Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Ile ka Nonotshiwa ke Sekao sa Batsadi ba Me

Ke Ile ka Nonotshiwa ke Sekao sa Batsadi ba Me

Kgang ya Botshelo

Ke Ile ka Nonotshiwa ke Sekao sa Batsadi ba Me

JAAKA GO BOLETSE JANEZ REKELJ

E ne e le ka ngwaga wa 1958. Nna le mosadi wa me e bong Stanka re ne re le mo dithabeng tsa Alps tsa Karawanken mo molelwaneng wa Yugoslavia le Austria, re leka go tshabela kwa Austria. Go ne go le kotsi go kgabaganya molelwane ono, e re ka masole a a disang molelwane a Yugoslavia a ne a ikemiseditse go thibela mongwe le mongwe go kgabaganya. Fa re ntse re tsamaya, re ne ra fitlha fa lengope le felelang gone. Nna le Stanka re ne re ise re ko re bone dithaba tseo kafa letlhakoreng la Austria. Re ne ra tsamaela kwa botlhaba mme ra fitlha fa mokgokoloseng wa tsela e e nang le maje. Re ne ra fologa thaba re ikgwageditse ka letsela le le thata le re neng re le tshotse, re sa itse se se tlileng go diragala ka rona.

MMA ke anele gore go ne go diragetseng gore re iphitlhele re le mo maemong ano le kafa sekao se se ikanyegang sa batsadi ba me se ileng sa ntlhotlheletsa ka gone go nna ke ikanyega mo go Jehofa mo dinakong tse di thata.

Ke goletse kwa Slovenia, e gompieno e leng naga e nnye ya kwa Yuropa Bogare. Naga eno e mo dithabeng tsa Alps tsa kwa Yuropa, Austria e le kafa bokone jwa yone, Italy kafa bophirima, Croatia kafa borwa mme Hungary yone e le kafa botlhaba. Le fa go ntse jalo, fa batsadi ba me e bong Franc le Rozalija Rekelj ba ne ba tsholwa, Slovenia e ne e le karolo ya Mmuso wa Austria le Hungary. Kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe I, Slovenia e ne ya nna karolo ya naga e ntšha e e bidiwang Mmuso wa Serbia, Croatia le Slovenia. Ka 1929 leina la naga eo le ne la fetolwa go nna Yugoslavia, le le rayang “Slavia Borwa.” Ke ne ka tsholwa ka January 9 ya one ngwaga oo, ka kwantle ga motse wa Podhom, gaufi le Letsha le lentle la Bled.

Mmè o ne a godisitswe e le Mokatoliki yo o tlhoafetseng. Mongwe wa borangwane ba gagwe e ne e le moruti, mme borakgadi ba gagwe ba bararo e ne e le baitlami. Mmè o ne a eletsa thata go nna le Baebele, go e bala le go e tlhaloganya. Le fa go ntse jalo, Rre ene o ne a sa kgatlhegele bodumedi. O ne a tennwe ke seabe se bodumedi bo nnileng le sone mo Ntweng e Kgolo ya 1914-18.

Go Ithuta Boammaaruri

Nakwana morago ga ntwa, ntsalae Mmè e bong Janez Brajec le mosadi wa gagwe e bong Ančka, ba ne ba nna Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo. Ka nako eo ba ne ba nna kwa Austria. Go tloga ka 1936 go ya pele, Ančka o ne a tla go etela Mmè ka makgetlhonyana. O ne a naya Mmè Baebele, e Mmè a neng a se ka a senya nako go e bala, mmogo le dimakasine tsa Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe tsa Baebele ka Se-Slovenia. Kgabagare, e re ka Hitler a ne a gapile Austria ka 1938, Ančka le Janez ba ne ba boela Slovenia. Ke sa ntse ke gakologelwa gore e ne e le banyalani ba ba nang le tlhaloganyo ba ba neng ba rata Jehofa tota. Ba ne ba tle ba tlotle le Mmè ka boammaaruri jwa Baebele, mme seno se ne sa mo tlhotlheletsa gore a neele botshelo jwa gagwe mo go Jehofa. O ne a kolobediwa ka 1938.

