Ke Mang yo Wena o mo Ikobelang—A ke Modimo Kgotsa ke Batho?
Ke Mang yo Wena o mo Ikobelang—A ke Modimo Kgotsa ke Batho?
“Re tshwanetse go utlwa [ikobela] Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—DITIRO 5:29.
1. (a) Temana e setlhogo seno se theilweng mo go yone ya reng? (b) Baaposetoloi ba ne ba tshwaretswe eng?
BAATLHODI ba kgotlatshekelo ya makgaolakgang ya Bajuda ba tshwanetse ba bo ba ne ba shakgetse tota. Go ne go sa itsiwe kwa magolegwa a gone. Magolegwa ano e ne e le baaposetoloi ba ga Jesu Keresete, ene yo kgotlatshekelokgolo e neng e mo atlholetse loso dibeke di se kae pelenyana fela ga moo. Jaanong kgotla eno e ne e tlile go tlhasela balatedi ba gagwe. Mme e ne ya re fa badisa ba ya go ba tsaya, ba fitlhela disele di re a o ne o mpeile motho, mme dikgoro tsone di lotletswe. Go ise go ye kae badisa ba utlwalela gore baaposetoloi bano ba kwa Jerusalema, ba ruta batho ka Jesu Keresete ba sa tshabe sepe—sone se ba neng ba se tshwaretswe! Badisa ba ne ba tlhamalalela kwa tempeleng, ba tshwara baaposetoloi gape, mme ba ba tlisa mo kgotla.—Ditiro 5:17-27.
2. Moengele o ne a laela baaposetoloi gore ba dire eng?
2 Baaposetoloi bano ba ntshitswe ke moengele kwa kgolegelong. A o ne a ba ntshetsa gore ba se ka ba bogisiwa go feta kafa ba neng ba setse ba bogile? Nnyaa. E ne e le gore baagi ba Jerusalema ba utlwe dikgang tse di molemo ka ga Jesu Keresete. Moengele o ne a laela baaposetoloi bano gore ‘ba nne ba bue le batho ka mafoko otlhe kaga botshelo jono.’ (Ditiro 5:19, 20) Ke gone e neng ya re fa badisa ba tempele ba tla mo tempeleng, ba fitlhetseng baaposetoloi ba dira fela jaaka fa ba laetswe.
3, 4. (a) Fa Petere le Johane ba ne ba laelwa gore ba tlogele go rera, ba ne ba araba ka go reng? (b) Baaposetoloi ba bangwe bone ba ne ba araba ka go reng?
Ditiro 5:28) Kaiafase o ne a sa tshwanela go gakgamalela go boa a bona Petere le Johane gape mo kgotleng. Lekgetlho la ntlha fa baaposetoloi ba babedi bano ba ne ba laelwa gore ba tlogele go rera, ba ne ba araba ba re: “Gore a go siame mo ponong ya Modimo go reetsa lona go na le go reetsa Modimo, ikatlholeleng. Mme rona, ga re ka ke ra tlogela go bua ka dilo tse re di boneng le tse re di utlwileng.” Fela jaaka Jeremia moporofeti wa bogologolo, Petere le Johane ba ne ba ka se ka ba tlogela go diragatsa thomo ya bone ya go rera.—Ditiro 4:18-20; Jeremia 20:9.
3 Ba le babedi ba bareri bano ba ba tlhoafetseng, e bong moaposetoloi Petere le moaposetoloi Johane, ba ne ba kile ba tlhagelela fa pele ga kgotlatshekelo mo nakong e e fetileng, jaaka fa moatlhodi yo mogolo, e bong Kaiafase, yo leina la gagwe e neng e le Josefa, a ne a ba gakolola a galefile. Kaiafase o ne a ba raya a re: “Re ne ra lo laela thata gore lo se ka lwa nnela go ruta ka leina [la ga Jesu], mme le fa go ntse jalo, bonang! lo tladitse Jerusalema ka thuto ya lona.” (4 Mo lekgetlhong leno e ne e se Petere le Johane fela, mme baaposetoloi ba bangwe botlhe—go akaretsa le Mathiase yo o neng a sa tswa go tlhophiwa—ba ne ba bona sebaka sa go ya go tlhagelela fa pele ga kgotla le go tlhalosa boemo jwa bone. (Ditiro 1:21-26) Fa ba laelwa gore ba tlogele go tlhola ba rera, le bone ba ne ba araba jaana ba sa boife: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29.
