Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tla Tsamaya le Modimo?

A o Tla Tsamaya le Modimo?

A o Tla Tsamaya le Modimo?

“Nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago.”—MIKA 6:8.

1, 2. Tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone ka rona e ka tshwantshiwa jang le ya motsadi yo o rutang ngwana go tsamaya?

ALESEA le le sa kgoneng go itsetsepela sentle fa le eme le leka go itshwarelela ka diatla tsa motsadi wa lone tse di otlolotsweng le bo le dira maiteko a lone a ntlha a go ithuta go tsamaya. Seo se ka lebega e le selo se se sa reng sepe, mme mo go mmè le rre ke tiragalo e e botlhokwa tota, tiragalo e e ba nayang tsholofelo ka isagwe. Batsadi ba tlhoafalela nako ya fa ba tla bo ba tsamaya le ngwana wa bone ba mo tshwere ka seatla mo dikgweding le mo dingwageng tse di tlang. Ba solofetse go kaela ngwana wa bone le go mo ema nokeng ka ditsela di le dintsi mo isagweng.

2 Jehofa Modimo le ene o ikutlwa jalo ka bana ba gagwe ba mo lefatsheng. O kile a bua jaana ka batho ba gagwe ba Iseraele, kana Eferaime: “Ke ne ka ruta Eferaime go tsamaya, ke ba tseela mo mabogong a me . . . Ke ne ka nna ka ba goga ka megala ya batho ba mo lefatsheng, ka megala ya lorato.” (Hosea 11:3, 4) Jehofa fano o itlhalosa e le motsadi yo o lorato yo ka bopelotelele a rutang ngwana wa gagwe go tsamaya, gongwe a mo tshwara fa go direga gore a we. Jehofa, Motsadi yo o ba gaisang botlhe, o tlhoafaletse go re ruta go tsamaya. Mme gape o itumelela go tsamaya le rona fa re ntse re gatela pele. Jaaka fa temana ya rona ya setlhogo e bontsha, re ka kgona go tsamaya le Modimo! (Mika 6:8) Mme gone, go tsamaya le Modimo go bolela eng? Ke eng fa re tlhoka go tsamaya le ene? Re ka kgona jang go tsamaya le ene? Mme ke masego afe a re nnang le one fa re tsamaya le Modimo? A re sekaseke dipotso tseno tse nnè ka bongwe ka bongwe.

Go Tsamaya le Modimo go Bolela Eng?

3, 4. (a) Ke eng se se gakgamatsang ka kgang ya go tsamaya le Modimo? (b) Go tsamaya le Modimo go kaya eng?

3 Ke boammaaruri gore, motho wa nama le madi a ka se ka a tsamaya le Jehofa ka tsela ya mmatota ka gonne Jehofa ke motho wa semoya. (Ekesodo 33:20; Johane 4:24) Ka gone, fa Baebele e bua ka batho ba tsamaya le Modimo e a bo e dirisa puo ya tshwantshetso. E dirisa tsela ya go tshwantsha e e tshwanelang tota, e e tshwanelang batho ba ditšhaba le ditso tsotlhe go sa kgathalasege motlha o ba tshelang mo go one. Tota ke kae kana ke mo motlheng ofe moo batho ba se kitlang ba tlhaloganya fa go buiwa ka motho a tsamaya le yo mongwe? A ga go boammaaruri gore tlhaloso eno e dira gore motho a akanye ka kamano ya lorato le ya botsala? Maikutlo a a ntseng jalo a re dira gore re nne le lesedinyana ka kgang ya gore go tsamaya le Modimo go bolela eng. Le fa go ntse jalo, a re tlhalose kgang eno go ya pele.

