Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsamaya le Modimo Mme o Robe se se Molemo

Tsamaya le Modimo Mme o Robe se se Molemo

Tsamaya le Modimo Mme o Robe se se Molemo

“Ba nna ba jala phefo, mme ba tla roba phefo ya matsubutsubu.”—HOSEA 8:7.

1. Re ka kgona jang go tsamaya le Jehofa?

GO TSAYA loeto mo lefelong le le kotsi go ne go ka babalesega fa o ne o tsamaya o kaelwa ke mongwe yo o nang le maitemogelo. Go ne go ka nna molemo go tsamaya le mokaedi yoo go na le gore o tseye mosepele oo o le nosi. Ka ditsela dingwe, seno se tshwantshetsa maemo a re leng mo go one. Tota re ka re, Jehofa o ithaopetse go tsamaya le rona go ralala sekaka se se boitshegang sa lefatshe leno le le boikepo. Go ka nna molemo fa re ka tsamaya le ene go na le gore re leke go kaela dikgato tsa rona ka borona. Re ka tsamaya jang le Modimo? Ka go latela kaelo e a re nayang yone mo Lefokong la gagwe.

2. Go tla sekasekwa eng mo setlhogong seno?

2 Setlhogo se se fetileng se ile sa tlhalosa terama ya tshwantshetso e e fitlhelwang mo go Hosea kgaolo ya 1 go ya go ya 5. Jaaka fa re bone, terama eno e na le dithuto tse di ka re thusang go tsamaya le Modimo. Mma jaanong re sekaseke dintlha dingwe tsa botlhokwa tse di mo kgaolong ya 6 go ya go ya 9 Hos 6-9. Go ka nna molemo gore re simolole pele ka go sobokanya dikgaolo tseno tse nnè.

Tshobokanyo e Khutshwane

3. Ka bokhutshwane tlhalosa dintlha tse di mo go Hosea kgaolo ya 6 go ya go ya 9.

3 Jehofa o ne a roma Hosea go ya go rerela segolobogolo bogosi jwa bokone jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele. Setšhaba seo, se gape se neng se bidiwa Eferaime go ya ka leina la setso sa sone se segolo, se ne se fularetse Modimo. Hosea kgaolo ya 6 go ya go ya 9 e tlhalosa gore batho ba ne ba bontsha go se ikanyege ka go tlola kgolaganyo ya bone le Jehofa le ka go dira boikepo. (Hosea 6:7) Ba ne ba ikanya ditšhaba tse dingwe tse ba neng ba dirile kgolagano le tsone go na le gore ba boele kwa go Jehofa. Ka ntlha ya go nna ba jala se se bosula, ba ne ba roba se se bosula. Ka mafoko a mangwe, ba ne ba tlile go atlholwa setlhogo. Le fa go ntse jalo, boporofeti jwa ga Hosea bo ne bo tshwere le molaetsa o o itumedisang. Batho ba ne ba tlhomamisediwa gore ba ne ba ka kgona go boela kwa go Jehofa mme o ne a tla ba utlwela botlhoko fa ba ne ba ka bontsha gore ba ikwatlhaile go tswa pelong.

4. Re tla sekaseka dithuto dife tse di molemo go tswa mo boporofeting jwa ga Hosea?

4 Mo dikgaolong tseno tse nnè tsa boporofeti jwa ga Hosea, re kgona go bona kaelo e e oketsegileng e e ka re thusang go tsamaya le Modimo. Mma re sekaseke dithuto tse nnè tsa botlhokwa tse re ka ithutang tsone: (1) Boikwatlhao jwa mmatota bo bontshiwa ka ditiro, e seng ka mafoko fela; (2) ditlhabelo ka botsone fela ga di itumedise Modimo; (3) Jehofa o utlwa botlhoko fa baobamedi ba gagwe ba mo fularela; le (4) gore re robe se se molemo re tshwanetse go jala se se molemo.

Kafa Boikwatlhao Jwa Mmatota bo Bontshiwang ka Teng

5. Umaka dintlha tsa konokono tsa Hosea 6:1-3.

5 Boporofeti jwa ga Hosea bo re ruta go le gontsi ka kgang ya boikwatlhao le kutlwelobotlhoko. Re bala jaana mo go Hosea 6:1-3: “Tlang, lona batho, mme a re boeleng kwa go Jehofa, gonne o gagogantse le fa go ntse jalo o tla re fodisa. O ne a nna a itaya, le fa go ntse jalo o tla re hapa. O tla re tshedisa morago ga malatsi a le mabedi. Mo letsatsing la boraro o tla dira gore re tsoge, mme re tla tshela fa pele ga gagwe. Mme re tla itse, re tla batla go itse Jehofa. Jaaka bosa, go tswa ga gagwe go tlhomamisitswe thata. Mme o tla tla jaaka pula e e tshologang mo go rona; jaaka pula ya dikgakologo e e kolobetsang lefatshe.”

