Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Good News for People of All Nations

Good News for People of All Nations

Good News for People of All Nations

KWA Dikopanong tsa Kgaolo tsa Basupi ba ga Jehofa tsa 2004/05 tsa “Tsamaya le Modimo” go ne ga gololwa bukana ya setlhogo se se reng, “Good News For People of All Nations” (“Dikgang Tse di Molemo Tsa Batho ba Ditšhaba Tsotlhe”) e e bontshitsweng fa godimo. Kgatiso nngwe ya yone ke bukana e e nang le ditsebe di le 96 e e nang le molaetsa o mokhutshwane ka dipuo di le 92, go simolola ka Seburu go felela ka Sezulu, mme e diretswe go thusa go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo bathong ba le bantsi kafa go ka kgonegang ka teng. (Mathaio 24:14) Maitemogelo a a latelang a bontsha se gantsi se diregang fa go dirisiwa bukana eo.

• Fa lelapa lengwe la Basupi le sena go amogela bukana eno kwa kopanong, le ne la etela diparaka di le tharo. Fa ba le koo ba ne ba kopana le batho ba ba tswang kwa India, Netherlands, Pakistan le Philippines. Rre wa teng a re: “Le fa batho bano botlhe ba ne ba bua Seesemane ka selekanyo se se rileng, ba ne ba itumela fa re ne re ba bontsha molaetsa ka puo ya bone, e re ka ba ne ba le kgakala thata le magae a bone. Ba ne ba simolola go bona sentle gore tiro ya rona e dirwa gongwe le gongwe le gore re seoposengwe mo lefatsheng lotlhe.”

• Mosupi mongwe o ne a bontsha modirimmogo le ene yo o tswang kwa India bukana eno. O ne a itumelela go bona dipuo tsotlhe mo go yone mme a bala molaetsa ka puo ya gagwe. Seno se ne sa dira gore ba nne le metlotlo ya Baebele. Modirimmogo le bone yo o tswang kwa Philippines o ne a gakgamalela go fitlhela puo ya gagabo mo bukaneng eno mme a kgatlhegela go ithuta dilo tse di oketsegileng ka Basupi ba ga Jehofa.

• Kwa Canada, mmè mongwe wa kwa Nepal o ne a dumela go ithuta Baebele le Mosupi ba dirisa founu mme o ne a sa batle kgaitsadi yoo a tla kwa legaeng la gagwe. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa Mosupi yoo a bolelela mmè yoo ka bukana nngwe e e nang le molaetsa mongwe ka puo ya Se-Nepal, o ne a itumela mme a kopa kgaitsadi yoo gore a tle kwa legaeng la gagwe. O ne a batla go iponela ka boene molaetsa o o kwadilweng ka puo ya segabone! Fa e sa le go tloga ka nako eo thuto ya Baebele e ntse e tshwarelwa kwa legaeng la mmè yoo.