Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsamaya le Modimo mo Dinakong Tseno Tsa Matshwenyego

Tsamaya le Modimo mo Dinakong Tseno Tsa Matshwenyego

Tsamaya le Modimo mo Dinakong Tseno Tsa Matshwenyego

“Enoke a nna a tsamaya le Modimo wa boammaaruri. Morago ga moo a bo a sa tlhole a le gone, gonne Modimo o ne a mo tsaya.”—GENESISE 5:24.

1. Dingwe tsa dilo tse di bontshang gore metlha ya rona ke ya matshwenyego ke dife?

DINAKO tsa matshwenyego! Mafoko ao a tlhalosa sentle dingwaga tse batho ba ntseng ba tshela mo go tsone tse di tletseng tlhakatlhakano le thubakanyo tse di sa leng di simolola fa Bogosi jwa ga Mesia bo ne bo tlhongwa ka 1914. Mo nakong eno yotlhe, batho ba ntse ba le “mo metlheng ya bofelo.” Masetlapelo a a jaaka mauba, malwetse, dithoromo tsa lefatshe le dintwa, a ntse a ama batho ka selekanyo se segolo go gaisa pele. (2 Timotheo 3:1; Tshenolo 6:1-8) Batho ba ba obamelang Jehofa le bone ba ile ba amiwa ke mathata ano. Gompieno rotlhe re tshwanelwa ke go itshokela mathata le ditlhobaelo. Mathata a ikonomi, dikhuduego tsa dipolotiki, bokebekwa le bolwetse, ke dingwe tsa dilo tse di dirang gore botshelo bo nne thata tota.

2. Batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba lebana le mathata afe?

2 Mo godimo ga moo, batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba ile ba itshokela go bogisiwa mo go setlhogo gangwe le gape jaaka Satane a ntse a lwantsha “ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo e bile ba na le tiro ya go naya bosupi ka Jesu.” (Tshenolo 12:17) Mme le fa re sa bogisiwa ka tlhamalalo rotlhe, Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba tshwanelwa ke go lwa le Satane Diabolo le moya o a o tsenyang mo bathong. (Baefeso 2:2; 6:12) Re tshwanetse go nna re iketse tlhoko ka dinako tsotlhe gore re se ka ra tlhotlhelediwa ke moya oo, ka gonne re kopana le one kwa tirong, kwa sekolong le kwa mafelong a mangwe a kwa go one re tshwanelwang ke go dirisana le batho ba ba sa kgatlhegeleng kobamelo e e itshekileng.

Tsamaya le Modimo, E Seng le Ditšhaba

3, 4. Bakeresete ba farologane jang le lefatshe?

3 Bogologolo mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bakeresete le bone ba ne ba lwantsha moya wa lefatshe leno ka dinako tsotlhe, mme seo se ne se dira gore ba farologane thata le batho ba ba neng ba le kwa ntle ga phuthego ya Bokeresete. Paulo o ne a tlhalosa pharologanyo eo fa a ne a kwala jaana: “Seno, ka jalo, ke se bua e bile ke naya bosupi ka sone mo Moreneng, gore lo se ka lwa tlhola lo tswelela lo tsamaya fela jaaka ditšhaba le tsone di tsamaya mo go tlhokeng mosola ga megopolo ya tsone, fa ba ntse ba le mo lefifing mo mogopolong, e bile ba kgaogane le botshelo jo e leng jwa Modimo, ka ntlha ya botlhokakitso jo bo mo go bone, ka ntlha ya go kgwaralala ga dipelo tsa bone. Ka ba sa tlhole ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro, ba ne ba ineela mo boitshwarong jo bo repileng gore ba dire boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe ka bogagaru.”—Baefeso 4:17-19.

4 A bo mafoko ao a tlhalosa sentle jang lefifi le lentsho la semoya le la boitsholo la lefatshe leno—mo motlheng wa ga Paulo le mo motlheng wa rona! Fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bakeresete gompieno ga ba ‘tswelele ba tsamaya jaaka ditšhaba di tsamaya.’ Go na le moo, ba na le tshiamelo e kgolo ya go tsamaya le Modimo. Ee, batho bangwe ba ka belaela gore a mme go a utlwala go bolela gore batho fela ba ba sa itekanelang ba tsamaya le Jehofa. Mme Baebele e bolela gore ba ka kgona. E bile tota, Jehofa o batla gore ba tsamaye le ene. Mo lekgolong la borobedi la dingwaga pele ga Motlha wa Rona, moporofeti Mika o ne a kwala mafoko a a latelang a tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo: “Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o dire tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago?”Mika 6:8.

