Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsamaya ka Tumelo, e Seng ka Pono!

Tsamaya ka Tumelo, e Seng ka Pono!

Tsamaya ka Tumelo, e Seng ka Pono!

“Re tsamaya ka tumelo, e seng ka pono.”—2 BAKORINTHA 5:7.

1. Ke eng se se bontshang gore moaposetoloi Paulo o ne a tsamaya ka tumelo, e seng ka pono?

NGWAGA ke wa 55 C.E. Go setse go fetile dingwaga di ka nna 20 fa e sa le monna yo ka nako eo a neng a bidiwa Saulo, yo e neng e le mmogisi wa Bakeresete, a fetoga Mokeresete. Ga a letla gore go feta ga nako go koafetse tumelo ya gagwe mo Modimong. Le fa a ise a bone dilo tsa selegodimo ka matlho, o na le tumelo e e nonofileng. Ka gone, fa Moaposetoloi Paulo a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong, o ile a re: “Re tsamaya ka tumelo, e seng ka pono.”—2 Bakorintha 5:7.

2, 3. (a) Re ka bontsha jang gore re tsamaya ka tumelo? (b) Go tsamaya ka pono go kaya eng?

2 Go tsamaya ka tumelo go re tlhoka gore re ikanye Modimo ka botlalo gore o tla re kaela mo botshelong jwa rona. Re tshwanetse go tlhatswega pelo ka botlalo gore ruri o itse dilo tse di ka re solegelang molemo go gaisa. (Pesalema 119:66) Fa re dira ditshwetso mo botshelong le go tsaya dikgato ka tsone, re akanyetsa “dilo tsa mmatota tse re sa kgoneng go di bona.” (Bahebera 11:1, The New English Bible) Dilo tseno di akaretsa “magodimo a masha le lefatshe le lesha” le re le solofetseng. (2 Petere 3:13) Kafa letlhakoreng le lengwe, go tsamaya ka pono, go kaya go gagamalela tsela ya botshelo e e laolwang fela ke dilo tse re di bonang ka matlho. Tsela e e ntseng jalo ya botshelo e kotsi ka gonne e ka dira gore re tlhokomologe thato ya Modimo gotlhelele.—Pesalema 81:12; Moreri 11:9.

3 E ka ne re ba “letsomanyane,” ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong, kana ba “dinku tse dingwe,” ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng, rotlhe re tshwanetse go tsaya tsia kgakololo ya gore re tsamaye ka tumelo e seng ka pono. (Luke 12:32; Johane 10:16) A re bone gore go latela kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng go tla re sireletsa jang gore re se ka ra ineelela go laolwa ke “go ja monate wa boleo ka nakwana,” go tsena mo serung sa go rata dikhumo le go lebala gore tsamaiso eno ya dilo e tloga e fela. Gape re tla sekaseka dikotsi tsa go tsamaya ka pono.— Bahebera 11:25.

Go Gana “go ja Monate wa Boleo ka Nakwana”

4. Moshe o ne a tlhopha go dira eng, mme ka ntlha yang?

4 Akanya ka botshelo jo Moshe, morwa wa ga Amerame a ka bong a nnile le jone. E re ka Moshe a ile a golela mo lelapeng la segosi kwa Egepeto wa bogologolo, o ne a na le tshono ya go nna le maatla, dikhumo le taolo. Moshe o ne a ka nna a tlelwa ke kakanyo ya go re: ‘Ke na le thutego ya maemo a a kwa godimo ya botlhale jwa Egepeto jo bo tseelwang kwa godimo, e bile ke na le tlhotlheletso e kgolo ka mafoko le ka ditiro. Fa nka tswelela ke nna mo lelapeng la segosi, nka kgona go dirisa maemo a me go solegela bakaulengwe ba me ba Bahebera molemo!’ (Ditiro 7:22) Go na le gore Moshe a dire jalo, o ne a tlhopha “go tshwarwa setlhogo le batho ba Modimo.” Ka ntlha yang? Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Moshe go gana dilo tseno tse a neng a ka nna le tsone kwa Egepeto? Baebele e araba jaana: “Ka tumelo [Moshe] o ne a tloga kwa Egepeto, e se gore o ne a boifa bogale jwa kgosi, gonne o ne a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.” (Bahebera 11:24-27) Tumelo e Moshe a neng a na le yone ya gore ruri Jehofa o tla mo segofaletsa go dira tshiamo e ne ya mo thusa go fenya boleo le go se ineelele monate wa jone wa nakwana.

