Ikele Tlhoko Gore o se Nne Mabela
Ikele Tlhoko Gore o se Nne Mabela
“Modimo o ganetsa ba ba mabela.”—JAKOBE 4:6.
1. Umaka sekai sa go nna motlotlo ka tsela e e siameng.
A GO kile ga nna le tiragalo nngwe e e neng ya go dira gore o ikutlwe o le motlotlo? Bontsi jwa rona re kile ra nna le maikutlo a a ntseng jalo a a itumedisang. Ga go phoso go ikutlwa o le motlotlo ka selekanyo se se rileng. Ka sekai, banyalani ba Bakeresete ba ka nna motlotlo ka morwadiabone fa ba bona pego ya gagwe ya sekolo e e bontshang gore o itshwere sentle le gore o dira ka natla mo tirong ya sekolo. Moaposetoloi Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba nna motlotlo ka phuthego e ntšha e ba neng ba nnile le seabe mo go e tlhomeng ka gonne bakaulengwe ba yone ba ile ba itshokela pogiso ka boikanyegi.—1 Bathesalonika 1:1, 6; 2:19, 20; 2 Bathesalonika 1:1, 4.
2. Ke eng fa gantsi go itlotlomatsa go sa siama?
2 Go tswa mo dikaing tseno, re kgona go bona gore go nna motlotlo go ka kaya go ikutlwa o itumetse ka ntlha ya tiro nngwe kana sengwe se o nang le sone. Le fa go ntse jalo, gantsi go itlotlomatsa go supa maikutlo a a sa siamang a go itseela kwa godimo ka ntlha ya bokgoni jo o nang le jone, ditebego, dikhumo kana maemo. Gantsi motho o go bontsha ka go nna boikgogomoso, a le mabela. Ruri rona Bakeresete re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra nna le boikutlo jo bo ntseng jalo. Ka ntlha yang? Ka gonne re tsetswe re na le maikutlo a go nna bogagapa a re a ruileng mo go rraaronamogolo Adame. (Genesise 8:21) Seo se ka dira gore dipelo tsa rona di re tsietse ka go re dira gore re itlotlomatse ka mabaka a a sa siamang. Ka sekai, Bakeresete ba tshwanetse go tila go itlotlomatsa ka lotso, khumo, thutego, bokgoni kana go ipapisa le ba bangwe ka se ba se dirang. Go itlotlomatsa ka dilo tse di ntseng jalo ga go a siama e bile ga go itumedise Jehofa.—Jeremia 9:23; Ditiro 10:34, 35; 1 Bakorintha 4:7; Bagalatia 5:26; 6:3, 4.
3. Mabela ke eng, mme Jesu o ne a reng ka one?
3 Go na le lebaka le lengwe gape le le tshwanetseng go re dira gore re tile go itlotlomatsa. Fa re letla boikutlo jo bo ntseng jalo go gola mo dipelong tsa rona, bo ka feleletsa bo fetogile mofuta o mongwe o o maswe le go feta wa go itlotlomatsa, e leng mabela. Mabela ke eng? Mo godimo ga go itseela kwa godimo, motho yo o mabela o tseela ba bangwe kwa tlase, a itsaya a le botoka mo go bone. (Luke 18:9; Johane 7:47-49) Jesu o ne a amanya “mabela” le mekgwa e mengwe e e sa siamang e e tswang “mo pelong” le e e ‘leswafatsang motho.’ (Mareko 7:20-23) Bakeresete ba lemoga kafa go leng botlhokwa ka teng go tila go nna mabela.
