Rona

“Fa e le rona, re tla tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.”—MIKA 4:5.

1. Boitsholo bo ne bo ntse jang mo motlheng wa ga Noa, mme Noa o ne a farologane jang le batho ba bangwe?

MOTHO wa ntlha yo o umakiwang mo Baebeleng go twe o ne a tsamaya le Modimo ke Enoke. Wa bobedi ke Noa. Baebele ya re: “Noa e ne e le monna yo o siameng. O ne a itshupa a se na molato mo gare ga ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe. Noa o ne a tsamaya le Modimo wa boammaaruri.” (Genesise 6:9) Mo motlheng wa ga Noa, batho ka kakaretso ba ne ba tlogetse kobamelo e e itshekileng. Seemo se se maswe seo se ne sa dirwa maswe le go feta ke baengele ba ba sa ikanyegeng ba ba neng ba kopana ka tsela e e seng ya tlholego le basadi ba bo ba ba tshodisa bana ba go tweng Banefilime, ke gore, “ba ba thata,” kgotsa “banna ba ba tumileng,” ba metlha eo. Ke sone se lefatshe le neng la tlala thubakanyo jaana! (Genesise 6:2, 4, 11) Le fa go ntse jalo, Noa o ne a itshupa a se na molato mme a nna “moreri wa tshiamo.” (2 Petere 2:5) Fa Modimo a ne a laela Noa gore a age araka go boloka matshelo a batho, o ne a nna kutlo mme “a dira kafa go sotlhe se Modimo a neng a se mo laetse. A dira fela jalo.” (Genesise 6:22) Ee ruri, Noa o ne a tsamaya le Modimo.

2, 3. Noa o re tlhometse sekao sefe se se molemo?

2 Paulo o ne a akaretsa Noa mo lenaaneng le a neng a le dirile la basupi ba ba ikanyegang fa a ne a kwala a re: “Ka tumelo Noa, fa a sena go newa tlhagiso ya bomodimo ya dilo tse di iseng di bonwe, o ne a bontsha poifo ya bomodimo a ba a aga araka gore go bolokwe ba ntlo ya gagwe; mme ka tumelo eno o ne a bontsha fa lefatshe le le molato, mme a nna moruaboswa wa tshiamo e e leng kafa tumelong.” (Bahebera 11:7) A sekao se se molemo jang ne! E re ka Noa a ne a tlhomamisegile gore mafoko a ga Jehofa a ne a tla diragala, o ne a dirisa nako, maatla le dithoto tsa gagwe gore a dire ditaelo tsa Modimo. Le gompieno, batho ba le bantsi ga ba amogele ditiro dingwe mo lefatsheng leno, mme ba dirisa nako ya bone, maatla a bone le dithoto tsa bone go ikobela ditaelo tsa ga Jehofa. Go bonala sentle gore ba na le tumelo mme e tla ba thusa gore ba bolokwe, bone mmogo le batho ba bangwe.—Luke 16:9; 1 Timotheo 4:16.

3 Go bontsha tumelo go tshwanetse ga bo go ne go le thata mo go Noa le lelapa la gagwe fela jaaka go ne go le thata mo go Enoke, rraagwemogologolwane wa ga Noa, yo go tlotlilweng ka ene mo setlhogong se se fetileng. Mo motlheng wa ga Noa, fela jaaka mo motlheng wa ga Enoke, baobamedi ba boammaaruri ba ne ba le mmalwanyana fela, ka gonne ke batho ba le robedi fela ba ba neng ba ikanyega mme ba falola Morwalela. Noa o ne a rera ka ga tshiamo mo lefatsheng le le tletseng thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang. Mo godimo ga moo, ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba aga araka e kgolo ka logong ba ipaakanyetsa morwalela wa lefatshe lotlhe, le fa go ne go ise go ke go nne le motho ope yo o kileng a bona morwalela o o ntseng jalo. Seo se tshwanetse sa bo se ne sa gakgamatsa batho ba ba neng ba ba lebeletse.

