Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna Badiredi ba ba Nang le Bokgoni Le ba Ba Fetofetogang le Maemo

Go Nna Badiredi ba ba Nang le Bokgoni Le ba Ba Fetofetogang le Maemo

Go Nna Badiredi ba ba Nang le Bokgoni Le ba Ba Fetofetogang le Maemo

“Ke ntse dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe, gore kafa go ka kgonegang ka gone ke boloke bangwe.”—1 BAKORINTHA 9:22.

1, 2. (a) Ke ditsela dife tse di neng di dira gore Moaposetoloi Paulo a nne le matswela mo bodireding? (b) Paulo o ile a tlhalosa jang boikutlo jo a neng a na le jone ka kabelo ya gagwe?

O NE a kgona go dirisana le batlhalefi ba maemo a a kwa godimo le badiri ba ditente ba maemo a a kwa tlase a ritibetse. O ne a kgona go bua le batlotlegi ba Roma le batho ba maemo a a kwa tlase ba Feregia ka tsela e e amang maikutlo. Makwalo a gagwe a ne a tlhotlheletsa Bagerika ba ba neng ba amogela megopolo e mesha le Bajuda ba ba neng ba sa batle go amogela megopolo e mesha. Tsela ya gagwe ya go baya mabaka e ne e tlhatswa pelo mme gape o ne a kgona go ama batho maikutlo. O ne a leka go senka dilo tse a dumalanang le batho ba bangwe ka tsone e le gore a ba thuse go dumela mo go Keresete.—Ditiro 20:21.

2 Monna yo re buang ka ene yono e ne e le moaposetoloi Paulo, mme ga go pelaelo gore e ne e le modiredi yo o nang le bokgoni. (1 Timotheo 1:12) Jesu o ne a mo laetse go ‘sikarela [Keresete] leina kwa ditšhabeng mmogo le kwa dikgosing le kwa go bomorwa Iseraele.’ (Ditiro 9:15) O ne a ikutlwa jang ka kabelo eno? O ne a re: “Ke ntse dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe, gore kafa go ka kgonegang ka gone ke boloke bangwe. Mme ke dira dilo tsotlhe ka ntlha ya dikgang tse di molemo, gore ke tle ke di abalane le ba bangwe.” (1 Bakorintha 9:19-23) Re ka ithuta eng go tswa mo sekaong sa ga Paulo se se ka re thusang go nna le matswela a magolo mo tirong ya rona ya go rera le go ruta?

Monna yo o Fetogileng o Fenya Kgwetlho

3. Paulo o ne a ikutlwa jang ka Bakeresete pele ga a sokologa?

3 A Paulo o sa le a ntse a le pelotelele, a le pelonomi, a tshwanelegela kabelo e a neng a e neilwe? Le e seng! Go rata bodumedi ka tsela e e feteletseng go ile ga dira gore Saulo (leina le Paulo a neng a itsege ka lone pele) e nne mmogisi yo o setlhogo wa balatedi ba ga Keresete. Fa a sa le lekawana o ne a dumalana le gore Setefane a bolawe. Morago ga moo, Paulo o ne a tsoma Bakeresete ka tsela e e setlhogo. (Ditiro 7:58; 8:1, 3; 1 Timotheo 1:13) O ne a tswelela ka “go tshosetsa le go bolaya barutwa ba Morena.” E re ka a ne a sa kgotsofalele go tsoma Bakeresete mo Jerusalema fela, o ne a simolola go atolosetsa letsholo la gagwe la go ba bogisa go ela le kwa dikarolong tse di kwa kgakala tsa bokone tse di jaaka Damaseko.—Ditiro 9:1, 2.

