Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Hisitori e e Tletseng Mathata ya go Gatisiwa ga Baebele Ka Sentadiana

Hisitori e e Tletseng Mathata ya go Gatisiwa ga Baebele Ka Sentadiana

Hisitori e e Tletseng Mathata ya go Gatisiwa ga Baebele Ka Sentadiana

“BAEBELE ke nngwe ya dibuka tse di anamisiwang thata mo nageng eno ya rona [ya Itali], mme gape go ka direga gore ke nngwe ya dibuka tse di se keng di balwa go le kalo. Re sa ntse re na le bothata jwa gore badumedi ga ba ke ba kgothalediwa go e itse, e bile ga ba ke ba thusiwa go e bala jaaka Lefoko la Modimo. Go na le batho ba ba batlang go itse Baebele, mme gantsi go a bo go se na yo o ka ba rutang yone.”

Mafoko ano, a a neng a buiwa ka 1995 ke setlhopha sengwe sa bobishopo kwa Khonferenseng ya Bobishopo ba kwa Itali, a dira gore motho a ipotse dipotso di le mmalwa. Mo makgolong a a fetileng a dingwaga, Baebele e ne e balwa go le kana kang kwa Itali? Ke ka ntlha yang fa mo nageng eno, e ne e anamisiwa ka dipalo tse di kwa tlase jaana fa go bapisiwa le dinaga tse dingwe? Ke ka ntlha yang fa e sa ntse e le nngwe ya dibuka tse di sa balweng thata kwa Itali? Go tlhatlhoba hisitori ya dithanolo tse di farologaneng tsa Baebele ka Sentadiana go tla go thusa go bona dikarabo tsa dingwe tsa dipotso tseno.

Go tsere lobaka lo loleele thata gore dipuo tse di tswang mo Selatineng, tse di tshwanang le Sefora, Sentadiana, Sepotokisi, Se-Spain, le tse dingwe, di kgone go ikemela ka nosi. Mo dinageng tse di farologaneng tsa Yuropa tse di neng di dirisa Selatine, dipuo tsa batho ba dinaga tseo di ne ka iketlo tsa simolola go tsewa tsiya tsa ba tsa dirisiwa le mo dibukeng. Go gola le go ikemela ga dipuo tseno go ne ga ama thata go ranolwa ga Baebele. Jang? Fa nako e ntse e tsamaya, Selatine, se e neng e le puo e e dirisiwang thata mo kerekeng, se ne sa simolola go katoga dipuo tseno thata, tse nngwe le nngwe ya tsone e neng e buiwa ka ditsela tse di sa tshwaneng mo mafelong a a farologaneng, mo e leng gore batho ba ba sa rutegang ba ne ba sa tlhole ba kgona go se tlhaloganya.

Mo ngwageng wa 1000, baagi ba le bantsi ba pheninsula ya Itali, le fa ba ne ba ka newa khopi ya thanolo ya Selatine ya Vulgate gore ba e bale, ba ne ba tlile go ketefalelwa ke go e bala. Ka makgolokgolo a dingwaga, baruti ba kereke ba ne ba laola thulaganyo ya thuto e e neng e le teng ka nako eo, go akaretsa le e e neng e rutwa kwa diyunibesithing di le mmalwa tse di neng di le teng. Thuto e ne e bonwa ke batho ba le mmalwa fela ba maemo. Ka gone, Baebele e ne ya feleletsa e le “buka e ba le bantsi ba neng ba sa e itse.” Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ne ba eletsa go nna le Lefoko leno la Modimo le go le tlhaloganya ka puo ya bone.

Gantsi baruti ba ne ba sa batle Baebele e ranolwa, ka ba ne ba tshaba gore go e ranola go tla anamisa se ba neng ba se bitsa bokgelogi. Go ya ka Massimo Firpo yo e neng e le mokwalahisitori, “go dirisa Baebele ka puo ya gago [go ne go tla raya gore] go tlosiwe legora [Selatine] le le neng le dirile gore baruti ba nne le taolo e e feletseng mo dilong tsa bodumedi.” Ka gone setso, bodumedi, le batho, dilo tseno tsotlhe di kopane, ke tsone tse di dirileng gore batho ba bo ba sa ntse ba sa itse Baebele jaana kwa Itali.

