Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu Keresete ke Mang?

Jesu Keresete ke Mang?

Jesu Keresete ke Mang?

AKANYA fela gore lekawana le le bidiwang Anderea le tshwanetse la bo le ne le itumetse jang fa le ne le utlwa mafoko a ga Jesu wa Nasaretha e le la ntlha! Baebele ya re Anderea o ne a tabogela kwa go mogolowe mme a re: “Re bone Mesia [kgotsa Keresete].” (Johane 1:41) Mo dipuong tsa Sehebera le Segerika, mafoko a gantsi a ranolwang go twe “Mesia” le “Keresete” a raya “Motlodiwa.” Jesu e ne e le Motlodiwa, kana Yo o Tlhophilweng ke Modimo—Moeteledipele yo o solofeditsweng. (Isaia 55:4) Dikwalo di ne di na le boporofeti jo bo buang ka ene mme Bajuda ka nako eo ba ne ba mo solofetse.—Luke 3:15.

Re itse jang gore eleruri Jesu e ne e le ene Yo o Tlhophilweng ke Modimo? A re sekaseke se se neng sa direga ka 29 C.E. fa Jesu a ne a na le dingwaga tse 30. O ne a ya kwa go Johane Mokolobetsi gore a ye go mo kolobetsa kwa Nokeng ya Joredane. Baebele ya re: “Fa Jesu a sena go kolobediwa ka yone nako eo a tlhatloga a tswa mo metsing; mme, bona! magodimo a bulega, mme a bona moya wa Modimo o tla mo go ene o fologa jaaka lephoi. Bona! Gape, ga nna lentswe le tswa kwa magodimong le le neng le re: ‘Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.’” (Mathaio 3:16, 17) Fa Johane a sena go utlwa mafoko ao a gore Modimo o amogela Jesu, a o ne a ka belaela gore Jesu e ne e le ene Yo o Tlhophilweng ke Modimo? Fa Jehofa Modimo a ne a tshololela Moya wa gagwe o o boitshepo mo go Jesu, o ne a mo tlotsa, kana a mo tlhoma go nna Kgosi ya Bogosi jwa Gagwe jo bo tlang. Ka jalo Jesu o ne a nna Jesu Keresete, kana Jesu Motlodiwa. Le fa go ntse jalo, Jesu e ne e le Morwa Modimo ka tsela efe? O simologile kae?

O ne A Tswa “mo Metlheng ya Bogologolo”

Botshelo jwa ga Jesu bo ka kgaoganngwa ka dikarolo tse tharo. Karolo ya ntlha e simologile nako e telele pele ga a tsholwa e le motho. Mika 5:2 ya re o simologile “mo metlheng ya bogologolo, mo metlheng e e se nang tshimologo.” Jesu ka boene o ne a re: “Ke tswa kwa mafelong a a kwa godimo”—ke gore kwa legodimong. (Johane 8:23) O ne a ntse a le kwa legodimong e le motho yo o maatla wa moya.

E re ka dilo tsotlhe tse di bopilweng di na le mo di simologileng teng, go na le nako e ka yone Modimo a neng a le nosi fela. Le fa go ntse jalo, dingwaga tse dintsintsi tse di fetileng Modimo o ne a simolola go bopa. O ne a bopa mang pele? Buka ya bofelo ya Baebele ya re Jesu ke “tshimologo ya popo ka Modimo.” (Tshenolo 3:14) Jesu ke “leitibolo la popo yotlhe.” Go ntse jalo “ka gonne dilo tsotlhe tse dingwe di ne tsa bopiwa ka ene kwa magodimong le mo lefatsheng, dilo tse di bonalang le dilo tse di sa bonaleng.” (Bakolosa 1:15, 16) Ee, Jesu ke ene fela yo o bopilweng ke Modimo ka tlhamalalo. Ka jalo, o bidiwa ‘Morwa yo o tsetsweng a le esi’ wa Modimo. (Johane 3:16) Morwa yono wa leitibolo gape o bidiwa “Lefoko.” (Johane 1:14) Ka ntlha yang? Ka gonne pele ga a tsholwa e le motho, o ne a direla kwa legodimong e le mmueledi wa Modimo.

“Lefoko” o ne a na le Jehofa Modimo kwa “tshimologong” fa go ne go bopiwa “magodimo le lefatshe.” Ke ene yo Modimo a neng a mo raya a re: “A re dire motho mo setshwanong sa rona.” (Johane 1:1; Genesise 1:1, 26) Morwa wa leitibolo wa ga Jehofa o ne a na le Rraagwe, a dira le ene ka matlhagatlhaga. Mo go Diane 8:22-31 o ne a tshwantshediwa a re: “Ke ne ke le fa thoko ga [Mmopi] ke le modiri yo o setswerere, mme ka nna yo o neng a ratwa ke ene ka tsela e e kgethegileng letsatsi le letsatsi, ke itumela fa pele ga gagwe ka dinako tsotlhe.”

