Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bosupi Jwa Lorato, Tumelo le go Nna Kutlo

Bosupi Jwa Lorato, Tumelo le go Nna Kutlo

Bosupi Jwa Lorato, Tumelo le go Nna Kutlo

MOSO wa May 16, 2005 e ne e le o o tsiditsana e bile letsatsi le tlhabile sentle kwa Watchtower Farms kwa Wallkill, New York. Bojang jo bo neng bo segilwe sentle le dithunya mo tshingwaneng di ne di tsabakela ka ntlha ya pula e e neng e nele pele letsatsi le tlhaba. Pidipidi le ditsuanyane tsa yone tse robedi di ne di ntse di lelesela mo godimo ga metsi a a sisibetseng gaufi le losi lwa lekadiba. Baeng ba ne ba jele kgakge ka ntlha ya bontle jo ba neng ba bo bona. Ba ne ba buela kwa tlase jaaka e kete ba ne ba sa batle go tsosa modumo mo mosong o o neng o sisibetse.

Baeng bao e ne e le Basupi ba ga Jehofa ba ba tswang kwa dinageng di le 48 go dikologa lefatshe. Mme gone ba ne ba sa tla go leba lefelo leo le lentle. Ba ne ba kgatlhegela thata se se neng se direga mo teng ga dikago tse di atolositsweng, e leng kago e e neng e sa tswa go okediwa ya Bethele ya kwa United States kwa Wallkill. Ba ne ba fitlha ba gakgamala tota fa ba tsena mo kagong eo e go neng go le modumo mo go yone.

Baeng ba ne ba eme mo lefelong la bobogelo le le kwa godingwana ba lebile metšhine e megolo le e e raraaneng e e neng e le foo. Metšhini e le metlhano e megolo ya go gatisa e ne e beilwe mo boalong jwa konkereite jo bo poletšhitsweng jo bogolo jwa jone bo lekanang le mabala a magolo a le marataro a kgwele ya dinao. Ke gone mo Dibaebele, dibuka le dimakasine di gatisiwang teng. Go na le dirolo tse dikgolo tsa pampiri tse nngwe le nngwe ya tsone e leng boima jwa dikilogerama di le 1 700 tse di dikologang e kete ke maotwana a lori e e tsamayang ka lobelo lo logolo. Rolo nngwe le nngwe ya pampiri e e boleele jwa dikilometara di le 23 e tsaya metsotso e le 25 fela e bo e fela fa e ntse e tsamaya mo motšhineng wa go gatisa. Motšhini ono o o gatisang o tshasa enke mo pampiring, o a e omisa o bo o tsidifatsa pampiri gore e kgone go menega e bo e nna dimakasine tse di fetang ka lobelo mo mabanteng a motšhini mme di tsenngwa mo mabokosong di bo di romelwa kwa diphuthegong. Metšhini e mengwe ya go gatisa e ntse e gatisa dikarolwana tsa dibuka, mme morago ga moo di isiwa kwa di bolokelwang teng go fitlha di tsenngwa khabara. Tiro eno yotlhe e tsamaya sentle e kaelwa ke khomputara.

Fa baeng ba tswa mo bogatisetsong, ba ne ba etela mo go tshwaraganngwang dibuka teng. Mo lefapheng leno, metšhini ya teng e dira dikhabara tse di thata tsa dibuka le dikhopi tsa Dibaebele tsa deluxe di ka nna 50 000 ka letsatsi. Dikarolwana tse di dirang dibuka di bewa sentle ka tatelano ya tsone, di a tshwaraganngwa di bo di segwa sentle mo matlhakoreng. Morago ga moo di tsenngwa dikhabara. Dibuka tse go feditsweng ka tsone di tsenngwa mo mabokosong. Mabokoso ano a a tswalwa, a bo a tsenngwa matshwao a kwa a yang teng morago ga moo a pakiwa mo godimo ga mapolanka. Mo godimo ga moo, motšhini o o dirang dibuka tsa khabara e e seng thata o rokaganya dibuka di ka nna 100 000 ka letsatsi. Motšhini ono o mogolo tota e bile o na le mafaratlhatlha a mantsi a ditshipi tse di tsamayang ka lobelo lo lo boitshegang go dira dibuka tsa go ithuta Baebele.