Batho ba mo lefelong la rona ba ne ba galefa thata fa Mmè a ne a tlogela go boloka dingwao tse di sa dumalaneng le Dikwalo, tse di tshwanang le go keteka Keresemose; fa a ne a sa tlhole a ja diboroso tse di dirilweng ka madi; mme segolobogolo fa a ne a tsaya ditshwantsho tsotlhe tse re neng re na natso mme a di fisa. Pogiso e ne e tla tloga e simolola. Borakgadiagwe Mmè ba baitlami ba ne ba mo kwalela makwalo, ba leka go mo pateletsa gore a boele kwa go Marea le kwa kerekeng ya Katoliki. Le fa go ntse jalo, fa Mmè a ne a ba kwalela a ba botsa dipotso dingwe tsa Baebele, ba ne ba se ka ba mo araba. Rremogolo le ene o ne a mo ganetsa thata. Mme gone rremogolo e ne e se motho yo o bosula, o ne a gateletswe thata ke ba losika le batho mo motseng gore a dire jalo. Ka ntlha ya seo, o ne a senya dibuka tsa ga Mmè tsa Baebele makgetlo a le mmalwa, mme ga a ise a ko a ame Baebele ya gagwe. O ne a khubama ka mangole a mo kopa gore a boele kwa kerekeng. O ne a bo a mo tshosetsa ka thipa. Le fa go ntse jalo, rre ene o ne a bolelela rremogolo ka bogale gore ga a kitla a mo letla gore a dire dilo tse di ntseng jalo.

Rre o ne a tswelela go tshegetsa Mmè ka a ne a na le tshwanelo ya go bala Baebele le go itirela ditshwetso malebana le tumelo ya gagwe. Le ene o ne a kolobediwa ka 1946. Fa ke bona kafa Jehofa a neng a nonotsha Mmè ka gone gore a emele boammaaruri a se na poifo le fa a ne a ganediwa le kafa Jehofa a neng a mo segofatsa ka gone ka ntlha ya tumelo ya gagwe, seno se ile sa ntlhotlheletsa gore le nna ke godise kamano ya me le Modimo. Gape ke ile ka solegelwa molemo thata ke go bo Mmè a ne a tlhola a mpalela Baebele kwa godimo le dikgatiso tsa Baebele.

Gape Mmè o ne a nna le metlotlo e meleele le kgaitsadie e bong Marija Repe, mme kgabagare nna le Mmangwane Marija re ne ra kolobediwa ka letsatsi le le lengwe mo magareng a July 1942. Mokaulengwe mongwe o ne a tla go neela puo e khutshwane, mme re ne ra kolobediwa kwa gae mo bateng e kgolo ya legong.

Go Dira Tiro e e Boima ka Nako ya Ntwa ya Lefatshe II

Ka 1942, ka nako ya Ntwa ya lefatshe II, Jeremane le Italy di ile tsa gapa Slovenia mme tsa e kgaoganya mo gare ga tsone le Hungary. Batsadi ba me ba ne ba gana go tsenela Volksbund, e leng mokgatlho wa batho wa Banasi. Kwa sekolong ke ne ka gana go goa ke re “Galaletsa Hitler.” Go bonala morutabana wa me a ne a bolelela badiredi ba puso kaga seno.

Re ne ra pegwa mo tereneng e e neng e ya kwa ntlong ya segosi gaufi le motse wa Hüttenbach, kwa Bavaria, e e neng e le kampa e go dirwang tiro e e boima mo go yone. Rre o ne a rulaganya gore ke bereke e bile ke nne le mongwe le lelapa la gagwe yo o neng a baka marotho. Ka nako eo, ke ne ka ithuta go baka marotho, e leng selo se moragonyana se neng sa ntswela molemo thata. Fa nako e ntse e ya, ba ba setseng ba lelapa la gaetsho (go akaretsa Mmangwane Marija le lelapa la gagwe) ba ne ba isiwa kwa kampeng e e kwa Gunzenhausen.

Fa ntwa e sena go fela, ke ne ke tlile go tsamaya le setlhopha sengwe sa batho ke ya kwa batsadi ba me ba neng ba le teng. Maitseboa a pele ke tsamaya, Rre o ne a fitlha. Ga ke itse gore ke ne ke tla felela kae fa ke ne ke tsamaile le setlhopha seo, e re ka e ne e se batho ba motho a ka ba tshepang. Ka nako eo, ke ne ka bona kafa Jehofa a ntlhokomelang ka lorato ka teng fa a ne a dirisa batsadi ba me go ntshireletsa le go nthapisa. Nna le Rre re ne ra tsamaya malatsi a le mararo re ya go kopana le lelapa la rona. Ka June 1945, rotlhe re ne ra fitlha kwa gae.

