Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ditsela Tsa ga Jehofa di Thokgame”

“Ditsela Tsa ga Jehofa di Thokgame”

“Ditsela Tsa ga Jehofa di Thokgame”

“Ditsela tsa ga Jehofa di thokgame, mme basiami ke bone ba tla tsamayang mo go tsone.”—HOSEA 14:9.

1, 2. Jehofa o ne a dira gore Baiseraele ba simolole botshelo jwa bone jang ka tsela e e molemo, mme go ne ga direga eng ka bone?

JEHOFA o ne a dira gore Baiseraele ba simolole botshelo jwa bone ka tsela e e molemo mo motlheng wa ga moporofeti Moshe. Le fa go ntse jalo, mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., maemo a bone a ne a le maswe thata jaana mo Modimo a neng a ba bona molato wa go dira ditiro tse di bosula. Seno se bonala sentle mo go Hosea kgaolo ya 10 go ya go kgaolo ya 14.

2 Iseraele e ne e setse e tshela botshelo jwa boitimokanyo. Batho ba bogosi jwa ditso tsa teng tse di lesome ba ne ba “lemile boikepo” mme ba roba tshiamololo. (Hosea 10:1, 13) Jehofa o ne a re: “Fa Iseraele e ne e le mosimanyana, ke ne ka mo rata, mme ka bitsa morwaake ka mo ntsha kwa Egepeto.” (Hosea 11:1) Le mororo Modimo a ile a golola Baiseraele mo bokgobeng jwa Egepeto, ba ne ba mo duelela seo ka maaka le tsietso. (Hosea 11:12) Ke gone ka moo Jehofa a neng a ba naya kgakololo eno: “O boele kwa Modimong wa gago, o boloka bopelonomi jwa lorato le tshiamiso.”—Hosea 12:6.

3. Go ne go tla direga eng ka Samarea wa motsuolodi, mme gone ke eng se se neng se ka dira gore Baiseraele ba utlwelwe botlhoko?

3 Samarea wa motsuolodi le kgosi ya yone e ne e tla welwa ke masetlapelo. (Hosea 13:11, 16) Le fa go ntse jalo, kgaolo ya bofelo ya boporofeti jwa ga Hosea e simolola ka boikuelo jono: “A ko o boele mo go Jehofa Modimo wa gago, wena Iseraele.” Fa Baiseraele ba ne ba ka ikwatlhaya mme ba kopa Modimo gore a ba itshwarele, o ne a tla ba utlwela botlhoko. Ke boammaaruri gore, ba ne ba tla tshwanelwa ke go dumela gore “ditsela tsa ga Jehofa di thokgame” mme ba tsamaye mo go tsone.—Hosea 14:1-6, 9.

4. Re tla sekaseka melaometheo efe go tswa mo boporofeting jwa ga Hosea?

4 Karolo eno ya boporofeti jwa ga Hosea e na le melaometheo e le mentsi e e ka re thusang go tsamaya le Modimo. Re tla sekaseka e e latelang: (1) Jehofa o batla kobamelo e e seng ya boitimokanyo, (2) Modimo o bontsha batho ba gagwe lorato lo lo ikanyegang, (3) re tshwanetse go solofela mo go Jehofa ka metlha, (4) ka metlha ditsela tsa ga Jehofa di siame, le (5) baleofi ba ka boela kwa go Jehofa.

Jehofa o Batla Kobamelo e e Seng ya Boitimokanyo

5. Modimo o batla gore re mo direle tirelo e e ntseng jang?

5 Jehofa o batla gore re mo direle tirelo e e boitshepo ka tsela e e seng ya boitimokanyo. Le fa go ntse jalo, Iseraele o ne a fetogile “mofine o o senyegang” o o sa ungweng. Baagi ba Iseraele ba ne ba “ntsifaditse dibeso” tsa bone go di dirisetsa kobamelo ya maaka. Batlhanogi bao ba ne ba bile ba tlhomile dipilara—gongwe e le tse di motsu tse di diretsweng go dirisiwa mo kobamelong e e seng phepa. Jehofa o ne a tlile go tlhatlhamolola dibeso tseno le go senya dipilara tseo.—Hosea 10:1, 2.