4. Go akanya ka dikai tsa batho ba ba mabela ba go buiwang ka bone mo Baebeleng go ka re thusa jang?
4 Go akanya ka dipego dingwe tsa Baebele tse di buang ka batho ba ba neng ba le mabela go ka go thusa gore o se ka wa nna mabela. Ka go dira jalo o tla kgona go lemoga maikutlo a a sa siamang a go itlotlomatsa a o ka tswang o na le one kgotsa a go ka diregang gore o simolole go nna le one fa go ntse go ya. Seno se tla go thusa go tila dikakanyo kana maikutlo a a ka go dirang gore o nne le pelo e e mabela. Ga o kitla o nna mongwe wa batho ba Modimo a ba Sefania 3:11.
tlhagisang jaana: “Ke tla tlosa mo gare ga gago batho ba gago ba ba itumelang ka mabela; mme ga o kitla o tlhola o nna mabela gape mo thabeng ya me e e boitshepo.”—Modimo o Tseela ba ba Mabela Kgato
5, 6. Faro o ne a bontsha jang go nna mabela, mme go ne ga felela ka eng?
5 O kgona go bona kafa Jehofa a ikutlwang ka teng ka go nna mabela fa o leba tsela e a neng a dirisana ka yone le babusi ba ba maatla ba ba jaaka Faro. Ga go pelaelo gore Faro o ne a le mabela. E re ka a ne a itsaya e le modimo, a batla gore a obamelwe, o ne a nyatsa makgoba a gagwe, Baiseraele. Akanya ka tsela e a neng a itshwara ka yone fa a ne a kopiwa gore a letle Iseraele go ya kwa nageng go ya go ‘keteka moletlo’ wa ga Jehofa. O ne a araba jaana ka mabela: “Jehofa ke mang, gore nka utlwa lentswe la gagwe mme ka lesa Iseraele a tsamaya?”—Ekesodo 5:1, 2.
6 Fa Faro a sena go welwa ke dipetso di le thataro, Jehofa o ne a laela Moshe go botsa mmusi yono wa Egepeto jaana: “A o sa ntse o itshwere ka mabela kgatlhanong le batho ba me ka go sa ba lese ba tsamaya?” (Ekesodo 9:17) Morago ga moo Moshe o ne a mo itsise petso ya bosupa—sefako se se neng sa senya naga yotlhe. Ka bonako fela fa Faro a sena go golola Baiseraele morago ga petso ya bolesome, o ne a fetola mogopolo mme a ba sala morago. Kwa bofelong, Faro le masole a gagwe ba ne ba kgangwa ke metsi a Lewatle le Lehibidu. Akanya gore ba ka tswa ba ile ba akanya eng fa metsi a ne a ba khurumetsa! Mabela a ga Faro a ne a felela ka eng? Masole a gagwe a a tseelwang kwa godimo a ne a re: “A re tshabeng re se ka ra kopana ka tsela epe le Iseraele, ka gonne ruri Jehofa o ba tlhabanela mo Baegepetong.”—Ekesodo 14:25.
7. Babusi ba Babelona ba ne ba bontsha jang gore ba mabela?
7 Go na le babusi ba bangwe ba ba neng ba le mabela ba le bone Jehofa a neng a ba kokobetsa. Mongwe wa bone e ne e le Senakeribe, kgosi ya Asiria. (Isaia 36:1-4, 20; 37:36-38) Kgabagare Asiria e ne ya gapiwa ke Bababelona, le fa go ntse jalo, dikgosi tse pedi tse di mabela tsa Bababelona le tsone di ne tsa kokobediwa. Gakologelwa mokete o Kgosi Beleshasare a neng a o dira le baeti ba gagwe ba segosi mme ba nwa beine ka dijana tsa tempele ya ga Jehofa ba galaletsa medimo ya Babelona. Ka yone nako eo go ne ga bonala menwana ya seatla sa motho e kwala mo leboteng. Fa Beleshasare a ne a kopa moporofeti Daniele gore a mo tlhalosetse bokao jwa mokwalo, Daniele o ile a mo gakolola jaana: “Mogodimodimo o ne a naya Nebukadenesare rrago bogosi . . . Mme e ne ya re fa pelo ya gagwe e nna mabela . . . , o ne a folosiwa mo setulong sa bogosi jwa gagwe, le seriti sa gagwe se ne sa tlosiwa mo go ene. . . . Mme fa e le wena Beleshasare morwawe, ga o a kokobetsa pelo ya gago, le fa o ne o itse seno sotlhe.” (Daniele 5:3, 18, 20, 22) Mo go jone bosigo joo, masole a Bameda le Baperesia a ne a gapa Babelona, mme Beleshasare a bolawa.—Daniele 5:30, 31.