Morago ga ntwa, Bakomonise ba ba neng ba eteletswe pele ke Poresidente Josip Broz Tito ba ne ba simolola go busa mo Yugoslavia. Seo se ne sa dira gore maemo a tswelele a le boima mo Basuping ba ga Jehofa.

Ka 1948, mokaulengwe mongwe yo o neng a tswa kwa Austria o ne a tla go ja le rona. Gongwe le gongwe koo a neng a ya gone, mapodise a ne a mo sala morago mme a tshwara bakaulengwe ba a neng a ba etela. Rre le ene o ne a tshwarwa ka ntlha ya go mo amogela le go sa mmege kwa mapodiseng, mme Rre a fetsa dingwaga tse pedi kwa kgolegelong. Eno e ne e le nako e e boima thata mo go Mmè e seng fela ka gonne Rre a ne a seyo mme gape le ka gonne Mmè o ne a itse gore go ise go ye kae nna le nnake re ne re tla lebana le teko ka ntlha ya go nna re itlhaotse.

Go Isiwa Kgolegelong Kwa Makedonia

Ke ne ka bilediwa bosoleng ka November 1949. Ke ne ka ya mme ka tlhalosa gore ke ne ke se kitla ke kgona go direla mo bosoleng ka ntlha ya segakolodi sa me. Badiredi ba ne ba sa batle go utlwa se ke se buang mme ba mpega mo tereneng le ba bangwe ba ba neng ba kwadiseditswe bosole ba re isa kwa Makedonia, kwa ntlheng e nngwe ya Yugoslavia.

Go ne ga feta dingwaga tse tharo ke sa bone ba lelapa la me le bakaulengwe ba bangwe mme ke ne ke se na dibuka kana Baebele. Go ne go le boima tota. Ke ne ka thusiwa ke go nna ke tlhatlhanya ka Jehofa le sekai sa ga Morwawe, Jesu Keresete. Sekao sa batsadi ba me le sone se ne sa nnonotsha. Mo godimo ga moo, go rapela ka metlha go ne ga nthusa gore ke se ka ka kgobega marapo.

Kgabagare ke ne ka romelwa kwa kgolegelong e e kwa Idrizovo, gaufi le Skopje. Mo kgolegelong eno, magolegwa a ne a dira ditiro tse di farologaneng. Kwa tshimologong ke ne ke phepafatsa mme morago ga moo ka nna mongwe yo o rongwang go tswa mo ofising e nngwe go ya go e nngwe. Le fa gone ke ne ke kgerisiwa ke legolegwa lengwe le pelenyana e neng e le mongwe wa mapodise a tshireletso, ke ne ke utlwana le mongwe le mongwe—balebedi, magolegwa le e leng motsamaisi wa feketeri ya kgolegelo.

Moragonyana ke ne ka utlwa gore go tlhokwa mongwe yo o neng a kgona go baka marotho mo kgolegelong. Morago ga malatsi a sekae, motsamaisi o ne a tla ka nako ya fa maina a magolewa a ne a bidiwa go bona gore a a teng otlhe. O ne a feta ka mola, a ema fa pele ga me, mme a mpotsa a re: “A o kgona go baka marotho?” Ke ne ka re: “Ee rra.” O ne a re: “Ka moso mo mosong o tle kwa ntlong ya go baka marotho.” Legolegwa le le neng le nkgerisa le ne le tlhola le feta fa go bakiwang marotho gone mme le ne le sa kgone go ntira sepe. Ke ne ka bereka gone go tloga ka February go fitlha ka July 1950.

Morago ga moo ke ne ka isiwa kwa kampeng e e neng e bidiwa Volkoderi, kwa borwa jwa Makedonia, gaufi le Letsha la Prespa. Ke ne ke kgona go kwala makwalo ke a romela gae go tswa mo motseng o o gaufi wa Otešovo. Ke ne ke bereka le setlhopha sa magolegwa a a neng a aga ditsela, mme bontsi jwa nako ke ne ke le kwa go bakiwang marotho gone, se se neng sa ntlhofofaletsa dilo. Ke ne ka gololwa ka November 1952.

