Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna le Bokgoni Jwa go Reetsa ka Tsela e e Bontshang Lorato

Go Nna le Bokgoni Jwa go Reetsa ka Tsela e e Bontshang Lorato

Go Nna le Bokgoni Jwa go Reetsa ka Tsela e e Bontshang Lorato

“KE LEBOGA go bo o ne wa ntheetsa.” A mongwe o kile a go bolelela mafoko ao bosheng jaana? Go raya gore o ne o dirile selo se sentle tota! Motho yo o reetsang ka kelotlhoko o ratwa ke mongwe le mongwe. Fa re reetsa ka kelotlhoko re ka kgona go lapolosa batho ba ba tlaletsweng kana ba ba imetsweng ke mathata. Mme gape ke boammaaruri gore go nna batho ba ba reetsang ka kelotlhoko go re thusa gore re itumele fa re na le batho ba bangwe. Mo phuthegong ya Bokeresete, go reetsa ba bangwe ka lorato ke karolo ya botlhokwa ya go ‘akanyetsana gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’—Bahebera 10:24.

Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba na le bothata jwa go se reetse. Ba rata fela go naya batho kgakololo, go bua maitemogelo a bone kana go tlhalosa kafa bone ba lebang dilo ka gone go na le gore ba reetse se ba bangwe ba lekang go ba bolelela sone. Eleruri go kgona go reetsa ba bangwe ke selo se motho a tlhokang go se tlhagolela. Re ka ithuta jang go reetsa ba bangwe ka tsela e e bontshang gore re a ba rata?

Se se Ka re Thusang go Reetsa

Jehofa ke ‘Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo.’ (Isaia 30:20) A ka kgona go re ruta go le gontsi ka kgang ya go reetsa. Ela tlhoko kafa Jehofa a neng a thusa moporofeti Elija ka gone. E re ka Elija a ne a tshogile gore Kgosigadi Jesebele o tlile go mmolaya, o ne a tshabela kwa nageng mme a bolela gore o eletsa go swa. Fa a ntse a le koo, moengele wa Modimo o ne a bua le ene. Fa moporofeti yono a ntse a tlhalosa poifo ya gagwe, Jehofa o ne a mo reetsa mme a mmontsha nonofo ya Gagwe e kgolo. Matswela e ne ya nna afe? Letshogo la ga Elija le ne la nyelela mme a boela kwa kabelong ya gagwe. (1 Dikgosi 19:2-15) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ipha nako ya go reetsa mathata a batlhanka ba gagwe? Ke ka gonne o a ba kgathalela. (1 Petere 5:7) Ntlha ya botlhokwa e e ka go thusang go nna motho yo o reetsang ka kelotlhoko ke eno: Kgathalela batho ba bangwe mme o bontshe gore o amega go tswa pelong ka bone.

Fa monna mongwe wa kwa Bolivia a sena go dira boleo jo bo masisi, o ne a leboga thata ka tsela e modumedi mmogo le ene a neng a bontsha ka gone gore o amega ka ene go tswa pelong. Monna yono o tlhalosa jaana: “Ka nako eo ke ne ka ikutlwa ke kgobegile marapo fela thata. Go ka bo go nnile motlhofo fela gore ke tlogele go nna ke leka go direla Jehofa fa mokaulengwe yono a ne a sa ipha nako ya gore a ntheetse. Ga a ka a bua go le gontsi, mme go itse fela gore o nkgathalela mo a neng a ipha nako ya go ntheetsa, go ne ga nnonotsha. Ke ne ke sa tlhoke gore a ntharabololele bothata jwa me; ke ne ke itse se ke neng ke tshwanetse go se dira. Ke ne ke batla go itse fela gore mongwe o ne a kgathalela tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone. Tsela e a neng a reetsa ka yone e ne ya nthusa gore ke se ka ka fekeediwa ke go tlalelwa.”

Motlhomasekao yo mogolo mo kgannyeng ya go nna le bokgoni jwa go reetsa ka lorato ke Jesu Keresete. Moragonyana fela ga loso lwa gagwe, barutwa ba gagwe ba babedi ba ne ba tsaya loeto go tswa kwa Jerusalema ba ya kwa motseng o o neng o le bokgakala jwa dikilometara di le 11. Ga go pelaelo gore ba ne ba nyemile mooko thata. Ka jalo, Jesu Keresete yo o tsositsweng o ne a simolola go tsamaya le bone. O ne a ba botsa ka kelotlhoko dipotso tse di neng di dira gore ba tlhalose maikutlo a bone gore a kgone go itse gore ba ne ba amegile thata ka eng, mme barutwa bano ba ne ba mo araba. Ba ne ba tlhalosa ditsholofelo tse ba neng ba na le tsone, le tsela e jaanong ba neng ba swabile ka yone e bile ba ikutlwa ba tlhakane tlhogo. Jesu o ne a amegile ka bone, mme tsela e a neng a ba reetsa ka lorato ka yone e ne ya thusa barutwa bano gore le bone ba reetse. Morago ga moo, Jesu o ne “a ba phuthololela dilo tse di ka ga gagwe mo Dikwalong tsotlhe.”—Luke 24:13-27.

