Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Go Rerela Batshwarwa Kgololo”

“Go Rerela Batshwarwa Kgololo”

“Go Rerela Batshwarwa Kgololo”

MO TSHIMOLOGONG ya bodiredi jwa gagwe Jesu o ne a bolela gore sengwe sa dilo tse a neng a tshwanetse go di dira e ne e le “go rerela batshwarwa kgololo.” (Luke 4:18) Bakeresete ba boammaaruri ba latela sekai sa Mong wa bone ka go rerela “batho ba mefuta yotlhe” dikgang tse di molemo tsa Bogosi, mme dikgang tseno di ba golola mo botshwarong jwa semoya le go ba thusa go tokafatsa matshelo a bone.—1 Timotheo 2:4.

Gompieno, tiro eno e akaretsa go rerela magolegwa a mmatota—e leng batho ba ba mo kgolegelong ka ntlha ya ditlolomolao tse di farologaneng mme ba ka rata go gololesega semoyeng. Itumelele go bala pego eno e e kgothatsang e e buang ka tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera mo dikgolegelong tsa kwa Ukraine le kwa mafelong a mangwe a Yuropa.

Batho ba e Neng e le Makgoba a Diokobatsi ba Fetoga Bakeresete

Serhii * yo o nang le dingwaga di le 38 o feditse dingwaga di le 20 a le mo kgolegelong. Tota le sekolo o se feditse a le mo kgolegelong. O bolela jaana: “Ke ne ka tshwarelwa polao mo dingwageng tse di fetileng mme ka sa ntse ke tlile go nna dingwaga mo kgolegelong. Ke ne ke itshwere jaaka mogateledi mo kgolegelong mme magolegwa a mangwe a ne a ntshaba.” A seno se ne sa dira gore a ikutlwe a gololesegile? Nnyaa. Serhii o feditse dingwaga di le dintsi e le lekgoba la diokobatsi, bojalwa le motsoko.

Legolegwa lengwe le ne la mmolelela boammaaruri jwa Baebele. E ne e kete o bona phatsimo ya lesedi mo lefifing. Mo dikgweding di sekae fela, o ne a tlogela dilo tseno tse di neng di mo tshwakgotse, a nna moreri wa dikgang tse di molemo mme a kolobediwa. Jaanong Serhii o nna a tshwaregile mo kgolegelong gonne ke modiredi wa nako e e tletseng wa ga Jehofa. O thusitse dikebekwa di le supa go fetola matshelo a tsone mme jaanong ke bakaulengwe ba gagwe ba semoya. Ba le barataro ba bone ba setse ba golotswe mme Serhii ene o sa ntse a le mo kgolegelong. Seno ga se mo utlwise botlhoko ka gonne o itumedisiwa ke gore o tla kgona go thusa ba bangwe gore le bone ba gololwe mo botshwarong jwa semoya.—Ditiro 20:35.

Mongwe wa batho ba Serhii a neng a ithuta le bone mo kgolegelong e ne e le Victor, yo o kileng a bo a gweba ka diokobatsi e bile e le lekgoba la tsone. Fa Victor a sena go gololwa mo kgolegelong, o ne a gatela pele semoyeng mme kgabagare a aloga mo Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi sa kwa Ukraine. Gone jaanong ke modiredi wa mmulatsela yo o kgethegileng kwa Moldova. Victor o bolela jaana: “Ke simolotse go goga ke na le dingwaga di le 8, ka nwa bojalwa ka tsela e e sa tshwanelang ke le dingwaga di le 12 mme fa ke na le dingwaga di le 14 ke fa ke dirisa diokobatsi. Ke ne ke batla go fetola botshelo jwa me, mme maiteko otlhe a ke neng ke a dira a ne a itaya sefololetse. E ne ya re ka 1995, fela fa nna le mosadi wa me re ne re rulaganyetsa go fuduga gore ke kgaogane le ditsala tsa me tse di bosula, o ne a bolawa ka go tlhabiwa ka thipa ke monna mongwe wa setsenwa. Ke ne ka sulafalelwa ke botshelo. ‘Mosadi wa me o kae jaanong? Go diragalang fa motho a swa?’ Ke ne ke ntse ke ipotsa dipotso tseno mme ke tlhoka yo o ka di arabang. Ke ne ka simolola go dirisa diokobatsi thata go leka go kokobetsa kutlobotlhoko e ke neng ke le mo go yone. Ke ne ka tshwarelwa go gweba ka diokobatsi mme ka atlholelwa dingwaga di le tlhano mo kgolegelong. Fa ke le koo, Serhii o ne a nthusa go bona dikarabo tsa dipotso tsa me. Ke ne ke lekile go tlogela diokobatsi ka makgetlo a le mmalwa, mme mo lekgetlong leno, Baebele e ne ya nthusa gore ke kgone go di tlogela. Ruri Lefoko la Modimo le maatla!”—Bahebera 4:12.