A bo Jehofa Modimo le Morwawe yo o tsetsweng a le esi ba tshwanetse ba bo ba ile ba itsane thata jang ne fa ba ne ba ntse ba dira mmogo! Go bo a ne a atamalane thata jalo le Jehofa ka nako e telele go ile ga nna le tlhotlheletso e kgolo thata mo go Morwa Modimo. Morwa yono yo o kutlo o ne a nna fela jaaka Rraagwe, e bong Jehofa. Tota e bile Bakolosa 1:15 e bitsa Jesu “setshwano sa Modimo yo o sa bonaleng.” Leno ke lengwe la mabaka a go bo go itse Jesu go le botlhokwa thata mo go ka re thusang go bona se re se tlhokang semoyeng le go kgotsofatsa keletso ya tlholego e re nang le yone ya go batla go itse Modimo. Sengwe le sengwe se Jesu a neng a se dira fa a le mo lefatsheng e ne e le se Jehofa a neng a lebeletse gore a se dire. Ka jalo, go itse Jesu gape go tla re thusa gore re oketse kitso ya rona ka Jehofa. (Johane 8:28; 14:8-10) Go tlile jang gore Jesu a tle mo lefatsheng?

Fa a Ne a Tshela e le Motho

Karolo ya bobedi ya botshelo jwa ga Jesu e simolotse fa Modimo a ne a romela Morwawe mo lefatsheng. Jehofa o ne a dira seno ka go fetisetsa botshelo jwa ga Jesu ka kgakgamatso go tswa kwa legodimong a bo fetisetsa mo popelong ya lekgarebane le le ikanyegang la Mojuda le le bidiwang Marea. Jesu ga a ka a rua boleo ka gonne o ne a se na rre yo e leng motho. Moya wa ga Jehofa o o boitshepo, kana maatla a a dirang, o ne wa tla mo go Marea, mme maatla a gagwe a mo “okama,” mme ka kgakgamatso wa dira gore a nne moimana. (Luke 1:34, 35) Ka jalo Marea o ne a tshola ngwana yo o se nang boleo. Jaaka e ne e le morwa yo o godisitsweng ke Josefa wa mmetli, o ne a godiseditswe mo legaeng la maemo a a kwa tlase mme go ne ga nna le bana ba bangwe ba ba neng ba tsholwa morago ga gagwe.—Isaia 7:14; Mathaio 1:22, 23; Mareko 6:3.

Ga go itsiwe sepe se se kalo ka nako ya fa Jesu e ne e le ngwana, mme go na le tiragalo nngwe e e tshwanetseng go elwa tlhoko. Fa Jesu a ne a na le dingwaga di le 12, batsadi ba gagwe ba ne ba tsamaya le ene fa ba tsaya loeto lwa ngwaga le ngwaga go ya Jerusalema kwa Tlolaganyong. Fa ba le koo, o ne a nna nako e telele kwa tempeleng, “a ntse mo gare ga barutisi, a ba reeditse e bile a ba botsa dipotso.” Gape “botlhe ba ba mo reeditseng ruri ba ne ba gakgamadiwa ke tlhaloganyo ya gagwe le dikarabo tsa gagwe.” Ee, Jesu yo mmotlana o ne a botsa dipotso ka dilo tsa semoya tse di dirang gore motho a akanyetse kwa teng, mme gape o ne a araba ka tsela e e botlhale e e neng ya gakgamatsa batho ba bangwe. (Luke 2:41-50) Fa a ntse a gola kwa motseng wa Nasaretha, o ne a ithuta go nna mmetli, mme seo o se ithutile mo go rraagwe yo a mo godisitseng, e bong Josefa.—Mathaio 13:55.

Jesu o ne a nna kwa Nasaretha go fitlha a na le dingwaga tse 30. Go tswa foo o ne a ya kwa go Johane gore a mo kolobetse. Fa Jesu a sena go kolobediwa o ne a simolola bodiredi jwa gagwe jo a neng a bo dira ka matlhagatlhaga. O ne a tsamaya mo nagagaeng ya gagabo a bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka dingwaga di le tharo le sephatlo. O ne a naya bosupi jwa gore o romilwe ke Modimo. Jang? Ka go dira dikgakgamatso tse dintsi—ditiro tse di maatla tse batho ba neng ba ka se kgone go di dira.—Mathaio 4:17; Luke 19:37, 38.

