Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefoko la ga Jehofa le a Gola Kwa “Nageng ya Bontsu”

Lefoko la ga Jehofa le a Gola Kwa “Nageng ya Bontsu”

Lefoko la ga Jehofa le a Gola Kwa “Nageng ya Bontsu”

“NAGA ya Bontsu.” Eno ke tsela e batho ba kwa Albania ba bitsang naga ya bone ka puo ya bone. Naga eno e e lebaneng le lewatle la Aderia e ikadile mo Pheninsuleng ya Balkan e e leng fa gare ga Gerika le naga e pele e neng e le Yugoslavia. Le fa go na le dikgopolo di le dintsi ka kgang ya gore batho ba kwa Albania ba tswa kae, bakwalahisitori ba le bantsi ba dumalana gore Ba-Albania le puo ya bone ba tswa mo morafeng wa Ba-Illyria ba bogologolo ba go ya ka The Encyclopædia Britannica, setso sa bone se simologileng ka bo 2000 B.C.E.

Naga ya Albania e na le dilo di le dintsinyana tsa tlholego tse dintle, tse di tshwanang le dithaba tse di goletseng kwa godimo kwa bokone jo bo kgakala le dintshi tsa lewatle tse di tletseng moshawa o mosweu kwa borwa jwa Aderia. Le fa go ntse jalo, batho ba teng ke bone ba leng bantle le go feta. Ba botsalano e bile ba itse go amogela baeng, ba matlhagatlhaga, ke batho ba ba kgonang go ithuta dilo ka bonako le ba ba tlhalosang maikutlo a bone ka tsela e e matlhagatlhaga.

Ba Etelwa ke Morongwa yo o Itsegeng Thata

Ga go pelaelo gore mo makgolong a dingwaga a a fetileng botho jo bo kgatlhang jwa batho ba naga eo le lefelo la bone le lentle di ne tsa kgatlha mojanala mongwe. Mo e ka nnang ka 56 C.E. moaposetoloi Paulo yo o neng a eta thata o ne a kwala jaana: “Go fitlha kwa Ilirikomo ke rerile dikgang tse di molemo ka botlalo ka ga Keresete.” (Baroma 15:19) Karolo e e kafa borwa ya Ilirikomo e lebane sentle le bogare le bokone jwa Albania. Paulo o ne a kwala a le kwa Korintha mo Gerika kafa borwa jwa Ilirikomo. Lebaka la go bo a ne a re o rerile ka botlalo “go fitlha kwa Ilirikomo” le supa gore a ka tswa a ne a tsamaya go fitlha kwa molelwaneng wa Ilirikomo kana a ne a tsena mo teng ga kgaolo eo. Go sa kgathalesege gore boemo bo ka tswa e le bofe, o tshwanetse a bo a rerile mo lefelong le gompieno le bidiwang Albania borwa. Ka jalo tiro ya go rera ka Bogosi e e neng ya dirwa la ntlha mo Albania e ne ya dirwa ke Paulo.

Go ne ga feta makgolokgolo a dingwaga. Mebuso e ne ya tsoga ya bo ya wa. Mebuso ya dinaga di sele e ne ya busa naga eno e nnye ya Yuropa go fitlha Albania e bona boipuso ka 1912. Dingwaga di ka nna lesome morago ga moo, lefoko le le kaga Bogosi jwa ga Jehofa le ne la utlwiwa gape mo Albania.

Tshimologo e e Kgatlhang mo Motlheng wa Gompieno

Mo dingwageng tsa bo1920, Ba-Albania ba le mmalwa ba ba neng ba fudugetse kwa United States ba ba neng ba kopane le Baithuti ba Baebele ba Boditšhabatšhaba, e leng tsela e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba itsiwe ka yone ka nako eo, ba ne ba boela kwa Albania go ya go bolelela ba bangwe se ba neng ba ithutile sone. Mongwe wa bone e ne e le Nasho Idrizi. Batho ba bangwe ba ne ba amogela molaetsa oo. Gore go tlhokomelwe palo e e golang ya batho ba ba neng ba kgatlhega, ka 1924 ofisi ya kwa Romania e ne ya abelwa go okamela tiro ya go rera kwa Albania.

