Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ba ‘Dipuo Tsotlhe’ ba Utlwa Dikgang Tse di Molemo

Batho ba ‘Dipuo Tsotlhe’ ba Utlwa Dikgang Tse di Molemo

Batho ba ‘Dipuo Tsotlhe’ ba Utlwa Dikgang Tse di Molemo

“Batho ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba ba tla [re]: ‘Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’”—SEKAREA 8:23.

1. Jehofa o ne a dira jang gore nako le maemo a tshwanele sentle tiragalo ya fa go ne go simololwa tiro ya go rerela batho ba dipuo le ditšhaba tse di farologaneng?

NAKO le maemo a ne a tshwanela tota. E ne e le ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E. Dibeke di le mmalwa pele ga foo, Bajuda le basokologi go tswa mo dikgaolong di ka nna 15 tsa Mmusomogolo otlhe wa Roma le mafelo a mangwe ba ne ba kokoanetse kwa Jerusalema go tla go keteka Tlolaganyo. Mo letsatsing leo, diketekete tsa bone di ne tsa utlwa batho fela ba e seng ba maemo ba ba tletseng moya o o boitshepo ba bolela dikgang tse di molemo ka dipuo tse di farologaneng tse di neng di buiwa mo mmusomogolong oo—ba bua dipuo tse batho ba di tlhaloganyang e seng dipuo tse di tlhakatlhakaneng jaaka go ile ga direga kwa Babele wa bogologolo. (Ditiro 2:1-12) Tiragalo eo e ne e le tshimologo ya go tlhongwa ga phuthego ya Bokeresete le ya tiro ya go ruta batho ba dipuo le ditšhaba tse di farologaneng, e e ileng ya tswelela e dirwa go fitlha le mo motlheng ono.

2. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba ‘akabatsa’ jang batho ba dipuo tse di farologaneng ba ba neng ba le gone ka Pentekosete ya 33 C.E.?

2 Go ka direga gore barutwa ba ga Jesu ba ne ba bua Segerika se se tlwaelegileng, e leng puo e e neng e buiwa ke batho ka bontsi. Gape ba ne ba dirisa Sehebera, puo e e neng e buiwa kwa tempeleng. Le fa go ntse jalo, mo letsatsing leo la Pentekosete, ba ne ba ‘akabatsa’ batho ba dipuo tse di farologaneng ba ba neng ba le gone koo ka go bua dipuo tse di buiwang ke batho bao. Go ne ga felela ka eng? Bareetsi bao ba ne ba amiwa dipelo ke go utlwa dithuto tsa botlhokwa tsa boammaaruri ka dipuo tsa bone. Fa letsatsi leo le phirima, setlhopha se sennye sa barutwa se ne se godile go nna sa batho ba ba fetang 3 000!—Ditiro 2:37-42.

3, 4. Tiro ya go rera e ne ya oketsega jang fa barutwa ba ntse ba fuduga kwa Jerusalema, Judea le Galalea?

3 Ka bonako fela morago ga tiragalo eo e e sa lebalegeng, go ne ga runya pogiso e e setlhogo kwa Jerusalema, mme “ba ba neng ba gasame ba ya le lefatshe leo lotlhe ba bolela dikgang tse di molemo tsa lefoko.” (Ditiro 8:1-4) Ka sekai, mo go Ditiro kgaolo 8 re bolelelwa ka Filipo, yo go bonalang e ne e le moreri yo o buang Segerika. Filipo o ne a rerela Basamarea. Gape o ne a rerela modiredipuso mongwe wa Moethiopia yo o neng a amogela molaetsa o o kaga Keresete.—Ditiro 6:1-5; 8:5-13, 26-40; 21:8, 9.

4 Fa Bakeresete ba ntse ba fuduga mme ba senka mafelo a ba ka nnang mo go one go tswa kwa Jerusalema, Judea le Galalea, ba ne ba kopana le batho ba bangwe ba ba buang dipuo tse ba sa di itseng. Bangwe ba bone ba ka tswa ba ile ba rerela Bajuda fela. Le fa go ntse jalo, morutwa Luke o bega jaana: “Go ne go na le banna bangwe ba Kupero le Kurene ba ba neng ba tlile mo Antioka mme ba simolola go bua le batho ba ba buang Segerika, ba bolela dikgang tse di molemo tsa Morena Jesu.”—Ditiro 11:19-21.