Gape Jesu e ne e le motho yo o bonolo e bile a amega thata ka batho. Bonolo jwa gagwe bo ne bo bonala sentle mo tseleng e a neng a leba le go tshwara ba bangwe ka yone. E re ka Jesu e ne e le motho yo o atamelesegang e bile a le pelonomi, batho ba ne ba rata go tla kwa go ene. Le bana ba ne ba ikutlwa ba phuthologile fa ba na le ene. (Mareko 10:13-16) Jesu o ne a tlotla basadi, le fa batho bangwe ba motlha wa gagwe ba ne ba ba tseela kwa tlase. (Johane 4:9, 27) O ne a thusa bahumanegi le ba ba gateletsweng gore ba ‘bonele meya ya bone tapologo.’ (Mathaio 11:28-30) Tsela e a neng a ruta ka yone e ne e utlwala sentle, e le motlhofo e bile o ne a ruta dilo tse ba ka kgonang go di dirisa. Mme dilo tse a neng a di ruta di ne di bontsha keletso e a nang le yone ya gore bareetsi ba gagwe ba itse Modimo wa boammaaruri, Jehofa.—Johane 17:6-8.

Jesu ka bopelotlhomogi o ne a fodisa batho ba ba lwalang le ba ba bogang, a dirisa moya o o boitshepo wa Modimo go dira dikgakgamatso tseno. (Mathaio 15:30, 31) Ka sekai, motho mongwe yo o neng a na le bolwetse jwa lepero o ne a tla kwa go ene mme a re: “Morena, fa fela o batla, o ka mphepafatsa.” Jesu o ne a dirang? O ne a otlolola seatla sa gagwe mme a ama monna yono, a mo raya a re: “Ke a batla. Phepafadiwa.” Mme monna yo o lwalang o ne a fola!—Mathaio 8:2-4.

Gape akanya ka nako ya fa boidiidi jwa batho bo ne bo tla kwa go Jesu mme ba nna le ene malatsi a le mararo ba se na se ba se jang. O ne a ba tlhomogela pelo mme ka kgakgamatso a fepa “banna ba le dikete tse nnè, kwantle ga basadi le bana ba babotlana.” (Mathaio 15:32-38) Nako nngwe, Jesu o ne a didimatsa setsuatsue se se neng se ka tsenya ditsala tsa gagwe mo kotsing. (Mareko 4:37-39) O ne a tsosa ba ba neng ba sule. * (Luke 7:22; Johane 11:43, 44) Jesu o ne a ba a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng setlhabelo gore batho ba ba nang le boleo ba tle ba nne le tsholofelo ya isagwe. Jesu o ne a rata batho eleruri!

Jesu o Kae Gompieno?

Jesu o ne a swela mo koteng ya tlhokofatso a na le dingwaga di le 33 le sephatlo. * Mme loso lwa gagwe lo ne lo sa reye gore go fedile ka ene. Karolo ya boraro ya botshelo jwa ga Jesu e ne ya simolola malatsi a le mararo moragonyana fa Jehofa Modimo a ne a tsosa Morwawe e le motho wa moya. Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ne a bonwa ke batho ba le makgolokgolo ba ba neng ba tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. (1 Bakorintha 15:3-8) Morago ga foo o ne a “nna kafa seatleng sa moja sa Modimo” mme a emela go newa maatla a bogosi. (Bahebera 10:12, 13) Fa nako eo e goroga, Jesu o ne a simolola go busa e le Kgosi. Ka jalo re tshwanetse ra tsaya Jesu a le mo boemong bofe gompieno? A re tshwanetse go mo tsaya e le motho yo o bogang fa a ntse a swa? Kana re tshwanetse go mo tsaya e le mongwe yo o tshwanetseng go obamelwa? Jesu gompieno ga se motho e bile ga se Modimo Mothatayotlhe. Ke sebopiwa se se maatla sa moya, Kgosi e e busang. Go ise go ye kae, o tla busa mo lefatsheng la rona le le tletseng mathata.

