Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A Mokeresete a ka nna le segakolodi se se sa mo tshwenyeng fa a dumela go thapiwa mo tirong e e tlhokang gore a tshole dibetsa?

Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba tsaya boikarabelo jwa bone jo ba bo neilweng ke Modimo bo le masisi jwa go tlamela ba malapa a bone ka dilo tse ba di tlhokang. (1 Timotheo 5:8) Le fa go ntse jalo, mefuta mengwe ya ditiro e kgatlhanong le melaometheo ya Baebele mme ga e a tshwanela go dirwa. Mefuta eno ya ditiro e akaretsa tse di amanang le go betšha, go sa dirise madi ka tsela e e tshwanetseng, le go rotloetsa tiriso ya motsoko. (Isaia 65:11; Ditiro 15:29; 2 Bakorintha 7:1; Bakolosa 3:5) Mefuta e mengwe ya ditiro, le fa e sa kgalwe ka tlhamalalo mo Baebeleng, e ka kgopisa segakolodi sa motho yo o e dirang kgotsa digakolodi tsa ba bangwe.

Go dira tiro ya boitshediso e e tlhokang motho gore a tshole tlhobolo kana sebetsa sengwe ke kgang ya botho. Le fa go ntse jalo, go dira tiro e e tlhokang gore motho a tshole dibetsa go mmaya mo kotsing ya gore a ka nna le molato wa madi fa go tlhokega gore a dirise sebetsa sa gagwe. Ka jalo, Mokeresete o tshwanetse go sekaseka kgang eno ka thapelo gore a o ikemiseditse go rwala maikarabelo a go dira tshwetso e e bokete ka bonako ya go dirisa sebetsa mo maemong a tshoganyetso fa go amega matshelo a batho. Go tshola sebetsa gape go dira gore motho a nne mo kotsing ya go gobala kana ya go swa fa a tlhaselwa kana mongwe a ipusolosetsa.

Batho ba bangwe le bone ba ka amiwa ke tshwetso ya motho yo mongwe. Ka sekai, boikarabelo jo bogolo jwa Mokeresete ke go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14) A go tla kgonega gore o rute ba bangwe go ‘agisana le batho botlhe,’ fa wena o itshedisa ka go tshola sebetsa? (Baroma 12:18) Go tweng ka bana le ba bangwe mo lapeng? A go nna le tlhobolo mo ntlong go ka tsenya matshelo a bone mo kotsing? Gape a ba bangwe ba ka kgopisiwa ke tshwetso e yo mongwe a e tsereng mo kgannyeng eno?—Bafilipi 1:10.

Mo ‘metlheng eno ya bofelo,’ batho ba bantsi ba ‘bogale jo bo tshabegang, ga ba rate se se molemo.’ (2 Timotheo 3:1, 3) Fa motho a itse seno, a o ka nna a ‘se na se a ka latofadiwang ka sone’ fa a ka tlhopha tiro e e tlhokang gore a tshole dibetsa, e e ka dirang gore a lwantshane le batho ba ba ntseng jalo? (1 Timotheo 3:10) Le e seng. Ka ntlha ya seno, phuthego e ka se tseye motho a ‘se na se a ka tshwaiwang phoso ka sone’ fa a tswelela a tshola sebetsa le fa ka bopelonomi a sena go newa kgakololo e e tswang mo Baebeleng. (1 Timotheo 3:2; Tito 1:5, 6) Ka jalo, monna kana mosadi yo o ntseng jalo a ka se tshwanelege go newa ditshiamelo tse di kgethegileng mo phuthegong.

Jesu o ne a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe gore fa ba batla Bogosi pele mo matshelong a bone, ga go tlhokege gore ba tshwenyege thata ka go nna le dilo tse ba di tlhokang mo botshelong. (Mathaio 6:25, 33) Eleruri, fa re ikanya Jehofa ka botlalo, “ene o tla [re] tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.”—Pesalema 55:22.