A o Tla Ikobela Modimo Kgotsa Batho?
5, 6. Ke ka ntlha yang fa baaposetoloi ba se kile ba ikobela taelo ya kgotla?
5 Baaposetoloi e ne e le banna ba ba ikobelang molao, ba ba neng ba ka se ka ba tlola taelo ya kgotla fela go sa twe sepe. Le fa go ntse jalo, ga go na motho ope, le fa a ka tswa a na le maatla go le kana kang, yo o nang le thata ya go laela yo mongwe gore a tlole melao ya Modimo. Jehofa ke “Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” (Pesalema 83:18) Ga se fela gore ke “Moatlhodi wa lefatshe lotlhe” mme gape ke Moneimolao yo Mogolo Thata, e bile ke Kgosi ya bosakhutleng. Taelo le fa e le efe ya kgotla e e lekang go dira gore batho ba tlole melao ya Modimo ga e na maatla mo matlhong a Modimo.—Genesise 18:25; Isaia 33:22.
6 Ntlha eno e amogetswe le ke bomankge bangwe ba maemo a a kwa godimo thata ba tsa molao. Ka sekai, ramolao mongwe yo o itsegeng thata wa Moesemane, wa lekgolo la bo18 la dingwaga, e bong William Blackstone o ne a kwala a re ga go na molao ope wa motho o o tshwanetseng wa letlwa go ganetsa “molao wa tshenolo” jaaka fa o fitlhelwa mo Baebeleng. Ka gone, Sanehederine e ne e dira se e sa tshwanelang go se dira fa e ne e laela baaposetoloi gore ba tlogele go rera. Go ne go ka se direge gore baaposetoloi ba ikobele taelo eo.
7. Ke ka ntlha yang fa tiro ya go rera e ne e galefisa baperesiti ba bagolo?
7 Baperesiti ba bagolo ba ne ba galefa tota fa ba lemoga gore baaposetoloi ga ba ikemisetsa go tlogela go rera. Bangwe ba baperesiti bano, go akaretsa le Kaiafase ka boene, e ne e le Basadukae, ba ba neng ba sa dumele mo tsogong ya baswi. (Ditiro 4:1, 2; 5:17) Mme baaposetoloi bone ba ne ba ntse ba bua ba gatelela gore Jesu o ne a tsositswe mo baswing. Mo godimo ga moo, bangwe ba baperesiti ba bagolo ba ne ba kgaratlhile tota go dira gore ba ratwe ke puso ya Roma. Kwa tshekong ya ga Jesu, fa ba ne ba newa sebaka sa gore ba amogele gore Jesu ke kgosi ya bone, baperesiti ba bagolo ba ne ba bo ba goa ba re: “Ga re na kgosi epe fa e se Kaesara.” (Johane 19:15) * Baaposetoloi ba ne ba sa rere fela gore Jesu o tsositswe mo baswing, mme gape ba ne ba ruta gore kwantle ga leina la ga Jesu, “ga go na leina le lengwe kafa tlase ga legodimo le batho ba le neilweng le re tshwanetseng go bolokwa ka lone.” (Ditiro 2:36; 4:12) Baperesiti bano ba ne ba tshaba gore fa batho ba ka simolola go leba Jesu yo o tsositsweng mo baswing e le Moeteledipele wa bone, Baroma ba ka nna ba tla mme baeteledipele ba Bajuda ba ka nna ba latlhegelwa ke ‘lefelo la bone mmogo le setšhaba sa bone.’—Johane 11:48.