Dikebekwa Tse di Tlhobogilweng di a Fetoga

Vasyl ga a ise a tsamaye a dirise diokobatsi mme gone e ne e le lekgoba la sengwe se sele. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke le lekgoba la motshameko wa mabole le go ragana. Ke ne ka ikatisetsa go betsa batho ke sa ba ntshe matsadi.” Vasyl o ne a dirisa dikgoka go thukhutha batho. “Ke ne ka tswalelwa mo kgolegelong makgetlo a le mararo mme seno sa dira gore mosadi wa me a ntlhale. Fa ke le mo sekwebong sa me sa bofelo sa dingwaga di le tlhano, ke ne ka simolola go bala dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa. Dikgatiso tseno di ne tsa ntlhotlheletsa gore ke bale Baebele, mme gone ke ne ke sa ntse ke tshwaregile thata ka se ke neng ke se rata thata—motshameko wa mabole le go ragana.

“Le fa go ntse jalo, morago ga dikgwedi di le thataro ke ntse ke bala Baebele, go na le phetogo nngwe e e neng ya direga mo go nna. Go fenya ntwa go ne go sa tlhole go nkgotsofatsa jaaka go ne go nkgotsofatsa pele. Ka jalo, Isaia 2:4 e ne ya nthusa go sekaseka botshelo jwa me mme ke ne ka lemoga gore fa ke sa fetole tsela e ke akanyang ka yone, ke tla fetsa botshelo jotlhe jwa me mo kgolegelong. Ke ne ka latlha dilo tsotlhe tse ke neng ke di dirisa go lwa mme ka simolola go baakanya botho jwa me. Go ne go se motlhofo mme gone fa nako e ntse e tsamaya, go tlhatlhanya le thapelo di ne tsa nthusa go emisa mekgwa ya me e e maswe. Ka dinako tse dingwe, ke ne ke rapela Jehofa ke lela ke mo kopa gore a nneye nonofo ya go tlogela dilo tseno tse di ntshwakgotseng. Kgabagare ke ne ka atlega.

“Fa ke sena go gololwa mo kgolegelong, ke ne ka kopana gape le ba lelapa la me. Gone jaanong ke bereka mo moepong wa magala. Seno se nnaya nako e e lekaneng ya go nna le seabe mo tirong ya go rera mmogo le mosadi wa me le go diragatsa maikarabelo a me mo phuthegong.”

Mykola le ditsala tsa gagwe ba ne ba thukutha dibanka di le mmalwa tsa kwa Ukraine. Seno se ne sa dira gore ba latlhelwe mo kgolegelong dingwaga di le lesome. Pele a tsenngwa mo kgolegelong, o ne a kile a ya kerekeng gangwe fela—fa a ne a ile go loga leano la go thukutha kereke eo. Ga a ka a atlega mme go ya kerekeng ga gagwe go ne ga dira gore a dumele gore Baebele e tshwanetse ya bo e tletse ka ditlhamane tse di lapisang tse di kaga baruti ba Orthodox, dikerese le malatsi a boikhutso a bodumedi. O ne a re: “Tota ga ke itse gore ke ne ka tlhotlhelediwa ke eng mme gone ke ne ka simolola go bala Baebele. Ke ne ka gakgamala tota fa ke lemoga gore e farologane thata le se ke neng ke akanya gore ke sone!” O ne a kopa gore a rutiwe Baebele mme a kolobediwa ka 1999. Fa o mo leba gone jaanong, ga o ka ke wa dumela gore motlhanka yono wa bodiredi yo o boikobo o kile a bo a thukutha dibanka a tlhometse e bile a le setlhogo!

Vladimir o ne a atlholelwa loso. Fa a ntse a letetse go bolawa, o ne a rapela Modimo mme a mo solofetsa gore o tla mo direla fa a ka sireletsa botshelo jwa gagwe. Fa a ntse a letile jalo, molao o ne wa fetolwa mme katlholelo loso e a neng a e neilwe e ne ya fetolwa go nna katlholo ya botshelo jotlhe mo kgolegelong. Gore Vladimir a kgone go diragatsa tsholofetso ya gagwe e a neng a e solofetsa Modimo, o ne a simolola go batla bodumedi jwa boammaaruri. O ne a tsweletsa dithuto tsa gagwe ka go kwalelana le setheo sengwe sa thuto mme a amogela dipoloma go tswa mo kerekeng ya Adventist, mme gone o ne a sa ntse a sa kgotsofala.