5. Sekao sa ga Moshe se re kgothatsa ka tsela efe?

5 Le rona re na le go lebana le maemo a mo go one re tshwanelwang ke go dira ditshwetso tse di thata mo dilong tse di jaaka: ‘A ke tshwanetse go tlogela mekgwa mengwe kana ditlwaelo dingwe tse di sa dumalaneng ka botlalo le melaometheo ya Baebele? A ke tshwanetse go dumela go bereka mmereko o o bonalang o duela madi a mantsi mme e le o o ka nkgoreletsang go gatela pele semoyeng?’ Sekao sa ga Moshe se re kgothatsa gore re se dire ditshwetso tse di bontshang go se akanyetse pele ga lefatshe leno; go na le moo re tshwanetse go bontsha go ikanya botlhale jwa go akanyetsa dilo pele jwa “Ene yo o sa bonaleng”—Jehofa Modimo. Jaaka Moshe, e kete le rona re ka anaanela botsala jo re nang le jone le Jehofa go feta sepe fela se lefatshe leno le ka re solofetsang sone.

6, 7. (a) Esau o ile a bontsha jang gore o tlhopha go tsamaya ka pono? (b) Sekao sa ga Esau se re naya tlhagiso efe?

6 Bapisa tsela e Moshe a farologanang ka yone le Esau, morwa wa ga Isake tlhogo ya lotso. Esau o ne a batla go nna le dilo ka nako e a di batlang ka yone. (Genesise 25:30-34) O ne a bontsha gore ke motho “yo o sa anaaneleng dilo tse di boitshepo” ka go ananya tshwanelo ya gagwe ya botsalwapele “gore a bone sejo se le sengwe fela.” (Bahebera 12:16) O ne a se ka a akanyetsa gore tshwetso eo ya go rekisa botsalwapele jwa gagwe e ne e tla ama kamano ya gagwe le Jehofa jang, kana gore seo se ne se tla nna le tlhotlheletso e e ntseng jang mo baneng ba gagwe. O ne a sa lebe dilo ka tsela ya semoya. Esau o ne a tlhokomologa ditsholofetso tse di botlhokwatlhokwa tsa Modimo, a di tlhaetsa matlho. O ne a tsamaya ka pono e seng ka tumelo.

7 Sekao sa ga Esau se a re tlhagisa gompieno. (1 Bakorintha 10:11) Fa re lebane le go dira ditshwetso, e kane e le tse dinnye kana tse dikgolo, re se ka ra tsiediwa ke maaka a lefatshe leno la ga Satane, le le rotloetsang batho gore ba tshwanetse go lwela go nna le dilo tse ba di batlang ka nako e ba di batlang ka yone. Go ka nna molemo fa re ka ipotsa jaana: ‘A ditshwetso tse ke di dirang di bontsha fa ke na le mokgwa o o tshwanang le wa ga Esau? A go gagamalela dilo tse ke di batlang gone jaanong go tla dira gore ke se ka ka dira gore dilo tsa semoya e nne tsone di tlang pele? A ditshwetso tse ke di dirang di senya botsala jwa me le Modimo le tuelo ya me ya mo isagweng? Ke tlhomela batho ba bangwe sekao se se ntseng jang?’ Jehofa o tla re segofatsa fa e le gore ditshwetso tse re di dirang di bontsha gore re anaanela dilo tsa semoya.—Diane 10:22.

Tila Serai sa go Rata Dikhumo

8. Ke tlhagiso efe e Bakeresete ba Laodikia ba ileng ba e neelwa, mme ke eng fa re tshwanetse go e tsaya tsia?

8 Mo tshenolong e moaposetoloi Johane a neng a e senolelwa go ela kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, Jesu Keresete yo o galaleditsweng o ne a romela molaetsa kwa phuthegong ya kwa Laodikia, kwa Asia Minor. Molaetsa oo e ne e le go ba tlhagisa gore ba tile go rata dikhumo. Le fa Bakeresete ba Laodikia ba ne ba humile, ba ne ba humanegile semoyeng. Go na le gore ba tswelele ba tsamaya ka tumelo, ba ne ba letla dikhumo di ba foufatsa semoyeng. (Tshenolo 3:14-18) Le gompieno go rata dikhumo go ka re ama ka tsela e e ntseng jalo. Go ka koafatsa tumelo ya rona le go re dira gore re lese go ‘taboga ka boitshoko mo lobelong’ lwa botshelo. (Bahebera 12:1) Fa re se kelotlhoko, “menate ya botshelo jono” e ka fekeetsa ditiro tsa semoya mo e feleletsang e di ‘hupeditse gotlhelele.’—Luke 8:14.