Ka nako ya fa ke ne ke seyo kwa Podhom, go ne ga tlhongwa phuthego e nnye mo lefelong leo. Kwa tshimologong, phuthego e ne e kopanela mo ntlong ya go amogela baeng kwa Spodnje Gorje. Moragonyana, Rre o ne a dirisa kamore nngwe mo ntlong ya rona gore phuthego e kopanele mo go yone. Ke ne ka itumelela go kopanela le bone fa ke boa kwa Makedonia. Ke ne ka simolola go tsalana gape le Stanka, yo ke ileng ka kopana le ene pele ke ya kgolegelong. Re ne ra nyalana ka April 24, 1954. Le fa go ntse jalo, kgololesego ya me e ne e tla tloga e fela.

Go Isiwa Kgolegelong Kwa Maribor

Ke ne ka bilediwa gape bosoleng ka September 1954. Ka nako eno, ke ne ka atlholelwa go ya kgolegelong dingwaga tse di fetang tharo le sephatlho kwa Maribor, e e leng kwa ntlheng e e kgakala kwa bophirima jwa Slovenia. Ka bonako fela fa ke kgona, ke ne ka reka pampiri le dipensele. Ke ne ka simolola go kwala sengwe le sengwe se ke neng ke se gakologelwa—ditemana, dintlha tse di tswang mo makasineng wa Tora ya Tebelo le dintlha tse dingwe go tswa mo dikgatisong tsa Bokeresete. Ke ne ka bala se ke se kwadileng mme ka kwala dintlha tse dingwe fa ke ntse ke tla ke di gopola. Fa sekwebo sa me se fela, buka eo e ne e setse e tletse, mme seno se ne sa nthusa gore ke tlhome mogopolo mo boammaaruring le go nna ke nonofile semoyeng. Go rapela le go tlhatlhanya le gone go ile ga nthusa go nonofa semoyeng, go dira gore ke nne pelokgale go bolelela ba bangwe boammaaruri.

Ka nako eo, ke ne ke letlelelwa go amogela lekwalo le le lengwe ka kgwedi le go etelwa metsotso e le 15 fela. Stanka o ne a tle a tsamaye bosigo botlhe ka terena gore a tle a fitlhe kwa kgolegelong go sa le phakela go nketela, mme a bo a kgona go boa gape ka lone letsatsi leo. Maeto ano a gagwe a ne a nkgothatsa thata. Ke ne ka simolola go loga leano la go nna le Baebele. Nna le Stanka re ne re nna re bapile mo tafoleng re disitswe ke lesole. Fa lesole le le neng le re disitse le ne le sa ntse le lebile go sele, ke ne ka tsenya lekwalo mo bekeng ya ga Stanka, ke mo kopa gore fa a tla go nketela mo nakong e tlang, a tsenye Baebele mo bekeng ya gagwe.

Stanka le batsadi ba me ba ne ba akanya gore go ne go le kotsi thata go dira jalo, ka jalo ba ne ba tsaya ditsebe tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ba di tsenya mo marothong a dibanse. Ke ne ka amogela Baebele e ke neng ke e tlhoka ka tsela eno. Ke ne ka amogela le dikhopi tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo ka yone tsela eno, tse Stanka a neng a di kwalolotse ka seatla. E ne ya re fela fa ke di amogela, ke ne ke di kwalolola gape ke bo ke senya khopi e nngwe gore fa di ne di ka bonwa go se ka ga itsiwe gore di tswa kae.

E re ka ke ne ke sa tlogele go neela bosupi, magolegwa ka nna a ne a mpolelela gore ke ne ke tla tsena mo kotsing. Ka nako nngwe, ke ne ke ntse ke tlotla ka tlhagafalo ka Baebele le legolegwa lengwe. Re ne ra utlwa selotlolo se bula, mme ga tsena lesole lengwe la modisa. Ke ne ka akanya gore ke ne ke tlile go otlhaiwa ka go tsenngwa mo seleng ke le nosi fela. Mme lesole leno la modisa le ne le sa tlela seo. Le ne le utlwile motlotlo wa rona mme le lone le ne le batla go tlotla le rona. Fa le ne le kgotsofetse ka dikarabo tsa dipotso tse le neng le di boditse, le ne la lotlela sele le bo le tsamaya.