Motšhini ono o o gatisang o o tsamayang ka lobelo lo lo kwa godimo thata wa segompieno ke sengwe sa dilo tse di gakgamatsang thata tsa thekenoloji. Jaaka fa re tla bona, gape ke bosupi jwa lorato, tumelo le go nna kutlo ga batho ba Modimo. Mme gone ke ka ntlha yang fa metšhini eno ya go gatisa e ne ya fudusiwa go tswa kwa Brooklyn, New York, mme ya isiwa kwa Wallkill?

Lebaka la konokono e ne e le go tlhofofatsa tiro ya go gatisa le ya go romelwa ga dibuka ka go dira gore ditiro tseno di dirwe mo lefelong le le lengwe. Mo dingwageng tse dintsintsi dibuka di ne di gatisiwa le go romelwa go tswa kwa Brooklyn mme dimakasine tsone di ne di gatisiwa le go romelwa go tswa kwa Wallkill. Go kopanngwa ga tiro eno go ne go tla fokotsa palo ya badiri mme go dire gore madi a meneelo a dirisiwe sentle. Mo godimo ga moo, e re ka metšhini ya go gatisa e e neng e le kwa Brooklyn e ne e setse e le ya bogologolo, go ne ga otariwa metšhini e mesha ya go gatisa ya MAN Roland Lithoman kwa Jeremane. Metšhini eno ya go gatisa e ne e le megolo thata gore e ka lekana mo bogatisetsong jwa kwa Brooklyn.

Jehofa o Ema Tiro Eno Nokeng

Boikaelelo jwa tiro ya go gatisa e sa le e ntse e le go tsweledisa pele dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Go tswa fela kwa tshimologong go ne go ntse go bonala gore Jehofa o ne a segofatsa tiro eno. Go tloga ka 1879 go fitlha ka 1922 go ne go dirisiwa dikhampani tse di dirang kgwebo go gatisa dibuka. Ka 1922 go ne ga hirwa kago ya matlhatlaganyane a le marataro kwa 18 Concord Street kwa Brooklyn mme ga rekwa didirisiwa tse go neng go tla gatisiwa dibuka ka tsone. Ka nako eo, ba le bantsi ba ne ba na le dipelaelo tsa gore a bakaulengwe ba ne ba tla kgona go dira tiro eo.

Mongwe wa batho bao ba ba neng ba belaela e ne e le poresidente ya khampani e e neng e gatisa bontsi jwa dibuka tsa rona. Fa a ne a etetse kwa Concord Street o ne a re: “Lo na le motšhini wa go gatisa wa maemo a a kwa godimo mme ga go le a le mongwe wa lona yo o itseng go o dirisa. Mo dikgweding di le thataro fela, motšhini ono o tla bo o setse o robegile; mme lo tla lemoga gore batho ba ba ka dirang tiro ya lona ya go gatisa ke ba ba itseng tiro eno, ba go gatisa e leng tiro ya bone.”

Mokaulengwe yo e neng e le molebedi wa bogatisetso ka nako eo e bong Robert J. Martin o ne a re: “Se a se buang se ne se utlwala mme fela o ne a sa itse gore Morena o na le rona; e bile ga a ise a ko a re tlogele. . . . Go ise go ye kae, re ne re setse re gatisa dibuka.” Mo dingwageng di le 80 tse di latelang Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gatisa dibuka di le dikete tsa dimilione ka metšhini ya bone ya go gatisa.

Mme ka October 5, 2002 kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, go ne ga dirwa kitsiso ya gore Setlhopha se se Laolang se rebotse tetla ya gore tiro ya go gatisa ya kwa lekaleng la United States e fudusediwe kwa Wallkill. Go ne go dirilwe otara ya metšhini e mebedi ya go gatisa e e neng e tla goroga ka February 2004. Go ne go tla tlhokega gore bakaulengwe ba dire dipolane le go atolosa bogatisetso mo dikgweding di le 15 fela gore ba kgone go amogela metšhini e mesha ya go gatisa. Mme go tsenngwa ga motšhini o mosha o o tshwaraganyang dibuka le lefapha le le romelang dibuka go ne go tshwanetse ga wediwa mo dikgweding di ka nna robongwe fela. Bangwe ba ne ba belaela fa ba utlwa nako e e beetsweng tiro eno—go ne go lebega e ka se ka ya kgonwa mo nakong eo. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba ne ba itse gore ka tshegofatso ya ga Jehofa tiro eno yotlhe e ne e ka wediwa.