Go reetsa ba bangwe pele, ke tsela e e lorato ya go dira gore le bone ba re reetse. Mosadi mongwe wa kwa Bolivia o bolela jaana: “Batsadi ba me le bomatsale ba ne ba simolola go nna kgatlhanong le tsela e ke neng ke godisa banake ka yone. Ke ne ke sa rate dilo tse ba neng ba nthaya tsone, mme gone ke ne ke tla ke ipotsa gore a jaana ke dira se ke tshwanetseng go se dira jaaka motsadi. Mo e ka nnang ka yone nako eo, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a nketela. O ne a tlotla le nna ka ditsholofetso tsa Modimo. Le fa go ntse jalo, tsela e a neng a mpotsa ka yone gore nna ke akanyang ka kgang eno e ne ya ntemotsha gore motho yono o ne a rata go ntheetsa. Ke ne ka re a tsene mo tlung mme go ise go ye kae ke ne ke setse ke mo tlhalosetsa bothata jwa me. O ne a ntheetsa ka bopelotelele. O ne a mpotsa gore ke batla go godisa bana ba me jang le gore monna wa me o ikutlwa jang ka gone. Ke ne ka utlwa ke wela makgwafo go bo ke na le mongwe yo o neng a leka go ntlhaloganya. Fa a simolola go mpontsha gore Baebele ya reng ka botshelo jwa lelapa, ke ne ke itse gore ke ne ke bua le mongwe yo o neng a amegile ka boemo jwa me.”

Baebele ya re: “Lorato . . . ga lo ipatlele melemo ya lone fela.” (1 Bakorintha 13:4, 5) Ka jalo go reetsa ba bangwe ka lorato go raya gore re emise se re se dirang ka nako eo mme re ba reetse. Seno se ka tlhoka gore re time thelebishene, re beele lokwalodikgang kwa thoko kana re time founo ya rona ya selula fa mongwe a bua le rona kgang nngwe e e masisi. Go reetsa ba bangwe ka lorato go raya go kgatlhegela dikakanyo tsa motho yo mongwe fela thata. Seno se tlhoka gore re ithibe gore re se ka ra bua ka se se re diragaletseng ka go bua sengwe se se jaaka, “Se o se buang se nkgakolola se se neng sa ntiragalela mo nakong e e fetileng.” Le fa gone go bua jalo go ka tswa go siame fa lo itlotlela fela lo le ditsala, re tshwanetse go emisa se re se dirang fa mongwe a tlotla le rona ka bothata jo bo masisi. Go na le tsela e nngwe gape e re ka bontshang ka yone gore re kgatlhegela ba bangwe go tswa pelong.

Reetsa Gore o Lemoge Kafa Motho yo Mongwe a Ikutlwang ka Gone

Ditsala tsa monna yo o neng a bidiwa Jobe di ne di utlwile Jobe a bua makgetlho a ka nna lesome. Le fa go ntse jalo, Jobe o ne a bolela jaana: “E kete go ka bo go ne go na le mongwe yo o ntheeditseng!” (Jobe 31:35) Ke ka ntlha yang fa a ne a bua jalo? Ka gonne go mo reetsa ga bone go ne go sa mo gomotse ka gope. Ba ne ba se na sepe le Jobe e bile ba sa batle go tlhaloganya kafa a ikutlwang ka gone. Tota ba ne ba se na kutlwelobotlhoko. Mme gone moaposetoloi Petere o gakolola jaana: “Nnang le mogopolo o o tshwanang lotlhe, lo bontshe go utlwela ba bangwe botlhoko, lo na le lorato lwa bokaulengwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo le boikokobetso mo mogopolong.” (1 Petere 3:8) Re ka bontsha jang gore re utlwela ba bangwe botlhoko? Tsela e nngwe ke ka go bontsha gore re amega ka maikutlo a ba bangwe le go leka go tlhaloganya tsela e ba ikutlwang ka yone. Go akgela ka tsela e e bontshang gore o mo utlwela botlhoko o re, “seo se tshwanetse sa bo se go utlwisitse botlhoko” kana “o tshwanetse wa bo o ne wa ikutlwa o sa tlhaloganngwa sentle” ke tsela e nngwe ya go bontsha gore re amega ka ba bangwe. Tsela e nngwe gape ke ka go tlhalosa se motho a neng a se bua ka mafoko a rona e le go bontsha gore re tlhalogantse se a neng a se bua. Go reetsa ba bangwe ka lorato go raya go se ele tlhoko fela mafoko a motho a a buang mme gape go ela tlhoko le maikutlo a motho yoo a a bontshang.