Thanas Duli (Athan Doulis) o ne a le mo palong ya ba ba neng ba ithuta ka Jehofa kwa Albania mo dingwageng tseo. O gakologelwa jaana: “Ka 1925 go ne go na le diphuthego di le tharo mo Albania, le Baithuti ba Baebele le batho ba ba kgatlhegang mole le mole mo nageng eo. Tsela e ba neng ba ratana ka yone e ne e farologane gotlhelele le ya batho ba ba neng ba ba dikologile!” *

Go ne go le thata go tsamaya mo ditseleng tsa teng gonne di ne di se mo maemong a a siameng. Le fa go ntse jalo, baboledi ba ba tlhagafetseng ba ne ba sa itsemeletse go lebana le kgwetlho eo. Ka sekai, Areti Pina yo o nnang mo lebopong le le kafa borwa mo Vlorë, o ne a kolobediwa a le dingwaga di le 18 ka 1928. O ne a tlhatloga le go fologa dithaba tse di tletseng maje a rera a tshwere Baebele mo seatleng. Mo dingwageng tsa bo1930 e ne e le leloko la phuthego e e tlhagafetseng ya kwa Vlorë.

Ka bo1930 tiro ya go rera kwa Albania e ne e kaelwa ke ofisi ya lekala ya kwa Athena mo Gerika. Ka 1932 molebedi yo o etang yo o tswang kwa Gerika o ne a etela kwa Albania go ya go kgothatsa le go nonotsha bakaulengwe. Bontsi jwa batho ba ba neng ba ithuta boammaaruri jwa Baebele ka nako eo ba ne ba na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. E re ka ba ne ba itsege e le batho ba ba phepa le ba ba siameng, seno se ne sa dira gore batho ba ba tlotle thata gongwe le gongwe. Tiro ya bakaulengwe bano ba ba ikanyegang e ne ya nna le matswela a le mantsi. Mo ngwageng wa 1935 le wa 1936 ba ne ba kgona go tsamaisa dikgatiso tsa Baebele di ka nna 6 500 mo Albania.

Letsatsi lengwe Nasho Idrizi o ne a tshameka nngwe ya dipuo tsa ga J. F. Rutherford ka keramafono mo bogareng jwa toropo ya Vlorë. Batho ba ne ba tswala dikgwebo tsa bone mme ba tla go reetsa fa Mokaulengwe Idrizi a ranolela puo eo mo puong ya Se-Albania. Barutisi bao ba Baebele ba ba neng ba dira ka natla mo dingwageng tseo, ba ne ba segofalediwa tlhagafalo ya bone. Ka 1940 go ne go setse go na le Basupi ba le 50 mo Albania.

Naga ya Batho Ba ba Sa Dumeleng mo Modimong

Mo ngwageng wa 1939 Ba-Fascist ba kwa Itali ba ne ba thopa naga. Go letlelelwa ga Basupi ba ga Jehofa semolao go ne ga kgaodiwa mme tiro ya bone ya go rera e ne ya thibelwa. Moragonyana fela ga foo, masole a Jeremane a ne a tlhasela naga. Fa Ntwa ya Lefatshe II e fela, go ne ga tlhaga moeteledipele mongwe wa masole yo o kgonang go tlhotlheletsa batho yo o bidiwang Enver Hoxha. Lekoko la gagwe la Bokomonise le ne la fenya ditlhopho ka 1946 mme a nna tonakgolo. Dingwaga tse di neng tsa latela di ne tsa bidiwa nako ya kgololesego, mme batho ba ga Jehofa bone ba ne ba gateletswe.

Kgabagare puso e ne e sa tlhole e kgona go itshokela bodumedi. Go dumalana le boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Albania ba ne ba gana go tshola dibetsa le go nna le seabe mo dipolotiking. (Isaia 2:2-4; Johane 15:17-19) Bontsi jwa bone ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong ba se na dijo kana dilo tse ba di tlhokang gore ba tshele. Gantsi bokgaitsadi ba bone ba semoya ba ba seng mo kgolegelong ba ne ba ba tlhatswetsa diaparo le go ba apeela.

