Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa ke Modisa wa Rona

Jehofa ke Modisa wa Rona

Jehofa ke Modisa wa Rona

“Jehofa ke Modisa wa me. Ga ke na go tlhoka sepe.”—PESALEMA 23:1.

1-3. Ke eng fa go sa gakgamatse go bo Dafide a ile a tshwantsha Jehofa le modisa?

FA GO ne go ka twe o tlhalose tsela e Jehofa a tlhokomelang batho ba gagwe ka yone, o ne o ka reng? O ne o ka tshwantsha tsela e a tlhokomelang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka yone le eng? Dingwaga di feta 3 000 tse di fetileng, kgosi ya mopesalema e bong Dafide o ne a tlhalosa Jehofa ka mafoko a a kgatlhang, a mo tshwantsha le tiro nngwe e ene Dafide a neng a kile a bo a e dira fa a sa le mmotlana.

2 Fa Dafide e sa ntse e le lekawana, e ne e le modisa ka jalo o ne a itse kafa go tlhokomelwang dinku ka teng. O ne a itse sentle gore fa dinku di ka tlogelwa fela di sa tlhokomelwa, di ka latlhega motlhofo le go tlhaselwa ke magodu kana dibatana. (1 Samuele 17:34-36) Fa di se na modisa yo o lorato yo o di tlhokometseng, di ka nna tsa se ka tsa kgona go bona mafulo a di ka fulang mo go one. Ga go pelaelo gore fa Dafide a setse a godile, o ne a tle a gopole diura tse dintsi tse a neng a tlhola a di fetsa a eteletse dinku pele, a di sireleditse le go di fepa.

3 Ga go gakgamatse go bo Dafide a ile a akanya ka tiro ya modisa fa a ne a tlhotlhelediwa go tlhalosa tsela e Jehofa a tlhokomelang batho ba gagwe ka yone. Pesalema ya bo23, e e kwadilweng ke Dafide, e simolola ka mafoko ano: “Jehofa ke Modisa wa me. Ga ke na go tlhoka sepe.” A re sekaseke gore ke eng fa mafoko ano a tshwanela. Go tswa foo, re tla dirisa Pesalema eno ya bo23 go bona gore Jehofa o tlhokomela baobamedi ba gagwe ka ditsela dife, fela jaaka modisa a tlhokomela dinku.—1 Petere 2:25.

Setshwantsho se se Tshwanelang

4, 5. Baebele e tlhalosa jang tsela e dinku di itshwarang ka yone?

4 Jehofa o bidiwa ka direto di le dintsi mo Dikwalong, mme seno sa “Modisa” sone se tlhalosa sentle nonofo ya gagwe ya go nna bonolo go feta tsotlhe. (Pesalema 80:1) Go tlhaloganya sentle gore ke eng fa go tshwanela go bo Jehofa a bidiwa Modisa, go ka nna molemo go itse dilo tseno tse pedi: sa ntlha, tsela e dinku di itshwarang ka yone, sa bobedi, ditiro le dinonofo tsa modisa yo o molemo.

5 Gantsi Baebele e umaka tsela e dinku di itshwarang ka yone, e di tlhalosa di le bonako go tsibogela lorato lo modisa a di bontshang lone (2 Samuele 12:3) le gore ga di ke di itwela (Isaia 53:7) e bile ga di kgone go itshireletsa. (Mika 5:8) Mokwadi mongwe yo o disitseng dinku ka dingwaga di le dintsi o ile a re: “Dinku ga di ‘kgone go itlhokomela’ jaaka fa bangwe ba akanya. Go farologana le mefuta e mengwe ya dihutshane, tsone di tlhoka go tlhokomelwa ka metlha le ka kelotlhoko.” Diruiwa tseno tse di sa kgoneng go itshireletsa di tlhoka modisa yo o lorato.—Esekiele 34:5.

6. Thanodi nngwe ya Baebele e tlhalosa jang ditiro tse modisa wa metlha ya bogologolo a neng a tshwanelwa ke go di dira letsatsi le letsatsi?

