Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o ‘Humile Malebana le Modimo’?

A o ‘Humile Malebana le Modimo’?

A o ‘Humile Malebana le Modimo’?

SENGWE sa ditshwantsho tse dintsi tse di tlhokang gore motho a di akanyetse tota tse di neng tsa dirisiwa ke Jesu Keresete, ke sa monna mongwe wa mohumi yo o neng a na le tshimo e kgolo. O ne a rulaganya go aga matlo a magolwane a polokelo go tlhomamisa gore a se ka a sotlega mo isagweng. Le fa go ntse jalo, mo setshwantshong sa ga Jesu monna yono o bidiwa “yo o seng tekatekano.” (Luke 12:16-21) E bile dithanolo di le mmalwa tsa Baebele di dirisa lefoko “seeleele.” Ke eng fa a tlhalosiwa maswe jalo?

Go bonala monna yono wa mohumi a ne a sa tsenye Modimo gope mo dilong tse a neng a rulaganyetsa go di dira; e bile o ne a sa bake Modimo ka ntlha ya go ungwa ga naga. (Mathaio 5:45) Go na le moo o ne a ikgantsha a re: “Moya, o na le dilo tse di molemo di le dintsi tse di beetsweng dingwaga di le dintsi; nna ka phuthologo, ja, nwa, ijese monate.” Ee, o ne a ithaya a re matswela a maiteko a gagwe a ne a tla nna jaaka “lobota lo lo sireletsang.”—Diane 18:11.

Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana, fa a ne a tlhagisa kgatlhanong le boikgogomoso: “Heelang tlheng, lona ba lo reng: ‘Gompieno kgotsa ka moso re tla tsaya loeto re ya motseng ono, re tla nna ngwaga gone, mme re tla tshwarega mo kgwebong re bo re dira dipoelo,’ mme lo sa itse se botshelo jwa lona e tla bong e le sone ka moso. Gonne lo mouwane o o bonalang ka lobakanyana mme go tswa foo o bo o nyelela.”—Jakobe 4:13, 14.

Go dumalana le mafoko ao, monna yo o humileng mo setshwantshong sa ga Jesu o ne a tewa ga twe: “Wena yo o seng tekatekano, mo bosigong jono ba batla moya wa gago ka kgang mo go wena. Ke mang, he, yo o tla tsayang dilo tse o di bolokileng?” Jaaka mouwane o o nyelelang, monna yo o humileng o ne a tla swa pele ga a bona ditoro tsa gagwe di diragala. A re lemoga gore thuto ke eng fano? Jesu o ne a re: “Go nna jalo ka monna yo o ipeelang letlotlo mme a sa huma malebana le Modimo.” A o ‘humile malebana le Modimo’?