Go Lebana le Pogiso ka Bopelokgale

Mo masimologong a dingwaga tsa bo1940, Frosina Xheka, yo o tswang kwa motseng o o gaufi le Përmet yo ka nako eo a neng a le mo dingwageng tsa bolesome, o ne a utlwa se bokgaitsadie ba neng ba se ithuta mo Mosuping mongwe yo o bidiwang Nasho Dori yo tiro ya gagwe e neng e le go baakanya ditlhako. * Puso e ne e ntse e thatafaletsa Basupi ba ga Jehofa dilo mme tumelo ya ga Frosina e ne ya nonofa le fa batsadi ba gagwe ba ne ba sa rate seo. “Ba ne ba fitlha ditlhako tsa me mme ba mpetsa fa nka ya kwa dipokanong tsa Bokeresete. Ba ne ba dira dithulaganyo tsa gore ke nyalane le motho yo e neng e se Mokeresete. Fa ke gana ba ne ba nteleka mo lapeng. Go ne go wa kapoko mo letsatsing leo. Nasho Dori o ne a kopa Mokaulengwe Gole Flloko yo o nnang kwa Gjirokastër gore a nthuse. Ba ne ba dira dithulaganyo tsa gore ke nne le lelapa la gagwe. Bokgaitsadiake ba ne ba latlhetswe dingwaga tse pedi mo kgolegelong ka ntlha ya go nna ba itlhaotse mo dipolotiking. Fa ba sena go gololwa ke ne ka fudugela kwa Vlorë go ya go nna le bone.

“Mapodise a ne a leka go mpateletsa go nna le seabe mo ditirong dingwe tse di amanang le dipolotiki. Ke ne ka gana. Ba ne ba nkgolega, ba ntsenya mo kamotshaneng nngwe mme ba ntikaganyetsa. Mongwe wa bone o ne a ntshosetsa ka go re: ‘A o a itse gore re ka go dirang?’ Ke ne ka araba ka go re: ‘Lo ka kgona go dira fela se Jehofa a lo letlelelang gore lo ntire sone.’ O ne a araba ka go re: ‘O a tsenwa! Tswa o tsamaye!’”

Mo dingwageng tseo, bakaulengwe ba kwa Albania ba ne ba itsiwe ka moya ono wa boikanyegi. Ka 1957 go ne ga fitlhelelwa tlhora ya baboledi ba Bogosi ba le 75. Mo masimologong a bo1960, ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya rulaganya gore moagi wa kwa Albania yo o neng a fudugetse kwa United States e bong John Marks a etele kwa Tiranë go ya go thusa go rulaganya tiro ya Bokeresete. * Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae Luçi Xheka, Mihal Sveci, Leonidha Pope le bakaulengwe ba bangwe ba ba nang le maikarabelo ba ne ba romelwa kwa dikampeng tse go dirwang ka thata kwa go tsone.

Go Nna le Tsholofelo ya Gore Dilo di Tla Siama

Pele ga 1967, madumedi otlhe a ne a sa amogelwe mo Albania. Mme morago ga moo a ne a sa letlelelwe gotlhelele. Ga go moruti ope wa Katoliki, wa Orthodox kana wa Bamoseleme yo o neng a ka tshwara tirelo nngwe ya bodumedi. Dikereke le mafelo a kobamelo a Bamoseleme di ne tsa tswalwa kana tsa fetolwa go nna dijiminase, dimusiamo kana mebaraka. Ga go motho ope yo o neng a letleletswe go nna le Baebele. Ga go na motho yo o neng a tshwanetse go bolela gore o dumela mo Modimong.

Go ne go le thata tota go rera le go kopana mmogo. Mosupi mongwe le mongwe o ne a leka ka natla go direla Jehofa le fa gone a ne a tshwanelwa ke go dira jalo a le esi. Go tloga ka bo1960 go ya go bo1980 palo ya Basupi e ne ya ngotlega thata. Le fa go ntse jalo, ba ne ba nonofile tota semoyeng.

Go ya kwa bofelong jwa bo1980, go ne ga nna le diphetogo tsa dipolotiki mo Albania tse di neng di direga ka bonya. Go ne go le thata go bona dijo le diaparo. Batho ba ne ba sa itumela. Mo tshimologong ya bo1990, diphetogo tse di neng di simolotse kwa Yuropa Botlhaba di ne tsa fitlha le mo Albania. Morago ga dingwaga di le 45 tsa puso ya bobusaesi, puso e ntšha e ne ya letlelela gore go nne le kgololesego ya bodumedi gape.

