Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Go Boifa Jehofa—Ke Jone Botlhale”

“Go Boifa Jehofa—Ke Jone Botlhale”

“Go Boifa Jehofa—Ke Jone Botlhale”

“BOKHUTLO jwa kgang ke jo, sengwe le sengwe se se setseng se utlwilwe, ke se: Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.” (Moreri 12:13) Ruri eno e ne e le tshwetso e e botlhokwa e Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo a neng a e dira a tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo! Tlhogo ya lotso e bong Jobe le ene o ne a tlhaloganya botlhokwa jwa go boifa Modimo ka gonne o ne a re: “Bona! Go boifa Jehofa—ke jone botlhale, mme go fapoga bosula ke tlhaloganyo.”—Jobe 28:28.

Baebele e gatelela botlhokwa jwa go boifa Jehofa. Ke ka ntlha yang fa go le botlhale gore re tlhagolele go boifa Modimo ka go mo tlotla? Go boifa Modimo go re solegela molemo jang—motho ka bongwe kana re le setlhopha sa baobamedi ba boammaaruri? Ditemana 26 go ya go 35 tsa Diane kgaolo 14 tem 26-35 di tla araba dipotso tseno. *

Motswedi wa “Tshepo e e Nonofileng”

Solomone o bolela jaana: “Go na le tshepo e e nonofileng mo go boifeng Jehofa, mme bomorwawe ba tla nna le botshabelo.” (Diane 14:26) Ga go sepe se motho yo o boifang Modimo a ikantseng sone fa e se mothatayotlhe yo o ikanyegang e bong Jehofa Modimo. Ga go gakgamatse go bo motho yoo a lebana le isagwe a na le tshepo e e nonofileng! O nna le isagwe e telele le e e kgotsofatsang.

Ka jalo re ka reng ka isagwe ya ba ba beileng tshepo ya bone mo lefatsheng—mo dithulaganyong tsa lone, mekgatlho ya lone, dikgopolo tsa lone le dithoto tsa lone? Isagwe le fa e ka nna efe e ba solofetseng go nna le yone e khutshwane ka gonne Baebele ya re: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:17) Jaanong a go na le lebaka lepe fela la gore re ‘rate lefatshe le fa e le dilo tse di mo lefatsheng’?—1 Johane 2:15.

Ke dikgato dife tse batsadi ba ba boifang Modimo ba ka di tsayang go tlhomamisa gore bana ba bone ba “nna le botshabelo”? Mopesalema o ne a opela jaana: “Tlang, bana ke lona, ntheetsang; ke tla lo ruta go boifa Jehofa.” (Pesalema 34:11) Fa batsadi ba tlhomela bana ba bone sekao e bile ba ba ruta ditaelo tse di tla ba thusang go boifa Modimo ba tla gola go nna banna le basadi ba ba nang le tshepo e e nonofileng mo go Jehofa.—Diane 22:6.

Solomone o tswelela jaana: “Go boifa Jehofa ke sediba sa botshelo, go fapoga diru tsa loso.” (Diane 14:27) Go boifa Jehofa ke “sediba sa botshelo” ka gonne Modimo wa boammaaruri ke “motswedi wa metsi a a tshelang.” (Jeremia 2:13) Go nna le kitso ka Jehofa le Jesu Keresete go ka raya gore re tla bona botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 17:3) Gape go boifa Modimo go dira gore re se ka ra wela mo dirung tsa loso. Jang? Diane 13:14 e bolela jaana: “Molao wa yo o botlhale ke motswedi wa botshelo, go faposa motho mo dirung tsa loso.” Fa re boifa Jehofa, re utlwa molao wa gagwe mme re letla Lefoko la gagwe gore le kaele dikgato tsa rona, a seno ga se kitla se re sireletsa gore re se ka ra tlwaela go dira dilo tse di sa siamang le go nna le maikutlo a a ka re gobatsang a a ka dirang gore re swe pele ga nako?