9. Go kgotsofalela dijo tsa semoya le go di anaanela go re sireletsa jang?

9 Selo se segolo se se ka re sireletsang semoyeng ke go kgotsofala go na le go batla go dirisa lefatshe leno ka botlalo le go batla go huma. (1 Bakorintha 7:31; 1 Timotheo 6:6-8) Fa re tsamaya ka tumelo e seng ka pono, re tla itumelela paradaise ya semoya e re leng mo go yone gone jaanong. Fa re ntse re ja dijo tse di molemo tsa semoya, a ga re tlhotlheletsege go “goa ka boipelo ka ntlha ya seemo se se molemo sa pelo”? (Isaia 65:13, 14) Mo godimo ga moo, re itumelela go tsalana le batho ba ba bontshang maungo a moya wa Modimo. (Bagalatia 5:22, 23) A bo go le botlhokwa jang gore re kgotsofalele le go lapolosiwa ke dilo tsa semoya tse Jehofa a re tlamelang ka tsone!

10. Ke dipotso dife tse go leng molemo gore re ipotse tsone?

10 Dipotso dingwe tse go leng molemo gore re ipotse tsone ke tse di reng: ‘Ke tsaya dikhumo di le botlhokwa go le kana kang mo botshelong jwa me? A ke dirisa dilo tse ke nang le tsone go tshela botshelo jwa go rata menate kgotsa go tsweletsa pele kobamelo ya boammaaruri? Ke eng se se dirang gore ke nne le kgotsofalo? A ke go ithuta Baebele le go kopana le Bakeresete ba bangwe kwa dipokanong, kgotsa a ke go fetsa mafelobeke ke sa dire maikarabelo a Bokeresete? A ke fetsa mafelobeke a le mantsi ke dira ditiro tsa boitapoloso go na le go dirisa nako eo ke le mo bodireding jwa tshimo le mo ditirong tse dingwe tse di amanang le kobamelo e e itshekileng?’ Go tsamaya ka tumelo go bolela gore re tshwarege mo tirong ya Bogosi, re dumela ditsholofetso tsa ga Jehofa ka botlalo.—1 Bakorintha 15:58.

Go Nna re Akantse ka Bokhutlo

11. Go tsamaya ka tumelo go re thusa jang gore re nne re akantse ka bokhutlo?

11 Go tsamaya ka tumelo go re thusa gore re se ka ra nna le pono e e sa siamang ya gore bokhutlo bo sa ntse bo le kgakala kana gore ga bo kitla bo tla. Go farologana le babelaedi ba ba sa dumeleng boporofeti jwa Baebele, rona re lemoga kafa ditiragalo tsa lefatshe di diragatsang ka teng dilo tse Lefoko la Modimo le di boleletseng pele ka motlha wa rona. (2 Petere 3:3, 4) Ka sekai, a boikutlo le boitshwaro jo batho ba le bantsi ba nang le jone ga bo bontshe gore re tshela mo “metlheng ya bofelo”? (2 Timotheo 3:1-5) Ka matlho a tumelo, re kgona go bona gore dilo tse di diregang gone jaanong mo lefatsheng ga se dilo tse di nnang di ipoapoeletsa fela. Go na le moo, ditiragalo tseno ke karolo ya ‘sesupo sa go nna gone [ga ga Keresete] le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.’—Mathaio 24:1-14.

12. Mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Luke 21:20, 21 a ne a diragadiwa jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

12 Akanya ka tiragalo ya lekgolo la ntlha la dingwaga la Motlha wa Rona e e tshwanang le ditiragalo tsa motlha wa rona. Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Fa lo bona Jerusalema a dikologilwe ke masole a a thibeletseng, itseng gore go kgakgabadiwa ga gagwe go atametse. A ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng, mme a ba ba mo gare ga gagwe ba tloge.” (Luke 21:20, 21) Boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa fa masole a Roma a a neng a eteletswe pele ke Cestius Gallus a ne a dikaganyetsa Jerusalema ka 66 C.E. Le fa go ntse jalo, masole ano a ne a boela morago go sa lebelelwa, e leng se se neng sa naya Bakeresete sesupo le tshono ya go “tshabela kwa dithabeng.” Ka 70 C.E., masole a Roma a ne a boa, a tlhasela motse wa Jerusalema le go senya tempele ya teng. Josephus o bega gore go ne ga swa Bajuda ba feta milione, mme ba le 97 000 ba ne ba isiwa botshwarwa. Katlholo ya Modimo e ne ya wela tsamaiso eo ya dilo ya Sejuda. Batho ba ba neng ba tsamaya ka tumelo le ba ba neng ba sekegela tsebe tlhagiso ya ga Jesu ba ne ba falola masetlapelo ao.