Modimo yo o sa Tlhaoleng yo o Bolelang Molaetsa o o Amang Batho Botlhe

5. Kgang ya go rerwa ga dikgang tse di molemo e bontsha jang gore Jehofa ga a tlhaole batho?

5 Ditiragalo tseo di tsamaisana le tsela e Modimo a dirang dilo ka yone; ga se Modimo yo o tlhaolang batho. Fa Jehofa a sena go thusa moaposetoloi Petere go fetola tsela e a neng a leba batho ba ditšhaba tse dingwe ka yone, Petere o ile a bua jaana ka kanaanelo: “Ruri ke a lemoga gore Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:34, 35; Pesalema 145:9) Fa moaposetoloi Paulo, yo e kileng ya bo e le mmogisi wa Bakeresete, a ne a bolela gore ‘thato ya Modimo ke gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe,’ o ne a tlhomamisa boammaaruri jwa gore Modimo ga a tlhaole batho. (1 Timotheo 2:4) Re kgona go bona gore Mmopi ga a tlhaole batho ka gonne tsholofelo ya Bogosi e ka bonwa ke batho ba bong bongwe le bongwe, ba ditso tsotlhe, ba ditšhaba tsotlhe le ba dipuo tsotlhe.

6, 7. Ke dipolelelopele dife tsa Baebele tse di ileng tsa bolelela pele gore tiro ya go rera dikgang tse di molemo e ne e tla dirwa mo bathong ba ditšhaba tsotlhe le ba dipuo tsotlhe?

6 Koketsego e kgolo e e diregang mo dinageng di le dintsi e ne ya bolelelwa pele makgolokgolo a dingwaga pelenyana. Go ya ka boporofeti jwa ga Daniele, Jesu “o ne a newa bobusi le seriti le bogosi, gore ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo tsotlhe di mo direle.” (Daniele 7:14) Kgang ya gore makasine ono o gatisiwa ka dipuo di ka nna 151 e bile o anamisiwa mo lefatsheng lotlhe, e leng se se go thusang go bala kaga Bogosi jwa ga Jehofa, e bontsha gore boporofeti joo jwa Baebele bo a diragadiwa.

7 Baebele e ne ya bolelela pele gore go ne go tla fitlha nako ya gore batho ba dipuo tse di farologaneng ba utlwe molaetsa wa yone o o nayang batho botshelo. Sekarea o ne a porofeta jaana a tlhalosa kafa kobamelo ya boammaaruri e neng e tla ngoka batho ba le bantsi ka teng: “Go tla diragala mo metlheng eo gore batho ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba ba tla tshwara, ee, ba tla tshwara ntlha ya seaparo sa monna yo e leng Mojuda [Mokeresete yo o tloditsweng ka moya, yo e leng karolo ya “Iseraele wa Modimo”], ba re: ‘Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’” (Sekarea 8:23; Bagalatia 6:16) Mme moaposetoloi Johane o ile a bua jaana a tlhalosa se a se boneng mo ponatshegelong: “Bona! boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana.” (Tshenolo 7:9) Re bone dipolelelopele tseo di diragala!

Go Fitlhelela Batho ba Mefuta Yotlhe

8. Ke ditiragalo dife tse di diregang mo motlheng wa rona tse di ileng tsa re tlhoka gore re dire diphetogo dingwe mo tirong ya rona ya go rera?

8 Gompieno batho ba le bantsi ba a fuduga. Maiteko a go dira gore batho mo lefatsheng lotlhe ba nne seoposengwe a dirile gore batho ba le bantsi ba fudugele kwa dinageng tse dingwe. Batho ba le bantsi ba ba tswang mo mafelong a a aparetsweng ke dintwa le a a nang le mathata a ikonomi ba fudugetse kwa mafelong a maemo a one a botshelo a ritibetseng, ba senka botshelo jo bo botoka. Go fuduga ga batho ba bantsi ba ba batlang ditiro le ba e leng batshabi go dirile gore dinaga di le dintsi di nne le mafelo a go nnang batho ba ba tswang kwa dinageng di sele mo go one. Ka sekai, kwa Finland go na le batho ba dipuo di feta 120; kwa Australia palo eo e feta 200. Mo toropong e le nngwe fela ya kwa United States, e leng San Diego, go buiwa dipuo di feta 100!

9. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka batho ba ba buang dipuo di sele mo tshimong ya rona?

9 A re leba go fuduga ga batho bao ba ba buang dipuo di sele e le sekgoreletsi mo bodireding jwa rona jwa Bokeresete? Legoka! Go na le moo, re tsaya seo e le tsela e e molemo ya go oketsa tshimo ya rona, re tsaya seo e le ‘masimo a masweu go ka rojwa.’ (Johane 4:35) Re leka ka bojotlhe go thusa batho ba ba tshwenyegang ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng, le fa e ka tswa e le ba setšhaba sefe kana puo efe. (Mathaio 5:3) Ka ntlha ya seo, ngwaga mongwe le mongwe palo e kgolo ya batho ba puo nngwe le nngwe ba fetoga barutwa ba ga Keresete. (Tshenolo 14:6) Ka sekai, go tloga ka August 2004, tiro ya go rera kwa Jeremane e ile ya dirwa ka dipuo di ka nna 40. Kwa Australia gone, dikgang tse di molemo di rerwa ka dipuo di ka nna 30, mme mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, di ne di rerwa ka dipuo di le 18 fela. Kwa Greece, Basupi ba ga Jehofa ba fitlhelela batho ka dipuo di ka nna 20. Mo lefatsheng lotlhe, diperesente di ka nna 80 tsa Basupi ba ga Jehofa ke ba dipuo di sele, e seng Seesemane se e leng sone puo ya ditšhabatšhaba.

10. Mongwe le mongwe wa baboledi o na le seabe sefe mo tirong ya go dira batho ba “ditšhaba tsotlhe” barutwa?

10 Ee ruri, taelo ya ga Jesu ya gore re “dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa” e a diragadiwa! (Mathaio 28:19) E re ka Basupi ba ga Jehofa ba amogetse tiro eno ka tlhoafalo, ba e dira mo dinageng tse 235 mme ba anamisa dibuka tsa bone ka dipuo di feta 400. Fa phuthego ya ga Jehofa e ntse e tlamela baboledi ka didirisiwa tse ba di tlhokang gore ba fitlhelele batho, mongwe le mongwe wa baboledi bano ba Bogosi o tshwanetse go tsaya kgato ya go itsise “batho ba mefuta yotlhe” molaetsa wa Baebele ka dipuo tse batho bano ba ka di tlhaloganyang botoka. (Johane 1:7) Maiteko ano a a kopanetsweng a thusa dimilione tsa batho ba dipuo tse di farologaneng go solegelwa molemo ke dikgang tse di molemo. (Baroma 10:14, 15) Ee, mongwe le mongwe wa rona o na le seabe sa botlhokwa mo tirong eno!

Go Lebana le Kgwetlho Eno ka Katlego

11, 12. (a) Ke kgwetlho efe e re nang le yone, mme moya o o boitshepo o re thusa jang? (b) Ke eng fa gantsi go rerela batho ka dipuo tsa bone go thusa?

11 Gompieno baboledi ba le bantsi ba Bogosi ba ka rata go ithuta puo e sele, le fa go ntse jalo, ga ba a lebelela gore moya wa Modimo o ba thuse go dira jalo ka tsela ya kgakgamatso. (1 Bakorintha 13:8) Go ithuta puo e sele ga se kgetsi e potlana. Tota le motho yo o setseng a itse dipuo tse dingwe a ka tshwanelwa ke go fetola tsela ya gagwe ya go akanya le mokgwa o a o dirisang e le gore batho ba ba buang dipuo tseo mme e le ba ba godileng ka tsela e sele e bile e le ba setso se sele ba kgatlhegele molaetsa wa Baebele. Mme gape, gantsi batho ba ba tswang kwa dinageng di sele ba e leng gone ba gorogang mo mafelong mangwe ba ditlhong; go ka tlhoka motho matsapa a magolo go tlhaloganya tsela ya bone ya go akanya.