‘Mokgabo wa Kgosi’

Mo nakong e ntsi e Solomone a neng a busa ka yone, e ne e le kgosi e e boifang Modimo le e e ikobelang Jehofa. Seno se ne sa dira gore puso ya gagwe e nne e e atlegileng. Ke eng se se dirang gore kgosi e atlege mo pusong? Diane 14:28 e araba jaana: “Go na le mokgabo wa kgosi mo bathong ba bantsintsi, mme mo batho ba tlhaelang teng modiredi yo mogolo o a senngwa.” Go itumela ga babusiwa ba kgosi ke gone go bontshang gore kgosi e atlegile. Fa batho ba le bantsi ba batla go nna ba busiwa ke ene, seno se raya gore ke mmusi yo o molemo. Solomone o ne a na le “babusiwa go tswa kwa lewatleng [le Lehibidu] go ya lewatleng [la Mediterranean] le go tswa Nokeng [ya Euferatese] go ya kwa mafelelong a lefatshe.” (Pesalema 72:6-8) Mo pusong ya gagwe go ne go le kagiso le katlego tse di iseng di ko di nne gone. (1 Dikgosi 4:24, 25) Puso ya ga Solomone e ne e atlegile. Kafa letlhakoreng le lengwe, go tlhabisa ditlhong mo modiredimogolong fa setšhaba se sa rate puso ya gagwe.

Re ka reng ka kgalalelo ya ga Solomone yo Mogolwane, Kgosi e e leng Mesia, e bong Jesu Keresete? Akanya ka babusiwa ba a nang le bone le gompieno. Go tswa kwa ntlheng e nngwe ya lefatshe go ya kwa go e nngwe, banna le basadi ba ba boifang Modimo ba ba fetang dimilione di le thataro ba setse ba tlhophile go tshela kafa tlase ga puso ya ga Keresete. Ba bontsha tumelo mo go Jesu mme ba utlwana mo kobamelong ya boammaaruri ya Modimo yo o tshelang. (Johane 14:1) Kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga di le Sekete botlhe ba ba leng mo mogopolong wa Modimo ba tla bo ba tsositswe. Ka nako eo lefatshe la paradaise le tla bo le tletse ka batho ba ba itumetseng le ba ba siameng ba ba bontshitseng gore ba anaanela Kgosi ya bone. Ruri joo e tla bo e le bosupi jo bo molemo jwa gore puso ya ga Keresete e atlegile! A re ngangatleleng tsholofelo ya rona e e molemolemo ya Bogosi.

Go Solegelwa Molemo mo Semoyeng le mo Mmeleng

Go boifa Modimo ka tlotlo go ka dira gore re ritibale mo pelong mme re nne le kagiso ya mogopolo. Seno se direga ka gonne dikarolo di le dintsi tse di amanang le botlhale di akaretsa go kgona go dira ditshwetso tse di siameng le go nna le temogo. Diane 14:29 e bolela jaana: “Yo o bonya go galefa o tletse temogo, mme yo o felang pelo o godisa boeleele.” Temogo e re thusa go lemoga gore go galefa ka tsela e e sa laolesegeng go na le diphelelo tse di ka gobatsang bomoya jwa rona. “Bobaba, kgogakgogano, lefufa, go phatloga ka bogale, manganga” di balwa gareng ga ditiro tse di ka dirang gore re se ka ra “rua bogosi jwa Modimo.” (Bagalatia 5:19-21) Re gakololwa gore tota le fa re kgopisitswe, re se ka ra nna ka bogale joo. (Baefeso 4:26, 27) Go nna pelokhutshwane le gone go ka dira gore re bue dipuo tsa boeleele kana re dire ditiro tsa boeleele tse morago re tla di ikotlhaelang.

Fa kgosi ya Iseraele e ne e bua ka matswela a a botlhoko a a nnang gone ka ntlha ya go galefa e ne ya re: “Pelo e e ritibetseng ke botshelo jwa setshedi sa senama, mme lefufa ke sebodu mo marapong.” (Diane 14:30) Malwetse a motho a ka nnang le one ka ntlha ya go galefa le tšhakgalo a akaretsa mathata a go hema, go nna le kgatelelo e e kwa godimo ya madi, malwetse a sebete le malwetse a a botlhoko a a ka amang lobete. Gape dingaka di umaka bogale le tšhakgalo e le maikutlo a a gakatsang kana a a bakang malwetse a a jaaka ditlhagala, boswata, asema, malwetse a letlalo le bothata jwa go sila dijo. Kafa letlhakoreng le lengwe, “pelo e e iketlileng e phedisa mmele sentle.” (Diane 14:30, Tswana Central) Ka jalo re tla bo re le botlhale fa re ‘latelela dilo tse di isang kagisong le dilo tse di bakang go agana.’—Baroma 14:19.