Re ka Tsamaya Jang le Modimo, Mme ka Ntlha Yang?

5. Motho yo o sa itekanelang a ka tsamaya jang le Modimo?

5 Re ka tsamaya jang le Modimo yo o maatla otlhe, yo o sa bonaleng? Ruri re ka se tsamaye le ene ka tsela e re tsamayang ka yone le batho ba bangwe. Mo Baebeleng lefoko le le reng “tsamaya” le ka kaya “go dira dilo ka tsela nngwe e e rileng.” * Fa re akanyetsa seno, re lemoga gore motho yo o tsamayang le Modimo o dira dilo ka tsela e Modimo a reng a di dire ka yone e bile e mo itumedisa. Go latela tsela eo go dira gore re farologane le bontsi jwa batho ba ba re dikologileng. Mme ke yone fela tsela e Mokeresete a tshwanetseng go e tsaya. Ka ntlha yang? Go na le mabaka a le mantsi.

6, 7. Ke ka ntlha yang fa go tsamaya le Modimo e le yone tsela e e molemolemo?

6 Lebaka la ntlha ke gore Jehofa ke Mmopi wa rona, Motswedi wa botshelo jwa rona, mme o re naya sotlhe se re se tlhokang gore re tswelele re tshela. (Tshenolo 4:11) Ka ntlha ya moo, ke ene fela a nang le tshwanelo ya go re bolelela kafa re ka tsamayang ka teng. Gape, go tsamaya le Modimo ke tsela e e molemo thata ya botshelo. Jehofa o rulaganyeditse batho ba ba tsamayang le ene gore ba itshwarelwe boleo, mme o ba tlhomamisetsa gore ruri ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng. Rraarona yo o re ratang thata yo o kwa legodimong gape o re naya kgakololo e e botlhale e e thusang batho ba ba tsamayang le ene gore ba atlege mo botshelong gone jaanong, le fa ba sa itekanela e bile ba nna mo lefatsheng le le laolwang ke Satane. (Johane 3:16; 2 Timotheo 3:15, 16; 1 Johane 1:8; 2:25; 5:19) Lebaka le lengwe la gore re tsamaye le Modimo ke gore fa re iketleeleditse go dira jalo, go nna le kagiso le kutlwano mo phuthegong.—Bakolosa 3:15, 16.

7 Lebaka la bofelo e bile le le botlhokwa go a gaisa otlhe ke gore, fa re tsamaya le Modimo, re bontsha gore re eme fa kae mo kgannyeng e kgolo e e neng ya tsosiwa bogologolo kwa tshimong ya Edene—kgang ya bolaodi. (Genesise 3:1-6) Tsela e re tshelang ka yone e bontsha gore re eme Jehofa nokeng ka botlalo, mme re bolela re sa boife gore ke ene fela a tshwanelwang ke go nna Molaodi. (Pesalema 83:18) Ka go rialo re dira tumalanong le thapelo ya rona ya gore leina la Modimo le itshepisiwe mme thato ya gagwe e dirwe. (Mathaio 6:9, 10) Ba ba tlhophang go tsamaya le Modimo ba botlhale tota! Ba ka tlhomamisega gore ba tsere tsela e e siameng ka gonne Jehofa o “botlhale a le nosi.” Ga a ke a dira phoso.—Baroma 16:27.

8. Metlha ya ga Enoke le Noa e ne e tshwana jang le ya rona?

8 Mme go ka kgonega jang go tshela jaaka Bakeresete ba tshwanetse go tshela fa metlha eno e tletse matshwenyego jaana mme bontsi jwa batho ba sa kgatlhegele go direla Jehofa? Re bona karabo fa re sekaseka banna ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ba neng ba tswelela ba ikanyega mo metlheng e e thata tota. Ba le babedi ba bone e ne e le Enoke le Noa. Boobedi ba ne ba tshela mo metlheng e e tshwanang fela le ya rona. Bokebekwa bo ne bo aname. Mo motlheng wa ga Noa, lefatshe le ne le tletse thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang. Le fa go ntse jalo, Enoke le Noa ba ne ba gana moya wa lefatshe la motlha wa bone mme ba tsamaya le Jehofa. Ba ne ba kgona jang? Re tla araba potso eo ka gore mo setlhogong seno re tlotle ka sekai sa ga Enoke. Mo setlhogong se se latelang, re tla tlotla ka ga Noa.