4. Ke phetogo efe e Paulo a ileng a tshwanelwa ke go e dira gore a diragatse kabelo ya gagwe?

4 Selo se segolo se se ka tswang se ne se dira gore Paulo a ile Bakeresete e ka tswa e ne e le go dumela gore bodumedi jono jo bosha bo tla kgotlela ditumelo tsa Sejuda ka go di tswakanya le dithuto tse di sa rategeng tse e seng tsa Sejuda. Tota e bile, Paulo e ne e kile ya bo e le “Mofarasai,” leina le tota le kayang “yo o kgethegileng.” (Ditiro 23:6) Akanya fela kafa Paulo a tshwanetseng a bo a ile a garoga pelo ka teng fa a itsisewe gore Modimo o mo tlhophile go rera ka Keresete—le mo go Baditšhaba tota! (Ditiro 22:14, 15; 26:16-18) Ebu, Bafarasai ba ne ba gana tota le go ja le batho ba ba neng ba ba tsaya e le baleofi! (Luke 7:36-39) Ga go pelaelo gore go ne ga mo tlhoka maiteko a magolo go fetola tsela ya gagwe ya go akanya le go dira gore e dumalane le thato ya Modimo ya gore batho ba mefuta yotlhe ba tshwanetse go bolokwa.—Bagalatia 1:13-17.

5. Re ka etsa Paulo jang mo bodireding jwa rona?

5 Le rona re ka tshwanelwa ke go dira se se tshwanang. Fa re ntse re kopana le batho ba le bantsi ba ditšhaba tse di farologaneng le ba dipuo di sele mo tshimong, re tshwanetse go dira maiteko a magolo go sekaseka boikutlo jwa rona le go tlosa maikutlo ape fela a re nang le one a go tlhaola batho. (Baefeso 4:22-24) Re tlhotlhelediwa ke tsela e re godisitsweng ka yone le e re rutilweng ka yone e ka ne re lemoga seo kana nnyaa. Seno se ka re dira gore re nne le maikutlo a go tlhaola batho. Re tshwanetse go fenya maikutlo a a ntseng jalo fa re batla go atlega mo tirong ya rona ya go senka le go thusa batho ba sekadinku. (Baroma 15:7) Paulo o ile a dira jalo. O ile a amogela kgwetlho ya gore a atolose bodiredi jwa gagwe. Ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke lorato, o ne a ithuta mekgwa e e molemo ya go ruta e le rona re ka e etsang. Ee ruri, fa re ithuta ka bodiredi jwa ga “moaposetoloi mo ditšhabeng” re kgona go bona gore o ne a le kelotlhoko, a fetofetoga le maemo e bile a na le bokgoni jo bogolo mo tirong ya go rera le go ruta. *Baroma 11:13.

Kafa a Neng a Bontsha go Nna le Bokgoni ka Teng

6. Paulo o ne a bontsha jang gore o ela tlhoko tsela e bareetsi ba gagwe ba godisitsweng ka yone, mme seno se ne sa nna le matswela afe?

6 Paulo o ne a ela tlhoko dilo tse bareetsi ba gagwe ba neng ba di dumela le tsela e ba godisitsweng ka yone. Fa a ne a bua le Kgosi Ageripa II, o ne a umaka kgang ya gore kgosi e ne e le “setswerere mo mekgweng yotlhe mmogo le mo dikganetsanong tsa Bajuda.” Go tswa foo ka botswerere Paulo o ne a dirisa kitso e a neng a na le yone ka dilo tse Ageripa a di dumelang go tlotla le ene ka dilo tse kgosi eno e neng e di tlhaloganya sentle. Paulo o ne a bua le Ageripa ka tsela e e utlwalang sentle le e e tlhatswang pelo mo Ageripa a neng a re: “Mo nakong e khutshwane o tla ntlhotlheletsa gore ke nne Mokeresete.”—Ditiro 26:2, 3, 27, 28.

7. Paulo o ile a bontsha jang go fetofetoga le maemo fa a ne a rerela segopa sengwe kwa Lisetera?

7 Gape Paulo o ne a fetofetoga le maemo. Ela tlhoko kafa a ileng a dirisa tsela e e farologaneng ka teng fa a ne a leka go fetola segopa sengwe kwa motseng wa Lisetera gore se tlogele go mo obamela ene le Barenabase. Batho bao ba ba neng ba bua Selikaonia, ba ne ba tsewa e le batho ba ba sa rutegang le ba ba ratang tumelobotlhodi go gaisa botlhe. Go ya ka Ditiro 14:14-18, Paulo o ile a umaka popo le dilo tse dintsi tsa tlholego go ba bontsha bosupi jwa bogolo jwa Modimo wa boammaaruri. Mabaka a Paulo a neng a a dirisa a ne a le motlhofo go tlhaloganngwa mme go bonala a ile a ‘thibela boidiidi gore bo se ka jwa isetsa [Paulo le Barenabase] setlhabelo.’