4. Jesu o ne a bua thata ka phoso efe ya batho ba motlha wa ga Noa?

4 Se se kgatlhang ke gore, fa Jesu a ne a bua ka metlha ya ga Noa, o ne a sa bue ka thubakanyo, bodumedi jwa maaka kgotsa boitsholo jo bo sa siamang—le fa dilo tseno di ne di le maswe thata. Phoso e Jesu a neng a bua thata ka yone ke gore batho ba ne ba gana go utlwa tlhagiso e ba neng ba e newa. O ne a re ba ne “baa ja e bile baa nwa, banna ba nyala le basadi ba neelwa nyalong, go fitlha ka letsatsi le Noa a tseneng mo teng ga araka ka lone.” Go ja, go nwa, go nyala le go nyalwa go ne go le phoso ka eng? Ba ne ba tshela fela ka tsela e go tweng ke e e tlwaelegileng! Mme morwalela o ne o tla, kafa Noa ene a rera ka ga tshiamo. Ba tshwanetse go ka bo ba ile ba tlhagisiwa ke mafoko a gagwe le boitshwaro jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, ba ne “ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe.”—Mathaio 24:38, 39.

5. Noa le lelapa la gagwe ba ne ba tshwanetse go nna le dinonofo dife?

5 Fa re leba kwa morago kwa metlheng eo, re bona kafa tsela e Noa a neng a tshela ka yone e neng e le botlhale ka teng. Le fa go ntse jalo, mo metlheng ya pele ga Morwalela, go ne go tlhoka bopelokgale gore motho a farologane le ba bangwe botlhe. Noa le lelapa la gagwe ba ne ba tshwanetse gore ba bo ba ikemiseditse tota gore ba kgone go aga araka e kgolo eo ba bo ba e tlatsa ka mefuta e e farologaneng ya diphologolo. A bangwe ba batho ba ba mmalwanyana bao ba ba ikanyegang ba ne ba a tle ba eletse gore e kete ba ka bo ba tshwana fela le batho ba bangwe ba tshela botshelo jo go tweng bo tlwaelegile? Le fa ba ne ba ka akanya seo ka nakwana, ba ne ba tswelela pele fela ba ikanyega. Morago ga dingwaga tse dintsintsi—tse dintsi go feta tse ope wa rona a tla tlhokang go di itshokela mo tsamaisong eno ya dilo—tumelo ya ga Noa e ne ya felela ka gore a falole Morwalela. Mme Jehofa o ne a tlisa katlholo mo go botlhe ba ba neng ba tshela matshelo a go tweng ke a a tlwaelegileng mme ba sa tseye tsia bokao jwa metlha e ba neng ba tshela mo go yone.

Thubakanyo e Aparela Batho Gape

6. Morago ga Morwalela, ke seemo sefe se se neng se sa ntse se le teng?

6 Fa metsi a Morwalela a sena go kokobela, batho ba ne ba simolola botshelo sesha. Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba sa ntse ba sa itekanela mme “tshekamelo ya pelo ya motho” e ne ya tswelela e le “bosula go tloga bosheng jwa gagwe go ya pele.” (Genesise 8:21) Mo godimo ga moo, le fa madimona a ne a sa tlhole a kgona go ikapesa mebele ya batho, a ne a sa ntse a tsweletse ka mekgwa ya one. Go ise go ye kae lefatshe le e leng batho ba ba boikepo le ne la bontsha gore le “namaletse mo maatleng a yo o boikepo,” mme fela jaaka gompieno, baobamedi ba boammaaruri ba ne ba tshwanelwa ke go lwa kgatlhanong le “maano a boferefere a ga Diabolo.”—1 Johane 5:19; Baefeso 6:11, 12.