8. Gamaliele o ne a naya Sanehederine kgakololo efe e e botlhale?
8 Go ne go sa bonale dilo di tlile go tsamaela Ditiro 5:33) Le fa go ntse jalo, dilo di ne tsa fetoga go sa lebelelwa. Gamaliele, yo o neng a na le kitso e e tseneletseng mo dilong tsa Molao, o ne a ema mme a tlhagisa badiri mmogo nae gore ba se ka ba nna mafega go le kalo. O ne a tlhagisa jaana ka botlhale: “Fa leano leno kgotsa tiro eno e tswa mo bathong, e tla senngwa; mme fa e tswa mo Modimong, ga lo na lo kgona go ba fenya.” Go tswa foo a oketsa ka ntlha nngwe e e botlhokwa fela thata: “Go seng jalo, gongwe lo tla fitlhelwa lo le ba ba tlhabantshanang le Modimo.”—Ditiro 5:34, 38, 39.
baaposetoloi ba ga Jesu Keresete sentle. Baatlhodi ba Sanehederine ba ne ba ikemiseditse gore ba tlile go ba bolaya. (9. Ke eng se se supang gore tiro ya baaposetoloi e ne e tswa kwa Modimong?
9 Go a gakgamatsa gore kgotla e ne ya amogela kgakololo ya ga Gamaliele. Sanehederine ya “bitsa baaposetoloi, ba ba kgwathisa, ba bo ba ba laela gore ba tlogele go bua ka leina la ga Jesu, mme ba ba lesa ba tsamaya.” Le fa go ntse jalo, baaposetoloi ga ba ka ba tshosiwa ke seo, go na le moo ba ne ba tswa ba ikemiseditse go feta le e leng pele go ikobela taelo ya moengele ya gore ba ye go rera. Ka gone, fa ba sena go gololwa, “letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng le ka ntlo le ntlo [baaposetoloi] ba tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete, e bong Jesu.” (Ditiro 5:40, 42) Jehofa o ne a segofatsa maiteko a bone. Ka selekanyo se se kana kang? “Lefoko la Modimo la tswelela le gola, le palo ya barutwa ya nna ya ntsifala fela thata mo Jerusalema.” Tota e bile, “boidiidi jo bogolo jwa baperesiti jwa simolola go utlwa tumelo.” (Ditiro 6:7) Seo se tshwanetse sa bo se tlogetse baperesiti ba bagolo ba rebegile ditokololo. Bosupi bo ne bo ntse bo koelana: Ruri tiro ya baaposetoloi bano e ne e tswa kwa Modimong!
Ba ba Lwang le Modimo Ga ba Na go Atlega
10. Mo matlhong a motho, ke ka ntlha yang fa Kaiafase a ne a ka akanya gore a ka se tlosiwe mo maemong a gagwe, mme ke ka ntlha yang fa a ne a le phoso ka go akanya jalo?
10 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, puso ya Roma ke yone e e neng e tlhoma baperesiti ba bagolo ba Bajuda. Josefa Kaiafase wa mohumi o ne a tlhomilwe ke Valerius Gratus mo maemong a gagwe, mme o ne a nna moo lobaka lo loleele go feta bape ba ba tlileng pele ga gagwe. Ga go bonale Kaiafase a ne a tsaya gore o thusitswe ke Modimo
go fitlhelela maemo ano a gagwe. Go ka direga gore o ne a tsaya gore o a fitlheletse ka ntlha ya bokgoni jwa gagwe mo go tsereganyeng mo gare ga puso le setšhaba, le ka ntlha ya botsala jwa gagwe le Pilato. Le fa lebaka e ka tswa e ne e le lefe, o ne a dirile phoso e kgolo ka go tshepa batho. Dingwaga di le tharo fela morago ga gore baaposetoloi ba tlhagelele fa pele ga Sanehederine, puso ya Roma e ne e sa tlhole e rata Kaiafase mme a tlosiwa mo go nneng moperesiti yo mogolo.11. Go ne ga felela jang ka Ponto Pilato le tsamaiso ya Bajuda ya dilo, mme o fitlhelela tshwetso efe fa o akanya ka sotlhe seno?