Go Boifa Modimo go re Thusa Gore Re se Ka ra Tlhaola ba Bangwe

Solomone o bolela jaana: “Yo o tsietsang motho wa maemo a a kwa tlase o kgobile Modiri wa gagwe, mme yo o utlwelang mohumanegi botlhoko o a Mo galaletsa.” (Diane 14:31) Motho yo o boifang Modimo o a itse gore batho botlhe ba na le Modiri a le mongwe fela e leng Jehofa Modimo. Ka jalo, batho ba maemo a a kwa tlase ke beng ka rona mme Mmopi wa batho o bona tsela e re ba tshwarang ka yone. Re tshwanetse go dirisana le batho ba bangwe ka tsela e e siameng gore re kgone go galaletsa Modimo. Bakeresete ba ba humanegileng ba tshwanetse go tlhokomelwa sentle semoyeng ba sa tlhaolwe. Re tshwanetse go rerela bahumi le bahumanegi dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka tsela e tshwanang.

Fa kgosi e e botlhale e ne e bua ka matswela a mangwe a go boifa Modimo e ne ya re: “Moikepi o tla kgoromelediwa kwa tlase ka ntlha ya bosula jwa gagwe, mme mosiami o tla bona botshabelo mo bothokgaming jwa gagwe.” (Diane 14:32) Moikepi o tla kgoromelediwa kwa tlase jang? Baithuti bangwe ba Baebele ba akantsha gore mafoko ano a raya gore moikepi ga a kgone go boa a nonofa gape fa a welwa ke masetlapelo. Fa kafa letlhakoreng le lengwe motho yo o boifang Modimo ene a bona botshabelo mo bothokgaming jwa gagwe mo Modimong fa a welwa ke matlhotlhapelo. E re ka a ikanya Jehofa ka pelo yotlhe le fa a lebane le loso, o ititaya sehuba fela jaaka Jobe yo o neng a re: “Nka se tlose bothokgami jwa me mo go nna go fitlha ke swa!”Jobe 27:5.

Gore re kgone go nna re bolokile bothokgami, re tshwanetse go nna le poifomodimo le botlhale. Mme re ka bona kae botlhale? Diane 14:33 e araba jaana: “Mo pelong ya yo o nang le tlhaloganyo go na le botlhale, mme bo itsiwe mo gare ga dimatla.” Ee botlhale bo ka bonwa mo pelong ya motho yo o nang le tlhaloganyo. Mme gone ke ka tsela efe bo ka itsiweng mo gare ga dimatla? Go ya ka buka nngwe, “seeleele se na le go batla go itira botlhale ka go bua mafoko a se tsayang gore ke mafoko a a supang botlhale mme tota e le a a supang boeleele.”

“Godisang Setšhaba”

Fa kgosi ya Iseraele e sena go bua ka kafa motho a amiwang ke go boifa Modimo ka gone, e tlhalosa kafa go boifa Modimo go amang setšhaba sotlhe ka gone ka go re: “Tshiamo ke yone e godisang setšhaba, mme boleo ke selo se se tlhabisang ditlhong mo ditlhopheng tsa ditšhaba.” (Diane 14:34) Ruri molaomotheo ono o ne wa bonala sentle mo setšhabeng sa Iseraele! Go reetsa melao e e kwa godimo ya Modimo go ne ga dira gore setšhaba sa Iseraele se nne kwa godimo ga ditšhaba tse di neng di se dikologile. Le fa go ntse jalo, go nna ba dira ditiro tsa botlhokakutlo go ne ga ba tlontlolola mme kgabagare Jehofa a latlha setšhaba seno sa Iseraele. Molaomotheo ono o a dira le mo bathong ba Modimo gompieno. Phuthego ya Bokeresete e farologane le lefatshe ka gonne e kgomarela melaometheo e e siameng ya Modimo. Le fa go ntse jalo, gore e nne e ntse e le mo maemong ao, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go tshela botshelo jwa boitsheko. Go itlwaetsa go dira boleo go re tlisetsa fela matlhabisaditlhong e bile go tlisa kgobo mo phuthegong le mo Modimong.

Fa Solomone a ne a tlhalosa se se tlisetsang kgosi boitumelo o ne a re: “Kgosi e ipedisiwa ke motlhanka yo o dirang ka temogo, mme e shakgalela yo o dirang ka matlhabisa ditlhong.” (Diane 14:35) Mme Diane 16:13 yone e bolela jaana: “Dipounama tsa tshiamo di ipedisa kgosi e kgolo; mme e rata yo o buang dilo tse di thokgameng.” Ee Moeteledipele le Kgosi ya rona Jesu Keresete o ipela thata fa re dira ka tshiamo le ka temogo mme re dirisa dipounama tsa rona mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. Ka jalo, a re direng bojotlhe jwa rona go nna re tshwaregile mo tirong eo fa re ntse re itumelela masego a re nnang le one fa re boifa Modimo wa boammaaruri.

[Ntlha e e kwa tlase]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Re ka kgona go ithuta go boifa Modimo