6-8. Bothata e ne e le eng ka boikwatlhao jwa Iseraele?

6 Ke mang yo o neng a bua mafoko a a mo ditemaneng tseno? Batho bangwe ba re a ne a buiwa ke Baiseraele ba ba sa ikanyegeng e bile ba re batho bano ba ba sa utlweng ba ne ba itira e kete ba a ikwatlhaya, ba dirisa bopelotlhomogi jwa Modimo ka tsela e e sa siamang. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba re ke moporofeti Hosea yo o neng a bua mafoko ao, a kopa batho gore ba boele kwa go Jehofa. Le fa e ka tswa e le mang yo o neng a bua mafoko ao, potso ya botlhokwa ke go re, A batho ba bogosi jwa Iseraele jwa ditso tse di lesome ba ne ba boela kwa go Jehofa, ba bontsha boikwatlhao jwa mmatota? Karabo ke go re, ga ba a ka ba dira jalo. Jehofa o bua jaana a dirisa Hosea: “Ke tla go dirang, wena Eferaime? Ke tla go dirang, wena Juda, fa bopelonomi jwa lorato jwa lona bo tshwana le maru a moso le jaaka monyo o o nyelelang phakela?” (Hosea 6:4) Ruri seo se bontsha maemo a a maswe a semoya a batho ba Modimo ba neng ba le mo go one! Bopelonomi jwa lorato kana lorato lo lo ikanyegang, bo ne bo sa tlhole bo le teng—fela jaaka mouwane wa mo mosong o o nyelelang ka bonako fa letsatsi le tlhaba. Le mororo go bonala batho ba ne ba itira e kete ba ikwatlhaya, Jehofa o ne a se ka a bona lebaka la go ba utlwela botlhoko. Bothata e ne e le eng?

7 Iseraele o ne a sa ikwatlhaye go tswa pelong. Hosea 7:14 e bua jaana fa e tlhalosa kafa Jehofa a neng a galefisitswe ke batho ba gagwe ka teng: “Ga ba a ka ba ikuela kwa go nna ka dipelo tsa bone gore ke ba thuse, le fa gone ba ne ba ntse ba bokolela mo malaong a bone.” Hos 7 Temana ya 16 e oketsa jaana: “Mme ba boa, ba sa boele sepe se se kwa godimo”—ke go re, “ba sa boele kwa kobamelong ya maemo a a kwa godimo.” Batho ba ne ba sa iketleeletsa go boela kwa kobamelong ya ga Jehofa ya maemo a a kwa godimo ka go dira diphetogo tse di neng di tlhokega gore ba baakanye kamano ya bone le ene. Ee, ruri ba ne ba sa batle go tsamaya le Modimo.

8 Go ne go na le bothata jo bongwe gape ka boikwatlhao jono jwa Iseraele. Batho ba ne ba tsweletse ka go dira boleo—tota e bile, ba dira maleo a a farologaneng a a boitshegang, go akaretsa le go tsietsa, go bolaya, go utswa, go obamela medingwana e bile ba dira ditumalano tse di sa siamang le ditšhaba tse dingwe. Hosea 7:4 e tshwantsha batho bano le “leubelo” kana onto ya mmesi wa senkgwe, gongwe e le ka gonne dikeletso tse di bosula di ne di tuka mo teng ga bone. Fa o akanya ka maemo ao a a maswe a semoya a ba neng ba le mo go one, a o ka re ba ne ba tshwanelwa ke go utlwelwa botlhoko? Legoka! Hosea o itsise batho bao ba batsuolodi gore Jehofa o tla “gakologelwa tlolo ya bone” le go “ela tlhoko maleo a bone.” (Hosea 9:9) Ba ne ba se kitla ba utlwelwa botlhoko!