8. Jehofa o ne a dirisana jang le batho bangwe ba ba mabela?
8 Akanya ka batho ba bangwe ba ba neng ba nyatsa batho ba ga Jehofa: Mokaloba wa Mofilisitia, e bong Goliate, Tonakgolo ya Peresia, e bong Hamane le Kgosi Herode Ageripa, yo o neng a busa porofense ya Judea. Modimo o ne a dira gore banna bao ba bararo ba swe loso lo lo tlhabisang ditlhong ka ntlha ya go nna mabela. (1 Samuele 17:42-51; Esethere 3:5, 6; 7:10; Ditiro 12:1-3, 21-23) Tsela e Jehofa a neng a dirisana ka yone le banna bao ba ba mabela e gatelela boammaaruri jono: “Boikgogomoso bo tla pele ga go thubagana, mme moya o o mabela o tla pele ga go kgotšwa.” (Diane 16:18) Ee ruri, ga go pelaelo gore “Modimo o ganetsa ba ba mabela.”—Jakobe 4:6.
9. Go ne ga tla jang gore dikgosi tsa Ture di tlhanoge?
9 Go farologana le babusi ba ba mabela ba Egepeto, Asiria le Babelona, nako nngwe kgosi ya Ture yone e ne ya nna molemo mo bathong ba Modimo. Ka nako ya puso ya ga Kgosi Dafide le Solomone, e ne ya thusa ka badiri ba ba ditswerere le ka didirisiwa tsa go aga dikago tsa segosi le tempele ya Modimo. (2 Samuele 5:11; 2 Ditiragalo 2:11-16) Ka maswabi, fa nako e ntse e ya, batho ba Ture ba ne ba tlhanogela batho ba ga Jehofa. Ke eng se se neng sa dira gore ba ba tlhanogele?—Pesalema 83:3-7; Joele 3:4-6; Amose 1:9, 10.
“Pelo ya Gago E ne Ya Nna Mabela”
10, 11. (a) Ke mang yo o ka tshwantshiwang le dikgosi tsa Ture? (b) Ke eng se se neng sa dira gore dikgosi tsa Ture di tlhanogele Iseraele?
10 Jehofa o ne a tlhotlheletsa moporofeti Esekiele go senola le go kgala dikgosi tsa Ture. Molaetsa oo o o lebisitsweng kwa ‘kgosing ya Ture’ o na le mafoko a a tshwanelang dikgosi tsa Ture le motsietsi wa kwa tshimologong, e bong Satane, yo o neng “a se ka a itsetsepela mo boammaaruring.” (Esekiele 28:12; Johane 8:44) Satane e kile ya bo e le sebopiwa sa semoya se se ikanyegang mo phuthegong ya ga Jehofa ya barwa ba kwa legodimong. Jehofa Modimo o dirisa Esekiele go senola lebaka la konokono le le dirileng gore dikgosi tsa Ture le Satane ba tlhanoge:
11 “O ne o le kwa Edene, tshingwana ya Modimo. Leje lengwe le lengwe le le tlhokegang e ne e le seipipo sa gago . . . O tšheruba e e tloditsweng e e bipang . . . O ne o se na molato mo ditseleng tsa gago go tloga mo letsatsing la go bopiwa ga gago go fitlha tshiamololo e fitlhelwa mo go wena. Ka ntlha ya letlotlo la dithoto tsa gago tse di rekisiwang ba ne ba tlatsa thubakanyo mo gare ga gago, mme wa simolola go leofa. Mme ke tla . . . go senya, wena tšheruba e e bipang . . . Pelo ya gago e ne ya nna mabela ka ntlha ya bontle jwa gago. O ne wa senya botlhale jwa gago ka ntlha ya bontlentle jwa gago jo bo tsabakelang.” (Esekiele 28:13-17) Ee, mabela a ne a tlhotlheletsa dikgosi tsa Ture go lwantsha batho ba ga Jehofa. Ture e ne ya huma thata ka go bo e ne ya nna motse wa kgwebo e bile e ile ya tuma ka ntlha ya bontle jwa dilo tsa yone. (Isaia 23:8, 9) Dikgosi tsa Ture di ile tsa simolola go ikgogomosa mme tsa gatelela batho ba Modimo.