6 Gantsi ke ditiro dife tse modisa wa metlha ya bogologolo a neng a tshwanelwa ke go di dira letsatsi le letsatsi? Thanodi nngwe ya Baebele e tlhalosa jaana: “Mo mosong o ne a bolotsa letsomane, a le etelela pele go fitlha kwa mafulong a lone. Fa a le koo o ne a tlhola a le lebile letsatsi lotlhe, a etse tlhoko gore ga go na nku epe e e latlhegang, mme fa go ne go ka direga gore ka tsela nngwe fela nngwe ya tsone e latlhege mo go tse dingwe, o ne a e batla go fitlha a e bona mme a bo a e busetsa mo go tse dingwe. . . . Maitseboa o ne a di tlisa gae mo sakeng, a fitlha a di bala fa di ntse di feta kafa tlase ga thobane e a e beileng fa kgorong go tlhomamisa gore ga go epe e e tlhaelang. . . . Gantsi o ne a tshwanelwa ke go disa letsomane bosigo gore le se ka la tlhaselwa ke dibatana kana la tsenelelwa ke magodu.” *

7. Ke eng fa ka dinako tse dingwe modisa a ne a tshwanelwa ke go bontsha bopelotelele le go nna bonolo le e leng go feta?

7 Go ne go na le dinako tse dinku di neng di tlhoka gore modisa a nne pelotelele le go nna bonolo le e leng go feta, segolobogolo tse di dusang le tse di sa ntseng di le dinnye. (Genesise 33:13) Buka nngwe e e tlhalosang mafoko a Baebele ya re: “Gantsi dinku di ne di tsalela kwa mafelong a a kwa kgakala kwa dithabeng. Ka kelotlhoko modisa o disa nku e e tsalang ka nako eo e e tlhokang thuso thata ka yone mme a bo a kuka konyana a e tseela kwa sakeng. O ne a fetsa malatsinyana a tsamaya a e tshotse kana a e tsentse mo momenong wa seaparo sa gagwe go fitlha e kgona go itsamaisa.” (Isaia 40:10, 11) Ga go pelaelo gore modisa yo o molemo o ne a tshwanetse go nna motho yo o nonofileng le yo o bonolo.

8. Dafide o ile a umaka mabaka afe a go ikanya Jehofa?

8 “Jehofa ke Modisa wa me”—a mafoko a a tlhalosang Rraarona wa selegodimo sentle jang ne! Fa re ntse re sekaseka Pesalema ya 23, re tla bona kafa Modimo a re tlhokomelang ka teng ka nonofo le ka bonolo fela jaaka modisa. Mo Ps 23 temaneng ya 1, Dafide o bontsha gore o tshepa gore Modimo o tla dira dithulaganyo tsotlhe tse di tlhokegang go tlhokomela dinku tsa gagwe e le gore di se ka tsa “tlhoka sepe.” Mo ditemaneng tse di latelang, Dafide o umaka mabaka a mararo a a dirang gore a ikanye Modimo jalo: Jehofa o goga dinku tsa gagwe, o a di sireletsa e bile o a di fepa. A re tlhalose mabaka ano ka bongwe ka bongwe.

‘O a Nkgoga’

9. Dafide o tlhalosa boemo bofe jwa kagiso, mme go ka tla jang gore dinku di nne mo go jone?

9 Sa ntlha, Jehofa o goga batho ba gagwe. Dafide a re: “O nthapamisa mo mafulong a a tletseng bojang; o nkisa fa mafelong a boikhutso a a nang le metsi a mantsi. O lapolosa moya wa me. O nkgogela mo ditselaneng tsa tshiamo ka ntlha ya leina la gagwe.” (Pesalema 23:2, 3) Fa Dafide a bua ka letsomane le robetse ka kagiso mo mafulong a bojang jo bontsi o tlhalosa boemo jwa go kgotsofala, go lapologa le go sireletsega. Lefoko la Sehebera le le ranolwang e le “mafulo” le ka kaya “lefelo le le itumedisang.” Ga se gantsi go ka diregang gore dinku ka botsone fela di iponele lefelo le le lapolosang le di ka robalang ka kagiso mo go lone. Modisa wa tsone o tshwanelwa ke go di gogela kwa ‘lefelong leo le le itumedisang.’