Ka kgwedi ya bofelo ya sekwebo sa me, mokomishinara yo o neng a na le maikarabelo a go fetola magolegwa, o ne a nkakgola ka ntlha ya maikemisetso a me a go emela boammaaruri. Ke ne ka akanya gore seno e ne e le tuelo e e molemo ya maiteko a me a go itsise ba bangwe ka leina la ga Jehofa. Ke ne ka gololwa gape kwa kgolegelong ka May 1958.

Go Tshabela Kwa Austria, Mme Morago ga Moo Kwa Australia

Mmè o ne a tlhokafala ka August 1958. O ne a ntse a lwala ka lobakanyana. Mme ka September 1958, ke ne ka bilediwa bosoleng ka lekgetlho la boraro. Maitseboa ao nna le Stanka re ne ra dira tshwetso eo e e masisi ya go kgabaganya molelwane jaaka ke umakile pelenyana. Kwantle ga go bolelela mongwe, re ne ra paka dikgetsi di sekae ra tsaya letsela lele le le thata mme ra tswa ka fensetere, re tsamaela ntlheng ya molelwane wa Austria kwa bophirima jwa Thaba ya Stol. Go ne go bonala gore Jehofa o ne a re bulela tsela ka nako ya fa re ne re sa tlhole re kgona go itshoka.

Balaodi ba kwa Austria ba ne ba re romela kwa kampeng ya batshabi gaufi le Salzburg. Ka dikgwedi tse thataro fa re le koo, re ne re fetsa nako e ntsi re na le Basupi ba lefelo leo, ka jalo re ne re fetsa nako e nnye mo kampeng. Batho ba bangwe mo kampeng ba ne ba gakgametse go bo re dirile ditsala ka bonako jalo. Ka nako eno, re ne ra nna gone kwa kopanong ya rona ya ntlha. Gape e ne e le santlha re neng re kgona go rera ka ntlo le ntlo ka kgololesego. Fa nako ya rona ya go tsamaya e goroga, go ne go le thata go kgaogana le ditsala tseno tse di rategang.

Balaodi ba kwa Austria ba ne ba re naya tshono ya gore re fudugele kwa Australia. Re ne re ise re ko re akanye gore re ne re tla ya kgakala jaana. Re ne ra tsamaya ka terena go ya Genoa, kwa Italy, mme ra palama sekepe se se neng se ya Australia. Kgabagare re ne ra nna kwa toropong ya Wollongong, kwa New South Wales. Fa re le koo, morwarona, e bong Philip, o ne a tsholwa ka March 30, 1965.

Go nna kwa Australia go re buletse ditshono tse dintsi tsa tirelo, go akaretsa le tshono ya go rerela ba bangwe ba ba fudugileng go tswa kwa mafelong a a neng e le a Yugoslavia pele. Re leboga masego a ga Jehofa, le go bo re kgona go mo direla re le lelapa le le kopaneng. Philip le mosadi wa gagwe e bong Susie, ba na le tshiamelo ya go direla kwa ofising ya lekala la kwa Australia la Basupi ba ga Jehofa, e bile ba ile ba nna le tshono ya go fetsa dingwaga tse pedi kwa ofising ya lekala la kwa Slovenia.

Le fa re na le mathata a a tlisiwang ke botsofe le botsogo jo bo seng bontle, nna le mosadi wa me re ntse re itumelela go direla Jehofa. Ke lebogela sekao sa batsadi ba me fela thata! Sekao seo se sa ntse se nnonotsha le jaanong, se nthusa go dira se moaposetoloi Paulo a neng a se bua a re: “Ipeleng mo tsholofelong. Itshokeng mo pitlaganong. Nnelang ruri mo thapelong.”—Baroma 12:12.

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Batsadi ba me mo bokhutlong jwa bo1920

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Mmè, kafa mojeng, le Ančka, yo a neng a ruta Mmè boammaaruri

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ke na le mosadi wa me, Stanka, moragonyana fela fa re sena go nyalana

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Phuthego e e neng e kopanela mo ntlong ya gaetsho ka 1955

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ke na le mosadi wa me, morwaarona Philip, le mosadi wa gagwe, Susie