Tshenolo 19:11-16 e dirisa puo ya tshwantshetso fa e tlhalosa Jesu Keresete e re ke kgosi e e palameng pitse e tshweu e e tlileng go atlhola le go tlhabana ntwa ya tshiamo. O tshotse “tšhaka e e bogale e telele, gore a tle a iteye ditšhaba ka yone.” Jesu o tla dirisa maatla a gagwe a magolo go fedisa baikepi. Mme go tweng ka ba ba lekang ka natla go latela sekao se a se tlhomileng fa a ne a le mo lefatsheng? (1 Petere 2:21) Ene le Rraagwe ba tla boloka batho ba ba ntseng jalo ka nako ya ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’—e gantsi e bidiwang Haramagedona—gore ba tle ba tshelele ruri e le babusiwa ba mo lefatsheng ba Bogosi joo jo bo kwa legodimong.—Tshenolo 7:9, 14; 16:14, 16; 21:3, 4

Ka nako ya puso ya gagwe ya kagiso, Jesu o tla direla batho botlhe dikgakgamatso tota! (Isaia 9:6, 7; 11:1-10) O tla fodisa malwetse mme a fedise loso. Modimo o tla dirisa Jesu go tsosa matshutitshuti a batho mo baswing mme a ba neye sebaka sa go tshelela ruri mo lefatsheng. (Johane 5:28, 29) Ga re kgone le go akanyetsa gore botshelo jwa rona bo tlile go nna monate jang mo pusong eo ya Bogosi. Ka jalo go botlhokwa gore re tswelele re ithuta Baebele mme re itse Jesu Keresete botoka.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 15 Batho ba bantsi ba ne ba itse dikgakgamatso tse Jesu a di dirileng. Le baba ba ga Jesu tota ba ne ba dumela gore o “dira ditshupo di le dintsi.”—Johane 11:47, 48.

^ ser. 17 Go bona tlhaloso ya gore a Keresete o swetse mo koteng kana mo sefapaanong, bona tsebe 351-352 mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso mo go tsebe 7]

A JESU KE MODIMO MOTHATAYOTLHE?

Batho ba le bantsi ba e leng badumedi ba re Jesu ke Modimo. Ba bangwe ba re Modimo ke Tharonngwe. Go ya ka thuto eno “Rara ke Modimo, Morwa ke Modimo, Moya o o Boitshepo ke Modimo, mme ga se Medimo e le meraro ke Modimo a le mongwe.” Go dumelwa gore boraro joo “bo tshelela ruri e bile bo a lekana.” (The Catholic Encyclopedia) A go leba dilo jalo go nepile?

Jehofa Modimo ke Mmopi. (Tshenolo 4:11) Ga a na tshimologo kana bokhutlo, e bile ke mothatayotlhe. (Pesalema 90:2) Jesu ene o na le tshimologo. (Bakolosa 1:15, 16) Jesu o ne a bua jaana fa a ne a bitsa Modimo Rara: “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Johane 14:28) Jesu gape o ne a tlhalosa gore go na le dilo dingwe tse ene le baengele ba sa di itseng mme di itsiwe ke Rara fela.—Mareko 13:32.

Gape, Jesu o ne a rapela Rraagwe jaana: “A go diragale thato ya gago, e seng ya me.” (Luke 22:42) Jesu o ne a rapela mang fa e se Motho yo Mogolo go feta botlhe? Gape Modimo ke ene yo o tsositseng Jesu mo baswing, Jesu ga a itsosa. (Ditiro 2:32) Go bonala sentle gore Rara le Morwa ba ne ba sa lekane pele ga Jesu a tla mo lefatsheng kana ka nako e a neng a tshela mo lefatsheng e le motho. Go tweng ka nako ya fa Jesu a sena go tsosediwa kwa legodimong? Bakorintha wa Ntlha 11:3 ya re: “Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.” Tota e bile, Morwa o tla nna a ikobela Modimo. (1 Bakorintha 15:28) Ka jalo Dikwalo di bontsha gore Jesu ga se Modimo Mothatayotlhe. Mme ke Morwa Modimo.

Se go tweng ke motho wa boraro mo Tharonngweng—moya o o boitshepo—ga se motho. Mopesalema o ne a bua jaana fa a ne a rapela Modimo: “Fa o romela moya wa gago, di a bopiwa.” (Pesalema 104:30) Moya ono ga se Modimo ka boene; ke maatla a a dirang a a a romelang gore a dire sengwe le sengwe se a se batlang. Ka one, Modimo o dirile magodimo, lefatshe le dilo tsotlhe tse di tshelang. (Genesise 1:2; Pesalema 33:6) Modimo o ne a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go tlhotlheletsa batho ba ba kwadileng Baebele. (2 Petere 1:20, 21) Ka jalo, Tharonngwe ga se thuto ya Dikwalo. * Baebele ya re: “Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela.”—Duteronome 6:4.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 28 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona boroutšhara jwa A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-nngwe? jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Jesu o ne a nna Motlodiwa wa Modimo fa a ne a kolobediwa

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jesu o ne a dirisa nonofo ya gagwe mo tirong e a neng a e neilwe ke Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Gompieno, Jesu ke Kgosi e e maatla