4 Gakologelwa Enoke le Noa, banna ba ba neng ba ikanyega. Ke eng fa go twe ba ne ba tsamaya le Modimo? (Genesise 5:24; 6:9) Mo Baebeleng gantsi “go tsamaya” go kaya go latela tsela e e rileng ya go tshela. Enoke le Noa ba ne ba tlhopha tsela ya botshelo e e neng e dumalana le thato ya ga Jehofa Modimo. Go farologana le batho ba motlha wa bone, bone ba ne ba senka kaelo ya ga Jehofa le go ikobela kaelo ya gagwe. Ba ne ba mo ikanya. A seno se bolela gore Jehofa o ne a ba direla ditshwetso? Nnyaa. Jehofa o neile batho tshwanelo ya go itirela ditshwetso, mme o batla gore re dirise tshwanelo eo go tsamaisana le ‘maatla a rona a go akanya.’ (Baroma 12:1) Le fa go ntse jalo, fa re ntse re dira ditshwetso, ka boikokobetso re letla maatla a rona a go akanya go kaelwa ke mogopolo wa ga Jehofa o mogolo thata mo go wa rona. (Diane 3:5, 6; Isaia 55:8, 9) Tota re ka re, fa re ntse re tsere mosepele wa botshelo, re tsamaya jalo re atamalane thata le Jehofa.

5. Ke eng fa Jesu a ne a bua ka go oketsa lobaka lwa botshelo jwa motho ka kubita?

5 Gantsi Baebele e tshwantsha botshelo le loeto kana mosepele. Ka dinako tse dingwe, e bua ka jone e bo bapisa le loeto ka tlhamalalo mme ka dinako tse dingwe e se ka tlhamalalo. Ka sekai, Jesu o ile a re: “Ke mang wa lona yo ka go tlhobaela a ka oketsang lobaka lwa botshelo jwa gagwe ka kubita e le nngwe?” (Mathaio 6:27) Mangwe a mafoko ano a ka go akabatsa. Ke eng fa Jesu a dirisa “kubita”—e e dirisiwang go lekanya sekgala—a e amanya le go oketsa “lobaka lwa botshelo” jwa motho, e re ka “lobaka lwa botshelo” lo lekanngwa ka nako? * Go bonala Jesu a ne a tshwantsha botshelo le go tsaya loeto. Tota se a neng a se tlhalosa ke gore go tshwenyega go ka se ka ga go thusa go oketsa botshelo jwa gago le fa e le ka kgato e le nngwe. A mme re tshwanetse go swetsa ka gore, ga go na sepe se re ka se dirang go oketsa lobaka lwa nako lo re ka lo tsamayang le Modimo? Legoka! Seno se re tlisa mo potsong ya rona ya bobedi, Ke eng fa re tlhoka go tsamaya le Modimo?

Ke Eng fa re Tlhoka go Tsamaya le Modimo?

6, 7. Batho ba ba sa itekanelang ba tlhoka eng fela thata, mme ke eng fa re tshwanetse go senka thuso eo mo go Jehofa?

6 Lebaka lengwe la go bo re tshwanetse go tsamaya le Jehofa Modimo le tlhalosiwa mo go Jeremia 10:23: “Ke itse sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” Ka gone, rona batho ga re na bokgoni e bile ga re na tshwanelo ya go kaela tsela ya rona ya botshelo. Re tlhoka go kaelwa fela thata. Batho ba ba tatalalelang go tshela ka tsela ya bone, ba sa batle go kaelwa ke Modimo, ba dira phoso e e neng ya dirwa ke Adame le Efa. Banyalani bano ba ntlha ba ne ba ipagololela mogodu ka go batla go itirela tshwetso ya gore se se siameng le se se sa siamang ke sefe. (Genesise 3:1-6) ‘Ga se ga rona’ go itirela tshwetso eo.

7 A o ikutlwa o tlhoka go kaelwa mo loetong lwa gago lwa botshelo? Letsatsi le letsatsi re tshwanelwa ke go dira ditshwetso, tse dinnye le tse dikgolo. Dingwe tsa ditshwetso tseno ke tse di boima mme di ka ama isagwe ya gago—le ya ba o ba ratang. Le fa go ntse jalo, akanya fela gore mongwe yo mogolo thata le yo o botlhale go re feta o itumelela go re kaela ka lorato fa re dira ditshwetso tseno! Ka maswabi, batho ba le bantsi gompieno ba rata go ikanya tlhaloganyo ya bone le go kaela dikgato tsa bone. Ba itlhokomolosa boammaaruri jo bo tlhalosiwang mo go Diane 28:26: “Yo o ikanyang pelo ya gagwe o sematla, mme yo o tsamayang ka botlhale ke ene yo o tla falolang.” Jehofa o batla gore re tile masetlapelo a a bakwang ke go ikanya pelo ya rona e e boferefere. (Jeremia 17:9) O batla gore re tsamaye ka botlhale, re ikanye ene e re ka e le Mokaedi le Motlhatlheledi yo o botlhale. Fa re dira jalo, re tla tshela botshelo jo bo sireletsegileng, jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang.