8. Paulo o ile a bontsha ka ditsela dife gore o ne a fetofetoga le maemo le mororo ka dinako tse dingwe a ne a tle a galefe?

8 Ke boammaaruri gore, Paulo o ne a sa itekanela e bile ka dinako tse dingwe o ne a tle a galefisiwe ke dilo dingwe mme gape o ne a tle a nne bonolo. Ka sekai, nako nngwe fa a ne a tlhaselwa ka tsela e e sa siamang le e e tlhabisang ditlhong, o ne a araba Mojuda mongwe yo o bidiwang Ananiase ka mafoko a a bogale. Mme gone e ne ya re fa Paulo a bolelelwa gore motho yoo yo a neng a buile le ene ka mafoko a a bogale ke moperesiti yo mogolo, o ne a kopa maitshwarelo ka yone nako eo. (Ditiro 23:1-5) Fa Paulo a le kwa Athena, kwa tshimologong o ne a “serega fa a bona gore motse o ne o tletse medingwana.” Le fa go ntse jalo, mo puong ya gagwe ya kwa Mars’ Hill o ne a se ka a bontsha go serega goo. Go na le moo, o ne a bua le Baathena mo lefelong la bone, a ba beela mabaka ka dilo tse a neng a dumalana le bone ka tsone, a umaka sebeso se ba neng ba se kwadile ba re ‘Go Modimo O o Sa Itsiweng,’ a bo a nopola le mongwe wa baboki ba bone.—Ditiro 17:16-28.

9. Paulo o ile a bontsha jang go nna le bokgoni jo bogolo fa a dirisana le bareetsi ba ba farologaneng?

9 Fa Paulo a bua le bareetsi ba ba farologaneng, o ne a tle a bontshe bokgoni jo bo gakgamatsang. O ne a akanyetsa setso le tikologo e bareetsi ba gagwe ba goletseng mo go yone e e neng e laola tsela e ba akanyang ka yone. Fa a ne a kwalela Bakeresete kwa Roma, o ne a itse sentle gore ba ne ba nna mo motsemogolong wa mmuso wa lefatshe o o maatla go gaisa yotlhe ka nako eo. Kgang e kgolo e Paulo a neng a bua le Bakeresete ba Roma ka yone mo lekwalong leo e ne e le gore maatla a go senya a boleo jwa ga Adame bo nang le one a ka fenngwa ka maatla a ga Keresete a go golola batho. O ne a bua le Bakeresete ba Roma le batho ba ba neng ba nna gaufi le bone ka tsela e e neng e tla ama dipelo tsa bone.—Baroma 1:4; 5:14, 15.

10, 11. Paulo o ile a dira jang gore ditshwantsho tsa gagwe di tshwanele bareetsi ba gagwe? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

10 Paulo o ne a dira eng fa a ne a batla go tlhalosetsa bareetsi ba gagwe dithuto tse di boteng tsa Baebele? O ne a na le bokgoni jo bogolo jwa go dirisa ditshwantsho tse di tlwaelegileng le tse go leng motlhofo go di tlhaloganya fa a tlhalosa dilo tse di thata tsa semoya. Ka sekai, Paulo o ne a itse gore batho ba Roma ba ne ba tlwaelane le thulaganyo ya go dirwa ga batho makgoba e e neng e le teng mo Mmusomogolong otlhe wa Roma. Tota e bile, bontsi jwa batho bao ba a neng a ba kwalela go ka direga gore e ne e le makgoba. Ka gone Paulo o ne a dirisa kgang ya bokgoba go dira papiso e e neng e gatelela mabaka a gagwe a go bontsha gore motho a ka itlhophela gore a o batla go ineelela go laolwa ke boleo kana go laolwa ke go dira se se siameng.—Baroma 6:16-20.

11 Kgatiso nngwe ya re: “Mo Baromeng mong wa lekgoba o ne a ka le golola kwantle ga dithibelo dipe kana lekgoba le ne le ka duela mong wa lone gore a le golole. Gape lekgoba le ne le ka newa kgololesego fa mong wa lone a ne a le abela modimo mongwe.” Lekgoba le le golotsweng le ne le ka tswelela le berekela mong wa lone yo o neng a tla le duelela tiro ya lone. Go bonala Paulo a ne a akantse ka seno fa a ne a bua ka tshwetso e motho a nang le yone ya gore a o tla ineelela go laolwa ke boleo kana go laolwa ke go dira tshiamo. Bakeresete ba kwa Roma ba ne ba golotswe mo boleong mme jaanong mong wa bone e ne e le Modimo. Ba ne ba gololesegile go direla Modimo, le fa go ntse jalo, fa ba rata ba ne ba sa ntse ba ka nna ba tlhopha go nna batlhanka ba boleo—jo pele e neng e le mong wa bone. Setshwantso seo se se motlhofo mme e le se Bakeresete ba Roma ba neng ba se tlwaetse se ne se ka ba tlhotlheletsa go ipotsa jaana, ‘Ke motlhanka wa mong ofe?’ *

Go Ithuta mo Sekaong sa ga Paulo

12, 13. (a) Gompieno go tlhokega maiteko afe gore re kgone go ama dipelo tsa bareetsi ba rona ba ba farologaneng? (b) Ke eng se o fitlhetseng se thusa fa o rerela batho ba ba godileng ka tsela e e farologaneng le ya gago?

12 Jaaka Paulo, re tshwanetse go nna kelotlhoko, re fetofetoge le maemo le go nna ditswerere e le gore re kgone go ama dipelo tsa bareetsi ba rona ba ba farologaneng. Fa re batla go thusa bareetsi ba rona go tlhaloganya dikgang tse di molemo, re ka se ba etele fela ka tsela ya go ikgolola, re bua fela le bone ka molaetsa o re tlileng re o baakanyeditse kana go ba tlogelela kgatiso nngwe e e tlhalosang Baebele. Re leka go lemoga dilo tse ba tlhokang go thusiwa ka tsone le tse ba amegileng ka tsone, dilo tse ba di ratang le tse ba sa di rateng, le dilo tse ba di boifang le megopolo e e sa rategeng e ba nang le yone. Le mororo go dira jalo go tlhoka motho maiteko a magolo, baboledi ba Bogosi mo lefatsheng lotlhe ba leka ka bojotlhe go dira jalo. Ka sekai, ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Hungary e bega jaana: “Bakaulengwe ba bontsha go tlotla dingwao le tsela ya go tshela ya batho ba ditšhaba tse dingwe mme ga ba ba pateletse go fetogela mo dingwaong tsa kwano.” Basupi ba dinaga tse dingwe le bone ba leka go dira jalo.

13 Kwa nageng nngwe ya kwa Botlhaba jo bo Kgakala, batho ba amegile thata ka tsa botsogo, go godisa bana le ka tsa thuto. Baboledi ba Bogosi ba koo ba leka go bua thata ka dikgang tseo go na le go bua ka dilo tse dingwe tse di jaaka maemo a a ntseng a senyegela pele a lefatshe kana mathata a mangwe. Baboledi ba toropo nngwe e kgolo kwa United States le bone ba ne ba lemoga gore batho ba lefelo lengwe mo tshimong ya bone ba amegile thata ka dilo tse di jaaka tsietso, go tlhanasela ga pharakano le bokebekwa. Basupi ba ile ba atlega go bua ka dilo tseno fa ba bua le batho ba teng ka Baebele. Barutisi ba ba molemo ba Baebele ba leka ka bojotlhe gore le fa ba ka tswa ba tlotla le batho ka kgang efe, ba leka ka bojotlhe go bua ka tsela e e molemo le e e kgothatsang, ba gatelela kafa go dirisa melaometheo ya Baebele go thusang motho ka teng gone jaanong le go gatelela dilo tse di molemo tse Modimo a di solofetsang batho ka isagwe.—Isaia 48:17, 18; 52:7.

