Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A go tshameka metshameko ya khomputara e e nang le thubakanyo go ka ama kamano ya motho le Jehofa?

Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo o ne a kwala jaana: “Jehofa ka boene o tlhatlhoba mosiami le moikepi, Mme moya wa Gagwe [ruri, NW] o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.” (Pesalema 11:5) Mo puong ya Sehebera, lefoko le le reng “tlhoile” le ka raya “yo e leng mmaba.” Ka jalo, mongwe le mongwe yo o ratang thubakanyo o itira mmaba wa Modimo. Ka gone, potso e re tshwanetseng go ipotsa yone ke go re: A go tshameka metshameko ya khomputara e e nang le thubakanyo go ka dira gore motho a rate thubakanyo?

Metshameko ya khomputara e e nang le thubakanyo e rotloetsa go dirisa dibetsa. Gantsi e ruta motho yo o e tshamekang ntwa. Makasine wa The Economist o ne wa re: “Masole a kwa Amerika a ikaegile thata ka metshameko ya khomputara fa a ikatisetsa ntwa. Metshameko mengwe e masole a e dirisang e rekisiwa mo mabenkeleng.”

Gone ke boammaaruri gore batho ba ba tshamekang metshameko ya khomputara e e nang le thubakanyo ga ba gobatse batho ba mmatota mo metshamekong eo. Mme gone boitlosobodutu jo bo ntseng jalo bo ka ama dipelo tsa bone ka tsela e e ntseng jang? (Mathaio 5:21, 22; Luke 6:45) Tota o ka akanyang ka motho yo o itumelelang go nna a a akanya ka go tlhaba, go thuntsha, go golafatsa le go bolaya batho ba ba mo tlhaloganyong ya gagwe? Go tweng fa e le gore motho yono o fetsa diura di le dintsi beke nngwe le nngwe a akanya a dira ditiro tseo tsa bothubaki, a ineetse mo metshamekong eo? Le fa gone o ne o se kitla o mo tshwaya phoso thata, gone o ne o ka konela ka gore o simolola go rata thubakanyo, fela jaaka motho yo o lebelelang ditshwantsho tse di hepisang a tlhagolela dikeletso tsa boitshwaro jo bo sa siamang.—Mathaio 5:27-29.

Jehofa o tlhoile batho ba ba ratang thubakanyo go le kana kang? Dafide o ne a re Jehofa ‘ruri o tlhoile’ motho yo o ntseng jalo. Mo motlheng wa ga Noa, Jehofa o ne a bontsha kafa a tlhoileng batho ba ba ratang thubakanyo ka teng. O ne a raya Noa a re: “Bokhutlo jwa nama yotlhe bo tlile fa pele ga me, ka gonne lefatshe le tletse thubakanyo ka ntlha ya bone; mme bona, ke a ba senya mmogo le lefatshe.” (Genesise 6:13) Modimo wa boammaaruri o ne a senya lefatshe lotlhe la batho ka ntlha ya ditiro tsa bone tsa bothubaki. O ne a boloka fela Noa le lelapa la gagwe—e leng batho ba le robedi ba ba neng ba sa rate thubakanyo.—2 Petere 2:5.

Batho ba ba batlang go nna ditsala tsa ga Jehofa ba “thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang.” Go na le gore ba ithute go rata thubakanyo, ga ba “[tlhole] ba ithuta ntwa gape.” (Isaia 2:4) Gore re tswelele re le ditsala tsa Modimo go na le gore re nne baba ba gagwe, re tshwanetse go ‘furalela se se bosula mme re dire se se molemo.’ Go tlhokega gore re ‘senke kagiso mme re e latelele.’—1 Petere 3:11.

Mme go tweng fa e le gore re ntse re tshameka metshameko ya khomputara e e nang le thubakanyo? Fa go le jalo re tshwanetse ra batla go itumedisa Jehofa ka go tlogela go dira dilo tse a di tlhoileng. Re tshwanetse go rapela gore moya o o boitshepo wa Modimo o re thuse go tlogela mokgwa ono o o ka re gobatsang semoyeng. Re ka kgona go dira jalo fa re dira gore dinonofo tse di tshwanang le kagiso, molemo le go nna le boikgapo di re tlhotlheletse go dumalanya matshelo a rona le ditsela tsa Modimo.—Luke 11:13; Bagalatia 5:22, 23.