13, 14. (a) Ke ditiragalo dife tse di tla tlogang di direga? (b) Ke eng fa re tshwanetse go nna re etse tlhoko go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele?

13 Le mo motlheng wa rona go tla tloga go direga sengwe se se tshwanang. Dinaga tse e leng karolo ya Ditšhaba Tse di Kopaneng di tla dirisiwa go diragatsa katlholo ya Modimo. Fela jaaka boikaelelo jwa masole a Roma a lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le go dira gore go nne le Pax Romana (Kagiso mo Roma), lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le lone gompieno le tlhometswe go dira gore go nne le kagiso. Le mororo masole a Roma a ile a leka go dira gore go nne le selekanyo se se rileng sa kagiso mo lefatsheng ka nako eo, e ne ya nna one a fedisang Jerusalema. Boporofeti jwa Baebele bo bontsha gore le gompieno maloko mangwe a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a tla tsaya bodumedi e le selo se se kgoreletsang kagiso mme a tla tsaya kgato go nyeletsa Jerusalema ya segompieno—bodumedi jo bo ipitsang gore ke jwa Bokeresete—mmogo le madumedi otlhe a Babelona o Mogolo. (Tshenolo 17:12-17) Ee, bodumedi jotlhe jwa maaka bo tloga bo fedisiwa.

14 Pitlagano e kgolo e tla simolola fa bodumedi jwa maaka bo fedisiwa. Mo karolong ya bofelo ya pitlagano e kgolo, dikarolo tse di setseng tsa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo di tla fedisiwa. (Mathaio 24:29, 30; Tshenolo 16:14, 16) Go tsamaya ka tumelo go re thusa go nna re etse tlhoko go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele. Ga re tsietsege go akanya gore Modimo o dirisa makgotla a a itlhametsweng ke batho a a jaaka lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng go tlisa kagiso ya boammaaruri le polokesego. Ka gone, a tsela e re tshelang ka yone ga ya tshwanela go bontsha gore re tlhatswegile pelo gore “letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi”?—Sefania 1:14.

Go Tsamaya ka Pono go Kotsi go le Kana Kang?

15. Ke serai sefe se Baiseraele ba neng ba wela mo go sone le mororo ba ile ba bona Modimo a ba segofatsa?

15 Se se diragaletseng Baiseraele ba bogologolo se bontsha kafa go leng kotsi ka teng gore motho a letle go tsamaya ka pono go mo koafatsa tumelo. Le mororo Baiseraele ba ile ba bona dipetso tse di lesome tse di neng tsa nyenyefatsa medimo ya maaka ya Egepeto le go gololwa ka kgakgamatso fa ba ne ba kgabaganya Lewatle le Lehibidu, ba ne ba bontsha go tlhoka kutlo ka go itirela namane ya gauta mme ba bo ba simolola go e obamela. Ba ne ba fela pelo mme ba lapisiwa ke go nna ba letetse Moshe, yo o neng a “tsaya nako e telele go fologa mo thabeng.” (Ekesodo 32:1-4) Go se nne pelotelele ga bone go ne ga dira gore ba obamele modingwana yo o bonwang ka matlho. Go tsamaya ga bone ka pono go ne ga kgopisa Jehofa mme ga dira gore a nyeletse “batho ba ka nna dikete di le tharo.” (Ekesodo 32:25-29) A bo go utlwisa botlhoko jang gompieno go bona moobamedi wa ga Jehofa a dira tshwetso e e bontshang go se ikanye Jehofa le go se tshepe gore o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe!

16. Go rata dilo tse di bonwang ka matlho go ne ga ama Baiseraele jang?

16 Go tsamaya ka pono go ne ga ama Baiseraele ka ditsela tse dingwe gape tse di sa siamang. Go ne ga dira gore ba boife baba ba bone. (Dipalo 13:28, 32; Duteronome 1:28) Go ne ga ba dira gore ba belaele taolo e Moshe a neng a e neilwe ke Modimo le go ngongoregela botshelo jo ba neng ba bo tshela. Go tlhoka tumelo gono ga bone go ne ga dira gore ba bone Egepeto e e laolwang ke bodimona e le botoka go na le Lefatshe le le Solofeditsweng. (Dipalo 14:1-4; Pesalema 106:24) Go tshwanetse ga bo go ile ga utlwisa Jehofa botlhoko jang go bona batho ba gagwe ba bontsha lenyatso le le kalo mo Kgosing ya bone e e sa bonaleng!

17. Ke eng se se neng sa dira gore Baiseraele ba gane kaelo ya ga Jehofa mo motlheng wa ga Samuele?

17 Le mo motlheng wa ga moporofeti Samuele, setšhaba se se tlhophilweng sa Iseraele se ne sa wela mo seraing se sengwe gape sa go tsamaya ka pono. Ba ne ba simolola go batla go nna le kgosi e ba neng ba ka e bona ka matlho. Le mororo Jehofa a ile a bontsha gore ke ene Kgosi ya bone, seo se ne sa se ka sa ba thusa go tsamaya ka tumelo. (1 Samuele 8:4-9) Seo se ne sa dira gore ba ipeye mo kotsing ya go dira boeleele jwa go gana kaelo e e molemolemo ya ga Jehofa, ba bona go le botoka go tshwana le ditšhaba tse di neng di ba dikologile.—1 Samuele 8:19, 20.

18. Ke dithuto dife tse re ka ithutang tsone kaga dikotsi tsa go tsamaya ka pono?

18 Rona batlhanka ba gompieno ba ga Jehofa, re tsaya kamano e re nang le yone le Modimo e le botlhokwa. Re tlhagafalela go ithuta le go dirisa dithuto tse di molemo tse re ithutang tsone mo ditiragalong tsa nako e e fetileng. (Baroma 15:4) Fa Baiseraele ba ne ba tsamaya ka pono, ba ne ba lebetse gore Modimo o ne a dirisa Moshe go ba kaela. Le rona fa re se kelotlhoko, re ka lebala gore Jehofa Modimo le Moshe yo Mogolwane, Jesu Keresete, ke bone ba ba kaelang phuthego ya Bokeresete gompieno. (Tshenolo 1:12-16) Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra leba phuthego ya ga Jehofa ya mo lefatsheng ka tsela ya senama. Go dira jalo go ka dira gore re nne le moya wa go ngongorega le go se tlhole re anaanela baemedi ba ga Jehofa le dijo tsa semoya tse “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” a re tlamelang ka tsone.—Mathaio 24:45.

Ikemisetse go Tsamaya ka Tumelo

19, 20. O ikemiseditse go dira eng, mme ka ntlha yang?

19 Baebele ya re: “Re lwa, e seng le madi le nama, mme le dipuso, le balaodi, le babusi ba lefatshe ba lefifi leno, le mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.” (Baefeso 6:12) Mmaba wa rona yo mogolo ke Satane Diabolo. Boikaelelo jwa gagwe ke go re dira gore re se ka ra tlhola re dumela mo go Jehofa. O tla leka ka ditsela tsotlhe go re faposa mo tshwetsong ya rona ya go direla Modimo. (1 Petere 5:8) Ke eng se se ka re sireletsang gore re se ka ra tsiediwa ke dilo tse di bonwang ka matlho tsa tsamaiso eno ya ga Satane? Ke go tsamaya ka tumelo, e seng ka pono! Go ikanya ditsholofetso tsa ga Jehofa go tla re sireletsa gore re se ka ra “senyegelwa ke tumelo jaaka go thubega ga sekepe.” (1 Timotheo 1:19) Ka gone, a ka bojotlhe re ikemisetseng go tswelela pele re tsamaya ka tumelo, re ikanya masego a ga Jehofa ka botlalo. Mme gape, e kete re ka nna re rapelela gore re falole dilo tsotlhe tse di laoletsweng go diragala mo isagweng.—Luke 21:36.

20 Re na le Motlhoma sekao yo o molemo fa re ntse re tsamaya ka tumelo, e seng ka pono. Baebele ya re, “Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.” (1 Petere 2:21) Setlhogo se se latelang se tla sekaseka kgang ya gore re ka tswelela re tsamaya jang ka tsela e a neng a tsamaya ka yone.

A o A Gakologelwa?

• O ithutile eng mo sekaong sa ga Moshe le sa ga Esau ka kgang ya go tsamaya ka tumelo, e seng ka pono?

• Selo sa konokono se se ka re thusang go tila go rata dikhumo ke sefe?

• Go tsamaya ka tumelo go ka re thusa jang gore re se ka ra nna le maikutlo a gore bokhutlo bo sa ntse bo le kgakala?

• Ke eng fa go tsamaya ka pono go le kotsi?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Moshe o ne a tsamaya ka tumelo

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

A gantsi boitapoloso bo go dira gore o tlhokomologe ditiro tsa semoya?

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Go sekegela Lefoko la Modimo tsebe go ka go sireletsa jang?