Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Modimo Kana ke Motho?

A ke Modimo Kana ke Motho?

A ke Modimo Kana ke Motho?

“KE NNA lesedi la lefatshe. Yo o ntshalang morago ga a kitla a tsamaya mo lefifing ka gope, mme o tla rua lesedi la botshelo.” (Johane 8:12) Mafoko ao a ne a buiwa ke Jesu Keresete. Monna mongwe yo o rutegileng wa lekgolo la ntlha la dingwaga o ne a kwala jaana ka ene: “Mo go ene go subilwe matlotlo otlhe ka kelotlhoko a botlhale le a kitso.” (Bakolosa 2:3) Gape Baebele ya re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Gore re kgone go bona se re se tlhokang semoyeng, go botlhokwa go nna le kitso e e tlhomameng kaga Jesu.

Batho ba bantsi mo lefatsheng ba kile ba utlwa ka Jesu Keresete. Kwantle ga pelaelo o nnile le tlhotlheletso e kgolo mo hisitoring ya batho. Tota e bile, khalendara e e dirisiwang mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe e theilwe mo ngwageng o go akanngwang gore o tshotswe ka one. The World Book Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Batho ba bantsi ba bitsa matlha a pele ga ngwaga oo ba re B.C. kgotsa pele ga Keresete. Ba dirisa A.D. kgotsa anno Domini (mo ngwageng wa Morena wa rona), go kaya matlha a morago ga ngwaga o a tshotsweng ka one.”

Le fa go ntse jalo, batho ba dumela dilo tse di farologaneng malebana le gore Jesu e ne e le mang. Batho bangwe ba dumela gore e ne e le monna fela yo o tlhomologileng yo o itsegeng thata mo hisitoring. Ba bangwe bone ba mo obamela jaaka Modimo Mothatayotlhe. Bahindu bangwe ba ile ba tshwantsha Jesu Keresete le modimo wa Sehindu, Krishna, yo batho ba bantsi ba reng ke modimo yo o mo mmeleng wa motho. A Jesu e ne e le motho fela kana e ne e le motho yo o tshwanetseng go obamelwa? Totatota e ne e le mang? O ne a tswa kae? O ne a na le botho jo bo ntseng jang? Mme o kae gone jaanong? Jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang, buka e e buang dilo tse dintsi ka Jesu e re naya dikarabo tse di boammaaruri tsa dipotso tseno.