Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Haramagedona—A ke Masetlapelo a Bokhutlo Jwa Lefatshe?

Haramagedona—A ke Masetlapelo a Bokhutlo Jwa Lefatshe?

Haramagedona—A ke Masetlapelo a Bokhutlo Jwa Lefatshe?

HARAMAGEDONA! A lefoko leno le dira gore o akanye ka go ganyaolwa ga matshutitshuti a batho kana ka go lailwa ga lefatshe ka molelo? Mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe ke mafoko a sekae fela a a tswang mo Baebeleng a a dirisiwang thata jaaka la “Haramagedona.” Leina leo le dirisiwa thata go tlhalosa mathata a batho ba lebaneng le one. Ba tsa boitlosobodutu ba bontshitse batho ditshwantsho tse di tshosang ba re ke yone “Haramagedona” e e tlang. Lefoko leno gantsi ke masaitsiweng e bile go na le dikgopolo tse di phoso ka lone. Le fa batho ba na le dikgopolo tse dintsi tse di farologaneng malebana le gore Haramagedona ke eng, bontsi jwa tsone ga di dumalane le se Baebele—e lefoko leno le tswang mo go yone—e se rutang ka Haramagedona.

E re ka Baebele e amanya Haramagedona le “bokhutlo jwa lefatshe,” a ga o dumalane gore go botlhokwa go tlhaloganya sentle gore lefoko leo ruri le kaya eng? (Mathaio 24:3, King James Version) E bile, a go tla bo go sa utlwale go ya mo motsweding o mogolo wa boammaaruri, Lefoko la Modimo, go bona dikarabo tsa gore Haramagedona ke eng le gore e tla go ama jang wena le lelapa la gago?

Go tlhatlhoba dilo jalo go tla bontsha gore go na le gore Haramagedona e tlise bokhutlo jwa masetlapelo, e tla tlisa tshimologo ya motlha o o itumedisang mo bathong ba ba ratang go tshela le go atlega mo lefatsheng le lesha la tshiamo. O tla tlhaloganya thuto eno ya botlhokwatlhokwa ya Dikwalo sentle fa o sekaseka tlhaloso ya se tota Haramagedona e leng sone mo setlhogong se se latelang.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 3]

O AKANYA GORE HARAMAGEDONA KE ENG?

• Masetlapelo a nuklea

• Masetlapelo a a amang tikologo

• Go thulana ga lefatshe le lesedi lengwe la selegodimo

• Go senngwa ga batho ba ba bosula ke Modimo