6. Fa re batla go tsamaya le Modimo re tshwanetse go tlogela mokgwa ofe?

6 Batlhanka ba ga Jehofa ga ba a tshwanela go nna baitimokanyi. Le fa go ntse jalo, go diragetse eng ka Baiseraele? Ebu, “pelo ya bone e nnile boitimokanyo”! Le mororo ba kile ba dira kgolagano le Jehofa gore ba tla ineela mo go ene, o ne a fitlhela ba na le molato wa boitimokanyo. Re ka ithuta eng mo go seno? Fa re ineetse mo Modimong, ga re a tshwanela go nna baitimokanyi. Diane 3:32 e tlhagisa jaana: “Motho yo o tsietsang ke selo se se makgapha mo go Jehofa, mme O atamalane thata le bathokgami.” Gore re kgone go tsamaya le Modimo, re tshwanetse go bontsha go mo rata ka lorato “lo lo tswang mo pelong e e phepa le mo segakoloding se se siameng le mo tumelong e e se nang boitimokanyo.”—1 Timotheo 1:5.

Modimo o Bontsha Batho ba Gagwe Lorato lo lo Ikanyegang

7, 8. (a) Ke maemo afe a a ka dirang gore re itumelele lorato lwa Modimo lo lo ikanyegang? (b) Re tshwanetse go dira eng fa re ka dira boleo jo bo masisi?

7 Fa re direla Jehofa ka tsela e e siameng le e e seng ya boitimokanyo, o tla re bontsha bopelonomi jwa lorato kana lorato lo lo ikanyegang. Baiseraele ba ba boikepo ba ne ba laelwa jaana: “Ijaleleng peo mo tshiamong; robang tumalanong le bopelonomi jwa lorato. Itlhagoleleng lefatshe le le siametseng go lengwa, fa go na le nako ya go batla Jehofa go fitlha a tla mme a lo ruta ka tshiamo.”—Hosea 10:12.

8 Fa fela Baiseraele ba ka bo ba ile ba ikwatlhaya mme ba senka Jehofa! O ne a tla itumelela ‘go ba ruta ka tshiamo.’ Fa re dirile boleo jo bo masisi, a re senkeng Jehofa, re mo rapele gore a re itshwarele mme re kope bagolwane ba Bakeresete gore ba re thuse semoyeng. (Jakobe 5:13-16) Gape re tshwanetse go senka kaelo ya moya o o boitshepo wa Modimo, ka gonne “yo o jalelang nama ya gagwe o tla roba go bola mo nameng ya gagwe, mme yo o jalelang moya o tla roba botshelo jo bo sa khutleng mo moyeng.” (Bagalatia 6:8) Fa re ‘jalela moya’ re tla tswelela pele re itumelela go ratiwa ke Modimo ka lorato lo lo ikanyegang.

9, 10. Hosea 11:1-4 e ne ya diragadiwa jang mo go Iseraele?

9 Re ka ikanya gore ka metlha Jehofa o dirisana le batho ba gagwe ka tsela e e lorato. Re bona bosupi jwa seno mo go Hosea 11:1-4, e re balang jaana mo go yone: “Fa Iseraele e ne e le mosimanyana, ke ne ka mo rata, mme ka bitsa morwaake ka mo ntsha kwa Egepeto. . . . Ba ne ba simolola go ntshetsa ditshwantsho tsa ga Baale ditlhabelo, ba bo ba simolola go kuisetsa ditshwantsho tse di betlilweng mosi wa setlhabelo. Mme fa e le nna, ke ne ka ruta Eferaime [Baiseraele] go tsamaya, ke ba tseela mo mabogong a me; mme ga ba a ka ba lemoga gore ke ne ke ba fodisitse. Ke ne ka nna ka ba goga ka megala ya batho ba mo lefatsheng, ka megala ya lorato, mo e leng gore mo go bone ke ne ka nna jaaka ba ba tsholetsang jokwe e e mo ditlhaeng tsa bone, mme ka bonolo ke ne ka tlisetsa mongwe le mongwe wa bone dijo.”