Enoke O ne A Tsamaya le Modimo mo Metlheng ya Matshwenyego

9. Re itse eng kaga Enoke?

9 Enoke ke ene motho wa ntlha go tlhalosiwa mo Dikwalong go twe o ne a tsamaya le Modimo. Pego ya Baebele ya re: “Morago ga go nna rraagwe Methusela, Enoke a tswelela go tsamaya le Modimo wa boammaaruri.” (Genesise 5:22) Go tswa foo pego eno e bolela gore Enoke o tshedile lobaka lo lo kae, lo tota lo neng lo le lokhutshwane fa lo bapisiwa le lobaka lo batho ba metlha eo ba neng ba lo tshela, le fa gone lo le loleele fa lo bapisiwa le lwa rona. Mme pego eno e tswelela ka go re: “Enoke a nna a tsamaya le Modimo wa boammaaruri. Morago ga moo a bo a sa tlhole a le gone, gonne Modimo o ne a mo tsaya.” (Genesise 5:24) Go bonala sentle gore Jehofa o ne a fudusa Enoke go tswa mo botshelong a mo tsenya mo borokong jwa loso pele baganetsi ba mo gobatsa. (Bahebera 11:5, 13) Kwantle ga mo ditemaneng tseo tse dikhutshwane, Enoke o umakiwa makgetlho a sekae fela mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, fa re leba tshedimosetso e re nang le yone le dilo tse dingwe tse di re nayang lesedi ka kgang eno, re na le mabaka a a utlwalang a go bolela gore Enoke o ne a tshela mo dinakong tsa matshwenyego.

10, 11. (a) Bosula bo ne jwa anama jang morago ga botsuolodi jwa ga Adame le Efa? (b) Enoke o ne a rera molaetsa ofe wa boporofeti, mme batho ba ne ba arabela jang?

10 Ka sekai, akanya kafa bosula bo neng jwa anama ka bonako ka teng mo bathong fa Adame a sena go leofa. Baebele e re bolelela gore morwa wa ntlha wa ga Adame e bong Kaine o ne a nna ene wa ntlha go bolaya motho fa a ne a bolaya morwarraagwe e bong Abele. (Genesise 4:8-10) Morago ga loso lo lo setlhogo lwa ga Abele, Adame le Efa ba ne ba tshola morwa yo mongwe gape, mme ba mmitsa Sethe. Re bala jaana ka ga gagwe: “Le Sethe o ne a tsholelwa ngwana wa mosimane mme a mo raya leina a re Enoshe. Ka nako eo go ne ga simololwa go bitsa leina la ga Jehofa.” (Genesise 4:25, 26) Ka maswabi, “go bitsa leina la ga Jehofa” mo go umakiwang fano e ne e le ga botlhanogi. * Dingwaga di le dintsi Enoshe a sena go tsholwa, Lameke, yo e neng e le setlogolwana sa ga Kaine, o ne a tlhamela basadi ba gagwe ba babedi pina, a bolela gore o ne a bolaile lekawana le le neng le mo gobaditse. Gape o ne a tlhagisa a re: “Fa Kaine a tshwanetse go busolosediwa makgetlo a le supa, Lameke ene o tla busolosediwa makgetlo a le masome a supa le bosupa.”—Genesise 4:10, 19, 23, 24.

11 Dintlha tse dikhutshwane jaaka tse di fa godimo tseno di bontsha gore bosula jo bo neng jwa tsenngwa ke Satane mo tshimong ya Edene bo ne ka bonako jwa felela ka go anama ga bokebekwa mo ditlogolwaneng tsa ga Adame. Enoke o ne a nna moporofeti wa ga Jehofa mo bathong ba ba ntseng jalo, mme mafoko a gagwe a a maatla a a tlhotlheletsang a sa ntse a na le bokao le gompieno. Jude o bega gore Enoke o ne a porofeta jaana: “Bona! Jehofa o ne a tla le dimiriate tsa gagwe tse di boitshepo, go tla go diragatsa katlholo mo go botlhe, le go supa baikepi botlhe ba le molato mabapi le ditiro tsotlhe tsa bone tsa boikepo tse ba di dirileng ka boikepo, le ka ga dilo tsotlhe tse di tsitsibanyang tse baleofi ba e leng baikepi ba di buileng ka ene.” (Jude 14, 15) Mafoko ao a tla diragadiwa labofelo ka Haramagedona. (Tshenolo 16:14, 16) Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore tota le mo motlheng wa ga Enoke, go ne go na le “baleofi ba e leng baikepi” ba le bantsi ba ba neng ba tenega fa ba utlwa boporofeti jwa ga Enoke. A bo Jehofa a ne a bontsha lorato jang ne ka go swatola moporofeti yono mo go bone pele ba mo gobatsa!

Ke Eng se se Neng sa Nonotsha Enoke Gore a Tsamaye le Modimo?

12. Ke eng se se neng se dira gore Enoke a farologane le batho ba motlha wa gagwe?

12 Bogologolo kwa tshimong ya Edene, Adame le Efa ba ne ba reetsa Satane, mme Adame o ne a tsuologela Jehofa. (Genesise 3:1-6) Morwa wa bone e bong Abele o ne a dira ka tsela e sele, mme Jehofa o ne a mo amogela. (Genesise 4:3, 4) Ka maswabi, bontsi jwa bana ba ga Adame ba ne ba sa tshwane le Abele. Le fa go ntse jalo, Enoke, yo o neng a tsholwa makgolo a dingwaga moragonyana, ene o ne a tshwana le Abele. Pharologanyo e ne e le eng fa gare ga ga Enoke le ditlogolwana tse dingwe tse dintsi tsa ga Adame? Moaposetoloi Paulo o ne a araba potso eo fa a ne a kwala jaana: “Ka tumelo Enoke o ne a fudusiwa gore a se ka a bona loso, mme o ne a se ka a fitlhelwa gope ka gonne Modimo o ne a mo fudusitse; gonne pele ga go fudusiwa ga gagwe o ne a na le bosupi jwa gore o ne a itumedisitse Modimo sentle.” (Bahebera 11:5) Enoke o ne a le karolo ya “leru le legolo . . . la basupi” ba motlha wa pele ga Bokeresete, ba e neng e le dikao tse di molemo thata tsa tumelo. (Bahebera 12:1) Tumelo ke yone e neng ya dira gore Enoke a kgone go tswelela a na le boitsholo jo bo siameng mo botshelong jwa gagwe jotlhe jwa dingwaga di feta 300—e leng lobaka lo lo fetang lo batho ba lo tshelang gompieno go menagane gararo!

13. Enoke o ne a na le tumelo e e ntseng jang?

13 Paulo o ne a tlhalosa tumelo ya ga Enoke le basupi ba bangwe fa a ne a kwala jaana: “Tumelo ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” (Bahebera 11:1) Ee, tumelo ke go lebelela re tlhomamisegile gore dilo tse re di solofetseng di tla diragala, ka gonne re tlhomamiseditswe jalo. Go kaya go lebelela re tlhomamisegile thata mo e leng gore go ama dilo tse re di tsayang di le botlhokwa thata mo botshelong. Tumelo e e ntseng jalo e ne ya dira gore Enoke a kgone go tsamaya le Modimo le fa batho ba a neng a tshela mo gare ga bone ba ne ba sa dire jalo.

14. Tumelo ya ga Enoke e ka tswa e ne e theilwe mo kitsong efe e e tlhomameng?

14 Tumelo ya boammaaruri e theilwe mo kitsong e e tlhomameng. Enoke o ne a na le kitso efe? (Baroma 10:14, 17; 1 Timotheo 2:4) Kwantle ga pelaelo o ne a itse ka ditiragalo tsa kwa Edene. Gape o ka tswa a ne a utlwaletse gore botshelo bo ne bo ntse jang kwa tshimong ya Edene—e gongwe e neng e sa ntse e le teng, le fa batho ba ne ba thibetswe gore ba se ka ba tsena mo go yone. (Genesise 3:23, 24) Mme gape o ne a itse ka boikaelelo jwa Modimo jwa gore bana ba ga Adame ba tlatse lefatshe mme ba dire gore lefatshe lotlhe le tshwane le Paradaise ele ya kwa tshimologong. (Genesise 1:28) Mo godimo ga moo, ruri Enoke o ne a anaanela tsholofetso ya ga Jehofa ya gore o tla tlisa Losika lo lo neng lo tla tapeta Satane tlhogo lo bo lo fedisa ditlamorago tse di bosula tsa tsietso ya ga Satane. (Genesise 3:15) E bile boporofeti jwa ga Enoke jo bo tlhotlheleditsweng, jo bo kwadilweng mo bukeng ya Jude, bo bolelela pele ka go senngwa ga losika lwa ga Satane. E re ka Enoke a ne a na le tumelo, re itse gore o ne a obamela Jehofa jaaka ene yo o nnang “moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) Ka jalo, le fa Enoke a ne a se na kitso yotlhe e rona re nang le yone, o ne a na le kitso e e lekaneng go mo thusa go nna le tumelo e e nonofileng. Tumelo e e ntseng jalo e ne ya dira gore a nne a ikanyega mo metlheng ya matshwenyego.

Etsa Sekao sa ga Enoke

15, 16. Re ka etsa jang sekao sa botshelo jwa ga Enoke?

