Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Botlhokwa Gore Batho ba Bangwe ba Akanyang ka Rona?

A go Botlhokwa Gore Batho ba Bangwe ba Akanyang ka Rona?

A go Botlhokwa Gore Batho ba Bangwe ba Akanyang ka Rona?

MO E ka nnang mongwe le mongwe o rata go akgolwa. Go akgolwa go ka dira gore re itumele, re ikutlwe gore re dirile sengwe se se molemo. Fa batho ba bangwe ba re akgola seno se ka dira gore re batle go tokafatsa tsela e re dirang dilo ka yone. Mme fa re lemoga gore batho bangwe ga ba re akgole, seno se ka re kgoba marapo. Re ka nna ra nyema mooko fa ba bangwe ba re kgoba kana ba re tshwaya diphoso. Se batho ba bangwe ba se akanyang se ka ama thata tsela e rona ka borona re itebang ka yone.

Go tla bo go le phoso fa re sa kgathale gore batho ba bangwe ba akanyang ka rona. Tota go ka re solegela molemo fa ba bangwe ba keleka tsela e re itshwarang ka yone. Fa tsela e batho ba bangwe ba re lebang ka yone e theilwe mo melaometheong e e kwa godimo ya boitshwaro, go ka re solegela molemo e bile go ka re tlhotlheletsa go dira se se siameng. (1 Bakorintha 10:31-33) Le fa go ntse jalo, gantsi batho ba re leba ka tsela e e sa siamang. Akanya fela ka tsela e e sa siamang e baperesiti ba bagolo le batho ba bangwe ba neng ba leba Jesu Keresete ka yone fa ba ne ba “simolola go goa thata, ba re: ‘Bapola! Mmapole!’” (Luke 23:13, 21-25) Re tshwanetse gore re itlhokomolose tsela e ba bangwe ba re lebang ka yone ka ntlha ya dilo tse di seng boammaaruri tse ba di utlwileng ka rona kana ka ntlha ya go re tlhaola. Ka jalo, re tshwanetse go dira ditshwetso ka tsela e e botlhale le go tsibogela sentle tsela e ba bangwe ba re lebang ka yone.

Ke Maikutlo a ga Mang ka Rona a a Leng Botlhokwa?

Re batla go amogelwa ke batho ba ba atamalaneng le rona mo kobamelong ya boammaaruri. Batho bano ba akaretsa ba malapa a rona ba ba mo tumelong le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete. (Baroma 15:2; Bakolosa 3:18-21) Tsela e badumedi ka rona ba ratanang ka yone le e ba tlotlanang ka yone mmogo le ‘go kgothatsana’ e botlhokwa thata mo go rona. (Baroma 1:11, 12) Ka ‘mogopolo o o ikokobeditseng re tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga rona.’ (Bafilipi 2:2-4) Mo godimo ga moo, re batla go amogelwa ke “ba ba etelelang pele” mo gare ga rona—bagolwane mo phuthegong—e bile re anaanela seo.—Bahebera 13:17.

Selo se sengwe se re se eletsang ke “go supelwa ka tsela e e molemo ke batho ba ba kwa ntle.” (1 Timotheo 3:7) Go itumedisa thata fa ba losika ba e seng Bakeresete, batho ba re berekang le bone le baagelani ba rona ba re tlotla! Mme re tshwanetse go leka go dira gore batho ba re lebe ka tsela e e siameng e le gore ba tle ba amogele molaetsa wa Bogosi. Fa batho ba lefelo le re nnang mo go lone ba re itse re le batho ba ba nang le boitshwaro jo bo phepa, re le batho ba ba siameng e bile re ikanyega, seno se tla dira gore ba galaletse Modimo. (1 Petere 2:12) Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela le ka motlha go tlola melaometheo ya Baebele fela gore batho ba re amogele; e bile ga re a tshwanela go itimokanya fela gore re ba kgatlhe. Re tshwanetse go lemoga gore ga re ka ke ra kgotsofatsa mongwe le mongwe. Jesu o ne a re: “Fa lo ne lo le karolo ya lefatshe, lefatshe le ne le tla rata se e leng sa lone. Jaanong ka gonne ga lo karolo ya lefatshe, mme ke lo tlhophile mo lefatsheng, ka lebaka leno lefatshe le lo tlhoile.” (Johane 15:19) A go na le sengwe se re ka se dirang gore batho ba ba re ganetsang ba re tlotle?