11 Taelo ya gore Kaiafase a tlosiwe mo maemong a gagwe e ne e tswa mo go yo o neng a okametse Pilato ka tlhamalalo, e bong Lucius Vitellius, yo e neng e le mmusi wa Siria, mme tsala e kgolo ya ga Kaiafase e bong Pilato o ne a ka se ka a dira sepe ka gone. Tota e bile, ngwaga fela morago ga go tlosiwa ga ga Kaiafase, le ene Pilato ka boene o ne a tlosiwa mo maemong a gagwe mme a busediwa kwa Roma gore a ye go arabela melato ya gagwe. Mme baeteledipele ba Bajuda ba ba neng ba ikantse Kaesara bone, Baroma ba ne ba tsaya ‘lefelo la bone le setšhaba sa bone.’ Seno se ne sa direga mo ngwageng wa 70 C.E. fa masole a Roma a ne a senya motse wa Jerusalema gotlhelele, go akaretsa le tempele le holo ya Sanehederine. A bo mafoko a mopesalema a ne a itshupa a le boammaaruri jang ne mo ntlheng eno: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene”!—Johane 11:48; Pesalema 146:3.
12. Se se diragetseng ka Jesu se supa jang gore go ikobela Modimo ke yone tsela e e botlhale go e tsaya?
12 Kafa letlhakoreng le lengwe, Modimo o tlhomile Jesu Keresete yo o tsositsweng gore e nne Moperesiti yo Mogolo wa tempele e kgolo ya semoya. Ga go na ope yo o ka mo tlosang mo maemong ao. Eleruri “boperesiti jwa [ga Jesu] ga bo na batlhatlhami bape.” (Bahebera 2:9; 7:17, 24; 9:11) Modimo gape o tlhomile Jesu gore e nne Moatlhodi wa batshedi le baswi. (1 Petere 4:5) Jesu, mo maemong ano a gagwe, ke ene yo o tla laolang gore a Josefa Kaiafase le Ponto Pilato ba ka boa ba tshela gape mo isagweng.—Mathaio 23:33; Ditiro 24:15.
Bareri ba Bogosi ba ba Pelokgale ba Motlha wa Gompieno
13. Mo metlheng ya gompieno, ke tiro efe e e itshupileng e tswa mo bathong, mme ke tiro efe e e itshupileng e tswa kwa Modimong? O itse jang?
13 Mo motlheng wa rona, fela jaaka go ne go ntse le mo lekgolong la ntlha la dingwaga, “ba ba tlhabantshanang le Modimo” ba nnile bantsi. (Ditiro 5:39) Ka sekai, fa Basupi ba ga Jehofa ba kwa Jeremane ba ne ba gana go naya Adolf Hitler kgalalelo ya gore ke ene Mmusi wa bone, Hitler o ne a bua a ikana gore o tla ba nyeletsa. (Mathaio 23:10) Go ne go bonala dilo tse a di dirisang di ne di tlile go atlega tota go diragatsa maikaelelo a gagwe. Mme gone ee, Banasi ba ne ba kgona go tshwara diketekete tsa Basupi le go ba romela kwa dikampeng tsa pogisetso. Ba ne ba bo ba kgona go bolaya Basupi bangwe. Mme Banasi ga ba ka ba kgona go tlosa Basupi mo maikemisetsong a bone a go obamela Modimo a le esi fela, e bile ga ba a kgona go nyeletsa setlhopha sa batlhanka ba Modimo. Tiro ya Bakeresete bano e ne e tswa kwa Modimong, e seng mo bathong, mme ga go na yo o ka senyang tiro ya Modimo. Gone jaanong morago ga dingwaga di le 60, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ikanyegang ba ba neng ba le kwa dikampeng tsa pogisetso tsa ga Hitler ba sa ntse ba direla Jehofa ka ‘pelo yotlhe ya bone le moya le mogopolo,’ fa Hitler le lekoko la gagwe la Banasi ba itsiwe fela ka ntlha ya ditiro tsa bone tsa bosetlhogo.—Mathaio 22:37.
