Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe Le le Se Nang Tshiamiso

Lefatshe Le le Se Nang Tshiamiso

Lefatshe Le le Se Nang Tshiamiso

A O A dumela gore re tshela mo lefatsheng le le sa direng dilo ka tsela e e siameng? Ee, ruri o a dumela. Ka gore tota le fa re ka tswa re na le bokgoni jo bo ntseng jang e bile re rulaganya matshelo a rona ka botlhale go le kana kang, ga re tlhomamisege gore re tla huma kana re tla atlega, e bile ga re tlhomamisege gore re tla bona dijo. Gantsi go nna jaaka Kgosi Solomone yo o botlhale wa bogologolo a ne a bua: “Ba ba botlhale ga ba na senkgwe, ba ba botlhale ga ba a huma, ba ba ditswerere ga ba a atlega.” Ka ntlha yang? Ka gonne, Solomone o tswelela a re, “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele di laola batho botlhe.”—Moreri 9:11, The New English Bible.

“Fa Motlha wa Masetlapelo o Tla ka Tshoganyetso”

“Motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele,” mo gantsi e leng fela gore re mo lefelong le le sa siamang ka nako e e sa siamang, gantsi go senya dithulaganyo tsa rona tse re di dirileng ka manontlhotlho le dilo tse re tlhologeletsweng gore di direge. Go ya ka Solomone, re ntse jaaka “ditlhapi tse di tshwarwang ka letlowa, jaaka nonyane e e tshwarwang ka serai, . . . fa motlha wa masetlapelo o tla ka tshoganyetso.” (Moreri 9:12, NE) Ka sekai, batho ba le dimilione ba dira ka natla ba lema mmu gore ba kgone go naya ba malapa a bone dijo, mme ba iphitlhela ba wetswe ke “motlha wa masetlapelo” fa dipula di sa ne mme komelelo e bolaya dijalo tsa bone.

Ba bangwe ba leka go thusa, mme le thuso e batho ba e newang ke dinaga tse dingwe ka “motlha wa masetlapelo” gantsi ga e bontshe go nna le tshiamiso. Ka sekai, go ya ka mokgatlho mongwe o mogolo wa namolo, mo ngwageng mongwe bosheng fa go ne go lwantshiwa leuba, “kontinente yotlhe [ya Afrika] e ne ya amogela fela nngwe tlhanong ya madi a a neng a beetswe kwa thoko gore a dirisiwe mo ntweng ya kwa Kgogometsong.” A go ne go siame gore ba ba nang le madi ba dirise selekanyo sa madi go menagane ga tlhano mo ntweng mo nageng e le nngwe go feta a a neng a dirisiwa go ntsha batho mo botlhokong le mo pogong e e bakilweng ke leuba mo kontinenteng yotlhe? A mme go siame gore mo nakong e batho ba bantsi ba atlegileng mo go tsa itsholelo, motho a le 1 mo go ba le 4 mo lefatsheng a bo a le mo lehumeng la go ja dikatana? Kgotsa a go siame gore go bo go swa bana ba le dimilione di le nnè ngwaga le ngwaga ba bolawa ke malwetse a a ka thibelwang? Nnyaa le e seng!

Ee ga se “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele” fela fa “motlha wa masetlapelo o tla ka tshoganyetso.” Maemo a mangwe a re sa kgoneng go a laola gotlhelele le one a laola matshelo a rona le se se re diragalelang. Go ne ga nna fela jalo kwa Beslan, kwa Alania, ka letlhabula la 2004 fa makgolokgolo a batho ba bontsi jwa bone e neng e le bana ba e neng e le la ntlha ba ya sekolong ba ne ba bolawa setlhogo fa dirukutlhi di ne di lwa le mapodisi a tshireletsego. Ke boammaaruri gore ga go na yo o neng a itse gore go tla swa bomang le gore go tla falola bomang mo masetlapelong ao—mme lebaka le legolo le le bakileng “motlha wa masetlapelo” ao e ne e le go lwa ga batho.

A Maemo a Tla Nna Fela a Ntse Jaana?

Bangwe ba bua jaana ka tshiamololo e e diragalang, “Botshelo bo ntse jalo. Dilo ga di bolo go nna jalo mme di tla nna di ntse fela jalo.” Go ya ka bone, batho ba ba nang le maatla ba tla nna ba gatelela ba ba bokoa, mme bahumi ba tla nna ba ja bahumanegi ntsoma. Ba re dilo tseo mmogo le “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele” di tla nna di le teng fa fela batho ba sa ntse ba le teng.

A mme tota dilo di tshwanetse go nna jaana? A go tla tsamaya go direga gore batho ba ba dirisang bokgoni jwa bone ka botlhale ba bone maduo a a tshwanetseng a tiro ya bone e ba e dirang ka natla? A go na le mongwe yo o ka kgonang go tlisa phetogo e e nnelang ruri mo lefatsheng le le se nang tshiamiso? Sekaseka se setlhogo se se latelang se se buang ka kgang eno.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

COVER: Man with a child: UN PHOTO 148426/McCurry/Stockbower

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

MAXIM MARMUR/AFP/Getty Images