10 Fano Iseraele o tshwantshiwa le ngwana yo monnye. Ka lorato Jehofa o ne a ruta Iseraele go tsamaya, a ba tsaya ka diatla. O ne a nna a ba goga ka “megala ya lorato.” A setshwantsho se se amang pelo ruri! Akanya fela o le motsadi o thusa ngwana wa gago go ithuta go tsamaya. O tsharolotse diatla. O ka nna wa dirisa megala gore ngwana a itshwarelele ka yone gore a se ka a wa. Le wena Jehofa o go rata fela jalo ka lorato lo lo neneketsang. O itumelela go go goga ka “megala ya lorato.”

11. Modimo o ne a nna jang ‘jaaka yo o tsholetsang jokwe’?

11 Fa Jehofa a ne a dirisana le Baiseraele, o ne a “nna jaaka ba ba tsholetsang jokwe e e mo ditlhaeng tsa bone, mme ka bonolo [a] tlisetsa mongwe le mongwe wa bone dijo.” Modimo o ne a nna jaaka yo o tsholetsang kana yo o kgoromeletsang jokwe kwa morago gore phologolo e kgone go ja e phuthologile. E ne ya nna fela fa Baiseraele ba kgaola jokwe ya go ikobela Jehofa mo ba neng ba simolola go nna kafa tlase ga jokwe e e gatelelang ya baba ba bone. (Duteronome 28:45, 48; Jeremia 28:14) A le ka motlha re se wele mo diatleng tsa mmaba wa rona yo mogolo, Satane, mme ra boga ka ntlha jokwe ya gagwe e e gatelelang. Go na le moo, a re tsweleleng pele re tsamaya ka boikanyegi le Modimo wa rona yo o lorato.

Solofela mo go Jehofa ka Metlha

12. Go ya ka Hosea 12:6, go batlega eng e le gore re tswelele pele re tsamaya le Modimo?

12 Gore re tswelele pele re tsamaya le Modimo, re tshwanetse go solofela mo go ene ka metlha. Baiseraele ba ne ba bolelelwa jaana: “Fa e le wena, o boele kwa Modimong wa gago, o boloka bopelonomi jwa lorato le tshiamiso; mme o solofele mo Modimong wa gago ka metlha.” (Hosea 12:6) Baagi ba Iseraele ba ne ba ka bontsha gore ba a ikwatlhaya mme ba batla go boela kwa go Jehofa ka go bontsha bopelonomi jwa lorato, ka go dira dilo ka tshiamiso le ka go ‘solofela mo Modimong ka metlha.’ Le fa re ka tswa re na le lobaka lo lo kana kang re tsamaya le Modimo, re tshwanetse go ititaya sehuba gore re tla bontsha bopelonomi jwa lorato, go dira dilo ka tshiamiso le go solofela mo Modimong ka metlha.—Pesalema 27:14.

13, 14. Paulo o ne a dirisa Hosea 13:14 jang, mme ka go dira jalo o ne a re naya lebaka lefe la go solofela mo go Jehofa?

13 Boporofeti jwa ga Hosea jo bo malebana le Baiseraele bo re naya lebaka le le kgethegileng la go solofela mo Modimong. Jehofa o ne a re: “Ke tla ba golola mo seatleng sa Sheole; ke tla ba golola mo losong. Mabolela a gago a kae, wena Loso? Tshenyo ya gago e kae, wena Sheole?” (Hosea 13:14) Jehofa o ne a se kitla a namola Baiseraele mo losong lwa mmatota ka nako eo, mme gone e ne e tla re kgabagare a kometse loso ka bo sa kutleng le go fedisa phenyo ya lone gotlhelele.