7. Thubakanyo e ne ya oketsega jang mo lefatsheng morago ga Morwalela?

7 Go tloga mo e ka nnang ka motlha wa ga Nimerode, lefatshe la morago ga Morwalela le ne la boa gape la tlala ka thubakanyo e e neng e dirwa ke batho. Ka ntlha ya go oketsega ga batho le kgatelopele ya botegeniki, thubakanyo eo e ntse e oketsega. Mo metlheng ya bogologolo go ne go dirisiwa tšhaka, lerumo, bora le motswi le dikara tsa ntwa. Mo metlheng ya bosheng jaana go ne ga dirisiwa ditlhobolo tsa segologolo le dikanono, go tswa foo ga dirisiwa ditlhobolo tsa sesheng le dibetsa tse dingwe tsa sesheng kwa tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga. Ntwa ya Lefatshe I e ne ya tla ka dibetsa tse dingwe tse di tshosang, tse di jaaka difofane, dikoloi tsa ntwa tse di rwalang dibetsa, dikepe tsa ntwa tse di tsamayang kafa tlase ga metsi le digase tse di botlhole. Mo ntweng eo, dibetsa tseno di ne tsa bolaya batho ba le dimilionemilione. A seo se ne se gakgamatsa? Nnyaa.

8. Tshenolo 6:1-4 e diragaditswe jang?

8 Ka ngwaga wa 1914, Jesu o ne a tlhomiwa go nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa kwa legodimong, mme ‘letsatsi la Morena’ la simologa. (Tshenolo 1:10) Mo ponatshegelong e e begilweng mo bukeng ya Tshenolo, Jesu o bonwa e le Kgosi e e fentseng e palame pitse e tshweu. O setswe morago ke bapalami ba bangwe ba dipitse, mongwe le mongwe wa bone a tshwantshetsa masetlapelo a a farologaneng mo bathong. Mongwe wa bone o palame pitse e khunou mme o newa “go tlosa kagiso mo lefatsheng gore ba bolaane; mme a newa tšhaka e kgolo.” (Tshenolo 6:1-4) Pitse eno le mopalami wa yone ba tshwantshetsa ntwa, mme tšhaka e kgolo e tshwantshetsa tshenyo e kgolo e e bakwang ke dintwa tsa gompieno tse di dirisang dibetsa tse di maatla. Gompieno dibetsa tseo di akaretsa didirisiwa tsa nuklea, sengwe le sengwe sa tsone se kgona go bolaya batho ba le dikete di le masomesome; dirokete tse di kgonang go romela didirisiwa tseo kwa mafelong a a bokgakala jwa dikilometara di le diketekete; mmogo le dibetsa tse di raraaneng tse di ganyaolang batho ba le bantsintsi ka dikhemikale kgotsa ka megare.

Re Tsaya Ditlhagiso Tsa ga Jehofa Tsia

9. Lefatshe la gompieno le tshwana jang le la pele ga Morwalela?

9 Mo metlheng ya ga Noa, Jehofa o ne a senya batho ka ntlha ya thubakanyo e e feteletseng ya batho ba ba boikepo ba ba neng ba thusiwa ke Banefilime. Go tweng ka gompieno? A gompieno maemo a thubakanyo a botoka go na le mo motlheng oo? Nnyaa le e seng! Mo godimo ga moo, fela jaaka mo motlheng wa ga Noa, gompieno batho ba tswelela pele fela le matshelo a bone, ba leka go tshela ka tsela e go tweng e tlwaelegile, ba gana go reetsa ditlhagiso tse di ntshiwang. (Luke 17:26, 27) Ka jalo, a re ka belaela gore Jehofa o tla boa a senya batho gape? Nnyaa.

10. (a) Ke tlhagiso efe e e newang mo boporofeting jwa Baebele gangwe le gape? (b) Tsela e le yosi fela e e botlhale e re ka e tsayang ke efe gompieno?