Dithanolo Tsa Ntlha Tse di sa Felelang Tsa Baebele

Mo lekgolong la bo13 la dingwaga, ka lekgetlho la ntlha, go ne ga ranolwa dibuka tsa Baebele go tswa mo Selatineng, di ranolelwa mo Sentadianeng. Dikarolo tse di ranotsweng di ne di kwalololwa ka seatla mme di ne di ja madi a mantsi thata. E ne ya re fa dithanolo tsa Baebele di ntse di oketsega mo lekgolong la bo14 la dingwaga, mo e ka nnang Baebele yotlhe e ne e batla e ranoletswe mo Sentadianeng, le mororo dibuka tsa yone di ne di ranotswe ke batho ba ba farologaneng, ba di ranola ka dinako tse di farologaneng mo mafelong a a farologaneng. Bontsi jwa dithanolo tseno, tse di neng di ranotswe ke batho ba go neng go sa itsiwe gore ke bomang, di ne di bonwa fela ke bahumi le barutegi, ka e ne e le bone fela ba nang le madi a go di reka. Tota le fa kgatiso ya dibuka e ne ya thusa go dira gore di se tlhole di ja madi a le mantsi, go ya ka mokwalahisitori e bong Gigliola Fragnito, e ne e sa ntse e le “batho ba le mmalwa fela ba ba neng ba kgona go nna” le Baebele.

Ka makgolokgolo a dingwaga, batho ba le bantsi thata ba ne ba sa itse go bala. Tota le eleng ka nako ya go kopanngwa ga dikarolo tse di farologaneng tsa puso ya Itali ka 1861, batho ba ba dirang diperesente di le 74,7 ba ne ba sa itse go bala. Ka nako eo, fa puso e ntšha ya Itali e ne e rulaganyetsa go dira gore botlhe ba kgone go bona thuto mahala, le go dira gore thuto e nne selo se se patelediwang ke molao, Mopapa Pius IX o ne a kwalela kgosi ka 1870 a mo kopa gore a kganele molao ono, o mopapa a neng a o bitsa “sebetso” se boikaelelo jwa sone e neng e le go “senya dikolo tsa Katoliki gotlhelele.”

Baebele ya Ntlha ka Sentadiana

Baebele ya ntlha e e feletseng ka Sentadiana e ne ya gatisiwa kwa Venice ka 1471, dingwaga di ka nna 16 morago ga gore Yuropa e simolole go dirisa mokgwa wa go kwala go dirisiwa ditlhaka tse di gabilweng. Nicolò Malerbi, yo e neng e le moitlami kwa Camaldoli, o ne a ranola Baebele mo dikgweding di le robedi. O ne a dirisa thata dithanolo tse di neng di le teng ka nako eo, a di fetola go sekae a dirisa thanolo ya Selatine ya Vulgate, gape a emisetsa mafoko mangwe ka a a neng a dirisiwa mo lefelong la ga bone, la Venetia. Thanolo ya gagwe e ne e le yone ya ntlha ya Baebele ya Sentadiana go gatisiwa e e neng ya anamisiwa thata.

Motho yo mongwe yo o neng a gatisa thanolo ya Baebele kwa Venice e ne e le Antonio Brucioli. E ne e le leloko la lekoko lengwe le le neng le dumela mo go reng motho o tshwanetse go kgona go itumela mo botshelong. Gape o ne a rata dithuto tsa Seporotesetanta, mme gone ga a ise a ke a tlogele Kereke ya Katoliki. Ka 1532, Brucioli o ne a ranola Baebele go tswa mo Sehebereng le Segerikeng sa ntlhantlha. Baebele eno e ne ya nna yone ya ntlha go ranolelwa mo Sentadianeng go dirisiwa dikwalo tsa ntlhantlha. Le fa thanolo eno e ne e sa kwalwa ka bokgeleke jwa go kwala jwa Sentadiana, motho o kgatlhwa ke go bona tsela e e neng e le gaufi thata ka teng le dikwalo tsa kwa tshimologong, fa o akanyetsa gore ka nako eo batho ba ne ba se na kitso e kalokalo ka dipuo tsa bogologolo. Mo dikarolong dingwe tsa mokwalo le mo dithanolong dingwe, Brucioli o ne a busetsa leina la Modimo ka sebopego sa “Ieova.” Mo e ka nnang ka dingwaga di le lekgolo go tloga ka nako eo, Baebele ya gagwe e ne e ratwa thata ke Baporotesetanta ba Itali le ke ditlhopha tse dingwe tsa majelathoko tsa bodumedi.