14 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakeresete ka ene ba ba tloditsweng, o ne a nopola mafoko a boporofeti jono jwa ga Hosea ka go re: “Fa se se bolang seno se apara go sa bole mme se se swang seno se apara bosasweng, foo lefoko le tla diragala le le kwadilweng go twe: ‘Loso lo komediwa ka bosaengkae.’ ‘Loso, phenyo ya gago e kae? Loso, lobolela lwa gago lo kae?’ Lobolela lo lo bakang loso ke boleo, mme maatla a boleo ke Molao. Mme re leboga Modimo, gonne o re naya phenyo ka Morena wa rona Jesu Keresete!” (1 Bakorintha 15:54-57) Jehofa o ne a tsosa Jesu mo baswing, mme ka go dira jalo a re tlhomamisetsa ka tsela e e gomotsang gore batho botlhe ba ba mo mogopolong wa gagwe ba tla tsosiwa. (Johane 5:28, 29) A lebaka le le itumedisang jang la go solofela mo go Jehofa! Le fa go ntse jalo, ntle le tsholofelo ya tsogo, go na le sengwe gape se se re tlhotlheletsang go tsamaya le Modimo.

Ka Metlha Ditsela Tsa ga Jehofa di Siame

15, 16. Go ne ga bolelelwa pele eng ka Samarea, mme boporofeti joo bo ne jwa diragadiwa jang?

15 Go dumela ga rona re sa belaele gore “ditsela tsa ga Jehofa di thokgame” go re thusa go tswelela re tsamaya le Modimo. Baagi ba Samarea ba ne ba se ka ba tsamaya mo ditseleng tse di siameng tsa Modimo. Ka ntlha ya seo, ba ne ba tla boga ka ntlha ya boleo jwa bone le go tlhoka tumelo ga bone mo go Jehofa. Go ne ga bolelelwa pele jaana: “Samarea o tla bonwa molato, gonne tota o tsuologela Modimo wa gagwe. Ba tla wa ka tšhaka. Bana ba bone ba tla phatlakanngwa, mme basadi ba bone ba baimana ba tla gagolakwa.” (Hosea 13:16) Dipego tsa ditiragalo di bontsha gore Baasiria, ba ba neng ba gapa Samarea, ba ne ba ka dira bosetlhogo jo bo ntseng jalo.

16 Samarea e ne e le motsemogolo wa bogosi jwa Iseraele jwa ditso tse di lesome. Le fa go ntse jalo, fano leina Samarea le ka tswa le raya naga yotlhe ya bogosi joo. (1 Dikgosi 21:1) Kgosi Shalemanesere V wa Asiria o ne a dikaganyetsa motse wa Samarea ka 742 B.C.E. Fa kgabagare Samarea e ne e senngwa ka 740 B.C.E., bontsi jwa baagi ba teng ba maemo ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Mesopotamia le kwa Media. Ga go itsewe sentle gore a Samarea e ne ya gapiwa ke Shalemanesere V kgotsa ke motlhatlhami wa gagwe e bong Sargon II. (2 Dikgosi 17:1-6, 22, 23; 18:9-12) Le fa go ntse jalo, dipego tsa ga Sargon di umaka go isiwa ga Baiseraele ba le 27 290 kwa mafelong a karolo e e Kwa Godimo ya Yuferatese le kwa Media.

17. Go na le go se bontshe go tlotla melao ya Modimo, re tshwanetse go dira eng?

17 Baagi ba Samarea ba ile ba lebana le matswela a a botlhoko a go se tsamaye go ya ka ditsela tsa ga Jehofa tse di siameng. Le rona Bakeresete ba ba ineetseng, re tla lebana le matswela a a botlhoko fa re ka itlwaetsa go dira boleo, re sa bontshe go tlotla melao ya Modimo e e siameng. E kete le ka motlha re se latele tsela e e ntseng jalo e e boikepo! Go na le moo, a mongwe le mongwe wa rona a dirise kgakololo eno ya ga moaposetoloi Petere: “A ope wa lona a se ka a boga ka go bo e le mmolai kgotsa legodu kgotsa modirabosula kgotsa e le yo o itshunyang nko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe. Mme fa a boga e le Mokeresete, a a se ka a ikutlwa a tlhabiwa ke ditlhong, mme a a nne a galaletse Modimo mo leineng leno.”—1 Petere 4:15, 16.