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ne sa kaela ofisi ya lekala ya kwa Austria le kwa Gerika gore ka bonako fela ba simolole go ikgolaganya le bakaulengwe ba kwa Albania. Bakaulengwe ba kwa Gerika ba ba neng ba kgona go bua Se-Albania ba ne ba isa dikgatiso tse disha tsa Baebele tse di neng di sa tswa go ranolwa kwa Tiranë le Berat. Bakaulengwe bao ba ba neng ba gasametse kwa mafelong a mangwe mo nakong e e fetileng ba ne ba itumela thata fa ba kopana le Basupi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe la ntlha morago ga dingwagangwaga.

Babulatsela ba ba Tlhoafetseng go Tswa Kwa Dinageng Tse Dingwe ba Etelela Tiro Pele

Mo tshimologong ya 1992, Setlhopha se se Laolang se ne sa rulaganya gore banyalani ba e neng e le barongwa e bong Michael le Linda DiGregorio, ba ba goletseng kwa Albania ba busediwe teng. Ba ne ba ikgolaganya le bakaulengwe ba ba godileng ba ba ikanyegang mme ba ba thusa gore ba boele ba nne karolo ya lelapa la semoya la batho ba ditšhaba tse di farologaneng. Ka November go ne ga goroga setlhopha sa babulatsela ba ba kgethegileng kana sa bareri ba nako e e tletseng ba ba tswang kwa Itali ba le 16 mmogo le babulatsela ba le banè ba Bagerika. Go ne ga rulaganngwa khoso go ba thusa go ithuta Se-Albania.

Botshelo jwa letsatsi le letsatsi bo ne bo le thata mo babulatseleng bano ba ba tswang kwa dinageng di sele. Motlakase wa teng o ne o tima gantsintsi. Mariga a teng a ne a le tsididi e bile a le bongola. Batho ba ne ba ema mo meleng diura tse ditelele gore ba bone dijo le dilo dingwe tse ba di tlhokang. Le fa go ntse jalo, bothata jo bogolo jo bakaulengwe ba neng ba lebane le jone e ne e le go bona dikago tse dikgolo tse di ka kgonang go tsenya batho ba bantsi ba ba neng ba kgatlhegela boammaaruri!

Babulatsela ba ba neng ba na le bothata jwa go bua puo ya Se-Albania ba ne ba lemoga gore go itse puo go thusa fela gore o kgone go bua le motho yo mongwe. Morutisi mongwe wa Baebele yo o nang le boitemogelo o ne a ba raya a re: “Ga re tlhoke go nna ditswerere mo thutapuong gore re kgone go nyenya kana go tlamparela bakaulengwe ba rona ka lorato. Ba-Albania ba tla itumelela lorato lo lo tswang pelong lo re ba ratang ka lone, e seng gore re dikgeleke tsa puo go le kana kang. Lo se ka lwa tshwenyega, ba tla tlhaloganya.”

Morago fela ga khoso ya ntlha ya go ithuta puo, babulatsela ba ne ba simolola go rera kwa Berat, Durres, Gjirokastër, Shkodër, Tiranë, le kwa Vlorë. Go ise go ye kae go ne ga tlhongwa diphuthego mo ditoropong tseo. Areti Pina, yo jaanong a leng mo dingwageng tsa bo80 e bile a lwala o ne a sa ntse a nna kwa Vlorë. Babulatsela ba le babedi ba ba kgethegileng ba ne ba romelwa koo go ya go rera le Areti. Batho ba ne ba gakgamaditswe ke go utlwa batho ba ba tswang kwa dinageng di sele ba bua Se-Albania: “Barongwa ba ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi ba dira gore re ithute Seesemane kana Sentadiana fa re batla go ithuta sengwe mo go bone. Lo tshwanetse lwa bo lo re rata tota e bile lo tshwere molaetsa wa botlhokwa ka gonne lo ithutile Se-Albania!” Areti o ne a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka boikanyegi ka January 1994, a tlhagafetse mo tirong ya go rera go fitlha mo kgweding e a tlhokafetseng ka yone. Tlhagafalo e ene le babulatsela ba bangwe ba neng ba e supa e ne ya segofadiwa. Ka 1995 phuthego e ne ya tlhongwa gape kwa Vlorë. Gompieno go na le diphuthego tse tharo tse di golang sentle tse di ntseng di rera mo boemakepeng joo.