12 Le fa go ntse jalo, moya o o boitshepo o thusa batlhanka ba ga Jehofa mo maitekong a bone a go thusa batho ba ba buang dipuo di sele. (Luke 11:13) Moya o o boitshepo ga o re thuse go itse dipuo tseo ka tsela ya kgakgamatso, go na le moo, o re thusa go nna le keletso ya go buisana le batho ba ba buang dipuo tse e seng tsa rona. (Pesalema 143:10) Go rerela batho kana go ba ruta molaetsa wa Baebele ka puo e ba sa e itseng sentle go ka ba thusa go nna le kitso e e felelang fela mo tlhaloganyong. Le fa go ntse jalo, gore re kgone go ama dipelo tsa bareetsi ba rona, gantsi go botoka fa re ba ruta ka puo ya bone—puo e e kgonang go ama maikutlo a bone a a kwa teng.—Luke 24:32.

13, 14. (a) Ke eng se se tlhotlheletsang bangwe go dira bodiredi jwa bone ka puo e sele? (b) Re bona jang moya wa go intsha setlhabelo?

13 Baboledi ba le bantsi ba Bogosi ba ile ba fudugela kwa tshimong ya puo e sele ka ntlha ya go bona batho ba le bantsi ba teng ba amogela boammaaruri jwa Baebele. Ba bangwe ba nna matlhagatlhaga fa bodiredi jwa bone bo ba leretse dikgwetlho kgotsa fa bo itumedisa. Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Yuropa borwa ya re: “Bontsi jwa batho ba ba tswang kwa Yuropa Botlhaba ba nyoretswe boammaaruri.” A bo go kgotsofatsang jang go thusa batho ba ba ntseng jalo!—Isaia 55:1, 2.

14 Le fa go ntse jalo, go nna le seabe ka botlalo mo tirong eno go tlhoka gore motho a ititeye sehuba le go intsha setlhabelo. (Pesalema 110:3) Ka sekai, Basupi ba le bantsi ba Japane ba ile ba tlogela magae a bone a mantle mo ditoropong tse dikgolo mme ba fudugela kwa metseng e e kwa kgakala go ya go thusa batho ba ba tswang kwa China go tlhaloganya Baebele. Kwa lobopong lwa bophirima lwa United States, baboledi ba tsamaya lobaka lwa ura e le nngwe go ya go tse pedi ka koloi ka metlha go ya go tshwarela batho ba ba buang puo ya kwa Philippines dithuto tsa Baebele. Kwa Norway, banyalani bangwe ba ithuta le lelapa le le tswang kwa Afghanistan. Banyalani bano ba Basupi ba dirisa boroutšhara jwa Seesemane le jwa Se-Norway jwa Modimo o Batla Gore re Direng? * Lelapa leno le bala dirapa ka Seperesia, puo e e batlang e tshwana le puo ya gabone ya Se-Dari. Ba tlotla ka Seesemane le ka Se-Norway. Moya o o ntseng jalo wa go intsha setlhabelo le wa go fetofetoga le maemo o nna le matswela a magolo fa batho ba ba tswang kwa dinageng di sele ba amogela dikgang tse di molemo. *

15. Rotlhe re ka nna le seabe jang mo tirong ya go rera ka dipuo di le dintsi?

15 A o ka nna le seabe mo tirong eno ya go rera ka dipuo di le dintsi? Ke eng fa o sa simolole pele ka go sekaseka gore ke dipuo dife di sele tse di buiwang mo tshimong ya lona? Go tswa foo o ka tsamaya o tshotse dipampitshana kana diboroutšhara tsa dipuo tseo. Bukana ya Good News for People of All Nations, e e ileng ya gatisiwa ka 2004, e setse e ile ya thusa thata mo go anamiseng tsholofelo ya Bogosi ka molaetsa wa yone o o motlhofo le o o kgothatsang ka dipuo di le dintsi.—Bona setlhogo se se reng “Dikgang Tse di Molemo Tsa Batho ba Ditšhaba Tsotlhe” mo tsebeng ya 32.

‘Go Rata Moagi wa Moeng’

16. Bakaulengwe ba ba okametseng ba ka bontsha jang moya wa go intsha setlhabelo go thusa batho ba ba buang dipuo di sele?