18. Ke eng se se ka re thusang go ‘nna re galaletsa Modimo’?

18 Re ‘nna re galaletsa Modimo’ ka go tsamaya mo ditseleng tsa gagwe tse di siameng go na le go dira dilo ka tsela ya rona. Kaine o ile a bolaya monnawe ka gonne a ne a batla go dira dilo ka tsela ya gagwe mme a se ka a sekegela Jehofa tsebe fa a ne a mo tlhagisa gore o ne a tloga a dira boleo. (Genesise 4:1-8) Baalame o ne a amogela madi a o neng a a duelwa ke kgosi ya Moabe mme a palelwa ke go hutsa Iseraele. (Dipalo 24:10) Modimo o ne a nyeletsa Kora wa Molefi le ba bangwe ka ntlha ya go tsuologela taolo ya ga Moshe le Arone. (Dipalo 16:1-3, 31-33) Ruri ga re batle go tsamaya mo ‘tseleng ya ga Kaine’ ya go nna babolai, go itlhaganelela ‘tsela ya tlolo ya ga Baalame’ kana go nyelediwa “mo puong ya botsuolodi ya ga Kora.” (Jude 11) Le fa go ntse jalo, fa go ka direga gore re dire phoso, boporofeti jwa ga Hosea bo a re gomotsa.

Baleofi ba ka Boela Kwa go Jehofa

19, 20. Baiseraele ba ba ikwatlhaileng ba ne ba kgona go ntsha ditlhabelo tse di ntseng jang?

19 Tota le batho ba ba ileng ba dira maleo a a masisi ba ka boela kwa go Jehofa. Re gakololwa jaana mo go Hosea 14:1, 2: “A ko o boele mo go Jehofa Modimo wa gago, wena Iseraele, gonne o ne wa kgopiwa mo tlolong ya gago. Itseeleng mafoko mme lo boele mo go Jehofa. Lona lotlhe, mo reyeng lo re, ‘E kete o ka itshwarela tlolo; mme o amogele se se molemo, mme le rona re tla go isetsa dipowana tsa dipounama tsa rona.’”

20 Baiseraele ba ba ikwatlhaileng ba ne ba kgona go ntshetsa Modimo ‘dipowana tsa dipounama tsa bone.’ Tseo e ne e le ditlhabelo tsa go mo galaletsa ka pelo yotlhe. Paulo o ne a umaka boporofeti joo go se kae fa a ne a kgothaletsa Bakeresete go ‘isetsa Modimo setlhabelo sa pako, ke gore, leungo la dipounama tse di bolelang leina la gagwe phatlalatsa.’ (Bahebera 13:15) A bo e le tshiamelo e kgolo jang gompieno go tsamaya le Modimo le go mo ntshetsa ditlhabelo tse di ntseng jalo!

21, 22. Baiseraele ba ba ikwatlhaileng ba ne ba tla tsosolosiwa ka tsela efe?

21 Baiseraele ba ba neng ba tlogetse tsela ya bone e e sa siamang mme ba boetse kwa Modimong ba ne ba mo ntshetsa ‘dipowana tsa dipounama tsa bone.’ Ka go dira jalo ba ne ba tsosolosiwa semoyeng fela jaaka Modimo a ne a ba solofeditse. Hosea 14:4-7 ya re: “[Nna Jehofa] ke tla fodisa go sa ikanyegeng ga bone. Ke tla ba rata ka go rata ga me, ka gonne bogale jwa me bo boile kwa go ene. Ke tla nna jaaka monyo mo go Iseraele. O tla ntsha sethunya jaaka sethunya sa lesoma, mme o tla totometsa medi ya gagwe jaaka Lebanona. Dikalana tsa gagwe di tla tswa, mme seriti sa gagwe se tla nna jaaka sa setlhare sa motlhware, le lonko lwa gagwe lo lo monate lo tla nna jaaka lwa Lebanona. Ba tla boa e nna banni gape mo moriting wa gagwe. Ba tla jala dijo tsa ditlhaka, mme ba tla kukunya jaaka mofine. Segopotso sa gagwe se tla nna jaaka beine ya Lebanona.”

