Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Rerela Bosusu Dikgang Tse di Molemo

Ba Rerela Bosusu Dikgang Tse di Molemo

Ba Rerela Bosusu Dikgang Tse di Molemo

“BA GO tlisetsa dikgang tsa semoya!” Mookamedi wa legae lengwe la batsofe kwa Navalcarnero, kwa Madrid, Spain o ne a tlhalosa jalo maeto a Basupi ba ga Jehofa ba ba etelang legae leo. Ke eng se se neng sa dira gore a bue jalo?

Batho ba le mmalwa ba ba nnang kwa legaeng la Rosas del Camino ke bosusu. Le fa go ntse jalo, e re ka Basupi ba dirile maiteko a gore ba ithute Puo ya Se-Spain ya Diatla, ba kgona go buisana le banni ba teng. Mookamedi yoo o ne a akgola Basupi ka go bo ba dirisa nako ya bone mahala go ruta batho ba ba tlhokang thuso dithuto tse di tswang mo Baebeleng. O ne a ela tlhoko kafa go rutwa dikgang tse di molemo tsa Bogosi go neng go ama banni ba mo legaeng leo ka tsela e e molemo ka teng. Mme banni ba mo legaeng leo—segolobogolo ba ba sa utlweng sentle le ba ba sa boneng sentle—le bone ba itumelela maeto a Basupi thata.

Eulogio, mongwe wa banni ba mo legaeng leo, yo o sefofu e bile a le susu, jaanong o ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Letsatsi lengwe fa thuto e ne e tsweletse, monnamogolo mongwe o ne a atamela mme a naya Mosupi leboko le banni ba mo legaeng leo ba neng ba le kwadile go mo leboga. Leboko leo le ne le na le setlhogo se se reng “Go Nna Mosupi.” Karolo nngwe ya lone e ne e re: “Ba tshela matshelo a a molemo le a a tlhamaletseng, mme Jehofa o ba naya botlhale jo bo ba itumedisang. Ba etela batho gangwe le gape mo magaeng a bone ka gonne ba ikanya Jehofa.”

Go ikanya Jehofa jaana ke gone mo go dirang gore Basupi ba bantsi mo lefatsheng lotlhe ba batle go ithuta puo ya diatla ya bosusu ya mo nageng ya gabone. Ka go dira jalo ba bolelela bosusu molaetsa o o mo Baebeleng o o kgothatsang le o o nayang tsholofelo.