14. Tlhalosa ditsela tse re ka di dirisang fa re bua le batho ba maemo a a sa tshwaneng.

14 Gape go a thusa fa re fetofetola tsela e re buang le batho ka yone mo bodireding ka gonne batho ba farologana thata go ya ka ditso, thutego le madumedi a bone. Tsela e re buang ka yone le batho ba ba dumelang gore go na le Mmopi mme ba sa dumele Baebele, e tla farologana le e re buang ka yone le batho ba ba sa dumeleng gore Modimo o gone. Tsela e re e dirisang go bua le motho yo o dumelang gore dibuka tsotlhe tsa bodumedi di diretswe go tsietsa batho, e tla farologana le e re e dirisang fa re bua le motho yo o dumelang se Baebele e se rutang. Gape re tshwanetse go fetofetoga le maemo fa re bua le batho ba dithutego tse di sa tshwaneng. Barutisi ba ba ditswerere ba tla dirisa tsela ya go baya mabaka le ditshwantsho tse di tshwanelang maemo a ba kopanang le one.—1 Johane 5:20.

Go Thusa Badiredi ba Basha

15, 16. Ke eng fa go tlhokega thata gore badiredi ba basha ba thapisiwe?

15 Paulo o ne a sa amega fela ka go tokafatsa bokgoni jwa gagwe jwa go ruta. O ile a bona go tlhokega gore barutwa ba basha ba ba jaaka Timotheo le Tito le bone ba thapisiwe le go thusiwa go nna badiredi ba ba nang le bokgoni. (2 Timotheo 2:2; 3:10, 14; Tito 1:4) Le gompieno go tlhokega thata gore go rutiwe le go thapisa barutwa ba basha.

16 Ka 1914, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba ka nna 5 000 mo lefatsheng lotlhe; gompieno baboledi ba basha ba ka nna 5 000 ba a kolobediwa beke nngwe le nngwe! (Isaia 54:2, 3; Ditiro 11:21) Fa batho ba basha ba simolola go kopanela le phuthego ya Bokeresete mme ba rata go nna le seabe mo bodireding, ba tlhoka go thapisiwa le go kaelwa. (Bagalatia 6:6) Go botlhokwa thata gore re dirise mekgwa ya go ruta le ya go thapisa barutwa ba basha e e tshwaneng le ya Mong wa rona Jesu. *

17, 18. Re ka thusa barutwa ba basha jang gore ba kgone go itshepa mo bodireding?

17 Jesu o ne a se ka a fitlhela boidiidi jwa batho a bo a laela baaposetoloi ba gagwe go bo rerela. O ne a simolola pele ka go gatelela mo barutweng ba gagwe gore ke eng fa go le botlhokwa gore go dirwe tiro ya go rera a bo a ba kgothaletsa go nna ba rapelela bodiredi jwa bone. Go tswa foo o ne a ba rulaganyetsa dilo di le tharo tse di neng di tla ba thusa: go nna le mongwe yo ba tsamayang le ene, tshimo e ba neng ba tla rera mo go yone le molaetsa o ba neng ba tla o rera. (Mathaio 9:35-38; 10:5-7; Mareko 6:7; Luke 9:2, 6) Le rona re ka dira fela jalo. E ka ne re thusa ngwana wa rona, morutwa yo mosha kana mongwe yo go fetileng lobaka lo loleele a sa nne le seabe mo bodireding, go botlhokwa gore re dire maiteko a go thapisa motho yoo ka tsela eno.

18 Batho ba ba sa tswang go kopanela le rona ba tlhoka gore re ba tseele matsapa go ba thusa go itshepa fa ba bolela molaetsa wa Bogosi. A o ka ba thusa go baakanyetsa le go ikatisetsa puisano e e motlhofo le e e ngokang kgatlhego? Fa o le mo tshimong le bone, dira gore ba ithute ka go tsaya malebela mo go wena fa o ntse o rera mo matlong a ntlha a sekae. O ka etsa sekao sa ga Gidione, yo o neng a raya batlhabani ka ene a re: “Lo ithute ka go nteba, mme lo dire fela jalo.” (Baatlhodi 7:17) Go tswa foo, naya morutwa yoo yo mosha tshono ya go nna le seabe. Akgola barutwa ba basha ka lorato mo maitekong a ba a dirang, mme fa go tshwanela, ba neye dikakantsho tse dikhutshwane tse di ka ba thusang go tokafatsa.

19. O ititeile sehuba gore o tla dira eng fa o ntse o leka go ‘wetsa bodiredi jwa gago ka botlalo’?

19 Re ititeile sehuba gore re tla fetofetoga le maemo fa re bua le batho e bile re batla go thapisa badiredi ba basha gore le bone ba dire jalo e le gore re kgone go ‘wetsa bodiredi jwa rona ka botlalo.’ Fa re akanya ka botlhokwa jwa mokgele wa rona—go ruta batho kitso ya Modimo e e ka dirang gore ba bone poloko—re tlhatswega pelo gore ga se matsapa a lefela fa re leka ka bojotlhe go nna “dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe, gore kafa go ka kgonegang ka gone [re] boloke bangwe.”—2 Timotheo 4:5; 1 Bakorintha 9:22.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Go bona dikai tsa dinonofo tseo mo bodireding jwa ga Paulo, sekaseka Ditiro 13:9, 16-42; 17:2-4; 18:1-4; 19:11-20; 20:34; Baroma 10:11-15; 2 Bakorintha 6:11-13.

^ ser. 11 Ka tsela e e tshwanang, fa Paulo a ne a tlhalosa kamano e ntšha e Modimo a nang le yone le “barwa” ba gagwe ba ba tloditsweng ka moya, o ile a dirisa thulaganyo ya semolao e babadi ba gagwe ba neng ba tlwaelane le yone mo Mmusong wa Roma. (Baroma 8:14-17) Buka ya St. Paul at Rome ya re: “Go ikgodisetsa ngwana yo e seng wa gago e ne e le selo se se tlwaelegileng kwa Roma mme se ne se amanngwa thata le kgopolo e Baroma ba neng ba na le yone ka lelapa.”

^ ser. 16 Gone jaanong mo diphuthegong tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa go na le thulaganyo ya Babulatsela ba Thusa ba Bangwe. Mo thulaganyong eno, badiredi ba nako e e tletseng ba dirisa maitemogelo a bone le thapiso go thusa baboledi ba ba iseng ba nne le maitemogelo go le kalo.

A o A Gakologelwa?

• Re ka etsa Paulo ka ditsela dife mo bodireding jwa rona?

• Ke diphetogo dife tse go ka tlhokegang gore re di dire mo tseleng ya rona ya go akanya?

• Re ka dira jang gore molaetsa wa rona e nne o o kgothatsang?

• Badiredi ba basha ba tlhoka eng gore ba kgone go itshepa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Moaposetoloi Paulo o ne a le kelotlhoko, a fetofetoga le maemo e bile a le setswerere mo tirong ya go rera le go ruta

[Mafoko a a mo go tsebe 31]

Jesu o ile a rulaganyetsa barutwa ba gagwe dilo di le tharo tsa botlhokwa: go nna le mongwe yo ba tsamayang le ene, tshimo e ba neng ba tla rera mo go yone le molaetsa o ba neng ba tla o rera

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Paulo o ile a kgona go ama dipelo tsa bareetsi ba ba farologaneng ka go fetofetoga le maemo

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Badiredi ba ba molemo ba akanyetsa setso se bareetsi ba bone ba godisitsweng ka sone

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Badiredi ba ba ditswerere ba thusa baboledi ba basha go ipaakanyetsa bodiredi