Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ditiragalo wa Ntlha

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ditiragalo wa Ntlha

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ditiragalo wa Ntlha

GO SETSE go fetile dingwaga tse 77 fa e sa le Bajuda ba boetse kwa nageng ya bone ba tswa botshwarwa kwa Babelona. Tempele e e neng e agilwe sesha ke Mmusi Serubabele e setse e na le dingwaga di le 55 e agilwe. Lebaka le legolo la go bo Bajuda ba boile e ne e le go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri mo Jerusalema. Le fa go ntse jalo, setšhaba ga se a tlhoafalela kobamelo ya ga Jehofa. Se tlhoka go kgothadiwa fela thata, mme buka ya Baebele ya Ditiragalo wa Ntlha e a se kgothatsa gore se tlhoafale.

Buka ya Ditiragalo wa Ntlha ga e bege ka tatelano ya masika fela, mme e bua ka dilo tse di ileng tsa diragala mo dingwageng tse di ka nnang 40, go tloga ka loso lwa ga Kgosi Saulo go fitlha ka loso lwa ga Kgosi Dafide. Go dumelwa gore moperesiti Esera ke ene yo o kwadilweng buka eno ka ngwaga wa 460 B.C.E. Buka ya Ditiragalo wa Ntlha e tshwanetse ya re kgatlha ka gonne e tlhalosa tsela e go neng go obamelwa ka yone kwa tempeleng e bile e re naya tshedimosetso ka tatelano ya losika lwa ga Mesia. E re ka buka eno e le karolo ya Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo, molaetsa wa yone o nonotsha tumelo ya rona e bile o re thusa go tlhaloganya Baebele botoka.—Bahebera 4:12.

LENAANE LE LE BOTLHOKWA LA MAINA

(1 Ditiragalo 1:1–9:44)

Lenaane le le feletseng la tatelano ya masika le Esera a le kwadilweng le botlhokwa ka ntlha ya mabaka a a ka nnang tharo: go tlhomamisa gore ke banna ba ba tshwanelegang fela ba ba nnang baperesiti, go thusa go bona gore lotso longwe le longwe lo newa boswa le go boloka tatelano ya losika go fitlha kwa go Mesia. Pego eno e bontsha gore tatelano ya losika lwa Bajuda e simolola fela kwa monneng wa ntlha. Go na le dikokomana di le lesome go tloga kwa go Adame go fitlha mo go Noa, mme go nne le dikokomana tse dingwe tse di lesome go fitlha kwa go Aborahame. Fa a sena go umaka barwa ba ga Ishemaele, barwa ba mogadingwana wa ga Aborahame e bong Ketura, le barwa ba ga Esau, pego ya gagwe e bua ka tatelano ya losika lwa barwa ba le 12 ba ga Iseraele.—1 Ditiragalo 2:1.

Esera o ne a bua thata ka ditlogolwana tsa ga Juda e re ka losika lwa segosi lwa ga Kgosi Dafide lo tswa mo go tsone. Go na le dikokomana di le 14 go tloga mo go Aborahame go fitlha ka Dafide le dikokomana tse dingwe tse 14 go fitlha ka nako ya fa ba romelwa Babelona. (1 Ditiragalo 1:27, 34; 2:1-15; 3:1-17; Mathaio 1:17) Morago ga moo, Esera o bua ka ditlogolwana tsa ditso tse di kafa botlhaba jwa Joredane, go tswa foo o bua ka tatelano ya losika lwa ga Lefi. (1 Ditiragalo 5:1-24; 6:1) Morago ga moo Esera o bua ka ditso tse dingwe tse di kafa bophirima jwa Noka ya Joredane a bo a bega ka tatelano e e feletseng ya losika lwa ga Benjamine. (1 Ditiragalo 8:1) O umaka gape le maina a baagi ba ntlha ba Jerusalema ba ba neng ba boa kwa botshwarwa jwa Babelona.—1 Ditiragalo 9:1-16.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:18—Rraagwe Shela e ne e le mang—Kainane kana Arepakeshade? (Luke 3:35, 36) Rraagwe Shela e ne e le Arepakeshade. (Genesise 10:24; 11:12) Leina “Kainane” le le mo go Luke 3:36 le ka tswa le dirisitswe ka phoso mo boemong jwa leina “Bakaladia.” Fa e le gore go ntse jalo, mokwalo wa ntlha o ka tswa o ne o re, “morwa Arepakeshade wa Mokaladia.” Kana go ka direga gore maina Kainane le Arepakeshade a raya motho a le mongwe fela. Ga re a tshwanela go itlhokomolosa ntlha ya gore mafoko a a reng “morwa Kainane” ga a yo mo mekwalong mengwe.—Luke 3:36.