9. Mafoko a ga Hosea a re ruta eng kaga boikwatlhao le kutlwelobotlhoko?

9 Fa re ntse re bala mafoko a ga Hosea, re ithuta eng kaga boikwatlhao le kutlwelobotlhoko? Sekao se se sa siamang sa Baiseraele se re ruta gore re tshwanetse go bontsha go ikwatlhaya go tswa pelong fa e le gore re batla Jehofa a re utlwela botlhoko. Motho o bontsha boikwatlhao joo jang? Jehofa ga a tsiediwe ke dikeledi tsa mathe kana mafoko a a sa reng sepe. Motho o bontsha boikwatlhao jwa mmatota ka ditiro. Fa motho yo o dirileng boleo a batla go utlwelwa botlhoko, o tshwanetse go tlogela gotlhelele tsela ya gagwe ya boleo mme a dire gore botshelo jwa gagwe bo dumalane le melao ya maemo a a kwa godimo e Jehofa a e beetseng baobamedi ba gagwe.

Ditlhabelo ka Botsone Fela ga di Itumedise Jehofa

10, 11. Jaaka fa re bone mo kgannyeng ya Iseraele, ke eng fa ditlhabelo ka botsone fela di sa itumedise Jehofa?

10 Mma jaanong re sekaseke thuto ya bobedi e e ka re thusang go tsamaya le Jehofa. Thuto eo ke: Ditlhabelo ka botsone fela ga di itumedise Modimo. Hosea 6:6 ya re: “[Nna Jehofa] ke natefeletswe ke bopelonomi jwa lorato, mme e seng ke setlhabelo; le ke kitso ya Modimo go na le ditshupelo tse di fisiwang di feletse.” Ela tlhoko gore Jehofa o natefelelwa ke bopelonomi jwa lorato, kana lorato lo lo ikanyegang—nonofo e e bontshiwang go tswa pelong—le go nna le kitso ka ene. Mme o ka tswa o ipotsa jaana: ‘Ke eng fa temana eno e re Jehofa ga a natefelelwe ke “setlhabelo” le ke “ditshupelo tse di fisiwang.”? A Molao wa ga Moshe o ne o sa laele batho go dira dilo tseno?’

11 Molao o ne o laela gore go ntshiwe ditlhabelo le ditshupelo, le fa go ntse jalo, go ne go na le bothata jo bo masisi ka batho ba motlha wa ga Hosea. Go bonala go ne go na le Baiseraele bangwe ba ba neng ba ntsha ditshupelo tseo ka go ikgolola e le fela gore ba bonwe ke batho. Ka fa letlhakoreng le lengwe ba ne ba dira boleo. Go dira boleo ga bone go ne go bontsha gore dipelo tsa bone di ne di se na lorato lo lo ikanyegang. Gape ba ne ba bontsha gore ba ne ba gana go nna le kitso ka Modimo, e re ka ba ne ba sa tshele go ya ka kitso eo. Go ne go thusa eng gore ba ntshe ditlhabelo mme boemo jwa dipelo tsa bone bo ne bo sa siama e bile ba ne ba sa tshele ka tsela e e siameng? Ditlhabelo tsa bone di ne di kgopisa Jehofa Modimo.

12. Hosea 6:6 e na le molaetsa ofe o o tlhagisang batho gompieno?

12 Mafoko a ga Hosea a na le molaetsa o o tlhagisang bontsi jwa batho ba ba tsenang dikereke gompieno. Ba ntshetsa Modimo ditlhabelo ka go dira ditiro dingwe tsa bodumedi. Mme kobamelo ya bone ga e laole botshelo jwa bone ka gope mo boitshwarong jwa bone jwa letsatsi le letsatsi. A tota batho ba ba ntseng jalo ba itumedisa Modimo fa dipelo tsa bone di sa ba tlhotlheletse go batla go nna le kitso e e boammaaruri ka ga gagwe le go dirisa kitso eo ka go tlogela mekgwa e e sa siamang? A go se nne le ope yo o akanyang gore ditiro tsa bodumedi ka botsone fela di ka itumedisa Modimo. Jehofa ga a itumedisiwe ke batho ba ba lekang go dira gore a ba amogele ka go dira fela ditiro tsa bodumedi mme ba sa tshele go ya ka Lefoko la gagwe.—2 Timotheo 3:5.