Go ne ga gatisiwa dithanolo tse dingwe tsa Baebele ka Sentadiana—tse tota e neng e le go fetola Baebele ya ga Brucioli go sekae fela—dingwe tsa tsone di gatisiwa ke Bakatoliki. Ga go na epe ya tsone e e neng ya anamisiwa thata jalo. Ka 1607, Giovanni Diodati, yo e neng e le moruti mo kerekeng ya Ba-Calvin, yo batsadi ba gagwe ba neng ba tshabela kwa Switzerland ka ntlha ya pogiso ya bodumedi, o ne a gatisa thanolo e nngwe ya Baebele ya Sentadiana e e tserweng ka tlhamalalo mo dipuong tsa ntlhantlha kwa Geneva. Ka lobaka lo loleele thanolo ya gagwe e ne e le Baebele e e ratwang thata ke Baporotesetanta ba Itali. Ka nako e e neng e gololwa ka yone, e ne e tsewa e le yone Baebele e e ranotsweng ka maatlametlo thata ya Sentadiana. Baebele ya ga Diodati e ne ya thusa Bantadiana go tlhaloganya sentle se Baebele e se rutang. Mme baruti ba ne ba gana gore yone mmogo le dithanolo tse dingwe di phasaladiwe.

Baebele—“Buka E ba Le Bantsi ba Neng Ba sa E Tlhaloganye”

Enciclopedia Cattolica e bega gore “Kereke ga e bolo go nna e beile dibuka tsotlhe tse di gatisiwang leitlho, mme pele ga go dirisiwa mokgwa wa go gatisa, e ne e sa bone go tlhokega go nna le lenaane la dibuka tse di thibetsweng ka gonne dibuka tse di neng di tsewa di le kotsi di ne di jewa ka molelo.” Tota le eleng morago ga dinako tsa Diphetogo tsa Boporotesetanta, baruti ba dinaga di le mmalwa tsa Yuropa ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go dira gore dibuka tse ba di bitsang dibuka tsa bokgelogi di se ka tsa anamisiwa. Dilo di ne tsa fetoga morago ga Lekgotla le le neng le kopane kwa Trent ka 1546, fa go ne go tlotlwa ka kgang eno ya go ranolela Baebele mo dipuong tse dingwe. Go ne ga tlhaga dikgopolo tse pedi tse di neng di sa tshwane gotlhelele. Ba ba neng ba re Baebele e se ka ya ranolelwa mo dipuong tse dingwe ba ne ba re fa Baebele e ka tlhagisiwa ka dipuo tse dingwe seno se ne se tlile “go tsala mefuta yotlhe ya bokgelogi.” Ba ba neng ba sa dumalane le ntlha ya gore Baebele e se ka ya ranolwa ba ne ba re “baba” ba bone, Baporotesetanta, ba ne ba tla re kereke e gana Baebele e ranolelwa mo dipuong tse dingwe go leka go fitlha “tsietso le bogwaragwara jwa yone.”