Robert * ke modiredi wa nako e e tletseng yo o nang le maitemogelo wa Basupi ba ga Jehofa. O tlhalosa jaana: “Ka dinako dingwe ke ne ke tle ke utlwe ke kgobega marapo fa ke tshwanetse gore ke dire bodiredi jwa me. Ka jalo ke ne ka kopa go bua le molebedi yo o etang. O ne a ntheetsa ka kelotlhoko a bo a leka go tlhaloganya kafa ke ikutlwang ka teng. Go lebega a ne a tlhaloganya le poifo e ke neng ke na le yone ya gore o tla nyatsa tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone. Mokaulengwe yono o ne a ntlhomamisetsa gore o ne a tlhaloganya sentle tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone ka gonne le ene o kile a nna le maikutlo a ke neng ke na le one. Ruri seno se ne sa nthusa gore ke tswelele ka tiro ya me.”

A re ka kgona go reetsa mongwe le mororo re sa dumalane le se a se buang? A re ka bolelela mongwe gore re lebogela go bo a re boleletse kafa a ikutlwang ka gone? Ee. Go tweng fa morwao yo mmotlana a lole le mongwe kwa sekolong kana fa morwadio yo o mo dingwageng tsa bolesome a go bolelela gore o a ratana? A ga go molemo gore motsadi a reetse le go leka go tlhaloganya tsela e mosha yono a akanyang ka yone pele a ka mo tlhalosetsa gore maitsholo a a siameng le a a sa siamang ke a a ntseng jang?

Diane 20:5 ya re: “Kgakololo mo pelong ya motho ke metsi a a boteng, mme motho yo o nang le temogo ke yo o tla a gelelang.” Fa go bonala motho yo o botlhale le yo o nang le maitemogelo a sa batle go ntsha kgakololo e a sa e kopiwang, re ka nna ra tshwanelwa ke go mo kopa kgakololo. Re ka dira ka tsela e e tshwanang le fa re reetsa ba bangwe ka lorato. Re tlhoka temogo go dira gore motho a ntshe maikutlo a gagwe. Go botsa motho dipotso go a thusa, mme re tshwanetse go nna kelotlhoko gore ga re tsenelele mo dikgannyeng tsa botho. Go ka thusa go akantsha gore yo o nang le bothata a simolole ka go bua ka dilo tse a ikutlwang a gololesegile go tlotla ka tsone. Ka sekai, mosadi yo o batlang go bua ka mathata a gagwe a lenyalo a ka nna a go fitlhela go le motlhofo go simolola go bua ka tsela e ene le monna wa gagwe ba kopaneng ka yone go fitlha ba nyalana. Motho yo o tsidifetseng mo bodireding jwa Bokeresete a ka nna a go fitlhela go le motlhofo go simolola ka go tlhalosa kafa a ithutileng boammaaruri ka gone.

Go Reetsa ka Tsela e e Bontshang Lorato ga go Motlhofo

Ga go motlhofo go reetsa motho yo o re galefetseng, gonne ka tlhago fela re batla go itshireletsa. Re ka lebana jang le kgwetlho eno? Diane 15:1 ya re: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale.” Go kopa motho ka tsela e e bonolo le go mo reetsa ka bopelotelele fa a ntse a tlhalosa se a ngongoregang ka sone ke tsela e nngwe ya go araba ka tsela e e bonolo.

Gantsi batho ba babedi ba ba ganetsanang ba galefile ba nna ba boaboeletsa se ba setseng ba se buile. Mongwe le mongwe wa bone o akanya gore yo mongwe ga a mo reetsa. Ruri go ne go tla nna molemo gore mongwe wa bone a didimale mme a reetse ka kelotlhoko! Tota go botlhokwa go supa boikgapo le go bua ka tsela e e bontshang botlhale le lorato. Baebele e re bolelela jaana: “Yo o thibang dipounama tsa gagwe o dira ka botlhale.”—Diane 10:19.

Go nna le bokgoni jwa go reetsa ga go itlele fela. Le fa go ntse jalo, ke bokgoni jo re ka ithutang jone ka go dira maiteko le go ikgalemela. Ruri jono ke bokgoni jo go leng botlhokwa gore re nne le jone. Eleruri go reetsa fa ba bangwe ba bua ke tsela ya go bontsha gore re a ba rata. Gape go dira gore re itumele. Ka jalo, ruri e tla bo e le botlhale gore re lwele go nna le bokgoni jwa go reetsa ka lorato!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Leina le fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Re tshwanetse go emisa se re se dirang gore re kgone go reetsa fa mongwe a bua le rona

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ke kgwetlho go reetsa mongwe yo o galefileng