13. Re ntsha mofuta ofe wa ditlhabelo, mme re tshwanetse go gakologelwa eng ka boleng jwa tsone?

13 Rona Bakeresete ba boammaaruri, ga re lebale gore ditlhabelo ka botsone fela ga di itumedise Modimo. Ke boammaaruri gore ga re ntshetse Jehofa ditlhabelo tsa diphologolo. Le fa go ntse jalo, re ‘isetsa Modimo setlhabelo sa pako, ke gore, leungo la dipounama tse di bolelang leina la gagwe phatlalatsa.’ (Bahebera 13:15) Go botlhokwa gore re se ka ra nna jaaka Baiseraele ba motlha wa ga Hosea, re akanya gore re ka duelela maleo a rona ka go ntshetsa Modimo ditlhabelo tsa dilo tsa semoya. Akanya ka sekai sa mosha mongwe yo o neng a dira boitshwaro jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo mo sephiring. Moragonyana o ne a ipolela jaana: “Ke ne ka oketsa bodiredi jwa me jwa tshimo, ke akanya gore go dira jalo go tla duelela maleo a me ka tsela nngwe.” Ke sone se Baiseraele ba ba neng ba dule mo tseleng ba neng ba leka go se dira. Le fa go ntse jalo, Jehofa o amogela setlhabelo sa rona sa pako fa fela re se dira ka boikutlo jo bo siameng le ka boitshwaro jo bo siameng.

Jehofa o Utlwa Botlhoko fa Baobamedi ba Gagwe ba mo Fularela

14. Boporofeti jwa ga Hosea bo senola eng ka maikutlo a Modimo a nang le one?

14 Thuto ya boraro e re ithutang yone go tswa mo go Hosea kgaolo ya 6 go ya go ya 9 e malebana le kafa Jehofa a ikutlwang ka teng fa baobamedi ba gagwe ba mo fularela. Modimo o kgona go galefa e bile o kgona go nna bonolo. O kgona go itumela fa batho ba ikwatlhaela maleo a bone e bile o kgona go ba utlwela botlhoko. Mme fa batho ba gagwe ba sa ikwatlhae, o ba tseela dikgato tse di gagametseng. E re ka Modimo a amegile ka rona, o a itumela fa re tsamaya le ene ka boikanyegi. Pesalema 149:4 ya re: “Jehofa o ipelela batho ba gagwe.” Mme gone, Modimo o ikutlwa jang fa batlhanka ba gagwe ba sa ikanyege?

15. Go ya ka Hosea 6:7 Baiseraele bangwe ba ne ba itshwara jang?

15 Jehofa o ile a bua jaana fa a bua ka Baiseraele ba ba sa ikanyegeng: “Bone, jaaka motho, ba tlodile kgolagano. Ke gone mo ba ntiretseng ka boferefere gone.” (Hosea 6:7) Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le ‘go dira ka boferefere’ gape le kaya “go dira ka tsietso, (go se) ikanyege.” Mo go Malaki 2:10-16, go dirisitswe lone lefoko leno la Sehebera go tlhalosa go se ikanyege ga Baiseraele ba ba neng ba sa ikanyege mo balekaneng ba bone ba lenyalo. Buka nngwe fa e bua ka tsela e lefoko leno le dirisitsweng ka yone mo go Hosea 6:7 e tlhalosa go re “ke puo ya tshwantshiso e e kaga lenyalo e e tlhalosang dinonofo tse motho a di bontshang mo kamanong ya gagwe le yo mongwe . . . Maemo a go buiwang ka one fano ke a motho yo o sa bontsheng lorato mo kamanong ya gagwe le molekane wa gagwe.”

16, 17. (a) Iseraele e ile ya itshwara jang malebana le kgolagano e Modimo a neng a e dirile le ene? (b) Re tshwanetse go se lebale eng malebana le se re se dirang?

16 Jehofa o ne a tsaya Iseraele jaaka mosadi wa gagwe wa tshwantshetso ka ntlha ya kgolagano e a neng a e dirile le setšhaba seo. Ka jalo fa batho ba gagwe ba ne ba tlola ditumalano tsa kgolagano eo, go ne go ntse jaaka e kete ba dira boaka. Modimo o ne a tshwana le monna yo o ikanyegang, mme batho ba gagwe bone ba ile ba mo latlha!

17 Go tweng ka rona? Modimo o amega ka kgang ya gore a re tsamaya le ene kana nnyaa. Go ka nna molemo fa re sa lebale gore “Modimo ke lorato” le gore se re se dirang se a mo ama. (1 Johane 4:16) Fa re itlwaetsa go tshela botshelo jo bo sa siamang, re ka utlwisa Jehofa botlhoko mme ruri seo se tla mo kgopisa. Go se lebale seo go ka re thusa gore re se ka ra ineelela dithaelo.

Kafa re ka Kgonang go Roba se se Molemo ka Teng

18, 19. Ke molaomotheo ofe o re o fitlhelang mo go Hosea 8:7, mme molaomotheo oo o ne wa nna boammaaruri jang mo Baiseraeleng?