22 Baiseraele ba ba ikwatlhaileng ba ne ba tla fodisiwa semoyeng mme Modimo o ne a tla boa a ba rata gape. Jehofa o ne a tla nna jaaka monyo mo go bone ka tsela ya gore o ne a tla dira gore ba atlege thata. Batho ba gagwe ba ba tsosolositsweng ba ne ba tla nna le seriti “jaaka setlhare sa motlhware” mme ba ne ba tla tsamaya mo ditseleng tsa Modimo. E re ka le rona re ititeile sehuba go tsamaya le Jehofa Modimo, ke eng se se lebeletsweng mo go rona?

Tswelela Pele o Tsamaya mo Ditseleng Tse di Siameng Tsa ga Jehofa

23, 24. Buka ya Hosea e konela ka boporofeti bofe jo bo kgothatsang, mme bo re ama jang?

23 Fa e le gore re tla tswelela re tsamaya le Modimo, re tshwanetse go bontsha go nna le “botlhale jo bo tswang kwa godimo” mme ka metlha re tshele go ya ka ditsela tsa gagwe tse di siameng. (Jakobe 3:17, 18) Temana ya bofelo ya boporofeti jwa ga Hosea e balega jaana: “Ke mang yo o botlhale, gore a tle a tlhaloganye dilo tseno? Yo o bonokopela, gore a tle a di itse? Gonne ditsela tsa ga Jehofa di thokgame, mme basiami ke bone ba tla tsamayang mo go tsone; mme batlodi ke bone ba tla kgotšwang mo go tsone.”—Hosea 14:9.

24 Go na le gore re itetle go kaelwa ke botlhale jwa lefatshe leno le tsela ya lone ya go tshela, a re ititeyeng sehuba gore re tla tsamaya mo ditseleng tse di siameng tsa Modimo. (Duteronome 32:4) Hosea o ne a dira jalo ka dingwaga di ka nna 59 kana go feta. O ne a bolela melaetsa ya Modimo ka boikanyegi a itse gore ba ba botlhale le ba ba bonokopela ba ne ba tla tlhaloganya mafoko ao. Go tweng ka rona? Fa fela Jehofa a sa ntse a re letlile go neela bosupi, re tla tswelela pele re senka batho ba ba tla dirang tshwetso e e botlhale ya go amogela bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang. Mme re itumelela go dira jalo ka go dirisana mmogo le “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.”—Mathaio 24:45-47.

25. Go sekaseka ga rona boporofeti jwa ga Hosea go tshwanetse ga re thusa go dira eng?

25 Go sekaseka ga rona boporofeti jwa ga Hosea go tshwanetse ga re thusa go nna re tsamaya le Modimo ka tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha le a re solofeditseng lone. (2 Petere 3:13; Jude 20, 21) A tsholofelo e e molemo ruri! Re tla bona tsholofelo eo e diragala fa re ka supa ka mafoko le ka ditiro gore re tiisitse fa re re: “Ditsela tsa ga Jehofa di thokgame.”

O ne O ka Araba Jang?

• Modimo o tla dirisana le rona jang fa re mo obamela ka tsela e e phepa?

• Ke eng fa re tshwanetse go solofela mo go Jehofa ka metlha?

• Ke eng fa o tlhatswegile pelo gore ditsela tsa ga Jehofa di siame?

• Ke eng se se ka re thusang go nna re tsamaya mo ditseleng tse di siameng tsa ga Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Amogela thuso ya semoya e o e newang ke bagolwane ba Bakeresete

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Boporofeti jwa ga Hosea bo re naya lebaka la go ikanya tsholofetso ya ga Jehofa ya tsogo

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Tswelela pele o tsamaya le Modimo ka tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng