Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matshutitshuti a Amogela Kobamelo ya ga Jehofa

Matshutitshuti a Amogela Kobamelo ya ga Jehofa

“Thuso Ya me E Tswa Kwa go Jehofa”

Matshutitshuti a Amogela Kobamelo ya ga Jehofa

BOPOROFETI jwa Baebele jo bo buang ka motlha wa rona bo boleletse pele gore batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba tla thologela mo kobamelong ya ga Jehofa e e tlotlometseng. Ka sekai, Jehofa Modimo o ne a bolela jaana ka moporofeti Hagai: “Ke tla reketlisa ditšhaba tsotlhe, mme dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe di tla tsena; mme ke tla tlatsa ntlo eno ka kgalalelo.” (Hagai 2:7) Isaia le Mika le bone ba ne ba porofeta gore mo motlheng wa rona—“kwa bofelong jwa metlha”—ditšhaba di tla obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang.—Isaia 2:2-4; Mika 4:1-4.

A tota boporofeti joo bo a diragadiwa gompieno? A re tlhatlhobeng bosupi. Mo dingwageng di le lesome fela tse di fetileng, batho ba basha ba ba fetang 3 110 000 ba ne ba ineela mo go Jehofa mo dinageng tse di fetang 230. Eleruri Basupi ba ga Jehofa ba le 6 mo go bangwe le bangwe ba le 10 ba ba mo lefatsheng lotlhe gone jaanong, ba kolobeditswe mo dingwageng di le lesome tse di fetileng. Ka 2004, mo metsotsong mengwe le mengwe e mebedi, go ne go tsena motlhanka yo mosha yo o ineetseng wa Modimo mo phuthegong ya Bokeresete! *

Fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, gompieno ‘palo e kgolo e fetogile badumedi mme e retologetse mo Moreneng.’ Le fa koketsego ya dipalo e se yone e e supang gore Modimo o a re segofatsa, go re naya bosupi jwa gore “seatla sa ga Jehofa” se mo bathong ba gagwe. (Ditiro 11:21) Ke eng se se gogelang dimilione tsa batho mo kobamelong ya ga Jehofa? Mme diphetogo tseno di go ama jang wena ka namana?

Batho ba ba Dipelo di Siameng ba a Kgatlhega

Jesu o ne a bua jaana ka tlhamalalo: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” (Johane 6:44) Ka jalo, kgabagare Jehofa ke ene yo o gogang batho ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.” (Ditiro 13:48) Moya wa Modimo o ka naya batho se ba se tlhokang mo semoyeng. (Mathaio 5:3) Segakolodi se se tshwenyegileng, go batla tsholofelo ka tlhoafalo kana go welwa ke mathata go ka dira gore bangwe ba batle Modimo mme ba ithute ka maikaelelo a gagwe ka batho.—Mareko 7:26-30; Luke 19:2-10.

Batho ba le bantsi ba kgatlhegela kobamelo ya ga Jehofa ka gonne thulaganyo ya thuto ya Baebele e e mo phuthegong ya Bokeresete e ba thusa go bona dikarabo tsa dipotso tse di ba tshwenyang.

“Fa e le gore Modimo o teng ke ka ntlha yang fa batho ba ntse ba direlwa tshiamololo?” Eno ke potso e e neng e tshwenya Davide yo o gwebang ka diokobatsi kwa Italy. O ne a sa kgatlhegele dikgang tsa bodumedi, ka jalo, o ne a botsa potso eno e e gwetlhang fela ka gonne a ne a batla go tsosa kgang. O ne a re: “Ke ne ke sa akanye gore ke tla bona karabo e e utlwalang le e tlhatswang pelo. Mme Mosupi yo o neng a bua le nna o ne a le pelotelele tota e bile a tshegetsa se a se buang ka ditemana tse di tswang mo Baebeleng. Puisano eo e ne ya nkama thata.” Gompieno Davide o fetotse botshelo jwa gagwe mme o direla Jehofa.

Sengwe se se dirang gore batho ba tle mo phuthegong ya ga Jehofa e e mo lefatsheng ke go bo ba batla bokao le boikaelelo jwa botshelo. Ngaka nngwe ya malwetse a tlhaloganyo ya kwa Zagreb kwa Croatia e e neng e tshwenyegile mo maikutlong e ne ya etela modiri ka ene yo o neng a itsege thata gore a mo thuse. Se se neng sa mo gakgamatsa ke gore ngaka e ne ya mo naya dinomoro tsa founu tsa ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e mo Zagreb mmogo le leina la Mosupi yo e neng e mo itse. Ngaka eno e ne ya mmolela jaana: “Bona fa, ke akanya gore batho bano ba ka go thusa. Fa nka go romela kwa kerekeng o tla fitlhela batho ba teng ba tshwana le ditshwantsho fela—go se ope yo o ka go thusang, botlhe ba le mo lefifing. Ga ke akanye gore kereke e ka go thusa. Ke rometse balwetse ba bangwe kwa Basuping ba ga Jehofa mme ke akanya gore le wena o tla thusega thata koo.” Basupi ba ne ba mo etela ka lorato mme go ise go ye kae ba simolola thuto ya Baebele le ene. Mo dibekeng di le mmalwa, ngaka eno e ne ya bolela ka boitumelo gore go itse boikaelelo jwa Modimo go dirile gore a nne le se a se tshelelang.—Moreri 12:13.

Batho ba le bantsi ba lemogile gore fa ba welwa ke mathata, boammaaruri jo bo mo Baebeleng ke jone jo bo ka kgonang go ba gomotsa ka tsela ya mmatota. Kwa Greece, mosimanyana mongwe wa dingwaga di le supa o ne a wa mo marulelong a sekolo se a tsenang kwa go sone mme a swa. Dikgwedi di le mmalwa morago ga tiragalo eo, Basupi ba le babedi ba ne ba kopana le mmaagwe mme ba leka go mo gomotsa ka go tlotla le ene ka tsholofelo ya tsogo. (Johane 5:28, 29) Fa ba ntse ba bua, mosadi yono o ne a thubega ka selelo. Bokgaitsadi bano ba ne ba botsa mosadi yono jaana: “Re ka tla go go etela leng fa e le gore o batla go itse go le gontsi ka Baebele?” O ne a araba jaana: “Gone jaanong.” Mosadi yono o ne a ya le bone kwa ga gagwe, mme ba simolola thuto ya Baebele. Gompieno lelapa lotlhe la gagwe le direla Jehofa.

A o Nna le Seabe?

Maitemogelo ano a supa se tota se diregang lefatshe ka bophara. Jehofa o kokoanya le go thapisa boidiidi jo bogolo jwa ditšhaba tsotlhe jwa baobamedi ba boammaaruri. Setlhopha seno sa ditšhabatšhaba se na le tsholofelo e e itumedisang ya go falola bokhutlo jo bo tlang jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo le go tshela mo lefatsheng le lesha la tshiamo.—2 Petere 3:13.

Tiro eno e e sa tshwaneng le epe ya go phutha e ya kwa bokhutlong jwa yone ka katlego ka ntlha ya go bo e segofadiwa ke Jehofa. (Isaia 55:10, 11; Mathaio 24:3, 14) A o nna le seabe ka tlhoafalo mo tirong eno ya go rera ka Bogosi? Fa go ntse jalo, o ka tlhomamisega gore Modimo o a go tshegetsa mme o tla dumalana le mafoko ano a mopesalema: “Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa.”—Pesalema 121:2.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Bona 2005 Calendar of Jehovah’s Witnesses, September/October.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

“Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.”—JOHANE 6:44

[Lebokoso mo go tsebe 8]

KE MANG YO O DIRANG GORE GO NNE LE KOKETSEGO ENO?

“Fa Jehofa a sa age ntlo, baagi ba yone ba diretse lefela ka natla mo go yone.”—Pesalema 127:1.

“Modimo o ne a nna a godisa; mo e leng gore yo o jalang ga se sepe le fa e le yo o nosetsang, fa e se Modimo yo o godisang.”—1 Bakorintha 3:6, 7.