8. Boleo le bosaitekanelang di lebisa batho kwa lefelong lefe, mme gone, ke eng se Jehofa a re batlelang sone?

8 Lebaka le lengwe la go bo re tlhoka go tsamaya le Modimo le amana le boleele jwa mosepele wa rona. Baebele e tlhalosa boammaaruri jono jo bo hutsafatsang. Ka tsela nngwe, batho botlhe ba ba sa itekanelang ba tsere mosepele go ya lefelong le le lengwe. Fa Moreri 12:5 e tlhalosa diteko tse di bakwang ke botsofe, ya re: “Motho o ya kwa ntlong ya gagwe e e nnang lobaka lo lo leele mme baledi ba gwantile go dikologa mo mmileng.” ‘Ntlo eno e e nnang lobaka lo loleele’ ke eng? Ke lebitla, le boleo le bosaitekanelang di re tseelang kwa go lone. (Baroma 6:23) Le fa go ntse jalo, Jehofa o re batlela sengwe se se fetang mosepele o mokhutshwane le o o tletseng mathata wa go tloga fa re tsholwa go fitlha re swa. (Jobe 14:1) Ke fela fa re tsamaya le Modimo re ka solofelang go tsamaya lobaka lo a ikaeletseng gore re lo tsamaye, e leng ka bosakhutleng. A seo ga se se o se batlang? Ga go pelaelo he gore, o tlhoka go tsamaya le Modimo wa gago.

Re ka Kgona Jang go Tsamaya le Modimo?

9. Ke eng fa ka dinako tse dingwe Jehofa a ne a fitlhegetse batho ba gagwe, le fa go ntse jalo ke mafoko afe a a kgothatsang a a mo go Isaia 30:20?

9 Potso ya boraro e re tlhokang go e sekaseka e re tlhoka gore re e sekaseke ka kelotlhoko thata. Ke e e reng, Re ka kgona jang go tsamaya le Modimo? Re bona karabo mo go Isaia 30:20, 21: “Motlhatlheledi yo Mogolo wa lona ga a kitla a tlhola a iphitlha, mme matlho a lona a tla nna matlho a a bonang Motlhatlheledi wa lona yo Mogolo. Mme ditsebe tsa lona di tla utlwa lefoko kwa morago ga lona le re: ‘Tsela ke e. Tsamayang ka yone,’ fa go direga gore lo ye kafa mojeng kgotsa go direga gore lo ye kafa molemeng.” Mo ditemaneng tseno tse di kgothatsang, mafoko a ga Jehofa a a mo Isa 30 temaneng ya 20 a ka tswa a ile a gopotsa batho ba gagwe gore fa ba ne ba mo tsuologela, tota o ne a ba fitlhegela. (Isaia 1:15; 59:2) Le fa go ntse jalo, fano ga go buiwe ka Jehofa a ba iphitlhetse, go na le moo, go buiwa ka ene a eme fa batho ba gagwe ba ba ikanyegang ba ka mmonang sentle teng. Seno se ka dira gore re akanye ka motlhatlheledi a eme fa pele ga baithuti ba gagwe, a ba bontsha se a batlang ba se ithuta.

10. Ke ka tsela efe o ka ‘utlwang lefoko la Motlhatlheledi wa gago yo Mogolo kwa morago’ ga gago?

10 Mo Isa 30 temaneng ya 21 go dirisiwa setshwantsho se se farologaneng. Jehofa o tlhalosiwa a tsamaya kafa morago ga batho ba gagwe, a ba kaela mo tseleng e ba tshwanetseng go tsamaya ka yone. Bakanoki ba Baebele ba ile ba tlhalosa gore mafoko ano a ka tswa a amana le tsela e ka dinako tse dingwe modisa a neng a sala dinku tsa gagwe morago ka yone, a di bitsa gore a di kaele le gore di se ka tsa fapogela mo tseleng e sele. Setshwantsho seno se re ama jang? Ee, fa re senka kaelo mo Lefokong la Modimo, re a bo re bala mafoko a a kwadilweng diketekete tsa dingwaga tse di fetileng. Go ntse jaaka e kete mafoko ano a a kwadilweng bogologolo a utlwala kafa morago ga rona. Le fa go ntse jalo, le gompieno mafoko ano a tshwanela tota fela jaaka ka nako ya fa a ne a kwalwa. Kgakololo ya Baebele e ka re kaela mo ditshwetsong tse re di dirang letsatsi le letsatsi, e bile e ka re thusa go rulaganya tsela ya rona ya botshelo mo isagweng. (Pesalema 119:105) Fa re senka kgakololo eo ka tlhoafalo mme re bo re e dirisa, re a bo re bontsha gore Jehofa ke Mokaedi wa rona. Re a bo re tsamaya le Modimo.

11. Go ya ka Jeremia 6:16, Jehofa o ne a dirisa setshwantsho sefe se se amang pelo go gakolola batho ba gagwe, mme ba ile ba tsiboga jang?

11 A ruri re letla Lefoko la Modimo le re kaela jalo? Go ka nna molemo gore ka dinako tse dingwe re eme go se kae mme re itshekatsheke ka boikanyegi. Akanya ka temana eno e e ka re thusang go dira jalo: “Jehofa o buile jaana: ‘Emang fela mo ditseleng, lona batho, mme lo bone lo bo lo botse ka ditsela tsa bogologolo, kwa jaanong tsela e e molemo e leng teng; lo tsamaye mo go yone mme lo bonele meya ya lona boiketlo.’” (Jeremia 6:16) Mafoko ano a ka re gopotsa motsamai yo o emang fa marakanelong a ditsela go botsa mongwe tsela. Ka tsela ya semoya re ka re, batho ba ga Jehofa ba batsuolodi kwa Iseraele le bone ba ne ba tshwanetse go dira sengwe se se ntseng jalo. Ba ne ba tshwanetse go senka tsela ya go boela mo ‘ditseleng tsa bogologolo.’ ‘Tsela eo e e molemo’ e ne e le tsela e borraabonemogolo ba ba ikanyegang ba neng ba tsamaya ka yone, tsela e setšhaba se neng se dirile boeleele jwa go letla gore ba fapoge mo go yone. Ka maswabi, Iseraele o ne a tsibogela kgakololo eno e e lorato ya ga Jehofa ka go nna thamoethata. Yone temana eno e tswelela jaana: “Mme ba nna ba re: ‘Ga re na go tsamaya.’” Mo metlheng ya gompieno, batho ba Modimo ba ile ba tsibogela kgakololo eo ka tsela e e farologaneng.

12, 13. (a) Balatedi ba ba tloditsweng ba ga Keresete ba ile ba tsibogela jang kgakololo ya Jeremia 6:16? (b) Gompieno re ka itshekatsheka jang go bona kafa re tsamayang ka teng?

12 Fa e sale go ela kwa bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, balatedi ba ga Keresete ba ba tloditsweng ba ile ba dirisa kgakololo ya Jeremia 6:16. Jaaka setlhopha, ba ile ba di goga kwa pele mo go tseyeng kgato ya go boela ka pelo yotlhe mo ‘ditseleng tsa bogologolo.’ Go farologana le madumedi a a ipitsang gore ke a Bokeresete a botlhanogi, bone ka boikanyegi ba kgomaretse “sekao sa mafoko a a itekanetseng” se se neng sa tlhongwa ke Jesu Keresete e bile se ile sa latelwa ke balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang bogologolo mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (2 Timotheo 1:13) Go fitlha le gompieno, batlodiwa ba a thusana e bile ba thusa ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe” go latela tsela ya botshelo e e molemo le e e itumedisang e madumedi a a ipitsang gore ke a Bokeresete a e latlhileng.—Johane 10:16.