10. Modimo o bontsha jang gore o a re ikanya?

10 Jehofa o re goga jang gompieno? Tsela nngwe e a dirang jalo ka yone ke ka go tlhoma sekao. Lefoko la gagwe le re kgothaletsa go nna “baetsi ba Modimo.” (Baefeso 5:1) Ditemana tse di dikologileng eno di umaka dilo tse di jaaka kutlwelobotlhoko, go itshwarela le lorato. (Baefeso 4:32; 5:2) Ga go pelaelo gore Jehofa o re tlhomela sekao se se molemo go gaisa tsotlhe sa go bontsha dinonofo tseno tse di molemo. A o re kopa sengwe se se ka se kang sa kgonega fa a re laela gore re nne baetsi ba gagwe? Nnyaa. Tota kgakololo eo e e tlhotlheleditsweng ke tsela e e molemo e a bontshang ka yone gore o a re ikanya. Ke eng fa re rialo? Ka gonne re dirilwe mo setshwanong sa Modimo, e leng se se bolelang gore re dirilwe re na le dinonofo tsa boitsholo jo bo siameng le bokgoni jwa go dira dilo tsa semoya. (Genesise 1:26) Ka gone, Jehofa o a itse gore le mororo re sa itekanela, re ka kgona go nna le dinonofo tse a nang le tsone. A ko o akanye fela—Modimo wa rona yo o lorato o a re ikanya gore re ka kgona go tshwana le ene. Fa re etsa sekao sa gagwe, o tla re goga a re isa kwa ‘lefelong la boikhutso’ le le itumedisang, jaaka fa re ka rialo. Re tla ‘nna ka polokesego’ mo lefatsheng leno le le tletseng thubakanyo, re itumelela kagiso e re nnang le yone ka gonne re amogelwa ke Modimo.—Pesalema 4:8; 29:11.

11. Ke eng se Jehofa a se akanyetsang fa a ntse a goga dinku tsa gagwe, mme seno se bonala jang mo dilong tse a re laelang tsone?

11 Jehofa o bonolo e bile o pelotelele fa a ntse a re goga. Modisa o akanyetsa makoa a dinku tsa gagwe, ka gone o goga diruiwa tsa gagwe go ya “kafa mosepeleng” wa tsone. (Genesise 33:14) Jehofa le ene o goga dinku tsa gagwe go ya “kafa mosepeleng” wa tsone. O akanyetsa bokgoni le maemo a rona. Tota re ka re, o re goga go ya ka mosepele o re ka o kgonang, ga a ke a re batla se re ka se kang ra se kgona. Se a se batlang fela ke gore re mo direle ka moya otlhe. (Bakolosa 3:23) Mme go tweng fa o setse o godile thata mme o sa tlhole o kgona go dira go le gontsi jaaka pele? Kana go tweng fa o na le bolwetse jo bo masisi jo bo go kgoreletsang? Ke mo maemong a a ntseng jalo mo kgang ya go dira ka moya otlhe e thusang teng. Maemo a batho ga a tshwane. Go dira ka moya otlhe go kaya go dirisa nonofo yotlhe ya gago le maatla a gago ka botlalo ka mo o ka kgonang ka teng mo tirong ya Modimo. Jehofa o anaanela kobamelo ya rona ya moya otlhe le mororo re ka tswa re na le makoa a a re kgoreletsang mo mosepeleng wa rona.—Mareko 12:29, 30.

12. Ke sekai sefe mo Molaong wa ga Moshe se se bontshang gore Jehofa o goga dinku tsa gagwe go ya “kafa mosepeleng” wa tsone?

12 Gore o tle o bone gore Jehofa o goga dinku tsa gagwe go ya “kafa mosepeleng” wa tsone, akanya ka se a neng a se laela mo Molaong wa ga Moshe malebana le ditshupelo dingwe tsa molato. Jehofa o ne a batla ditshupelo tse di molemo tse motho a neng a di ntsha ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke pelo e e tletseng kanaanelo. Le fa go ntse jalo, ditshupelo tseno di ne di farologana go ya ka se motho a ka se kgonang. Molao o ne o re: “Fa a se na mo go lekaneng go bona nku, a a tlise maeba a mabedi kgotsa maphoi a mabedi a mannye.” Mme go tweng fa motho a ne a sa kgone le one maphoi a mabedi? O ne a ka tlisa “bupi jo bo boleta.” (Lefitiko 5:7, 11) Seno se bontsha gore Modimo o ne a sa pateletse motho go ntsha se a ka se kang a se kgona. E re ka Modimo a sa fetoge, re ka kgothadiwa ke go itse gore le ka motlha ga a ke a re batla dilo tse re ka se kang ra di kgona; go na le moo, o itumelela go amogela se re se kgonang. (Malaki 3:6) A bo go itumedisa jang go gogwa ke Modisa yo o akanyetsang jalo!