2:15—A Dafide e ne e le morwa wa bosupa wa ga Jese? Nnyaa. Jese o ne a na le barwa ba le robedi, mme Dafide e ne e le ene yo mmotlana. (1 Samuele 16:10, 11; 17:12) Go bonala mongwe wa barwa ba ga Jese a ile a swa a se na bana. E re ka morwa yoo a ne a se kitla a nna le tlhotlheletso epe mo tatelanong ya losika, Esera ga a ka a kwala leina la gagwe mo lenaaneng leo.

3:17—Ke ka ntlha yang fa Luke 3:27 e bitsa morwa Jekonia e bong Shelatiele e re ke morwa Neri? Rraagwe Shelatiele e ne e le Jekonia. Le fa go ntse jalo, go bonala Neri a ne a naya Shelatiele morwadie go nna mosadi wa gagwe. Luke o ne a bitsa mogwe wa ga Neri a re ke morwa wa ga Neri fela jaaka a ne a dira ka Josefa, a mmitsa morwa rraagwe Maria, e bong Heli.—Luke 3:23.

3:17-19—Serubabele, Pedaia le Shelatiele ba ne ba amana jang ka losika? Serubabele e ne e le mongwe wa barwa ba ga Pedaia, yo e neng e le morwarraagwe Shelatiele. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe Baebele e bitsa Serubabele e re ke morwa Shelatiele. (Mathaio 1:12; Luke 3:27) Gongwe e dira jalo ka gonne Shelatiele e le ene yo o neng a godisa Serubabele fa Pedaia a sena go swa. Kana gongwe e re ka Shelatiele a sule a se na bana, Pedaia o ne a nyala motlholagadi wa ga Shelatiele, mme Serubabele a nna motsalwapele mo lenyalong leo.—Duteronome 25:5-10.

5:1, 2Go amogela tshwanelo ya motsalwapele go ne go rayang mo go Josefa? Go ne go raya gore Josefa o ne a amogela karolo ya sebedi ya boswa. (Duteronome 21:17) Ka jalo o ne a nna rra ditso tse pedi—setso sa ga Eferaime le sa ga Manase. Mongwe le mongwe wa barwa ba bangwe ba ga Iseraele ba ne ba nna le morwa a le nosi fela.

Se re Ithutang Sone:

1:1–9:44. Tatelano ya masika a batho ba mmatota e bontsha gore thulaganyo yotlhe ya kobamelo ya boammaaruri ga se tlhamane, ke selo sa mmatota.

4:9, 10. Jehofa o ne a araba thapelo e e tlhoafetseng ya ga Jabese gore a atolose naga ya gagwe kwantle ga go lwa gore batho ba ba oketsegileng ba ba boifang Modimo ba tle go nna mo go yone. Le rona re tshwanetse go rapela ka tlhoafalo gore baobamedi ba Modimo ba oketsege fa re ntse re nna le seabe ka tlhagafalo mo tirong ya go dira barutwa.

5:10, 18-22. Mo motlheng wa ga Kgosi Saulo, ditšhaba tse di kafa botlhaba jwa Joredane di ne tsa fenya Bahagere le fa Bahagere ba ne ba ba feta gabedi ka palo. Go ne ga nna jalo ka gonne banna ba ba diganka ba ditšhaba tseno ba ne ba ikanya Jehofa e bile ba mo kopile gore a ba thuse. Le rona re tshwanetse go ikanya Jehofa ka botlalo fa re ntse re lwa ntwa ya semoya kgatlhanong le baba ba rona ba ba re fetang kgakala.—Baefeso 6:10-17.