16 E ka ne re ithuta puo e sele kana nnyaa, rotlhe re ka thusa mo tirong ya go ruta batho ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ba mo tshimong ya rona ka dilo tsa semoya. Jehofa o ile a laela batho ba gagwe go ‘rata moagi wa moeng.’ (Duteronome 10:18, 19) Ka sekai, mo toropong nngwe e kgolo ya Amerika Bokone, Holo ya Bogosi ya teng e dirisiwa ke diphuthego tse tlhano. Jaaka fa go ntse ka diholo di le dintsi, ngwaga le ngwaga diphuthego di refosana dinako tsa dipokano mme seo se ne se ka bo se dirile gore dipokano tsa phuthego ya teng ya Se-China di tsene go setse go le thari thata ka Sontaga. Le fa go ntse jalo, seno se ne se tla dira gore bontsi jwa baboledi ba teng ba ba berekang ditiro tse di jaaka tsa kwa diresetšhurenteng ba tlolwe ke dipokano. Ka bopelonomi, bagolwane ba diphuthego tse dingwe ba ne ba fetola dilo gore dipokano tsa Se-China di se ka tsa tsena go setse go le thari thata ka Sontaga.

17. Re tshwanetse go ikutlwa jang fa baboledi bangwe ba tsaya tshwetso ya go fuduga go ya go thusa setlhopha sa puo e sele?

17 Balebedi ba ba lorato ba akgola bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tshwanelegang ba ba batlang go fuduga go ya go thusa ditlhopha tsa dipuo di sele. Barutisi bao ba Baebele ba ba nang le maitemogelo ba tlhologelelwa thata mo diphuthegong tsa bone, le fa go ntse jalo balebedi ba ikutlwa ka tsela e bagolwane ba kwa Lisetera le Ikonio ba neng ba ikutlwa ka yone. Bagolwane bao ba ne ba se ka ba gana Timotheo a tsamaya le Paulo le mororo Timotheo e ne e le modiredi wa botlhokwa mo diphuthegong tsa bone. (Ditiro 16:1-4) Mo godimo ga moo, baboledi ba ba eteletseng pele mo tirong ya go rera ga ba kgobiwe marapo ke tsela ya go akanya, dingwao le tsela ya go dira dilo ya batho ba ba tswang kwa dinageng di sele, e e sa tshwaneng le ya bone. Go na le moo, ba amogela go se tshwane ga bone mme ba senka ditsela tsa go nna le kamano e e molemo le bone ka ntlha ya dikgang tse di molemo.—1 Bakorintha 9:22, 23.

18. Ke kgoro efe e kgolo ya tiro e e bulegetseng botlhe?

18 Jaaka go porofetilwe, dikgang tse di molemo di rerwa ka ‘dipuo tsotlhe tsa ditšhaba.’ Go sa ntse go na le ditshono tse dintsi tsa gore go nne le koketsego mo ditshimong tsa dipuo di sele. Diketekete tsa baboledi ba ba tlhoafetseng ba tsene ka ‘kgoro eno e kgolo e e isang kwa tirong.’ (1 Bakorintha 16:9) Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le tiro e ntsi e e tlhokang go dirwa mo ditshimong tseno jaaka fa setlhogo se se latelang se tla bontsha.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 14 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 14 Go bona dikai tse dingwe gape, bona setlhogo se se reng, “Go Itima Dilo Tse Dinnye Go Ile ga re Tlisetsa Masego a Magolo,” sa Tora ya Tebelo, ya April 1, 2004, ditsebe 24-8.

A o Ka Tlhalosa?

• Re ka etsa Jehofa jang ka go se tlhaole batho?

• Re tshwanetse go leba jang batho ba ba buang dipuo di sele mo tshimong ya rona?

• Ke eng fa go le molemo gore re rerele batho ka dipuo tsa bone?

• Re ka bontsha jang gore re amega ka batho ba ba tswang kwa dinageng di sele ba re nang le bone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 23]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Roma

KERETA

ASIA

FEREGIA

PAMFILIA

PONTUS

KAPADOKIA

MESOPOTAMIA

MEDIA

PARTHIA

ELAMA

ARABIA

LIBIA

EGEPETO

JUDEA

Jerusalema

[Metswedi ya metsi]

Lewatle la Mediterranean

Lewatle le Lentsho

Lewatle le Lehibidu

Kgogometso ya Peresia

[Setshwantsho]

Ka Pentekosete ya 33 C.E., batho ba ba tswang mo dikgaolong di ka nna 15 tsa Mmusomogolo otlhe wa Roma le mafelo a mangwe ba ne ba utlwa dikgang tse di molemo ka dipuo tsa bone

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Batho ba le bantsi ba ba tswang kwa dinageng di sele ba amogela boammaaruri jwa Baebele

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Letshwao la Holo ya Bogosi le kwadilwe ka dipuo di le tlhano