Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Thusa Ba-china Kwa Mexico

Go Thusa Ba-china Kwa Mexico

Go Thusa Ba-china Kwa Mexico

“BATHO ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba ba tla tshwara, ee, ba tla tshwara ntlha ya seaparo sa monna yo e leng Mojuda, ba re: ‘Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’” (Sekarea 8:23) Gompieno, boporofeti jono jo bo molemo bo diragadiwa lefatshe ka bophara. Batho “ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba” ba ngaparela Iseraele wa semoya gore ba obamele Jehofa Modimo. Basupi ba ga Jehofa ba kgatlhegela thata go diragadiwa ga boporofeti jono. Bontsi jwa bone ba ithuta puo e sele gore ba nne le seabe mo tirong eno ya go rera lefatshe ka bophara.

Basupi ba ga Jehofa ba kwa Mexico le bone ba dira fela jalo. Go na le batho ba ba ka nnang 30-000 ba ba buang Se-China kwa Mexico. Ka 2003, ba le 15 ba bone ba ne ba nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete se se neng se tshwaretswe kwa Mexico City. Ka jalo Basupi ba mo Mexico ba ne ba lemoga gore go ka nna le kgolo ya semoya mo tshimong ya batho ba ba buang Se-China. E le gore go nne le batho ba ba ka rerelang batho bano ba ba buang Se-China, go ne ga rulaganngwa khoso ya dikgwedi di le tharo go ruta Basupi ba kwa Mexico dipuisano tse di motlhofo ka Se-China sa Mandarin. Basupi botlhe ba ba neng ba tsenetse khoso eno ba ne ba le 25. Kwa bokhutlong jwa khoso eno, modiredimogolo wa Mo-China yo o buang Se-Mandarin kwa Mexico City, o ne a nna gone mo dikalogong mme a bontsha kafa tlelase eno e tlileng go ama batho ba le bantsi ba ba buang Se-China ka tsela e e molemo ka gone. Setheo sa thuto sa batho ba ba buang Se-China sa mo lefelong leo se ne sa abela baithuti ba le bararo dibasari gore ba ye kwa nageng e sele go ya go tokafatsa tsela e ba buang Se-China ka yone.

Khoso eno ya go ithuta puo e ne e akaretsa gore ba tswe ba ye go bua le batho ba puo eo. Fa baithuti bano ba sena go ithuta dipolelwana fela tse di motlhofo, ba ne ba simolola go rera ka Se-China mo kgaolong ya dikgwebo ya Mexico City. Baithuti bano ba ba tlhagafetseng ba ne ba simolola dithuto tsa Baebele di le 21. Boroutšhara jwa Se-China jwa Modimo o Batla Gore re Direng? jo bo nang le ditemana tse di ranotsweng ka mokwalo wa ditlhaka tsa Seroma o o bidiwang Pinyin, bo ne jwa thusa thata.

Basupi bano ba ba neng ba sa tswa go dira khoso ya go ithuta Se-China ba ne ba tshwara jang dithuto tsa Baebele? Kwa tshimologong, ba ne ba kgona fela go re, “Qing Du [Tsweetswee bala fano]” ba bo ba supa serapa morago ga moo ba supe potso. Fa motho yoo a sena go bala le go araba potso ka Se-China, ba ne ba re “Shei shei [Re a leboga]” ba bo ba re “Hen Hao [O dirile sentle thata].”

Nngwe ya dithuto tseno tsa Baebele tse di tshwarwang jalo e ne ya simololwa le mosadi mongwe yo o neng a ipitsa Mokeresete. Fa ba sena go ithuta thuto ya boraro, Mosupi yono o ne a ipotsa gore a tota mosadi yono o ne a tlhaloganya tshedimosetso e a neng a ithuta yone. Ka jalo Mosupi yono o ne a tsamaya le mokaulengwe yo puo ya gaabo e neng e le Se-China. Fa mokaulengwe a botsa mosadi yono gore a o na le dipotso, mosadi yono o ne a botsa a re: “A ke tshwanetse ka bo ke kgona go thuma gore ke kgone go kolobediwa?”

Go ise go ye kae, go ne ga simololwa Thuto ya Buka ya Phuthego e e neng e na le batho ba ba buang Se-China ba ka nna 9 le Basupi ba mo Mexico ba le 23. Mo bathong ba ba neng ba nna gone go ne go na le ngaka ya Mo-China e e neng e amogetse dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka Se-Spain go tswa mo go mongwe wa balwetse ba gagwe. E re ka a ne a sa kgone go bala Se-Spain, o ne a kopa mongwe gore a mo ranolele mela e se kae. Fa a lemoga gore dimakasine tseno di ne di theilwe mo Baebeleng, o ne a kopa molwetse yono gore a mmatlele tsone ka puo ya Se-China. Molwetse yono o ne a mmatlela tsone mme ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico e ne ya dira dithulaganyo tsa gore Mosupi mongwe yo o buang Se-China a mo etele. Mmaagwe ngaka eno yo o neng a nna kwa China o ne a na le Baebele mme ngaka eno e ne e itumelela go e bala. Fa a ne a dira tshwetso ya go ya go nna kwa Mexico, mmaagwe o ne a mmolelela gore a se ka a emisa go bala Baebele. Ka jalo o ne a ntse a rapelela gore a bone mongwe yo o neng a ka mo thusa gore a ithute go le gontsi ka Modimo wa mo Baebeleng. O ne a re: “Modimo o arabile dithapelo tsa me!”

Gape batho ba bangwe ba ba neng ba nna gone mo thutong ya buka e ne e le lelapa la Ba-China le le neng le hirile manno mo mosading mongwe wa mo Mexico yo o neng a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Le fa gone ba lelapa leno la Ba-China ba ne ba tlhaloganya Se-Spain go le gonnye fela, ba ne ba itumelela go nna gone fa go tlotlwa ka Baebele. Fa nako e ntse e tsamaya, ba lelapa leno ba ne ba botsa Mosupi yo o tshwarang thuto eno gore a o na le dikgatiso dingwe ka Se-China. Go ise go ye kae, ba ne ba tshwarelwa thuto ya Baebele ka Se-China. Ba lelapa leno ba ne ba bolela gore ba eletsa go rerela bagabone le go ineela mo go Jehofa.

Ke boammaaruri gore puo ya Se-China e thata go e ithuta. Le fa go ntse jalo, jaaka re bone mo maitemogelong ano, ka thuso ya ga Jehofa, batho ba le bantsi, go akaretsa le Ba-China, ba ithuta thato ya Modimo kwa Mexico le mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Tlelase ya batho ba ba ithutang puo ya Se-China kwa Mexico City

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Mosupi wa kwa Mexico a tshwere thuto ya Baebele ka Se-China

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Bodiredi jwa ntlo le ntlo ka Se-China kwa Mexico City