10 Dingwaga di le makgolokgolo pele ga Morwalela, Enoke o ne a bolelela pele ka tshenyego e e tshwanetseng go tla mo motlheng wa rona. (Jude 14, 15) Jesu le ene o ne a bua ka “pitlagano e kgolo” e e tlang. (Mathaio 24:21) Baporofeti ba bangwe ba ne ba tlhagisa ka motlha oo. (Esekiele 38:18-23; Daniele 12:1; Joele 2:31, 32) Mme mo bukeng ya Tshenolo re bala ka tshenyego eo ya bofelo e tlhalosiwa ka tsela e e utlwalang sentle. (Tshenolo 19:11-21) Mongwe le mongwe wa rona o latela sekao sa ga Noa mme re tlhoafetse jaaka bareri ba tshiamo. Re tsaya ditlhagiso tsa ga Jehofa tsia mme re thusa baagelani ba rona ka lorato gore le bone ba dire jalo. Ka jalo, fela jaaka Noa, re tsamaya le Modimo. Ee ruri, go botlhokwa gore ope fela yo o ratang botshelo a nne a tsamaya le Modimo. Re ka dira seo jang le fa re lebana le dikgatelelo letsatsi le letsatsi? Re tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng ya gore Modimo o tla diragatsa maikaelelo a gagwe.—Bahebera 11:6.

Nna o Tsamaya le Modimo mo Metlheng ya Mathata

11. Re etsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga jang?

11 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tlhalosiwa go twe ke ba “Tsela.” (Ditiro 9:2) Botshelo jotlhe jwa bone bo ne bo remeletse mo tumelong e ba neng ba na le yone ka Jehofa le Jesu Keresete. Ba ne ba tsamaya ka tsela e Mong wa bone a neng a tsamaile ka yone. Gompieno, Bakeresete ba ba ikanyegang ba dira fela jalo.

12. Go ne ga diragalang fa Jesu a sena go fepa boidiidi ka kgakgamatso?

12 Botlhokwa jwa tumelo bo bontshiwa ke tiragalo nngwe e e neng ya direga mo bodireding jwa ga Jesu. Nako nngwe, Jesu o ne a fepa ka kgakgamatso boidiidi jwa banna ba ka nna 5 000. Batho ba ne ba gakgametse e bile ba itumetse. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko se se neng sa direga morago ga moo. Re bala jaana: “E rile batho ba bona ditshupo tse a neng a di dira, ba re: ‘Ruri yono ke moporofeti yo o neng a tshwanetse go tla mo lefatsheng.’ Jalo Jesu, ka a itse gore ba ne ba tloga ba tla go mo tshwara go mo dira kgosi, a tswa gape a ya kwa thabeng a le esi fela.” (Johane 6:10-15) Mo bosigong joo o ne a tsaya mosepele a ya kwa lefelong le lengwe. Go gana ga ga Jesu go nna kgosi go tshwanetse ga bo go ile ga swabisa ba le bantsi. Aitsane, o ne a bontshitse gore o botlhale mo go lekaneng gore a ka nna kgosi le gore o na le maatla a go naya batho dilo tse ba di tlhokang. Le fa go ntse jalo, e ne e ise e nne nako ya ga Jehofa ya gore Jesu a buse e le Kgosi. Mo godimo ga moo, Bogosi jwa ga Jesu bo ne bo tla nna kwa legodimong, e seng mo lefatsheng.

13, 14. Ba le bantsi ba ne ba bontsha gore ba na le boikutlo bofe, mme tumelo ya bone e ne ya lekwa jang?