“Moya o Montle wa Tirisanommogo”

E re ka bakaulengwe ba ne ba itse gore batho ba ga Jehofa ba ne ba tla ithaopa ka go rata, ba ne ba simolola tiro eno. (Pesalema 110:3) Tiro eno e kgolo e ne e tlhoka badiri ba le bantsi go feta ba ba neng ba le gone mo lephateng la go aga la Bethele. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nang le kitso ya go aga ba ba fetang 1 000 ba ba tswang kwa United States le kwa Canada ba ne ba ithaopa go tla go dira beke e le nngwe go ya go dikgwedi di le tharo e le karolo ya thulaganyo ya baithaopi ba nakwana. Bakaulengwe ba bangwe ba ba direlang kwa dinageng di sele le ba ba leng mo dithulaganyong tsa go ithaopa ba ne ba kopiwa gore ba tle go nna le seabe mo tirong eno. Dikomiti tsa Kago tsa Kgaolo le tsone di ne tsa thusa thata.

Bontsi jwa bakaulengwe bano ba ba neng ba ithaopetse go ya go thusa kwa Wallkill ba ne ba tshwanetse go dirisa ditshenyegelo tsa bone go tsaya loeto loo le go kopa nako kwa tirong ya bone ya boitshediso. Le fa go ntse jalo, ba ne ba intsha setlhabelo ka boitumelo. Go batlela baithaopi bano ba ba oketsegileng bonno le go ba fepa go ne go naya lelapa la Bethele tshono ya gore le bone ba dire ka natla go tshegetsa tiro eno ya go aga. Maloko a lelapa la Bethele a a fetang 535 a kwa Brooklyn, Patterson le kwa Wallkill a ne a ithaopa go tla go thusa mo tirong eno ka bo Matlhatso ba ntse ba dira dikabelo tsa bone tsa fa gare ga beke. Tsela e batho ba Modimo ba neng ba ema tiro eno e kgolo nokeng ka yone e ne ya kgonega fela ka gonne Jehofa o ne a tshegetsa tiro eno.

Bangwe ba ne ba thusa ka madi. Ka sekai, bakaulengwe ba ne ba amogela lekwalo le le tswang kwa go Abby yo o nang le dingwaga di le robongwe. O ne a kwala jaana: “Ke lo leboga thata ka tiro yotlhe e lo e dirang—ka dibuka tsotlhe tse dintle tse lo di dirang. Nka nna ka tla go lo etela mo bogautshwaneng. Papa a re re tla tla mo ngwageng o o tlang! Ke tla tsenya betšhe gore lo kgone go nkitse. Ke lo romelela didolara di le 20 [R140] go thusa ka motšhini o mosha wa go gatisa! Ke madi a ke a filweng mme ke batla go a naya lona bakaulengwe.”

Kgaitsadi mongwe o ne a kwala jaana: “Tsweetswee amogelang mpho ya me ya dihutshe tse ke di logileng ka diatlanyana tsa me. Nka rata gore dihutshe tseno di newe badiri ba ba berekang mo tirong ya go aga kwa Wallkill. Khalendara ya re mariga a tla bo a le tsididi tota. Ga ke itse gore a khalendara eo e nepile. Mme gone ke a itse gore bontsi jwa tiro ya kwa Wallkill e tla bo e dirwa kwa ntle ka jalo ke batla go tlhomamisa gore ditlhogo tsa bakaulengwe ba me le bokgaitsadi di thuthafetse. Ga ke na bokgoni jwa ditiro tse bakaulengwe ba di batlang koo, mme gone ke kgona go loga, ka jalo ke sweditse ka gore ke dirise bokgoni jono go thusa mo nka kgonang teng.” Go ne go tsentswe dihutshe di le 106 tse di logilweng!

Bogatisetso bo ne jwa wediwa ka nako e e neng e beilwe. Molebedi wa bogatisetso e bong John Larson o ne a re: “Go ne go na le moya o montle wa tirisanommogo. Ke mang yo o neng a ka belaela gore Jehofa o ne a segofatsa tiro eno? Tiro e ne e tsamaya ka bonako. Ke gakologelwa ke eme mo seretseng ka May 2003 ke lebile bakaulengwe ba dira boalo jwa kago eno. Nako e e kafa tlase ga ngwaga morago ga moo, ke ne ke eme gone foo ke lebile motšhini wa go gatisa o bereka.”