12. Ke eng se se neng sa dira gore Satane a fetoge motsietsi, mme o tswelela pele ka go dira eng?
12 Moengele yo o neng a fetoga Satane le ene o kile a bo a na le botlhale jo a neng a ka bo dirisa go diragatsa kabelo epe fela e Modimo a neng a ka mo abela yone. Go na le gore a bontshe go leboga Modimo, o ne a simolola go “gogomosiwa ke boikgogomoso” le go nyatsa tsela ya Modimo ya go busa. (1 Timotheo 3:6) O ne a itseela kwa godimo thata jaana mo a neng a simolola go eletsa go obamelwa ke Adame le Efa. Keletso eno e e boikepo e ne ya emera mme ya tsala boleo. (Jakobe 1:14, 15) Satane o ne a raela Efa go ja leungo la setlhare se le sengwe fela se Modimo a neng a ba ileditse go se ja. Go tswa foo Satane o ne a mo dirisa go raela le Adame gore a je leungo le le ileditsweng. (Genesise 3:1-6) Ka gone, banyalani ba ntlha ba ne ba gana tshwanelo ya Modimo ya go nna molaodi wa bone, mme ka go dira jalo ba nna baobamedi ba ga Satane. O ne a le mabela tota. O ile a leka go raela dibopiwa tsotlhe tse di botlhale kwa legodimong le mono lefatsheng, go akaretsa le Jesu Keresete, gore di tlhanogele bolaodi jwa ga Jehofa ka gore di obamele ene.—Mathaio 4:8-10; Tshenolo 12:3, 4, 9.
13. Mabela a bakile matswela afe?
13 Ka gone, o ka bona gore mabela a simologa mo go Satane; ke one a tota a dirileng gore gompieno mo lefatsheng go nne le boleo, pogo le boikepo. E re ka Satane e le “modimo wa tsamaiso eno ya dilo,” o tswelela pele ka go rotloetsa batho go nna le maikutlo a a sa siamang a go nna boikgogomoso le go nna mabela. (2 Bakorintha 4:4) O itse gore nako ya gagwe e khutshwane, ka gone o tlhasela Bakeresete ba boammaaruri. Boikaelelo jwa gagwe ke go dira gore ba tlhanogele Modimo, gore ba nne baithati, baipegi le batho ba ba mabela. Baebele e ile ya bolelela pele gore mekgwa e e ntseng jalo ya bogagapa e ne e tla ata mo ‘metlheng eno ya bofelo.’—2 Timotheo 3:1, 2; Tshenolo 12:12, 17.
14. Jehofa o dirisana le batho ba gagwe ba ba botlhale go ya ka molao ofe?
14 Jesu Keresete o ne a senola matswela a a sa siamang a a bakilweng ke mabela a ga Satane. Mo e ka nnang ka makgetlo a mararo Jesu o ile a tlhalosa jaana a bua le baba ba gagwe ba ba neng ba rata go ipona tshiamo a tlhalosa molao o Jehofa a o dirisang fa a dirisana le batho: “Mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tla kokobediwa mme yo o ikokobetsang o tla godisiwa.”—Luke 14:11; 18:14; Mathaio 23:12.
Sireletsa Pelo ya Gago Gore E se Ka ya Nna Mabela
15, 16. Ke eng se se neng sa dira gore Hagare a nne mabela?
15 O ka tswa o etse tlhoko gore dikai tsa go nna mabela tse di umakilweng fa godimo di ne di akaretsa batho ba maemo. A seno se bolela gore batho fela ba e seng ba maemo ba ka se nne mabela? Ga go a nna jalo. Akanya ka tiragalo e e neng ya direga mo lelapeng la ga Aborahame. Aborahame o ne a se na morwa yo o neng a tla nna moruaboswa mme mosadi wa gagwe, e bong Sara, o ne a setse a tsofetse mo a ka se kang a kgona go nna le bana. Go ne go tlwaelegile gore monna yo o mo seemong se Aborahame a neng a le mo go sone a nyale mosadi wa bobedi mme a nne le bana le ene. Modimo o ne a letla manyalo a a ntseng jalo ka gonne e ne e ise e nne nako ya gore a busetse molao wa gagwe wa kwa tshimologong o o kaga lenyalo mo baobameding ba boammaaruri.—Mathaio 19:3-9.
16 Aborahame o ne a dumela fa mosadi wa gagwe a ne a mo kopa gore a tshole morwa yo o neng a tla nna moruaboswa wa gagwe le lelata la gagwe la Moegepeto, e bong Hagare. Hagare yo e neng ya nna mosadi yo mmotlana wa ga Aborahame o ne a ima. O tshwanetse a ka bo a ile a lebogela maemo ao a a kgethegileng a a neng a na le one. Go na le moo, o ne a letla pelo ya gagwe go nna mabela. Baebele e bolela jaana: “E rile a lemoga gore o imile, mohumagadi wa gagwe a simolola go nyatsega mo matlhong a gagwe.” Boikutlo joo bo ne jwa baka mathata a magolo jaana mo lelapeng la ga Aborahame mo Sara a neng a leleka Hagare. Le fa go ntse jalo bothata joo bo ne bo ka rarabololwa. Moengele wa Modimo o ne a gakolola Hagare jaana: “Boela kwa mohumagading wa gago mme o ikokobeletse seatla sa gagwe.” (Genesise 16:4, 9) Go bonala Hagare a ile a ikobela kgakololo eo, a fetola boikutlo jwa gagwe ka Sara, mme a nna mmèmogolo wa setšhaba se segolo.
17, 18. Ke eng fa rotlhe re tshwanetse go tila go nna mabela?
17 Kgang ya ga Hagare e bontsha gore motho a ka nna mabela fa maemo a gagwe a nna botoka. Se re ithutang sone ke gore tota le Mokeresete yo o ileng a itshupa a na le pelo e e siameng mo tirelong ya gagwe go Modimo a ka fetoga go nna mabela fa a simolola go huma kana a nna le taolo. Gape a ka nna mabela fa batho ba bangwe ba mo tlotlomaletsa katlego ya gagwe, botlhale kana bokgoni. Ee, Mokeresete o tshwanetse go nna kelotlhoko gore a se ka a letla pelo ya gagwe e nna mabela. O tshwanetse go dira jalo segolobogolo fa a nna le katlego kana a nna le maikarabelo a a oketsegileng.
18 Lebaka le legolo go gaisa la go bo re tshwanetse go tila go nna mabela ke tsela e Modimo a ikutlwang ka teng ka mokgwa ono. Lefoko la gagwe la re: “Matlho a a mabela le pelo e e ikgodisang, lobone lwa baikepi, ke boleo.” (Diane 21:4) Sengwe se se kgatlhang ke gore, ka tlhamalalo Baebele e tlhagisa Bakeresete “ba ba humileng mo tsamaisong ya jaanong ya dilo” gore ba se ka ba “itseela kwa godimo” kana ba nna “mabela.” (1 Timotheo 6:17; Duteronome 8:11-17) Bakeresete ba ba sa humang ba tshwanetse go tila go nna le “leitlho le le lefufa,” mme ba se lebale gore mongwe le mongwe fela a ka nna mabela—mohumi kana mohumanegi.—Mareko 7:21-23; Jakobe 4:5.