“Ga ke Boife Sepe se se Bosula, Gonne O na Le Nna”

13. Mo go Pesalema 23:4, Dafide o bua jang ka tsela e e bontshang go nna le botsala jo bogolo le Jehofa, mme ke eng fa seno se sa gakgamatse?

13 Dafide o tlhalosa lebaka la bobedi la go bo a ikanya Jehofa: O sireletsa dinku tsa gagwe. Re bala jaana: “Le fa gone ke tsamaya mo mokgatšheng wa moriti o montsho, ga ke boife sepe se se bosula, gonne o na le nna; thobane ya gago le lore lwa gago ke dilo tse di nkgomotsang.” (Pesalema 23:4) Jaanong Dafide o bua ka tsela e e bontshang go nna le botsalano jo bogolo le Jehofa, a dirisa leemedi “o.” Seno ga se gakgamatse ka gonne Dafide o tlhalosa kafa Modimo a neng a mo thusa ka teng go itshokela pitlagano. Dafide o ile a lebana le mekgatšha e le mentsi e mentsho—dinako tse botshelo jwa gagwe bo neng bo le mo kotsing ka tsone. Mme o ne a se ka a letla poifo e mo fekeetsa, ka gonne o ne a itse gore Modimo o ne a na le ene—a iketleeleditse go mo goga ka “thobane” kana “lore” lwa gagwe. Dafide o ne a gomodiwa ke go itse gore Jehofa o tla mo sireletsa mme ga go pelaelo gore seno se ne sa dira gore a atamalane thata le ene. *

14. Baebele e re tlhomamisetsa eng malebana le go sirelediwa ke Jehofa, mme seno ga se bolele eng?

14 Jehofa o sireletsa dinku tsa gagwe jang gompieno? Baebele e re tlhomamisetsa gore ga go na moganetsi ope—wa ledimona kana wa motho—yo o ka kgonang go nyeletsa dinku tsa gagwe mo lefatsheng. Jehofa a ka se letle seo. (Isaia 54:17; 2 Petere 2:9) Le fa go ntse jalo, seno ga se bolele gore Modisa wa rona o tla re sireletsa mo masetlapelong otlhe. Re welwa ke diteko tse di tlhagelang batho botlhe e bile re lebana le kganetso e e tlhagelang Bakeresete botlhe ba boammaaruri. (2 Timotheo 3:12; Jakobe 1:2) Go na le dinako tse ka tsone re ka nnang ra “tsamaya mo mokgatšheng wa moriti o montsho,” jaaka fa re ka rialo. Ka sekai, re ka nna gaufi le loso e le ka ntlha ya pogiso kana bolwetse bongwe jo bo masisi. Kana mongwe yo re mo ratang a ka nna gaufi le loso kana a feleletsa a tlhokafetse. Mo nakong eo e e ka bonalang e le e e lefifi go gaisa tsotlhe, Modisa wa rona o tla re sireletsa. Jang?

15, 16. (a) Jehofa o re thusa ka ditsela dife go fenya dikgoreletsi tse re lebanang le tsone? (b) Anela maitemogelo a a bontshang kafa Jehofa a re thusang ka teng mo dinakong tsa diteko.