Mo nageng eo ka bophara, batho ba ne ba bolawa ke tlala ya semoya mme ba tlhaolana ka ntlha ya bodumedi. Ba ne ba amogela le go bala dikgatiso tsotlhe tsa Baebele tse ba di neilweng ke Basupi ba ga Jehofa. Basha ba le bantsi ba ne ba simolola go ithuta mme ba gatela pele ka bonako.

Diphuthego tse di fetang 90 le ditlhopha di ntse di “nitamisiwa mo tumelong e bile di oketsega ka palo letsatsi le letsatsi” mo nageng eo ka bophara. (Ditiro 16:5) Basupi ba le 3 513 ba kwa Albania ba sa ntse ba na le tiro e ntsi e ba tshwanetseng go e dira. Ka March 2005 go ne go na le batho ba le 10 144 kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete. Dipuisano tse Basupi ba nnileng le tsone le batho bano ba ba ratang go amogela baeng di dirile gore go simololwe dithuto tsa Baebele tse di fetang 6 000. Ga go pelaelo gore batho ba le diketekete ba tla solegelwa molemo ke Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e sa tswang go gololwa ka Se-Albania. Eleruri Lefoko la ga Jehofa le a gola kwa “Nageng ya Bontsu,” mme seno se tlisetsa Jehofa pako.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Go bona kgang ya botshelo ya ga Thanas Duli, bona Tora ya Tebelo, ya December 1, 1968 (ka Seesemane).

^ ser. 17 Go bala ka kgang ya botshelo ya ga Nasho Dori, bona Tora ya Tebelo, ya January 1, 1996.

^ ser. 19 Go bala ka kgang ya botshelo ya mosadi wa ga John Marks e bong Helen, bona Tora ya Tebelo, ya January 1, 2002.

[Lebokoso mo go tsebe 20]

DINTWA TSA SEMORAFE DI A FELA KWA KOSOVO!

Kosovo e ne e ya nna leina le le umakiwang thata kwa bofelong jwa bo1990 fa go ne go lwelwa naga le fa letlhoo le le tseneletseng la bomorafe le ne le dira gore go feleletse go na le ntwa e e neng ya dira gore dinaga tse dingwe di tle go tsereganya.

Ka nako ya ntwa e e neng e le kwa dinageng tsa Balkan, Basupi ba le bantsi ba ne ba tshabela kwa dinageng tsa boagisani. Fa ntwa e sena go kokobela, setlhopha se sennye sa bone se ne sa boela kwa Kosovo se iketleeleditse go rera. Babulatsela ba ba kgethegileng ba kwa Albania le ba Bantadiana ba ne ba ithaopa gore ba tla fudugela kwa Kosovo go ya go thusa baagi ba le 2 350 000 ba ba nnang koo. Diphuthego di le nnè le ditlhopha di le thataro tse di tlhagafetseng tse di nang le baboledi ba ka nna 130 di direla Jehofa mo tshimong eno.

Mo dikgakologong tsa 2003 go ne ga tshwarwa kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe kwa Priština mme go ne go na le batho ba le 252. Mo go bone go ne go na le bangwe ba e neng e le Ba-Albania, Bajeremane, Bantadiana, Ba-Gypsy le Ba-Serbia. Kwa bofelong jwa puo ya kolobetso sebui se ne sa botsa dipotso tse pedi. Batho bangwe ba le bararo ba ne ba ema go araba ka ee: mongwe e le Mo-Albania, yo mongwe Mo-Gypsy mme yo mongwe ene e le Mo-Serbia.

Go ne ga utlwala modumo o mogolo wa go opiwa ga diatla fa bareetsi ba sena go utlwa modumo o o tswang ka nako e le nngwe o o reng: “Va!,” “Da!,” le “Po!” go tswa mo bathong bano ba bararo ba ba neng ba ya go kolobediwa. Ba ne ba tlamparelana. Ba ne ba bone karabo ya mathata a a tseneletseng a bomorafe a a ntseng a tshwenya naga ya bone.

[Mmapa mo go tsebe 17]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Lewatle la Mediterranean

ITALI

ALBANIA

GERIKA

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Basupi ba babotlana ba etsa tlhagafalo ya ba ba godileng

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Areti Pina o ne a direla ka boikanyegi go tloga ka 1928 go fitlha fa a tlhokafala ka 1994

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Setlhopha sa ntlha sa babulatsela ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ba leng mo khosong ya go ithuta puo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

Eagle: © Brian K. Wheeler/VIREO