Go Dira Gore Baganetsi ba Rona ba re Tlotle

Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Lo tla nna ba ba tlhoilweng ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.” (Mathaio 10:22) Ka dinako tse dingwe letlhoo le le ntseng jalo le ka dira gore batho ba re latofatse thata. Badiredi ba puso ba ba nang le maikutlo a a sa siamang ka rona ba ka nna ba re tsaya re le batho ba ba “boferefere” kana “ba ba batlang go menola puso.” Baganetsi ba ba sa tshabeng go bua ba ka nna ba phatlalatsa magatwe a gore re lekoko le le tshwenyang le le tshwanetseng go didimadiwa. (Ditiro 28:22) Ka dinako tse dingwe re ka lwantshana le ditatofatso tseno tsa maaka. Re ka dira seno jang? Ka go latela kgakololo eno ya ga moaposetoloi Petere: “[Lo iketleeletse] go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o lo batlang lebaka la tsholofelo e e mo go lona, mme lo dira jalo ka bonolo le tlotlo e e boteng.” (1 Petere 3:15) Mo godimo ga moo, re tshwanetse go dirisa “puo e e itekanetseng e e ka se kang ya bonwa molato; e le gore motho yo o kafa letlhakoreng le le ganetsang a tlhabiwe ke ditlhong, a se na sepe se se bosula se a ka se buang ka rona.”—Tito 2:8.

Fa re ntse re leka go tlosa kgobo mo leineng la rona, ga re a tshwanela go kgobega marapo kana ra tshwenyega thata fa batho ba re senya leina. Jesu, Morwa yo o itekanetseng wa Modimo, o ne a latofadiwa ka gore o a tlhapatsa, o menola puso, tota le ka gore o dirisana le meya. (Mathaio 9:3; Mareko 3:22; Johane 19:12) Moaposetoloi Paulo o ne a senngwa leina. (1 Bakorintha 4:13) Jesu mmogo le Paulo ba ne ba itlhokomolosa go tshwaiwa phoso jalo mme ba tlhoma mogopolo mo tirong ya bone. (Mathaio 15:14) Ba ne ba itse gore le ka motlha ba ne ba ka se amogelwe ke baba ba bone, e re ka “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Gompieno le rona re lebane le kgwetlho e e tshwanang. Ga go tlhokege gore re boife fa baganetsi ba ba letlhoo ba anamisa maaka ka rona.—Mathaio 5:11.

Batho ba Maikutlo a Bone ka Rona a Leng Botlhokwa

Batho ba akanya dilo tse di farologaneng ka rona, go ikaegile ka se ba se utlwileng ka rona. Ba bangwe ba a re akgola e bile ba a re tlotla, fa ba bangwe bone ba re kgala e bile ba re tlhoile. Le fa go ntse jalo, fa fela re kaelwa ke melaometheo ya Baebele, re tshwanetse go itumela e bile ga re a tshwanela go tshwenyega.

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (2 Timotheo 3:16, 17) Fa re letla gore Lefoko la Modimo le re kaele mo dilong tsotlhe, seno se tla dira gore Jehofa Modimo le Morwawe, e bong Jesu Keresete, ba re amogele. Tota e bile, batho ba maikutlo a bone ka rona a leng botlhokwa thata ke Jehofa le Morwawe. Se ba se akanyang ka rona se bontsha kafa re leng botlhokwa ka gone mo go bone. Kwa bofelong, botshelo jwa rona bo ikaegile ka gore a ba a re amogela.—Johane 5:27; Jakobe 1:12.

[Mafoko a a mo go tsebe 30]

“Go akgolwa phatlalatsa go dira gore ke tlhabiwe ke ditlhong, le fa gone ke go rata.”—MMOKI WA MOINDIA RABINDRANATH TAGORE

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Se se botlhokwa ke gore badumedi ka rona ba akanya eng ka rona

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]

Culver Pictures