15 Jehofa ga a re solofetse gore o tla re sireletsa ka tsela ya kgakgamatso. * Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega ka seno: O tla re thusa go fenya bothata bope fela jo re ka lebanang le jone. A ka re naya botlhale jwa go itshokela “diteko tse di farologaneng.” (Jakobe 1:2-5) Modisa ga a dirise thobane ya gagwe fela go leleka dibatana mme gape o e dirisa go kaela dinku tsa gagwe mo tseleng e di tshwanetseng go tsamaya ka yone. Jehofa a ka re “kaela,” gongwe a dirisa modumedi ka rona go re bontsha kgakololo e e theilweng mo Baebeleng e e ka re thusang go dira phetogo e kgolo mo maemong a re leng mo go one. Mo godimo ga moo, Jehofa a ka re naya nonofo ya go itshoka. (Bafilipi 4:13) Ka moya wa gagwe o o boitshepo a ka re thusa go nna le “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.” (2 Bakorintha 4:7) Moya wa Modimo o ka re thusa go itshokela teko epe fela e Satane a ka re leretseng yone. (1 Bakorintha 10:13) A ga go kgothatse go itse gore Jehofa o nna a iketleeleditse go re thusa?

16 Ee, le fa re ka iphitlhela re le mo teng ga mokgatšha o montsho go le kana kang, ga re tlhoke go tsamaya mo go one re le rosi. Modisa wa rona o na le rona, o re thusa ka ditsela tse kwa tshimologong re ka nnang ra se ka ra di lemoga. Akanya ka se se neng sa diragalela mogolwane mongwe wa Mokeresete yo o neng a fitlhelwa a na le kuruga e kotsi mo bobokong. “Ke boammaaruri gore kwa tshimologong ke ne ka iphitlhela ke ipotsa gore a e seng gore Jehofa o ne a nkgalefetse le gore a tota o ne a nthata. Mme gone ke ne ke ititeile sehuba gore ga ke na go tlhanogela Jehofa. Go na le moo, ke ne ka mo itsise ditlhobaelo tsa me. Jehofa o ne a nthusa, gantsi a dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi go nkgomotsa. Bontsi jwa bone ba ne ba nthusa ka dikakantsho tse di molemo go tswa mo maitemogelong a bone a go itshokela bolwetse jo bo masisi. Mafoko a bone a a kgothatsang a ne a nkgopotsa gore ga ke diragalelwe ke sepe se se sa tlwaelegang. Thuso ya bone e e molemo, go akaretsa le go mpontsha bopelonomi go ne go ntlhomamisetsa gore ga se gore Jehofa o nkgalefetse. Ke boammaaruri gore, ke sa ntse ke tshwanelwa ke go tswelela ke lwa le bolwetse jwa me, mme ga ke itse gore ke tla felela kae. Mme gone ke tlhatswegile pelo gore Jehofa o na le nna le gore o tla tswelela pele a nthusa go itshokela teko eno.”

“O Baakanya Tafole fa Pele ga Me”

17. Dafide o tlhalosa Jehofa jang mo go Pesalema 23:5, mme ke eng fa seno se sa ganetsane le setshwantsho sa gagwe sa modisa?

17 Jaanong Dafide o umaka lebaka la boraro la go bo a ikanya Modisa wa gagwe: Jehofa o fepa dinku tsa gagwe, mme o di fepa ka letlepu. Dafide a re: “O baakanya tafole fa pele ga me fa pele ga ba ba mpontshang bobaba. O tloditse tlhogo ya me ka leokwane; senwelo sa me se tletse thata.” (Pesalema 23:5) Mo temaneng eno, Dafide o tlhalosa Modisa wa gagwe e le motlamedi yo o tlamelang baeng ba gagwe ka dijo le dino tse dintsi. Ditshwantsho tseno tse pedi—sa modisa yo o lorato le sa motlamedi yo o pelotshweu—ga di ganetsane. Kana e bile, modisa yo o molemo o tshwanelwa ke go itse mo a ka bonelang letsomane la gagwe mafulo a a molemo le metsi a a lekaneng teng e le gore le se ka la “tlhoka sepe.”—Pesalema 23:1, 2.

