A go Na le Mongwe yo Tota a ka Fetolang Lefatshe?
A go Na le Mongwe yo Tota a ka Fetolang Lefatshe?
“Batho ba ba humanegileng ba re bolelela gore sa ntlha ba batla kagiso le polokesego—mme go tswa foo ba batla go newa sebaka sa gore ba tokafatse matshelo a bone. Ba batla melao e e nang le tshiamiso ya ditšhaba le ya boditšhabatšhaba gore maiteko a bone a se ka a kgorelediwa ke maatla a magolo a dinaga tse di humileng le a dikhampani tse di humileng.”
MOTSAMAISI mongwe wa mokgatlho wa boditšhabatšhaba wa namolo o ne a tlhalosa jalo fa a bua ka dilo tse bahumanegi ba di solofetseng le tse ba tlhologeletsweng gore di direge. Tota e bile, mafoko a gagwe a tlhalosa se batho botlhe ba ba welwang ke masetlapelo le ba ba sa tshwarwang ka tsela e e siameng mo lefatsheng ba ka ratang gore se direge. Botlhe ba batla gore go nne le kagiso ya mmatota le pabalesego mo lefatsheng. A tota go tla tsamaya go nna jalo mo lefatsheng? A go na le mongwe yo tota a nang
le maatla le bokgoni jwa go fetola lefatshe leno le tota le se nang tshiamiso?Maiteko a go Tlisa Diphetogo
Batho ba bantsi ba lekile. Ka sekai, Florence Nightingale, mosadi wa Moesemane yo o tshedileng mo lekgolong la bo19 la dingwaga, o ne a dirisa botshelo jwa gagwe e le mooki yo o tlhokomelang balwetse ka bopelotlhomogi ba le mo maemong a a phepa. Mo motlheng wa gagwe—pele ga dibolayamegare le dibolayabaketeria di nna teng—tlhokomelo ya balwetse mo bookelong e ne e sa tshwane le e re ka solofelang go e bona gompieno. Pego nngwe ya re, “Baoki ba ne ba sa rutega, ba se phepa e bile ba itsege ka botagwa le boitsholo jo bo sa siamang.” A Florence Nightingale o ne a atlega mo maitekong a gagwe a go fetola tiro ya booki? Ee, o ne a atlega. Le batho ba bangwe ba le bone ba amegang ka ba bangwe, ba ba seng pelotshetlha, ba ile ba atlega mo dilong tse dintsi mo botshelong—go ruta batho go bala le go kwala, go ba naya thuto, kalafi, matlo le dijo, fa re umaka di sekae fela. Ka ntlha ya seo, go tokafaditswe thata matshelo a batho ba le dimilionemilione ba ba tlhokang.
Le fa go ntse jalo, re ka se itlhokomolose ntlha eno e e boammaaruri: Batho ba le matshutitshuti ba santse ba sotlwa ke ntwa, bokebekwa, bolwetse, leuba le ditiragalo tse dingwe tsa masetlapelo. Mokgatlho mongwe wa namolo kwa Ireland o o bidiwang Concern, wa re: “Lehuma le bolaya batho ba le 30 000 letsatsi le letsatsi.” Tota le bokgoba, jo balweladiphetogo ba le bantsi ba sa bolong go bo lwantsha mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng, bo sa ntse bo le teng. Disposable People—New Slavery in the Global Economy ya re: “Go na le makgoba a mantsi gompieno go feta batho botlhe ba ba neng ba utswiwa mo Afrika ka nako ya fa go ne go gwebiwa ka makgoba go kgabaganya lewatle la Atlantic.”
Ke eng se se sentseng maiteko a batho ba neng ba a dira go tlisa phetogo e e feletseng le e e nnelang ruri? A ke fela gore batho ba ba humileng le ba ba maatla ba a fenya kana go na le mabaka a mangwe?
Dilo Tse di Kgoreletsang Phetogo
Go ya ka Lefoko la Modimo, Satane Diabolo ke ene yo o kgoreletsang maiteko a batho thata a go dira gore go nne le lefatshe le le nang le tshiamiso tota. Moaposetoloi Johane o re bolelela gore “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Tota e bile, gone jaanong Satane o ‘tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’ (Tshenolo 12:9) Pele ga tlhotlheletso ya gagwe e e bosula e fedisiwa, go sa ntse go tla nna le batho ba ba direlwang bosula le ba ba sa tshwarweng sentle. Ke eng se se dirileng gore boemo jono jo bo utlwisang botlhoko bo nne teng?
Batsadi ba rona ba ntlha Adame le Efa ba ne ba newa lefatshe le le neng le dirilwe go nna legae la paradaise la batho botlhe—lefatshe le le neng le le “molemo tota.” (Genesise 1:31) Ke eng se se fetotseng dilo? Ke Satane. O ne a gwetlha tshwanelo ya Modimo ya go baya melao e banna le basadi ba tshwanetseng go tshela ka yone. O ne a dira gore go lebege e kete tsela e Modimo a busang ka yone ga e a siama. O ne a tlhotlheletsa Adame le Efa gore ba tlhophe go ipusa gore ba tle ba itirele tshwetso ya se se siameng le se se sa siamang. (Genesise 3:1-6) Seno se ne sa felela ka selo sa bobedi se se kgoreleditseng batho go nna le lefatshe le le siameng le le nang le tshiamiso—boleo le bosaitekanelang.—Baroma 5:12.
Ke ka Ntlha Yang a bo Letleletse?
Batho bangwe ba ka nna ba botsa jaana: ‘Ke eng fa Modimo a ne a letlelela boleo le
bosaitekanelang? Ke eng fa a ne a sa dirise maatla a gagwe a a sa feleng go fedisa ditsuolodi a bo a simolola sesha?’ Seo se lebega e le tharabololo e e motlhofo. Le fa go ntse jalo, tiriso ya maatla e tsosa dipotso tse di masisi. A ga go boammaaruri gore bahumanegi le batho ba ba gateletsweng mo lefatsheng ba lela thata ka go dirisiwa ga maatla ka tsela e e sa tshwanelang? A batho ba ba siameng ga ba nne le dipelaelo fa mogateledi mongwe a dirisa maatla a gagwe go fedisa batho ba ba sa dumalaneng le melao ya gagwe?Go tlhomamisetsa batho ba ba ikanyegang gore Ene ga a dirise maatla a gagwe ka tsela e e sa tshwanelang, Modimo o ne a swetsa ka gore a tlogele Satane le batho ba ditsuolodi gore ba tshele fela ba sa dirise melao ya bomodimo le melaometheo—ka nakwana fela. Go feta ga nako go ne go tla supa gore tsela ya Modimo ya go busa ke yone fela e e siameng. Go ne go tla bontsha gore dithibelo dipe fela tse a di re beelang di solegela rona molemo. Tota e bile, ditlamorago tse di maswe tsa go tsuologela puso ya Modimo di setse di bontshitse gore seo se boammaaruri. E bile ditlamorago tseo di bontshitse gore Modimo o na le lebaka le le utlwalang la go dirisa maatla a gagwe a magolo go fedisa bosula fa a batla go dira jalo. Seo se tla direga go ise go ye kae.—Genesise 18:23-32; Duteronome 32:4; Pesalema 37:9, 10, 38.
Go fitlha ka nako e Modimo a tsayang kgato ka yone, re iphitlhela re se na kgoro ya botso mo tsamaisong eno ya dilo e e se nang tshiamiso, re “fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo.” (Baroma 8:22) Le fa re ka dira eng go fetola dilo, re ka se fedise Satane, e bile re ka se kgone go fedisa gotlhelele bosaitekanelang jo bo bakang pogo yotlhe e re leng mo go yone. Ruri re ka se kgone go fedisa diphelelo tsa boleo jo re bo ruileng mo go Adame.—Pesalema 49:7-9.
Jesu Keresete o Tla Tlisa Phetogo e e Nnelang Ruri
A seno se raya gore re sweletse? Le e seng. Mongwe yo o maatla go feta motho fela yo o swang o neilwe maikarabelo a go tlisa phetogo e e nnelang ruri. Ke mang motho yoo? Ke Jesu Keresete. Mo Baebeleng o tlhalosiwa e le Moemedi yo Mogolo wa Modimo yo o tla nayang batho poloko.—Ditiro 5:31.
Jaanong o emetse “nako e e tlhomilweng” ya Modimo gore a tseye kgato. (Tshenolo 11:18) Ke eng tota se a tlileng go se dira? O tla ‘tsosolosa dilo tsotlhe tse Modimo a neng a bua ka tsone ka molomo wa baporofeti ba gagwe ba ba boitshepo ba nako ya bogologolo.’ (Ditiro 3:21) Ka sekai, Jesu o tla “golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. . . . O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong.” (Pesalema 72:12-16) Ka Jesu Keresete, Modimo o solofetsa gore o tla “dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.” (Pesalema 46:9) O solofetsa jaana: “Ga go na monni ope [wa lefatshe la gagwe le le phepafaditsweng] yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” Difofu, bosusu le digole—botlhe ba ba amilweng ke bolwetse—ba tla boa ba itekanedisiwa gape ka botlalo. (Isaia 33:24; 35:5, 6; Tshenolo 21:3, 4) Le ba ba suleng bogologolo ba tla solegelwa molemo. O solofetsa gore o tla tsosa mo baswing batho ba ba neng ba sa tshwarwa sentle le ba ba neng ba gateletswe.—Johane 5:28, 29.
Jesu Keresete ga a na go tlisa phetogo ya nakwana, e e sa felelang. O tla fedisa gotlhelele dikgoreletsi tsotlhe tse di dirang gore go se ka ga nna le lefatshe le le siameng. O tla tlosa boleo le bosaitekanelang mme o tla fedisa Satane Diabolo le botlhe ba ba tsuologang jaaka ene. (Tshenolo 19:19, 20; 20:1-3, 10) Tlalelo le pogo e Modimo a e letleletseng ka nakwana di “ka se tsoge lekgetlo la bobedi.” (Nahume 1:9) Jesu o ne a akantse sone seo fa a ne a re ruta go rapelela gore Bogosi jwa Modimo bo tle le gore go diragale thato ya Modimo “le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:10.
O ka nna wa re, ‘A mme Jesu ga a ka a re “re tla nna re na le bahumanegi ka metlha”? A seo ga se reye gore go tlhoka tshiamiso le lehuma di tla nna di le teng?’ (Mathaio 26:11) Ee, Jesu o ne a bua jalo a re bahumanegi ba tla nna ba ntse ba le teng. Le fa go ntse jalo, ditemana tse di dikologileng mafoko ao a gagwe mmogo le ditsholofetso tsa Lefoko la Modimo di bontsha gore o ne a raya gore batho ba ba humanegileng ba tla nna ba le teng fa fela tsamaiso eno ya dilo e ise e fele. O ne a itse gore ga go na motho ope yo o ka kgonang go fedisa lehuma le go tlhoka tshiamiso mo lefatsheng. Gape o ne a itse gore o tla fetola dilo tseo tsotlhe. Go ise go ye kae o tla tlisa tsamaiso e ntšhantšha ya dilo—“magodimo a masha le lefatshe le lesha” tse mo go tsone botlhoko, bolwetse, lehuma le loso di ka se tlholeng di nna teng.—2 Petere 3:13; Tshenolo 21:1.
“Lo se Ka Lwa Lebala go Dira Molemo”
A seno se raya gore ga go na mosola go dira sotlhe se re ka se kgonang go thusa batho ba bangwe? Le e seng. Baebele e re kgothaletsa go thusa ba bangwe fa ba lebane le diteko le maemo a a ngomolang pelo. Kgosi Solomone wa bogologolo o ne a kwala jaana: “O se ka wa gana ka molemo mo go ba o ba tshwanetseng, fa go le mo maatleng a seatla sa gago go o dira.” (Diane 3:27) Moaposetoloi Paulo o rotloetsa jaana: “Lo se ka lwa lebala go dira molemo le go abalana dilo le ba bangwe.”—Bahebera 13:16.
Jesu Keresete ka boene o ne a re kgothaletsa go dira sotlhe se re ka se kgonang go thusa ba bangwe. O ne a tlotla setshwantsho sa Mosamarea yo o neng a kopana le monna yo o neng a iteilwe e bile a thukuthilwe. Jesu a re monna wa Mosamarea o ne a “tlhotlheletsega go tlhomoga pelo” mme a dirisa dilo tsa gagwe go hapa dintho tsa monna yo o iteilweng yoo le go mo thusa gore a fole. (Luke 10:29-37) Mosamarea yoo yo o kutlwelobotlhoko ga a ka a fetola lefatshe, mme se a neng a se dira se ne sa fetola botshelo jwa monna yoo thata. Re ka dira se se tshwanang.
Le fa go ntse jalo, Jesu Keresete a ka dira se se fetang fela go thusa batho ka bongwe. O tla kgona go tlisa phetogo tota, mme o tloga a dira jalo mo nakong e e sa fediseng pelo. Fa a tlisa phetogo, batho ba gompieno ba sa tshwarwang sentle ba tla kgona go tokafatsa matshelo a bone le go itumelela kagiso ya mmatota le polokesego.—Pesalema 4:8; 37:10, 11.
Fa re sa ntse re emetse gore seo se direge, a re se okaokeng go dira sengwe le sengwe se re ka se kgonang ka tsela ya semoya le ya senama go ‘dira se se molemo’ mo go botlhe ba ba sa tshwarwang sentle mo lefatsheng leno le le se nang tshiamiso.—Bagalatia 6:10.
[Ditshwantsho mo go tsebe 5]
Florence Nightingale o ne a tlisa diphetogo tse dikgolo mo go tsa booki
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy National Library of Medicine
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Balatedi ba ga Keresete ba direla ba bangwe molemo
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]
The Star, Johannesburg, S.A.