13 Setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego se thusitse dimilione tsa batho go bona “ditsela tsa bogologolo” le go tsamaya le Modimo ka go ba tlamela ka dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng. (Mathaio 24:45-47) A o mongwe wa dimilione tseo? Fa go le jalo, ke eng se o ka se dirang gore o se ka wa katogela kgakala, o tsaya tsela e sele? Go molemo gore nako le nako o eme go sekae mme o sekaseke tsela ya botshelo e o tsamayang ka yone. Fa ka boikanyegi o bala Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng e bile o nna gone mo dithulaganyong tsa go ruta tse di dirwang ke batlodiwa gompieno, o a bo o thapisiwa go tsamaya le Modimo. Mme fa ka boikokobetso o dirisa kgakololo e o e newang mo go tsone, ruri o a bo o tsamaya le Modimo, o latela “ditsela tsa bogologolo.”

Tsamaya Jaaka e Kete “o Bona Ene Yo o Sa Bonaleng”

14. Fa Jehofa e le motho wa mmatota mo go rona, seo se tla bonala jang mo ditshwetsong tse re di dirang?

14 Gore re tsamaye le Jehofa, o tshwanetse gore a nne motho wa mmatota mo go rona. Gakologelwa gore, Jehofa o ne a tlhomamisetsa Baiseraele ba ba ikanyegang ba bogologolo gore o ne a sa ba fitlhegela. Gompieno, o itshenolela batho ba gagwe jalo, e re ka e le Motlhatlheledi wa bone yo Mogolo. A Jehofa ke motho wa mmatota jalo mo go wena, jaaka e kete o eme fa pele ga gago a go ruta? Re tshwanetse ra nna le tumelo e e ntseng jalo fa e le gore re batla go tsamaya le Modimo. Moshe o ne a na le tumelo e e ntseng jalo, “gonne o ne a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.” (Bahebera 11:27) Fa Jehofa e le motho wa mmatota mo go rona, re tla akanyetsa maikutlo a gagwe fa re dira ditshwetso. Ka sekai, re ka se ka ra ba ra tlelwa ke kakanyo ya go dira sengwe se se sa siamang mme re bo re leka go fitlhela bagolwane ba Bakeresete kana ba malapa a rona maleo a rona. Go na le moo, re leka go tsamaya le Modimo tota le fa go se na motho ope yo o re bonang. Jaaka Kgosi Dafide wa bogologolo, re ititeile sehuba jaana: “Ke tla tsamayatsamaya mo bothokgaming jwa pelo ya me mo teng ga ntlo ya me.”—Pesalema 101:2.

15. Go kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete go tla re thusa jang gore re tseye Jehofa e le motho wa mmatota?

15 Jehofa o a tlhaloganya gore re dibopiwa tsa nama tse di sa itekanelang le gore ka dinako tse dingwe go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go dumela se re sa se boneng. (Pesalema 103:14) O dira go le gontsi go re thusa go fenya bokoa joo. Ka sekai, o iphuthetse “batho ba leina la gagwe” go tswa mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe. (Ditiro 15:14) Fa re ntse re mo direla mmogo re le seoposengwe, re a nonotshana. Fa re utlwa kafa Jehofa a ileng a thusa mokaulengwe le kgaitsadi ka teng go fenya bokoa bongwe kana teko nngwe e e boima, seo se dira gore Modimo a nne motho wa mmatota mo go rona.—1 Petere 5:9.