18. Ke eng se se bontshang gore Jehofa ke motlamedi yo o pelotshweu?

18 A Modisa wa rona le ene ke motlamedi yo o pelotshweu? Ruri o ntse jalo! Akanya fela ka dijo tsa semoya tse dintsi, tsa boleng jo bo kwa godimo le tsa mefutafuta tse a re tlamelang ka tsone gone jaanong. Jehofa o dirisitse setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale go re tlamela ka dikgatiso tse di mosola le dithulaganyo tse di molemo tsa dipokano, dikopano tse dinnye le tse dikgolo—tsotlhe e le go re tlamela ka dilo tsa semoya tse re di tlhokang. (Mathaio 24:45-47) Ruri ga re tlhaele dijo tsa semoya. “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o gatisitse dimilionemilione tsa Dibaebele le dibuka tsa go ithuta Baebele, mme gone jaanong dikgatiso tseo di gone ka dipuo di le 413. Jehofa o aba dijo tseno tsa semoya ka mefutafuta ya tsone—go tloga ka “mashi,” e leng dithuto tsa motheo tsa Baebele, go ya go “dijo tse di tiileng,” e leng tshedimosetso e e boteng ya dilo tsa semoya. (Bahebera 5:11-14) Ka gone, fa re lebana le mathata kana re tshwanelwa ke go dira ditshwetso, gantsi re kgona go bona thuso e re e tlhokang. Re ka bo re le kae fa re ne re se na dijo tse di ntseng jalo tsa semoya? Ruri Modisa wa rona ke motlamedi yo o pelotshweu go gaisa botlhe!—Isaia 25:6; 65:13.

“Ke Tla Nna mo Ntlong ya ga Jehofa”

19, 20. (a) Mo go Pesalema 23:6, Dafide o bontsha go ikanya Jehofa ka tsela efe, mme le rona re ka bontsha jang gore re mo ikanya jalo? (b) Go tla sekasekwa eng mo setlhogong se se latelang?

19 Dafide o konela jaana fa a sena go akanya ka ditsela tsa Modisa le Motlamedi wa gagwe: “Eleruri molemo le bopelonomi jwa lorato di tla ntshala morago malatsi otlhe a botshelo jwa me; mme ke tla nna mo ntlong ya ga Jehofa malatsi a le mantsi.” (Pesalema 23:6) Dafide o bua mafoko ano ka pelo e e tletseng kanaanelo le tumelo—o bua ka kanaanelo fa a gopola dilo tsa nako e e fetileng le ka tumelo fa a akanya ka tse di tla diregang mo isagweng. Dafide yo e kileng ya bo e le modisa ka boene, o ikutlwa a sireletsegile ka gonne a itse gore fa fela a nna a atamalane le Modisa wa gagwe wa selegodimo, jaaka e kete o nna mo ntlong ya ga Jehofa, o tla nna a mo tlhokometse ka lorato.

20 A bo re anaanela mafoko ano a mantle a Pesalema ya 23 jang ne! Dafide o dirisitse mafoko a a tshwanelang tota go tlhalosa kafa Jehofa a gogang, a sireletsang le go fepa dinku tsa gagwe ka teng. Re kwaletswe mafoko ano a a amang pelo a ga Dafide gore a re thuse gore le rona re ikanye Jehofa jaaka Modisa wa rona. Ee, fa fela re nna re atamalane le Jehofa, o tla re tlhokomela jaaka Modisa yo o lorato “malatsi a le mantsi,” le e leng ka bosaengkae. Le fa go ntse jalo, rona dinku tsa gagwe, re na le boikarabelo jwa go tsamaya le Modisa wa rona yo mogolo, Jehofa. Setlhogo se se latelang se tla sekaseka gore seno se akaretsa eng.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 13 Dafide o ile a tlhama dipesalema di le dintsi tse mo go tsone a bakang Jehofa ka ntlha ya go mo golola mo kotsing.—Ka sekai, bona mafoko a a tlhagang fa godimo ga Pesalema 18, 34, 56, 57, 59 le 63.

^ ser. 15 Bona setlhogo se se reng “Re ka Lebelela Gore Modimo a Tsenelele Jang?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 1, 2003.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa go tshwanela go bo Dafide a tshwantsha Jehofa le modisa?

• Jehofa o re goga jang ka tsela e e bontshang go re akanyetsa?

• Jehofa o re thusa go itshokela diteko ka ditsela dife?

• Ke eng se se bontshang gore Jehofa ke motlamedi yo o pelotshweu?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Jehofa o goga dinku tsa gagwe fela jaaka modisa kwa Iseraele