9:26, 27. Batlhokomedi ba dikgoro ba Balefi ba ne ba filwe maikarabelo a magolo. Ba ne ba filwe dilotlolo tse di neng di bula mafelo a a boitshepo a tempele. Ba ne ba bula dikgoro ka boikanyegi letsatsi le letsatsi. Rona re filwe boikarabelo jwa go batla batho mo tshimong ya rona le go ba thusa go obamela Jehofa. A le rona ga re a tshwanela go ikanyega fela jaaka batlhokomedi bao ba dikgoro ba Balefi?

DAFIDE O NNA KGOSI

(1 Ditiragalo 10:1–29:30)

Pego eno e simolola e bua ka nako ya fa Kgosi Saulo le barwa ba gagwe ba bararo ba swela mo ntweng kgatlhanong le Bafilisitia kwa Thabeng ya Gileboa. Dafide, morwa Jese, o tlhongwa go nna kgosi ya ditso tse tharo tsa Juda. Banna ba ba tswang mo ditsong tsotlhe ba tla kwa Heberone mme ba mo dira kgosi ya Iseraele yotlhe. (1 Ditiragalo 11:1-3) Moragonyana fela ga moo, o gapa Jerusalema. Fa a sena go e gapa, Baiseraele ba isa letlole la kgolagano kwa Jerusalema “ka go goa ga boipelo le ka go lela ga lonaka . . . ba leletsa diletswa tsa megala le diharepa kwa godimo.”—1 Ditiragalo 15:28.

Dafide o bolelela Modimo wa boammaaruri gore o batla go mo agela ntlo. Jehofa o mmolelela gore Solomone ke ene yo o tla nnang le tshiamelo ya go e aga, mme o dira kgolagano ya Bogosi le Dafide. Fa Dafide a ntse a tsweletse ka letsholo la gagwe la go tlhasela baba ba Iseraele, Jehofa o mo thusa go fenya dintwa tseno tsotlhe. Go bala batho go go seng kafa molaong ga ga Dafide go ne ga felela ka gore batho ba le 70 000 ba swe. Fa baengele ba sena go kaela Dafide gore a agele Jehofa sebeso, Dafide o reka lefelo mo go Orenane wa Mojebuse. Dafide o simolola go “baakanya dilo di le dintsi” gore Jehofa a agelwe ntlo e “kgolo go gaisa” mo lefelong leo. (1 Ditiragalo 22:5) Dafide o rulaganya ditiro tsa Balefi, ditiro tse di tlhalosiwang ka botlalo mo bukeng eno go feta mo bukeng epe e nngwe mo Dikwalong. Kgosi le batho ba ntsha meneelo e megolo go aga tempele. Dafide o a swa fa a sena go busa ka dingwaga di le 40, “a kgotsofetse ka malatsi, dikhumo le kgalalelo; mme Solomone morwawe [o simolola] go busa mo boemong jwa gagwe.”—1 Ditiragalo 29:28.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

11:11—Ke ka ntlha yang fa palo ya batho ba ba bolailweng e le ba ba 300 mme e se ba ba 800 jaaka go kwadilwe mo pegong e e tshwanang le eno e e mo go 2 Samuele 23:8? Moeteledipele wa banna ba bararo ba ba diganka ba ga Dafide e ne e le Jashobeame kana Joshebe-bashebethe. Banna ba bangwe ba babedi ba diganka e ne e le Eleasare le Shammahe. (2 Samuele 23:8-11) Go ka direga gore lebaka la go bo dipego tseno di farologane e le ka go bo di bua ka ditiro tse di farologaneng tse di dirilweng ke monna yono.

11:20, 21—Abishai o ne a na le maemo afe mo banneng ba bararo ba ba kwa godimo ba ga Dafide? Abishai e ne e se mongwe wa banna ba bararo ba ba diganka ba ba neng ba direla Dafide. Le fa go ntse jalo, jaaka go kwadilwe mo go 2 Samuele 23:18, 19, e ne e le tlhogo ya batlhabani ba le 30 mme o ne a ba okame. Abishai o ne a itsege go feta banna ba bararo ba diganka ka gonne o ne a dirile tiro ya bopelokgale e e neng e tshwana le e e neng e dirilwe ke Jashobeame.