14. (a) Baganetsi ba lekile jang go senya batlhanka ba Modimo leina, mme go ne ga felela ka eng? (b) A maiteko ano a tlile go utlwisa batho ba Modimo botlhoko go ya go ile? (Bahebera 13:5, 6)
14 Mo dingwageng tse di neng tsa latela morago Ditiro 28:22) Mme gone boammaaruri ke gore Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho e tsaya Basupi ba ga Jehofa e le bodumedi, e seng lekokonyana fela le le sa reng sepe. Mme baganetsi baa itse ka ntlha eo. Mme go ntse go le jalo ba sa ntse ba tsweletse pele ba senya Basupi leina. Mme ka ntlha ya go senngwa leina jalo, bangwe ba Bakeresete bano ba lelekilwe mo tirong. Bana ba Basupi ba a tlhorontshiwa kwa dikolong. Beng ba mafelo a Basupi ba sa bolong go nna ba a dirisa go kopanela ba ile ba phimola ditumalano tsa bone le Basupi ka gonne ba ne ba tshaba. E bile mo makgetlong a mangwe, maphata mangwe a puso a ganne go naya batho bangwe ditshwanelo tsa boagi mo nageng, e le fela ka gonne e le Basupi ba ga Jehofa! Le fa go ntse jalo, Basupi ga ba thibege.
ga Bonasi, ba bangwe le bone ba ile ba leka go lwa le Jehofa le batho ba gagwe mme ba se ka ba atlega. Mo dinageng di le mmalwa kwa Yuropa ditlhopha tse di boferefere tsa bodumedi le dipolotiki di ile tsa leka go dira gore Basupi ba ga Jehofa ba lejwe e le ‘lekoko le le kotsi,’ fela jaaka go ne ga dirwa le ka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. (15, 16. Basupi ba ga Jehofa kwa Fora ba ne ba arabela jang fa tiro ya bone ya go rera e ne e ganediwa, mme ke ka ntlha yang fa ba sa ntse ba tsweletse ba rera?
15 Ka sekai, kwa Fora, gantsi batho ba teng ga ba maswe jalo. Le fa go ntse jalo, baganetsi ba le mmalwa ba ile ba dira gore go tlhongwe melao e boikaelelo jwa yone e neng e le go kgoreletsa tiro ya Bogosi. Basupi ba ga Jehofa ba koo ba ne ba arabela jang? Ba ne ba gakala go feta le fa e le leng pele mo tirong ya bone ya go rera mo tshimong mme ba nna le matswela a mantle thata. (Jakobe 4:7) Mo e leng gore nako nngwe, mo lobakeng lwa dikgwedi di le thataro fela, palo ya dithuto tsa magae tsa Baebele e ne ya oketsega ka diperesente di le 33 mo nageng eo! Diabolo o tshwanetse a bo a tuka malakabe fa a bona ba ba dipelo di ikanyegang kwa Fora ba amogela dikgang tse di molemo. (Tshenolo 12:17) Bakaulengwe ba rona kwa Fora baa itse gore mafoko a ga moporofeti Isaia a tla diragadiwa mo go bone: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega, mme loleme le fa e ka nna lofe lo lo tla emang kgatlhanong le wena mo katlholong o tla lo bona molato.”—Isaia 54:17.
16 Ga se gore Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go bogisiwa. Mme le fa go ntse jalo, tumalanong le taelo e Modimo a e neileng Bakeresete botlhe, ga go motlha ba tla tlogelang go bua ka dilo tse ba di utlwileng. Ba leka go nna baagi ba ba molemo. Le fa go ntse jalo, fa molao wa Modimo o thulana le molao wa batho, ba tshwanetse go ikobela Modimo e le mmusi.
Lo se Ka Lwa ba Boifa
17. (a) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go boifa baba ba rona? (b) Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe ka ba ba re bogisang?