16. Go ithuta ka Jesu go ka re thusa jang gore re tsamaye le Modimo?

16 Mo godimo ga moo, Jehofa o re neile sekao sa Morwawe. Jesu o ile a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6) Go ithuta tsela e Jesu a neng a tshela ka yone fa a le mo lefatsheng ke tsela e e di gaisang tsotlhe ya go dira gore Jehofa a nne motho wa mmatota mo go rona. Sengwe le sengwe se Jesu a neng a se bua le go se dira se ne se bontsha ka botlalo botho le ditsela tsa ga Rraagwe wa selegodimo. (Johane 14:9) Fa re ntse re dira ditshwetso, re tshwanetse go akanya ka kelotlhoko gore Jesu ene a ka bo a dirile tshwetso efe. Fa ditshwetso tsa rona di bontsha go akanyetsa dilo jalo ka kelotlhoko le ka thapelo, re a bo re etsa sekao sa ga Keresete. (1 Petere 2:21) Ka go dira jalo, re a bo re tsamaya le Modimo.

Re Tla Tlelwa ke Masego Afe?

17. Fa re tsamaya ka tsela ya ga Jehofa re tla bonela meya ya rona “boiketlo” bofe?

17 Go tsamaya le Jehofa Modimo go dira gore motho a tshele botshelo jo bo kgotsofatsang. Gakologelwa se Jehofa a ileng a se solofetsa batho ba gagwe fa a ne a re ba batle “tsela e e molemo.” O ne a re: “Lo tsamaye mo go yone mme lo bonele meya ya lona boiketlo.” (Jeremia 6:16) “Boiketlo” joo ke eng? A ke botshelo jwa boiketlo jo bo tletseng ka menate le manobonobo? Nnyaa. Jehofa o solofetsa sengwe se se botoka, sengwe se bahumi ba lefatshe leno ba ka se kang ba nna le sone. Go bonela moya wa gago boiketlo ke go ritibala maikutlo, o nna le boipelo le kgotsofalo ya semoya. Boiketlo joo bo bolela gore o ka tlhomamisega gore o tlhophile tsela ya botshelo e e molemo go gaisa tsotlhe. Go ritibala maikutlo jalo ke selo se se sa bonweng motlhofo mo lefatsheng leno le le tletseng mathata!

18. Ke mpho efe e Jehofa a batlang go re abela yone, mme o ititeile sehuba go dira eng?

18 Ke boammaaruri gore botshelo ka bojone ke mpho e kgolo. Tota le botshelonyana jo bokhutshwane bo botoka go gaisa go se tshele gotlhelele. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a sa ikaelela gore re tshele botshelonyana jo bokhutshwane fela go tloga ka nako ya bosha e re tletseng matlhagatlhaga ka yone go fitlha ka nako ya botsofe e e tletseng ditlhabi. Nnyaa, Jehofa o batla gore o nne le mpho e kgolo go feta tsotlhe. O batla gore o tsamaye le ene ka bosakhutleng! Seno se tlhalositswe sentle mo go Mika 4:5: “Ditšhaba tsotlhe, di tla tsamaya sengwe le sengwe mo leineng la modimo wa sone; mme fa e le rona, re tla tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.” A o tla bontsha go anaanela mpho eo? A o batla go tshela botshelo jo Jehofa a bo bitsang gore ke “botshelo jwa mmatota”? (1 Timotheo 6:19) Fa go le jalo, ititeye sehuba gore o tla tsamaya le Jehofa gompieno, ka moso, letsatsi le letsatsi, mme go tswa foo, ka bosaengkae!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Dithanolo dingwe tsa Baebele di fetola “kubita” mo temaneng eno ka go dirisa selekanyo sa nako, se se jaaka “motsotswana o le mongwe” (The Emphatic Diaglott) kana “motsotso o le mongwe” (A Translation in the Language of the People, ya ga Charles B. Williams). Le fa go ntse jalo, lefoko le le dirisitsweng mo mokwalong wa ntlhantlha tota le kaya kubita, e e neng e le boleele jwa disentimetara di le 45.

O ne O ka Araba Jang?

• Go tsamaya le Modimo go bolela eng?

• Ke eng fa o tshwanetse go tsamaya le Modimo?

• Ke eng se se ka go thusang go tsamaya le Modimo?

• Batho ba ba tsamayang le Modimo ba tla bona masego afe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Ka go bala Baebele, re utlwa lentswe la ga Jehofa kafa morago ga rona le re, “Tsela ke e”

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Kwa dipokanong re abelwa dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng