Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o ile wa itumelela go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Ke ka ntlha yang fa boleo jwa ntlha—go sa utlwe ga ga Adame—bo ka tshwantshiwa le bolwetse jo re bo gotsitseng?

Bo tshwana le bolwetse ka gonne Adame o ne a bo fetisetsa mo baneng ba gagwe. Ka jalo re gotsitse bogole jono, e leng boleo, fela jaaka bana bangwe ba ka gotsa bolwetse mo batsading ba bone.—8/15, tsebe 5.

Ke dilo dife tse dikgolo tse di dirang gore go nne le thubakanyo e ntsi jaana gompieno?

Satane o leka go kgaoganya batho le Jehofa ka go jala moya wa bothubaki mo dipelong tsa bone ka go dirisa difilimi, mmino le metshameko ya dikhomputara e e tlhotlheletsang batho ba ba e tshamekang gore ba nne le seabe mo ditirong tsa bosetlhogo le polao. Bothubaki jo bo bontshiwang mo metsweding ya dikgang le jone bo dirile gore batho ba dire ditiro tsa bothubaki.—9/1, tsebe 29.

Ponto Pilato e ne e le mang?

E ne e le Moroma yo go lebegang e ne e le lesole le le tsamayang ka pitse. Mmusimogolo wa Moroma e bong Tiberio o ne a tlhoma Pilato go nna mmusi wa kgaolo ya Judea ka 26 C.E. Kwa tshekong ya ga Jesu, Pilato o ne a reetsa ditatofatso tse baeteledipele ba Bajuda ba neng ba latofatsa Jesu ka tsone. E le gore a itumedise boidiidi, o ne a letlelela gore Jesu a bolawe.—9/15, ditsebe 10-12.

“Sesupo” se se umakiwang mo go Mathaio 24:3 ke sefe?

Sesupo seno se na le dikarolo tse dintsi, mme fa di kopane tsotlhe di dira sesupo se le sengwe se se kayang sengwe. Sesupo seno se akaretsa ntwa, leuba, bolwetse jwa leroborobo le dithoromo tsa lefatshe tse di neng di tla dira gore balatedi ba ga Jesu ba kgone go lemoga “go nna gone” ga gagwe mmogo le “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.”—10/1, ditsebe 4-5.

Bajuda ba bafaladi e ne e le bomang mme ba ne ba tswa mo mafelong afe?

E ne e le Bajuda ba ba nnang kwa ntle ga Palesetina. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mafelo a konokono a Bajuda bano a ne a le kwa Siria, Asia Minor, Babelona le Egepeto mme kwa Botlhaba go ne go na le Bajuda ba le mmalwa ba ba neng ba nna mo Yuropa.—10/15, tsebe 12.

A Mokeresete a ka tswelela a na le segakolodi se se siameng a ntse a amogetse tiro e e mo tlhokang go tshola dibetsa?

Motho ke ene yo a tla itirelang tshwetso ya gore a o tla dira tiro ya boitshediso e e tla mo tlhokang gore a tshole tlhobolo kana sebetsa sengwe. Mme gone go dira tiro e e tlhokang gore motho a tshole dibetsa go mmaya mo kotsing ya gore a ka nna le molato wa madi fa go tlhokega gore a dirise sebetsa e bile a ka nna mo kotsing ya go gobala kana ya go swa fa a tlhaselwa kana mongwe a ipusolosetsa. Ka jalo Mokeresete yo o tsholang dibetsa a ka se tshwanelegele go newa ditshiamelo tse di kgethegileng mo phuthegong. (1 Timotheo 3:3, 10)—11/1, tsebe 31.

E re ka lefoko “Aramagedona” le tswa mo lefokong le le bolelang “Thaba ya Megido,” a ntwa eno ya Aramagedona e tla lwelwa mo thabeng e e kwa Botlhabagare?

Nnyaa. Ga go na thaba e e bidiwang Thaba ya Megido, se se leng teng fela ke thota e e kwa godimo bolebana le mokgatšha mongwe o o sebatla wa mo Iseraele. Lefelo leo ga le ka ke la kgona go tshola ‘dikgosi tsotlhe tsa lefatshe le masole a tsone.’ Ntwa e kgolo ya Modimo e tla lowa lefatshe ka bophara mme e tla fedisa dintwa tsotlhe. (Tshenolo 16:14, 16; 19:19; Pesalema 46:8, 9)—12/1, ditsebe 4-7.