Go Tlhalosa Ditshupo ke Kgang e e Masisi!
Go Tlhalosa Ditshupo ke Kgang e e Masisi!
“Kwa tshimologong ke ne ke akanya gore morwaarona Andreas o opiwa fela ke tlhogo. Mme o ne a felelwa ke keletso ya dijo a bo a nna le letshoroma. Tlhogo ya gagwe e ne ya opa thata mme ka simolola go tshwenyega. Fa monna wa me a ne a fitlha kwa gae a tswa tirong, re ne ra isa Andreas kwa ngakeng. O ne a tlhatlhoba matshwao a bolwetse jwa gagwe mme a romela Andreas kwa bookelong ka bonako. O ne a sa opiwe fela ke tlhogo. Andreas o ne a tshwerwe ke bolwetse jo go tweng meningitis. O ne a alafiwa mme a fola.”—Gertrud, mmè mongwe wa kwa Jeremane.
BATSADI ba le bantsi ba ka tswa ba kile ba diragalelwa ke se se neng sa diragalela Gertrud. Ba lemoga matshwao a a bontshang gore ngwana wa bone o ka tswa a lwala. Le fa gone e se bolwetse bongwe le bongwe jo bo masisi, go ka nna kotsi gore batsadi ba tlhokomologe matshwao a a bontshang gore bana ba bone ba a lwala. Go lemoga matshwao le go tsaya kgato e e tshwanetseng go ka thusa fela thata. Ke kgang e e masisi.
Go ntse jalo le mo dikgannyeng tse dingwe tse e seng tsa botsogo. Sekai se se tshwanelang ke sa masetlapelo a tsunami (thoromo ya lefatshe e e ileng ya baka makhubu a magolo a lewatle) a a diragetseng ka December 2004 mo mafelong a a dikologileng Lewatle la Indian. Mekgatlho mengwe kwa Australia le Hawaii e ile ya lemoga gore go tla nna le thoromo e kgolo ya lefatshe kwa bokone jwa Sumatra mme ya lemoga go sa le pele gore seno se ka nna le ditlamorago tse di kotsi. Mme le fa go ntse jalo, go ne go sa dirwa dithulaganyo dipe tsa gore batho ba ba mo mafelong a a mo kotsing ba tlhagisiwe kana gore ba tseye kgato. Ka ntlha ya seo go ile ga swa batho ba feta 220 000.
Ditshupo Tse di Botlhokwa Thata
Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a ruta bareetsi ba gagwe thuto ya go lemoga ditshupo le go tsaya dikgato tse di tshwanetseng. O ne a bua ka sengwe sa botlhokwa le go feta. Baebele e bega jaana: “Bafarasai le Basadukae ba mo atamela, gore ba mo raele, ba mo kopa gore a ba bontshe sesupo se se tswang legodimong. Fa a fetola a ba raya a re: ‘Lo tlwaetse gore fa go nna maabanyane lo bo lo re, “Go tla nna bosa jo bontle, gonne loapi lo bohibidu jwa molelo”; mme mo mosong, “Gompieno bosa bo tla nna Mathaio 16:1-3.
tsiditsana, go le pula, gonne loapi lo bohibidu jwa molelo, mme lo lebega lo le letobo.” Lo itse go phutholola ponalo ya loapi, mme ditshupo tsa metlha ga lo kgone go di phutholola.’”—Fa Jesu a ne a umaka “ditshupo tsa metlha,” o ne a tlhalosa gore bareetsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba Bajuda ba ne ba tshwanetse go bo ba ne ba itse kafa metlha e ba neng ba tshela mo go yone e potlakileng ka teng. Tsamaiso ya Sejuda ya dilo e ne e tla tloga e welwa ke masetlapelo a a neng a tla ba ama botlhe. Malatsi a sekae pele ga Jesu a swa o ne a bua le barutwa ba gagwe ka sesupo se sengwe—sesupo sa go nna gone ga gagwe. Se a neng a se bua ka nako eo se botlhokwa thata mo go mongwe le mongwe gompieno.