19. Usia o ne a senya jang leina la gagwe le lentle?
19 Mabela le mekgwa e mengwe e e boikepo di ka senya kamano ya motho le Jehofa. Ka sekai, akanya ka karolo ya ntlha ya puso ya ga Kgosi Usia: “A nna a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa . . . Mme ka metlha a sekamela mo go batleng Modimo . . . ; mme, mo metlheng ya go batla ga gagwe Jehofa, Modimo wa boammaaruri a mo atlegisa.” (2 Ditiragalo 26:4, 5) Le fa go ntse jalo, ka maswabi, Kgosi Usia o ne a senya leina le lentle le a neng a itiretse lone, ka gonne ‘pelo ya gagwe e ne ya nna mabela gore a bo a dire bosula.’ O ne a itseela kwa godimo thata jaana mo a neng a tsena mo tempeleng a fisa maswalo. Fa moperesiti a mo kgalema gore a se ka a dira tiro e e ntseng jalo ya boikgodiso, “Usia a galefa.” Seo se ne sa dira gore Jehofa a mo iteye ka lepero, mme o ne a swa a sa tlhole a amogelwa ke Modimo.—2 Ditiragalo 26:16-21.
20. (a) Leina le le molemo le Kgosi Hesekia a neng a itiretse lone le ne le le mo kotsing ka tsela efe? (b) Go tla sekasekwa eng mo setlhogong se se latelang?
20 O ka bapisa sekai seno le sa ga Kgosi Hesekia. Nako nngwe leina le le molemo la kgosi eno le ne le le mo kotsing ya go senyega ka gonne “pelo ya gagwe e ne ya nna mabela.” Selo se se itumedisang ke gore, “Hesekia [o ne] a ikokobetsa mo go nneng mabela ga pelo ya gagwe” mme Modimo a boa a mo amogela. (2 Ditiragalo 32:25, 26) Ela tlhoko gore boikokobetso ke jone jo bo ileng jwa thusa Hesekia go tlogela go nna mabela. Ee, motho yo o boikokobetso ga a nne mabela. Ka gone, mo setlhogong se se latelang re tla sekaseka kafa re ka lwelang go nna le boikokobetso jwa Bokeresete ka teng.
21. Bakeresete ba ba boikokobetso ba ka solofela eng?
21 Le fa go ntse jalo, a le ka motlha re se lebale matswela a a sa itumediseng a a bakwang ke go nna mabela. E re ka “Modimo a ganetsa ba Isaia 2:17.
ba mabela,” a re ititeyeng sehuba gore re tla tila boikutlo jo bo sa siamang jwa go ikgogomosa. Fa re ntse re lwela go nna Bakeresete ba ba boikokobetso, re ka solofela go falola letsatsi le legolo la Modimo, le mo go lone batho ba ba mabela ba tla bong ba fedisitswe mo lefatsheng le ditiro tsa bone. Ka nako eo, “mabela a motho wa mo lefatsheng a tla kokobediwa, le go ipega ga batho go tla kokobediwa; mme Jehofa a le esi o tla tlotlomadiwa mo letsatsing leo.”—Dintlha Tsa go Tlhatlhanya
• O ka tlhalosa jang motho yo o mabela?
• Mabela a simologile kae?
• Ke eng se se ka dirang gore motho a nne mabela?
• Ke eng fa re tshwanetse go tila go nna mabela?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Mabela a ga Faro a ne a dira gore a kokobediwe
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Maemo a a fetogileng a ga Hagare a ne a dira gore a nne mabela
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Hesekia o ne a ikokobetsa mme a boa a amogelwa ke Modimo