13 Le fa go ntse jalo, boidiidi bo ne jwa nna jwa sala Jesu morago mme ba mo fitlhela “ka kwa ga lewatle,” jaaka Johane a bolela. Ke ka ntlha yang fa ba ne ba mo sala morago a sena go gana fa ba leka go mo dira kgosi? Ba le bantsi ba ne ba bontsha ka ditiro gore ba leba dilo ka tsela ya senama, ba bua thata ka dijo tse Jehofa a neng a ba fepa ka tsone kwa nageng mo motlheng wa ga Moshe. Seo se ka tswa se ne se raya gore Jesu o tshwanetse a tswelela a ba tlamela ka dijo. Fa Jesu a lemoga maitlhomo a bone a a phoso, o ne a simolola go ba ruta dithuto tsa boammaaruri tsa semoya tse di neng di ka thusa go baakanya tsela e ba akanyang ka yone. (Johane 6:17, 24, 25, 30, 31, 35-40) Bangwe ba ne ba ngongorega, bogolo jang fa a ne a bua setshwantsho seno: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Fa lo sa je nama ya Morwa motho lo bo lo nwa madi a gagwe, ga lo na botshelo mo go lona. Yo o jang nama ya me a bo a nwa madi a me o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ke tla mo tsosa mo losong ka letsatsi la bofelo.”—Johane 6:53, 54.

14 Gantsi ditshwantsho tsa ga Jesu di ne di tlhotlheletsa batho go itshupa gore a ruri ba batla go tsamaya le Modimo. Seno le sone se ne sa dira fela jalo. Se ne sa kgopisa bangwe ba bone fela thata. Re bala jaana: “Jalo bontsi jwa barutwa ba gagwe, e rile ba utlwa seno, ba re: ‘Puo eno e a tsitsibanya; ke mang yo o ka e reetsang?’” Go tswa foo Jesu o ne a tlhalosa gore ba tshwanetse go batla bokao jwa semoya jwa mafoko a gagwe. O ne a re: “Moya ke one o o nayang botshelo; nama ga e na mosola ka gope. Mafoko a ke a buileng le lona ke moya e bile ke botshelo.” Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ne ba sa batle go reetsa, mme pego e bega jaana: “Ka ntlha ya seno bontsi jwa barutwa ba gagwe ba tswa ba ya kwa dilong tse ba di tlogetseng kwa morago mme ba se ka ba tlhola ba tsamaya le ene.”—Johane 6:60, 63, 66.

15. Bangwe ba balatedi ba ga Jesu ba ne ba nna le boikutlo bofe jo bo tshwanetseng?

15 Le fa go ntse jalo, ga se barutwa botlhe ba ga Jesu ba ba neng ba itshwara jalo. Ke boammaaruri gore barutwa ba ba ikanyegang ba ne ba sa tlhaloganye mafoko a ga Jesu ka botlalo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba nna ba mo ikanya ka pelo yotlhe. Petere, mongwe wa barutwa bao ba ba ikanyegang, o ne a tlhalosa maikutlo a botlhe ba ba neng ba tswelela pele le Jesu fa a ne a re: “Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 6:68) A boikutlo jo bo molemo, a sekao se sentle!

16. Re ka lekwa jang, mme re tshwanetse go nna le pono efe e e siameng?

16 Le rona gompieno re ka lekwa fela jaaka barutwa bale ba bogologolo. Rona re ka nna ra kgobiwa marapo ke gore ditsholofetso tsa ga Jehofa ga di diragadiwe ka bonako jaaka re ka rata. Re ka nna ra akanya gore dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng di tlhalosa Dikwalo ka tsela e go leng thata go di tlhaloganya. Re ka nna ra swabisiwa ke tsela e Mokeresete ka rona a itshwarang ka yone. A go tla bo go siame go tlogela go tsamaya le Modimo ka ntlha ya mabaka ano kgotsa a mangwe a a tshwanang le one? Nnyaa le e seng! Barutwa ba ba neng ba latlha Jesu ba ne ba bontsha go akanya ka tsela ya senama. Re tshwanetse ra tila go dira sepe se se ntseng jalo.