Thulaganyo ya go Neelwa ga Dikago Tse Disha

Thulaganyo ya go neelwa ga bogatisetso jo bosha mmogo le dikago tsa bonno di le tharo e ne e tshwaretswe kwa Wallkill ka Mantaga wa May 16, 2005. Dikago tsa Bethele tsa kwa Patterson le Brooklyn mmogo le Bethele ya kwa Canada di ne di golagantswe ka bidio. Batho botlhe ba ba neng ba itumelela thulaganyo eno ba ne ba le 6 049. Leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, e bong Theodore Jaracz, e ne e le ene modulasetulo mme o ne a sobokanya ka bokhutshwane hisitori ya tiro ya go gatisa. Maloko a Komiti ya Lekala e bong John Larson le John Kikot ba ne ba botsolotsa bangwe le go dirisa dibidio go tlotla ka hisitori ya tiro ya go aga le ya go gatisa mo United States. Leloko la Setlhopha se se Laolang, e bong John Barr, o ne a neela puo ya bofelo ya go neela bogatisetso jo bosha le dikago tse tharo mo go Jehofa Modimo.

Mo bekeng e e latelang, maloko a lelapa la Bethele a kwa Patterson le kwa Brooklyn a ne a newa tshono ya go etela dikago tseno tse disha. Batho botlhe ba ba neng ba etela dikago tseno ka nako eo ba ne ba le 5 920.

Re Leba Jang Bogatisetso Jono?

Mo puong ya gagwe ya go neelwa ga jone, Mokaulengwe Barr o ne a gakolola bareetsi gore metšhini e e leng mo bogatisetsong jono ga se yone e e dirang gore bo nne botlhokwa. Go na le moo batho ke bone ba ba leng botlhokwa. Dibuka tse re di gatisang di ama matshelo a batho thata.

Motšhine mongwe le mongwe o o gatisang o ka kgona go gatisa dipampitshana di le milione ka nako e e kwa godimo ga ura fela! Le fa go ntse jalo, pampitshana e le nngwe fela e ka kgona go ama botshelo jwa motho fela thata. Ka sekai, ka 1921 setlhopha sa banna ba ba berekang mo seporong sa diterena mo Afrika Borwa se ne se ntse se bereka mo seporong sa terena. Mongwe wa bone, yo o bidiwang Christiaan, o ne a bona pampirinyana e tsene kafa tlase ga seporo. E ne e le nngwe ya dipampitshana tsa rona. Christiaan o ne a e bala ka go e kgatlhegela thata. O ne a tabogela mogwe wa gagwe mme a mo itsise jaana ka boitumelo: “Gompieno ke bone boammaaruri!” Moragonyana fela ga moo, ba ne ba kwala go kopa tshedimosetso e e oketsegileng. Lekala la Afrika Borwa le ne la ba romelela dibuka tse dingwe tsa Baebele. Banna bano ba babedi ba ne ba ithuta, ba kolobediwa mme ba nna le seabe mo go rereleng ba bangwe ka boammaaruri jwa Baebele. Ka ntlha ya seo, batho ba bangwe ba le bantsi ba ne ba amogela boammaaruri. Totatota, mo tshimologong ya bo1990, ditlogolwana tsa bone tse di fetang lekgolo e ne e le Basupi ba ga Jehofa—mme sotlhe seno e ne e le ka ntlha ya monna a le mongwe yo o neng a sela pampitshana mo seporong sa terena!

Mokaulengwe Barr o ne a re dibuka tse re di gatisang di tsenya batho mo boammaaruring, di ba boloka ba le mo boammaaruring, di ba tlhotlheletsa gore ba nne ba tlhoafetse mme di kopanya bakaulengwe. Mme mo godimo ga tsotlhe, dibuka tseno tse rotlhe re nang le seabe mo go di anamiseng, di galaletsa Modimo wa rona, Jehofa!

Jehofa Ene o Leba Jang Bogatisetso Jono?