E re ka Lekgotla leno le ne le sa kgone go fitlhelela tumalano mo ntlheng eno, ga la ka la dira tshwetso ya gore go dirweng fa e se fela gore le ne la gatelela gore thanolo ya Vulgate ke yone thanolo ya boammaaruri, mme ya feleletsa e le yone e e dirisiwang mo Kerekeng ya Katoliki. Le fa go ntse jalo, Carlo Buzzetti, yo o neng a ruta kwa Pontifical University Salesianum, kwa Roma, o tlhalosa gore go bitsa thanolo ya Vulgate ba re “ke yone thanolo ya boammaaruri” “go ne go raya gore totatota, e ne e le yone fela Baebele e e amogelegang.” Se se neng sa direga morago ga moo se tshegetsa ntlha eno.

Ka 1559, Mopapa Paul IV o ne a gatisa lenaane la ntlha la dibuka tse di ileditsweng, lenaane la dibuka tse Bakatoliki ba neng ba thibetswe go di bala, go di rekisa, go di ranola, kgotsa go nna le tsone. Dibuka tseo go ne go tsewa di sa siama e bile di le kotsi mo tumelong le mo tseleng e batho ba tshwanetseng go itshwara ka yone. Lenaane leno le ne le re go se ka ga balwa dithanolo tsa Baebele tsa dipuo tse dingwe, go akaretsa le ya ga Brucioli. Ba ba ka fitlhelwang ba tlotse molao ono ba ne ba kgaolwa mo kerekeng. Ka 1596, lenaane leno le ne la ntsha melao e mengwe gape e e gagametseng le go feta. Go ne go sa tlhole go letleletswe go ranola kgotsa go gatisa Dibaebele ka dipuo tse dingwe. Dibaebele tseno di ne di tshwanetse go senngwa.

Ka ntlha ya moo, morago ga lekgolo la bo16 la dingwaga, go fisiwa ga Dibaebele kwa dipatlelong tsa dikereke go ne ga simolola go ata. Mo megopolong ya batho ba le bantsi, Baebele e ne ya nna buka ya bakgelogi, mme ba le bantsi ba sa ntse ba e leba jalo le gompieno. Mo e ka nnang Dibaebele tsotlhe le dibuka tse di tlhalosang Baebele tse di neng di le mo dilaeboraring tsa setšhaba le tsa batho di ne di senngwa, mme mo dingwageng tse di latelang tse 200, go ne go se na Mokatoliki ope yo o neng a ka ranolela Baebele mo Sentadianeng. Dibaebele fela tse di neng di kgona go anamisiwa kwa pheninsuleng ya Itali—le gone e le ka bokhukhuntshwane, ka gonne ba ne ba tshaba gore di tla tsewa ka dikgoka—e ne e le tse di ranotsweng ke bakanoki ba Porotesetanta. Ka gone, mokwalahisitori e bong Mario Cignoni o tlhalosa jaana: “Boammaaruri ke gore ka makgolokgolo a dingwaga, batho fela ba maemo a a kwa tlase mo kerekeng ba ne ba sa tlhole ba bala Baebele gotlhelele. Baebele e ne e batla e le buka e batho ba neng ba sa e tlhaloganye, mme dimilionemilione tsa batho ba Itali ba ne ba ise ba ke ba bale sepe mo Baebeleng.”

Thibelo ga e Tlhole e Gagametse Thata

Moragonyana, Mopapa Benedict XIV, mo lenaaneng la gagwe la di 13 tsa June, 1757, o ne a fetola molao o o neng o tlhomilwe pelenyana, “a letlelela gore go ka nna ga balwa dithanolo tsa dipuo tse dingwe tse di amogetsweng ke Mopapa wa maemo a a kwa godimo e bile di gatisitswe ka kaelo ya bobishopo.” Ka ntlha ya moo, Antonio Martini, yo moragonyana a neng a nna mobishopomogolo wa Florence, o ne a rulaganyetsa go ranola thanolo ya Vulgate. Karolo ya ntlha ya yone e ne ya gatisiwa ka 1769, mme Baebele yotlhe e ne ya wediwa ka 1781. Go ya ka motswedi mongwe wa tshedimosetso wa Katoliki, thanolo ya ga Martini e ne ya nna “yone ya ntlha e e neng e tsewa e le botlhokwa thata.” Pele ga moo, Bakatoliki ba ba neng ba sa tlhaloganye Selatine ba ne ba sa kgone go bala Baebele epe e e amogetsweng ke kereke. Mo dingwageng tse di latelang di le 150, thanolo ya ga Martini e ne e le yone fela thanolo ya Baebele e e amogelwang gore Bakatoliki ba Itali ba ka e bala.

Dilo di ne tsa fetoga kwa khanseleng ya Vatican II, e boikaelelo jwa yone e neng e le go kopanya dikereke go di dira seoposengwe. Ka 1965, lekwalo la Dei Verbum (Lefoko la Modimo) le ne ka lekgetlho la ntlha la kgothaletsa gore go nne le “dithanolo tse di tshwanelang le tse di siameng [tsa Baebele] . . . ka dipuo tse di farologaneng, e nne tse segolobogolo di ranotsweng go tswa mo dikwalong tsa ntlhantlha tsa dibuka tse di boitshepo.” Pelenyana fela ga moo, ka 1958, Pontificio istituto biblico (Setheo sa Dibaebele sa Bomopapa) e ne ya gatisa “thanolo ya ntlha e e feletseng ya Katoliki go tswa mo dikwalong tsa ntlhantlha.” Thanolo eno e ne ya busetsa leina la Modimo mo mafelong a le mmalwa e dirisa sebopego sa “Jahve.”

Go ganetsa go ranolelwa ga Baebele kwa dipuong tse dingwe go bakile tshenyo e kgolo thata, mme le jaanong ditlamorago tsa gone di sa ntse di utlwala. Jaaka fa Gigliola Fragnito a ne a tlhalosa, go “dirile gore badumedi ba se ka ba tshepa bokgoni jwa bone jwa go ikakanyetsa dilo ka bobone e bile ba se ka ba tshepa le digakolodi tsa bone.” Mo godimo ga moo, go ile ga nna ga tsenngwa dingwao tsa bodumedi, tse Bakatoliki ba le bantsi ba neng ba di tsaya di le botlhokwa go feta Baebele ka boyone. Seno sotlhe se dirile gore batho ba katogele kgakala le Dikwalo, le mororo batho ba le bantsi jaanong ba kgona go bala.

Le fa go ntse jalo, tiro ya go rera dikgang tse di molemo e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa e dirile gore batho ba boe ba kgatlhegele go bala Baebele ka Sentadiana. Ka 1963 Basupi ba ne ba gatisa Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka Sentadiana. Ka 1967 ba ne ba gatisa Baebele e e feletseng. Go setse go anamisitswe dikhopi di feta 4 000 000 tsa thanolo eno kwa Itali fela. Thanolo ya Lefatshe le Lesha, e e buseditseng leina la Modimo, e leng Jehofa, mo mokwalong wa yone, e itlhaola mo go tse dingwe ka ntlha ya go kgomarela ga yone kgopolo ya dikwalo tsa kwa tshimologong.

Basupi ba ga Jehofa ba tsamaya ka ntlo le ntlo, ba bala le go tlhalosetsa botlhe ba ba reetsang, molaetsa wa Dikwalo wa tsholofelo. (Ditiro 20:20) Mo nakong e e tlang fa o kopana le bone, ke ka ntlha yang fa o sa ba kope gore ba go bontshe se Baebele ya gago e se buang ka tsholofetso e e itumedisang ya Modimo ya gore go ise go ye kae o tla tlisa “lefatshe le lesha” le ‘go tla nnang tshiamo mo go lone’?—2 Petere 3:13.

[Mmapa mo go tsebe 13]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Venice

ROMA

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Thanolo ya Baebele ya ga Brucioli e ne e dirisa leina la Modimo Ieova mo mokwalong wa yone

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Lenaane leno la dibuka tse di ileditsweng le ne le re dithanolo tsa Baebele tsa Sentadiana di kotsi

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 13]

Tsebe ya setlhogo sa Baebele: Biblioteca Nazionale Centrale di Roma

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Brucioli’s translation: Biblioteca Nazionale Centrale di Roma; Index: Su concessione del Ministero per i Beni e le Attività Culturali