Le fa go ntse jalo, fa Vladimir a sena go bala dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tse di neng di le mo laeboraring ya mo kgolegelong, o ne a kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Ukraine a kopa gore mongwe a mo etele. Fa bakaulengwe ba mo lefelong leo ba mo etela, o ne a setse a itsaya e le Mosupi e bile a rera mo kgolegelong. O ne a thusiwa gore a tshwanelegele go nna mmoledi wa Bogosi. Fa setlhogo seno se kwalwa, Vladimir le ba bangwe ba le supa ba ba leng mo kgolegelong eo ba ne ba letetse go kolobediwa. Mme gone ba na le bothata. E re ka magolegwa a a atlholetsweng botshelo jotlhe mo kgolegelong a tsenngwa mo seleng e le nngwe le badumedimmogo le bone, Vladimir le magolegwa mmogo le ene ba mo bodumeding jo bo tshwanang. Jaanong ba tla rerela mang? Ba rerela badisa ba mo kgolegelong ka go ba kwalela makwalo.

Nazar o ne a fuduga mo Ukraine a ya go nna kwa Czech Republic, kwa a neng a fitlha a ikamanya le segopa sengwe sa magodu gone. Seno se ne sa dira gore a latlhelwe dingwaga di le tharo le halofo mo kgolegelong. Fa a ntse a le mo kgolegelong, o ne a amogela Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba mo etetse ba tswa kwa toropong ya Karlovy Vary, a ithuta boammaaruri mme a sokologa. Fa mongwe wa badisa ba tshireletso a bona kafa Nazar a fetogileng ka gone o ne a raya magolegwa a a neng a nna le Nazar mo seleng e le nngwe a re: “Fa le lona lotlhe lo ka tshwana le monna yono wa kwa Ukraine, nka nna ka ya go batla tiro e nngwe jaanong.” Yo mongwe o ne a re: “Basupi bano ba ga Jehofa ke bomankge ba mmatota. Motho o tsena mo kgolegelong e le sekebekwa; mme o tswa e le monna yo o tlotlegang.” Jaanong Nazar o boetse lapeng. O ithutile tiro ya go betla, a bo a nyala mme ene le mosadi wa gagwe ke badiredi ba nako e e tletseng. O leboga thata go bo Basupi ba ne ba mo etela kwa kgolegelong!

Basupi ba Tlotlwa le ke Badiredibagolo ba Kgolegelo

Ga se magolegwa fela a a lebogelang tiro eno e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa. Miroslaw Kowalski, yo e leng sebueledi sa nngwe ya dikgolegelo tse di mo Poland o ne a re: “Re anaanela maeto a bone fela thata. Magolegwa mangwe a godile ka tsela e e botlhoko. Go lebega ba ise ba ko ba tshwarwe sentle jaaka batho. . . . Thuso e [Basupi] ba ba nayang yone e botlhokwa thata ka gonne rona ga re na badiri le batho ba ba lekaneng ba ba ka kgonang go ba thusa.”

Molebedi wa kgolegelo nngwe kwa Poland o ne a kwalela ofisi ya lekala mme a kopa Basupi gore ba oketse tiro ya bone mo kgolegelong. Ka ntlha yang? O tlhalosa jaana: “Fa baemedi ba Watchtower ba ka nna ba ntse ba etela magolelwa ano, seno se ka ba thusa gore ba nne le dinonofo tse di rategang mo setšhabeng mme ba tlogele go rata ntwa.”

Pego ya lekwalodikgang lengwe la kwa Ukraine e ne e bua ka legolegwa lengwe le le neng la thusiwa ke Basupi ba ga Jehofa fa le ne le tshwenyegile thata mo maikutlong mo le neng la leka go ipolaya. Pego eno ya re: “Gone jaanong monna yono o a fola mo maikutlong. O ikobela thulaganyo ya mo kgolegelong ya go dira dilo mme ke sekai mo magolegweng a mangwe.”

Ba ba Thusa Le fa Ba Setse ba Dule mo Kgolegelong

Matswela a tiro ya Basupi ba ga Jehofa ga a felele fela mo kgolegelong. Ba tswelela go thusa batho bano le fa ba setse ba golotswe mo kgolegelong. Bakeresete ba le babedi e bong Brigitte le Renate ba ntse ba thusa batho ka tsela eno ka dingwagangwaga. Lekwalodikgang la kwa Jeremane le le bidiwang Main-Echo Aschaffenburg le bega jaana ka bone: “Ba tlhokomela magolegwa dikgwedi di le tharo go ya go di le tlhano fa ba sena go gololwa mme ba ba kgothaletsa gore ba nne le boikaelelo mo botshelong. . . . Ba tsewa semolao e le badiredibagolo ba ba ithaopileng ba ba tlhomilweng go baya leitlho magolegwa a a golotsweng. . . . Gape ba dirisana sentle le badiri ba mo kgolegelong.” Batho ba le mmalwa ba ne ba ineela mo go Jehofa ka ntlha ya thuso eno e ba neng ba e newa.

Tota le badiredibagolo ba mo kgolegelong ba solegelwa molemo ke tiro eno ya Basupi ba ga Jehofa ya go ruta batho Baebele. Ka sekai, Roman e ne e le majoro wa masole e bile e le moithutatlhaloganyo kwa kgolegelong ya Ukraine. Fa Basupi ba ne ba mo etetse kwa lapeng, o ne a dumela go ithuta Baebele le bone. Mme o ne a lemoga gore Basupi ba ne ba sa letlelelwa go etela magolegwa kwa a neng a bereka gone. Ka jalo o ne a kopa tetla mo molebeding gore a dirise Baebele fa a ntse a thusa magolegwa. O ne a newa tetla eo, mme magolegwa a ka nna lesome a ne a kgatlhega. Ka metlha Roman o ne a bolelela magolegwa ano ka kitso ya gagwe ya Baebele e e neng e ntse e gola, mme maiteko a gagwe a ne a nna le matswela a a molemo thata. Fa bangwe ba magolegwa ano ba sena go gololwa, ba ne ba gatela pele mme ba nna Bakeresete ba ba kolobeditsweng. Fa Roman a bona kafa Lefoko la Modimo le leng maatla ka gone, o ne a tsaya thuto ya gagwe ya Baebele masisi. O ne a tlogela bosole mme a tswelela ka go ithuta Baebele. Gone jaanong o nna le seabe mo tirong ya go rera mmogo le mongwe yo e kileng ya bo e le legolegwa.

Legolegwa lengwe le ne la kwala jaana: “Mono re thusiwa ke Baebele, dikgatiso tsa Baebele le go nna le thuto ya Baebele.” Mafoko ano a tlhalosa sentle kafa dikgatiso tsa Baebele di tlhokegang ka gone mo dikgolegelong tse dingwe. Phuthego nngwe ya kwa Ukraine e bega jaana ka tiro ya go ruta batho Baebele e ba e dirang mo kgolegelong e e mo lefelong la bone: “Batsamaisi ba itumelela thata dikgatiso tse re ba tlogelelang tsone. Re ba naya dikhopi di le 60 tsa makasine mongwe le mongwe wa Tora ya Tebelo le Tsogang!” Phuthego nngwe e kwala jaana: “Re tlhokomela kgolegelo nngwe e e nang le dilaeborari di le 20 tse dinnye. Re isa dikgatiso tsa rona tse re di dirisang thata kwa dilaeboraring tseo. Dibuka tsotlhe tse re neng ra di isa teng di ne di tsene mo dibokoseng di le 20.” Mo kgolegelong nngwe balebedi ba na le faele ya dimakasine tsa rona mo laeboraring ya bone e le gore mongwe le mongwe wa magolegwa a ka solegelwa molemo ke dimakasine tseno.

Ka 2002, ofisi ya lekala ya kwa Ukraine e ne ya tlhoma Lephata la Dikgolegelo. Go fitlha jaanong, lephata leno le setse le ikgolagantse le dikgolegelo di ka nna 120 mme le abetse diphuthego gore di di tlhokomele. Kgwedi le kgwedi, go amogelwa makwalo a ka nna 50 a a tswang kwa magolegweng a a kopang dibuka kana a kopa go rutiwa Baebele. Lekala le nna le ba romelela dibuka, dimakasine le diboroutšhara go fitlha bakaulengwe ba mo lefelong leo ba kgona go ikgolaganya le bone.

Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresetemmogo le ene jaana: “Nnang lo gopotse ba ba mo dikgoleng tsa kgolegelo.” (Bahebera 13:3) O ne a bua ka batho ba ba neng ba tshwaretswe tumelo ya bone. Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba nna ba akantse ka ba ba tswaletsweng mo dikgolegelong, ba a ba etela mme ba “rerela batshwarwa kgololo.”—Luke 4:18.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Maina mangwe a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Lebota la kgolegelo mo L’viv, kwa Ukraine

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Vasyl le mosadi wa gagwe, Iryna

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Mykola

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Victor