12:8—Difatlhego tsa batlhabani ba Bagada di ne di tshwana jang le “difatlhego tsa ditau”? Banna bano ba ba diganka ba ne ba na le Dafide fa a ne a le kwa nageng. Meriri ya bone e ne e godile e le meleele. Seriri seo se ne se dira gore ba lebege ba le bogale jaaka ditau.

13:5—“Noka ya Egepeto” ke eng? Bangwe ba akanya gore mafoko ano a raya karolo nngwe ya Noka ya Nile. Le fa go ntse jalo, gantsi go dumelwa gore mafoko ao a raya ‘mokgatšha o o phothoselang wa Egepeto’—nokana e telele e e leng molelwane o o kafa borwabophirima jwa Lefatshe le le Solofeditsweng.—Dipalo 34:2, 5; Genesise 15:18.

16:30—Go tewa eng fa go twe ‘ditlhabi tse di botlhoko’ ka ntlha ya ga Jehofa? Lefoko le le reng “ditlhabi” le dirisiwa fano ka tsela ya tshwantshetso go kaya go boifa Jehofa le go mo tlotla thata.

16:1, 37-40; 21:29, 30; 22:19—Ke thulaganyo efe ya kobamelo e e neng ya nna e ntse e le teng kwa Iseraele go tloga ka nako ya fa Letlole le isiwa kwa Jerusalema go fitlha tempele e agiwa? Fa Dafide a isa Letlole kwa Jerusalema a bo a le baya mo teng ga mogope o a neng a o dirile, go ne go fetile dingwaga di le dintsi Letlole le sa tsena mo motlaaganeng. Fa Letlole le sena go fudisiwa kwa Jerusalema, le ne la nna mo mogopeng oo. Motlaagana o ne o le kwa Gibeone, koo Moperesiti yo Mogolo e bong Sadoke le bomorwarraagwe ba neng ba dira ditlhabelo tse di neng di batliwa ke Molao teng. Thulaganyo eno e ne ya tswelela go fitlha tempele e wediwa kwa Jerusalema. Fa tempele e setse e weditswe, motlaagana o ne wa tlisiwa go tswa kwa Gibeone o isiwa kwa Jerusalema, mme Letlole le ne la bewa mo Boitshepong jwa Maitshepo jwa tempele.—1 Dikgosi 8:4, 6.

Se re Ithutang Sone:

13:11. Go na le gore re tenege mme re pege Jehofa molato fa maiteko a rona a palelwa, re tshwanetse go sekaseka maemo le go leka go bona gore ke eng se se dirileng gore re palelwe. Ga go pelaelo gore Dafide o ne a dira jalo. O ne a ithuta mo phosong e a neng a e dirile mme moragonyana a isa Letlole kwa Jerusalema ka katlego a dirisa thulaganyo e e siameng. *

14:10, 13-16; 22:17-19. Re tshwanetse go atamela Jehofa ka metlha ka thapelo re kope gore a re kaele pele re dira tiro epe e e tla re amang semoyeng.

16:23-29. Kobamelo ya ga Jehofa e tshwanetse go nna selo se se tlang pele mo matshelong a rona.

18:3. Jehofa ke Modiragatsi wa ditsholofetso. Ka go dirisa Dafide, o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go naya losika lwa ga Aborahame naga yotlhe ya Kanana, “go simolola kwa nokeng ya Egepeto go fitlha kwa nokeng e kgolo, noka ya Euferatese.”—Genesise 15:18; 1 Ditiragalo 13:5.

21:13-15. Jehofa o ne a laela moengele go emisa petso ka gonne o ne a utlwela batho ba Gagwe botlhoko. Ee ruri, “o mautlwelobotlhoko mantsi thata.” *

22:5, 9; 29:3-5, 14-16. Le fa Dafide a ne a sa laelwa go aga tempele ya ga Jehofa, o ne a bontsha moya o mogolo wa go aba. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a lemoga gore dilo tsotlhe tse a neng a na natso e ne e le ka ntlha ya bomolemo jwa ga Jehofa. One moya oo wa go leboga o tshwanetse wa re tlhotlheletsa go nna le moya wa go aba.