18 A re sekaseke selo sa bonè se re ithutang sone mo boporofeting jwa ga Hosea—kafa re ka kgonang go roba molemo ka teng. Hosea o bua jaana ka Baiseraele ba ba sa ikanyegeng le tsela ya boeleele le e e sa thuseng sepe e ba neng ba tshela ka yone: “Ba nna ba jala phefo, mme ba tla roba phefo ya matsubutsubu.” (Hosea 8:7) Mo mafokong ano re fitlhela molaomotheo o go leng molemo gore re se ka ra o lebala: Se re se dirang gone jaanong se amana ka tlhamalalo le se se tla re diragalelang mo nakong e e tlang. Molaomotheo ono o ne wa diragalela jang Baiseraele ba ba neng ba sa ikanyege?

19 Baiseraele bao ba ne ba jalela se se bosula ka go itlwaetsa go dira boleo. A ba ne ba tla kgona go tswelela ba dira jalo kwantle ga gore ba robe matswela a a bosula? Ruri ba ne ba ka se kgone go tila kotlhao e e botlhoko e e neng e ba lebane. Hosea 8:13 ya re: “[Jehofa] o tla gakologelwa tlolo ya bone a ba a dira gore ba ikarabelele maleo a bone.” Mme mo go Hosea 9:17 re bala jaana: “Modimo wa me o tla ba gana, gonne ga ba a mo reetsa, mme ba tla nna bafaladi mo merafeng.” Jehofa o ne a tla dira gore Baiseraele ba ikarabelele maleo a bone. Ba ne ba tla roba se se bosula ka gonne ba ile ba jala bosula. Kotlhao e Modimo a neng a ba otlhaya ka yone e ne ya diragadiwa ka 740 B.C.E, fa Baasiria ba ne ba fenya bogosi jwa Iseraele jwa ditso tse di lesome mme ba bo ba isa baagi ba teng kwa botshwarong.

20. Se se diragaletseng Baiseraele se re ruta eng?

20 Se se diragaletseng Baiseraele bao se re ruta boammaaruri jono jwa botlhokwa: Re roba se re se jalang. Lefoko la Modimo le re tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa tsietsega: Modimo ga se yo o ka sotliwang. Gonne le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.” (Bagalatia 6:7) Fa re jala se se bosula, re tla roba se se bosula. Ka sekai, batho ba ba nang le boitshwaro jo bo sa siamang ba tla roba matswela a a botlhoko. Moleofi yo o sa ikwatlhayeng o tla lebana le ditlamorago tse di sa itumediseng.

21. Re ka dira jang gore re robe se se molemo?

21 Re ka dira jang gore re robe se se molemo? Potso eo e ka arabiwa ka setshwantsho se se motlhofo. Fa molemi a batla go roba mmidi, a a ka jala korong? Legoka! O tshwanetse a jala se a batlang go se roba. Le rona, fa re batla go roba se se molemo, re tshwanetse go jala se se molemo. A o batla go tswelela o roba se se molemo—botshelo jo bo kgotsofatsang gone jaanong ka tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo? Fa go le jalo, o tshwanetse go tswelela o jala se se molemo ka go tsamaya le Modimo le go tshela ka tsela e e dumalanang le melao ya gagwe e e siameng.

22. Ke dithuto dife tse re ithutileng tsone mo go Hosea kgaolo ya 6 go ya go kgaolo ya 9?

22 Go tswa mo go Hosea kgaolo ya 6 go ya go kgaolo ya 9 re ithutile dithuto tse nnè tse di ka re thusang go tsamaya le Modimo: (1) Boikwatlhao jwa mmatota bo bontshiwa ka ditiro; (2) ditlhabelo ka botsone fela ga di itumedise Modimo; (3) Jehofa o utlwa botlhoko fa baobamedi ba gagwe ba mo fularela; le (4) gore re robe se se molemo re tshwanetse go jala se se molemo. Dikgaolo tse tlhano tse di setseng tsa buka eno ya Baebele di ka re thusa jang go tsamaya le Modimo?

O ne O ka Araba Jang?

• Boikwatlhao jwa mmatota bo bontshiwa jang?

• Ke eng fa ditlhabelo ka botsone fela di sa itumedise Rraarona wa selegodimo?

• Modimo o ikutlwa jang fa baobamedi ba gagwe ba mo fularela?

• Re tshwanetse go jala eng gore re kgone go roba se se molemo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Lorato lo lo ikanyegang lwa Iseraele lo ne lwa nyelela fela jaaka maru a mo mosong

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Dikeletso tsa boikepo tsa Iseraele di ne di tuka fela jaaka leubelo

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ke eng fa Jehofa a ne a sa amogele ditlhabelo tsa batho ba gagwe?

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Gore re robe se se molemo, re tshwanetse go jala se se molemo