17 Baba ba rona ba ipeile mo seemong se se kotsi tota. Ba lwa le Modimo. Ka gone, tumalanong le taelo ya ga Jesu, go na le go boifa ba ba re bogisang, re a ba rapelela. (Mathaio 5:44) Re rapelela gore fa go na le bangwe ba ba ganetsang Modimo mme ba sa itse, jaaka Saulo wa Tareso a ne a dira, Jehofa a ba thuse mme a bule matlho a bone gore ba bone boammaaruri. (2 Bakorintha 4:4) Saulo o ne a nna Paulo wa moaposetoloi wa Mokeresete mme a bogisiwa thata ke babusi ba motlha wa gagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a nna a gakolola badumedi ka ene “gore ba nne mo taolong ba bo ba nne kutlo mo dipusong le mo balaoding jaaka babusi, ba iketleeletse tiro nngwe le nngwe e e molemo, ba sa bue ope [tota le bone babogisi ba bone ba ba setlhogo] ka go mo utlwisa botlhoko, ba sa rate ntwa, ba le tekatekano, ba bontsha bonolo jotlhe mo bathong botlhe.” (Tito 3:1, 2) Basupi ba ga Jehofa kwa Fora le kwa mafelong a mangwe ba leka go tsaya kgakololo eno tsiya.
18. (a) Jehofa a ka golola batho ba gagwe ka ditsela dife? (b) Go tla felela jang kwa bokhutlong?
18 Modimo o ne a bolelela moporofeti Jeremia jaana: “Ke na le wena go go golola.” (Jeremia 1:8) Jehofa a ka re golola jang mo pogisong gompieno? A ka nna a dira gore re nne le moatlhodi yo o tshwanang le Gamaliele, yo o sa gobeleleng. Kgotsa a ka nna a dira gore modiredimogolo mongwe yo o bonokwane kgotsa yo o ganetsang a tlosiwe fela go sa lebelelwa mme go tsenngwe yo mongwe yo o seng pelo e maswe. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe Jehofa a ka nna a letlelela batho ba gagwe go bogisiwa. (2 Timotheo 3:12) Fa Modimo a letla gore re bogisiwe, ka metlha o tla re naya nonofo gore re kgone go itshoka. (1 Bakorintha 10:13) Mme le fa e le eng se Modimo a letlang gore se direge, re a itse se se tlileng go direga kwa bokhutlong: Ba ba lwang le batho ba Modimo ba lwa le Modimo ka boene, mme ba ba lwang le Modimo ga ba na go atlega.
19. Temana ya ngwaga ya 2006 ya reng, mme ke ka ntlha yang fa e tshwanela?
19 Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba lebelele pitlagano. (Johane 16:33) Ka ntlha ya moo, mafoko a a mo go Ditiro 5:29 a tshwanela tota: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” Ke gone ka moo mafoko ano a mantle a tlhophilweng gore e nne yone temana ya ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ka 2006. E kete re ka ikemisetsa mo ngwageng o o tlang ono le go ya go ile gore re tla ikobela Modimo e le Mmusi, le fa go ka diregang!
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 7 “Kaesara” yo baperesiti ba bagolo ba neng ba bua phatlalatsa gore ke kgosi ya bone ka nako eo e ne e le Tiberio Mmusimogolo wa Roma yo o neng a nyatsega, e le moitimokanyi le mmolai. Tiberio gape o ne a itsege ka mekgwa ya gagwe e e tlhabisang ditlhong ya boitshwaro jwa tlhakanelodikobo.—Daniele 11:15, 21.
A o Ka Kgona go Araba?
• Baaposetoloi ba re tlhometse sekao sefe se se kgothatsang mo tseleng e ba neng ba lebana le kganetso ka yone?
• Ke ka ntlha yang fa ka metlha re tshwanetse go ikobela Modimo e le mmusi go na le go ikobela batho?
• Totatota ba ba re ganetsang ba lwa le mang?
• Re ka lebelela gore go tla felela jang ka ba ba itshokelang pogiso?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Mafoko a a mo go tsebe 23]
Temana ya ngwaga ya 2006 e tla bo e re: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
“Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho”
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Kaiafase o ne a ikanya batho go na le go ikanya Modimo