24:7-18. Thulaganyo ya ditlhopha tsa baperesiti ba ba 24 e Dafide a ileng a e tlhoma e ne e sa ntse e dira fa moengele wa ga Jehofa a ne a bonala fa pele ga ga Sekarea, rraagwe Johane Mokolobetsi, a mo itsise ka go tsalwa ga ga Johane. E re ka Sekarea e ne e le wa “lekgamu la ga Abija,” o ne a direla kwa tempeleng ka nako eo. (Luke 1:5, 8, 9) Kobamelo ya boammaaruri e amana le dilo tsa mmatota, e seng batho ba ditlhamane. Re ka nna le masego a le mantsi fa re dirisana ka boikanyegi le “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” mo kobamelong e e rulagantsweng sentle ya ga Jehofa gompieno.—Mathaio 24:45.

Direla Jehofa “ka Pelo e e Itumetseng”

Buka ya Ditiragalo wa Ntlha ga e bue fela ka tatelano ya masika. E bua gape le ka nako ya fa Dafide a ne a isa letlole la kgolagano kwa Jerusalema, ka diphenyo tsa gagwe tse dikgolo, ka go dira dithulaganyo tsa go aga tempele le kaga go tlhomiwa ga thulaganyo ya ditlhopha tsa baperesiti ba Balefi. Dilo tsotlhe tse Esera a di begang mo bukeng ya Ditiragalo wa Ntlha di tshwanetse tsa bo di ile tsa solegela Baiseraele molemo, di ba thusa gore ba boe ba tlhoafalele kobamelo ya ga Jehofa kwa tempeleng.

Dafide o ne a tlhoma sekao se sentle thata sa go dira gore kobamelo ya ga Jehofa e tle pele mo botshelong jwa gagwe! Go na le gore a ipatlele kgalalelo, o ne a batla go dira thato ya Modimo. Re kgothadiwa gore re tseye kgakololo ya gagwe ya go direla Jehofa “ka pelo e e feletseng le ka moya o o itumetseng.”—1 Ditiragalo 28:9.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Go bona dithuto tse dingwe malebana le maiteko a ga Dafide a go isa Letlole kwa Jerusalema, bona Tora ya Tebelo ya May 15, 2005, ditsebe 16-19.

^ ser. 6 Go bona dithuto tse dingwe malebana le go bala ga ga Dafide batho e se kafa molaong, bona Tora ya Tebelo ya May 15, 2005, ditsebe 16-19.

[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 8-11]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Go tswa go Adame go ya go Noa : dikokomana tse robongwe (dingwaga tse 1 956)

4026 B.C.E. Adame

Dingwaga tse 130

Sethe

105

Enoshe

90

Kainane

70

Mahalalele

65

Jarede

162

Enoke

65

Methusela

187

Lameke

182

2970 B.C.E. NOA o a tsalwa

Go tswa go Noa go ya go Aborahame: dikokomana tse some (dingwaga tse 952)

2970 B.C.E. Noa

Dingwaga di le 502

Sheme

100 ⇩

MORWALELA 2370 B.C.E.

Arepakeshade

35 ⇩

Shelahe

30 ⇩

Ebere

34 ⇩

Pelege

30 ⇩

Reu

32 ⇩

Serige

30 ⇩

Nahore

29 ⇩

Tera

130 ⇩

 

2018 B.C.E. ABORAHAME o a tsalwa

Go tswa go Aborahame go ya go Dafide: dikokomana tse 14(dingwaga tse 911)

2018 B.C.E. Aborahame

Dingwaga di le 100 ⇩

Isake

60 ⇩

Jakobe

c.88

Juda

Perese

Heserone

Rama

Aminadabe

Nahashone

Salamone

Boase

Obede

Jese

1107 B.C.E. DAFIDE o a tsalwa