Mokaulengwe Barr o ne gape a kopa bareetsi gore ba ele tlhoko kafa Jehofa a lebang bogatisetso jono ka gone. Ga go pelaelo gore ga a ikaega ka jone. A ka dira gore maje a rere dikgang tse di molemo! (Luke 19:40) Mo godimo ga moo, ga a kgatlhwe ke tsela e metšhini e e mo go jone e raraaneng ka yone, bogolo jwa yone kana dilo tse e kgonang go di dira. Ebu, ke ene a dirileng lobopo! (Pesalema 147:10, 11) Jehofa o itse ditsela tse dingwe tse di gatetseng pele tsa go gatisa dibuka, ditsela tse batho ba iseng ba di simolole le eleng go akanya ka tsone. Ka jalo ke eng se Jehofa a se bonang se tota a se tsayang se le botlhokwa? Ruri o bona dinonofo tse di molemo tsa batho ba gagwe—lorato lwa bone, tumelo le go nna kutlo ga bone.

Mokaulengwe Barr o ne a dira setshwantsho se se amang kgang ya lorato. Mosetsanyana o bakela batsadi ba gagwe kuku. Ga go pelaelo gore batsadi ba tla e itumelela. Ee, go sa kgathalesege gore kuku eo e tla nna jang, batsadi bano ba tla amiwa thata ke lorato lwa ngwana wa bone e leng tsela e a neng a bontsha bopelotshweu ka yone. Ka tsela e e tshwanang, fa Jehofa a leba bogatisetso jono jo bosha, o bona se se fetang fela kago le metšhini e e mo go yone. Selo sa botlhokwatlhokwa se a se bonang ke tsela e batho ba bontshang go rata leina la gagwe ka yone.—Bahebera 6:10.

Mo godimo ga moo, fela jaaka Jehofa a ne a leba areka e le tsela e Noa a neng a supa tumelo ka yone, o leba bogatisetso jono e le bosupi jwa tumelo ya rona. Tumelo mo go eng? Noa o ne a supa tumelo mo go se Jehofa a neng a boleletse pele gore se ne se tla direga. Rona re dumela gore re tshela mo malatsing a bofelo, gore dikgang tse di molemo ke tsone molaetsa wa botlhokwa o o bolelwang mo lefatsheng le gore go botlhokwa gore batho ba o utlwe. Re a itse gore molaetsa wa Baebele o ka boloka matshelo a batho.—Baroma 10:13, 14.

Ga go pelaelo gore bogatisetso jono bo bontsha Jehofa kafa re leng kutlo ka gone. Jaaka re itse, ke thato ya gagwe gore dikgang tse di molemo di rerwe mo lefatsheng lotlhe pele bokhutlo bo tla. (Mathaio 24:14) Bogatisetso jono mmogo le a mangwe mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe a tla nna le seabe mo go diragatseng thomo eno.

E le ruri lorato, tumelo le go nna kutlo tse di bontshitsweng fa go ntshiwa madi, fa go agiwa le mo tseleng e mafelo ano a dirisiwang ka yone, le tsone di bontshitse kafa batho ba ga Jehofa ba dirang ka tlhagafalo ka gone gongwe le gongwe fa ba ntse ba bolela boammaaruri mo go botlhe ba ba tla ba reetsang.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 11]

GO ATOLOSIWA GA LEFELO LA GO GATISA KWA UNITED STATES

1920: Dimakasine di gatisiwa ka motšhini wa ntlha o o gatisang wa rotary, mo 35 Myrtle Avenue, kwa Brooklyn.

1922: Bogatisetso bo fudusediwa kwa kagong ya matlhatlaganyane a le marataro kwa 18 Concord Street. Jaanong go simololwa go gatisa dibuka.

1927: Bogatisetso bo fudusediwa kwa kagong e ntšha e e agilweng kwa 117 Adams Street.

1949: Matlhatlaganyane a le robongwe a go okeditsweng ka one a ne a atolosa bogatisetso go menagane sebedi.

1956: Bogatisetso jo bo mo Adams Street bo ne jwa gola gape go menagane gabedi fa go agiwa kago e ntšha kwa 77 Sands Street.

1967: Go agiwa kago ya matlhatlaganyane a le lesome mme fa e golaganngwa le bogatisetso jo bo neng bo ntse bo le teng seno se dira gore bogolo jwa kago eno bo fete ya ntlha makgetlho a le lesome.

1973: Go agiwa bogatisetso jo bo thusang kwa Wallkill, gore dimakasine di gatisiwe kwa go jone.

2004: Tiro ya go gatisa kwa United States, ya go tshwaraganya dibuka le go di romela e dirwa yotlhe kwa Wallkill.