“Ga re Mofuta Wa ba Ba Katang ka Morago”

17. Ke eng se se ka re thusang gore re nne re tsamaya le Modimo?

17 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Jehofa o re bolelela sentle jaana mo Baebeleng: “Tsela ke e. Tsamayang ka yone.” (Isaia 30:21) Go ikobela Lefoko la Modimo go re thusa gore re ‘nne re tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo kafa re tsamayang ka teng.’ (Baefeso 5:15) Go ithuta Baebele le go tlhatlhanya ka se re se ithutang go dira gore re kgone go “tswelela [re] tsamaya mo boammaaruring.” (3 Johane 3) Ee, fela jaaka Jesu a ne a bolela, “moya [o naya] botshelo; nama ga e na mosola ka gope.” Kaelo e le yosi fela e e ikanyegang e re ka kaelang dikgato tsa rona ka yone ke kaelo ya semoya, e e tlang ka Lefoko la ga Jehofa, moya wa gagwe le phuthego ya gagwe.

18. (a) Ke eng se batho ba bangwe ba se dirang se se seng botlhale? (b) Re tshwanetse ra leka go nna le tumelo e e ntseng jang?

18 Gompieno, batho ba ba kgopisiwang ke go bo ba leba dilo ka tsela ya senama kgotsa ke go bo dilo tse ba neng ba di lebeletse di sa diragala gantsi ba simolola go dirisa ka botlalo se lefatshe leno le ka ba nayang sone. Ba tlogela go tsaya dinako e le tse di potlakileng, ga ba bone go tlhokega go ‘nna ba disitse,’ mme ba tlhopha go latela mekgele ya bopelotshetlha go na le go tsaya dilo tse di direlwang Bogosi e le tsone tsa botlhokwa. (Mathaio 24:42) Go tsamaya jalo ga go botlhale le e seng. Ela tlhoko mafoko a ga moaposetoloi Paulo: “Ga re mofuta wa ba ba katang ka morago go ya tshenyegong, mme re mofuta o o nang le tumelo gore re kgone go boloka moya o tshela.” (Bahebera 10:39) Fela jaaka Enoke le Noa, re tshela mo metlheng ya mathata, mme jaaka bone, re na le tshiamelo ya go tsamaya le Modimo. Fa re ntse re dira jalo, re na le tsholofelo e e tlhomameng ya gore re tla bona ditsholofetso tsa ga Jehofa di diragadiwa, boikepo bo fedisiwa, go bo go tla lefatshe le lesha la tshiamo. A tsholofelo e e molemo!

19. Mika o tlhalosa jang mokgwa wa botshelo wa baobamedi ba boammaaruri?

19 Moporofeti yo o tlhotlheleditsweng e bong Mika o ne a re ditšhaba tsa lefatshe di ne di tla “tsamaya sengwe le sengwe mo leineng la modimo wa sone.” Go tswa foo o ne a bua kaga gagwe le baobamedi ba bangwe ba ba ikanyegang a re: “Fa e le rona, re tla tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.” (Mika 4:5) Fa e le gore o ititeile sehuba fela jaaka Mika, nna o le gaufi le Jehofa le fa metlha e re mo go yone e ka nna le matshwenyego go le kana kang. (Jakobe 4:8) E kete mongwe le mongwe wa rona a ka nna le keletso e e tswang pelong ya gore a tsamaye le Jehofa Modimo wa rona jaanong le ka bosakhutleng, tota le ka bosaengkae!

O ka Araba Jang?

• Motlha wa ga Noa o tshwana ka ditsela dife le motlha wa gompieno?

• Noa le lelapa la gagwe ba ne ba latela tsela efe, mme re ka etsa tumelo ya bone jang?

• Bangwe ba balatedi ba ga Jesu ba ne ba bontsha gore ba na le pono efe e e phoso?

• Bakeresete ba boammaaruri ba ititeile sehuba go dira eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Fela jaaka mo motlheng wa ga Noa, gompieno batho ba tsene ka tlhogo mo ditirong tsa bone tsa letsatsi le letsatsi

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Jaaka bareri ba Bogosi, “ga re mofuta wa ba ba katang ka morago”