15 E re ka re batla go itumedisa Jehofa fela jaaka Enoke mo metlheng ya matshwenyego e re leng mo go yone gompieno, re tshwanetse go latela sekao sa ga Enoke. Re tshwanetse go batla kitso e e tlhomameng ka ga Jehofa le boikaelelo jwa gagwe re bo re nna re na le yone. Mme re tlhoka se se fetang seo. Re tshwanetse go letla kitso e e tlhomameng eo e laola tsela e re tshelang ka yone. (Pesalema 119:101; 2 Petere 1:19) Re tshwanetse go kaelwa ke tsela e Modimo a akanyang ka yone, ka metlha re leka go mo itumedisa ka sengwe le sengwe se re se akanyang le se re se dirang.

16 Ga go a kwalwa sepe se se supang gore ke mang gape yo o neng a direla Jehofa mo motlheng wa ga Enoke, mme go bonala sentle gore fa e le gore o ne a se esi, ba ne ba le mmalwanyana fela. Le rona re mmalwanyana fela mo lefatsheng, mme seo ga se re kgobe marapo. Jehofa o tla re ema nokeng go sa kgathalesege gore ke mang yo o kgatlhanong le rona. (Baroma 8:31) Enoke o ne a tlhagisa ka bopelokgale gore batho ba ba boikepo ba tlile go senngwa. Le rona re pelokgale fa re ntse re rera “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi” le fa re sotliwa, re ganediwa e bile re bogisiwa. (Mathaio 24:14) Enoke ga a ka a tshela lobaka lo lo lekanang le lwa batho ba le bantsi ba motlha wa gagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a sa baya tsholofelo ya gagwe mo lefatsheng leo. O ne a tlhomile mogopolo mo go sengwe se se molemolemo. (Bahebera 11:10, 35) Le rona re tlhomile mogopolo mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa. Ka gone, ga re dirise lefatshe leno ka botlalo. (1 Bakorintha 7:31) Go na le moo, re dirisa maatla a rona le dithoto tsa rona segolo bogolo mo go direleng Jehofa.

17. Re na le kitso efe e Enoke a neng a se na yone, mme ka jalo re tshwanetse go dira eng?

17 Enoke o ne a na le tumelo gore Losika lo lo solofeditsweng ke Modimo lo ne lo tla tla ka nako e Jehofa a e beileng. Jaanong go setse go fetile dingwaga di ka nna 2 000 fa e sa le Losika loo e bong Jesu Keresete a tla, a ntsha thekololo, a bo a re bulela tsela, rona mmogo le basupi ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ba jaaka Enoke, gore re tle re rue botshelo jo bo sa khutleng. Losika, yo jaanong a tlhomilweng go nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, o ne a koba Satane kwa legodimong a mo kobela mo lefatsheng leno, mme re bona pitlagano e e bakwang ke seo mo lefatsheng lotlhe. (Tshenolo 12:12) Ee, re ka nna le kitso e ntsi thata go feta e Enoke a neng a ka nna le yone. Ka jalo, a re nneng le tumelo e e nonofileng jaaka ene. E kete sengwe le sengwe se re se dirang se ka tlhotlhelediwa ke go bo re tlhomamisega gore ditsholofetso tsa Modimo di tla diragala. Fela jaaka Enoke, a re tsamayeng le Modimo, le fa re tshela mo metlheng ya matshwenyego.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Bona Bolumo 1, tsebe 220, serapa 6, mo Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 10 Pele ga metlha ya ga Enoshe, Jehofa o ne a tle a buisane le Adame. Abele o ne a isetsa Jehofa tshupelo e e amogelegang. Modimo o ne a ba a bua le Kaine pele Kaine a bolaya monnawe ka ntlha ya kgalefo e e bakwang ke lefufa. Ka gone, fa go twe “go ne ga simololwa go bitsa leina la ga Jehofa,” go tshwanetse ga bo go tewa le bidiwa ka tsela e sele, e seng mo kobamelong e e itshekileng.

O ne O ka Araba Jang?

• Go tsamaya le Modimo go kaya eng?

• Ke ka ntlha yang fa go le botlhale go tsamaya le Modimo?

• Ke eng se se neng sa thusa Enoke go tsamaya le Modimo le fa a ne a le mo metlheng ya matshwenyego?

• Re ka etsa Enoke jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ka tumelo, “Enoke a nna a tsamaya le Modimo wa boammaaruri”

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Re dumela tota gore ditsholofetso tsa ga Jehofa di tla diragala

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Mosadi, kwa thoko kafa mojeng: FAO photo/B. Imevbore; kago e e wang: San Hong R-C Picture Company