Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Paka ya Keresemose le Ngwaga o Mosha—A e Tla Nna Jaaka o Lebeletse?

Paka ya Keresemose le Ngwaga o Mosha—A e Tla Nna Jaaka o Lebeletse?

Paka ya Keresemose le Ngwaga o Mosha—A e Tla Nna Jaaka o Lebeletse?

“Peter [yo Mogolo] o ne a laela gore go tshwarwe ditirelo tse di kgethegileng tsa Ngwaga o Mosha mo dikerekeng tsotlhe ka January 1. Gape o ne a laela gore go dirisiwe dikala tse di nnang di le ditala tsa nako ya meletlo go kgabisa mo dikgorong mo teng ga matlo, a ba a laela gore baagi botlhe ba Moscow ba tshwanetse go ‘bontsha gore ba itumetse ka go buela kwa godimo ba akgolana’ ka letsatsi la Ngwaga o Mosha.”—Peter the Great—His Life and World.

KE ENG se o lebileng pele gore se direge ka nako e batho ba bantsi ba e bitsang paka ya Keresemose le Ngwaga o Mosha? Ke nako e telele ya boikhutso. Batsadi le bana ba ka tswa ba le mo malatsing a boikhutso ka nako eo, ka jalo go lebega e le nako e e siametseng gore malapa a nne mmogo. Batho ba le bantsi ba re Keresemose ke letsatsi le Keresete a tsetsweng ka lone. Batho bangwe ba batla go tlotla Keresete ka nako eno ya ngwaga ka gonne ba dumela gore seno ke karolo ya botlhokwa ya paka eno. Gongwe le wena o akanya jalo.

E ka tswa e le nako ya go tlotla Keresete, go nna le ba lelapa kana go dira dilo tseo tsoopedi, dimilione tsa banna, basadi le bana mo lefatsheng lotlhe ba emela nako eno ka tlhoafalo e kgolo. Go tweng ka monongwaga? A e tla nna nako e e kgethegileng ya lelapa, le gone a e kgethegile mo Modimong? Fa e le gore go tla bo go na le kokoano ya lelapa, a e tla bo e le se tota o neng o se lebeletse, kana o tla sala o swabile?

Batho ba bantsi ba ba kgatlhegelang paka eno ka ntlha ya bodumedi ba lemoga gore Keresemose le Ngwaga o Mosha gantsi di ketekwa go sa akanngwe sepe ka Keresete. Go na le gore go nne jalo, paka ya Keresemose le Ngwaga o Mosha e nna fela nako ya go amogela dimpho, e dirisiwa e le seipato sa go dira mokete o mo go one go dirwang dilo tse di sa tlotleng Keresete, kana e le lebaka la gore ba lelapa ba boe ba kopane gape. Ka dinako tse dintsi, gantsi kokoano e e ntseng jalo e senngwa ke mongwe kana bangwe ba lelapa fa ba ja thata kana ba nwa bojalwa thata, ba tsosa dikganetsano tse gantsi di bakang tirisodikgoka mo lapeng. O ka tswa o lemogile seo kana se ka tswa se go diragaletse.

Fa e le gore go ntse jalo, mo go wena go ka lebega dilo di sa fetoga thata go tswa motlheng wa Mmusimogolo wa Russia, e bong Peter yo Mogolo, yo o tlhalositsweng kwa tshimologong. Ka gonne batho ba bantsi ba tshwentswe ke mokgwa ono o mosha, ba eletsa e kete paka ya Keresemose le Ngwaga o Mosha e ka nna nako ya go akanya thata ka dilo tsa bodumedi le go nna le botsalano jo bo molemo le ba lelapa. E bile bangwe ba lwela gore go nne le phetogo, mme ba dirisa moano o o reng, Keresemose le Ngwaga o Mosha di ketekwa ka ntlha ya ga Jesu. A mme go ka dirwa phetogo? Mme a seno ruri se ka tlotla Keresete? A go na le mabaka a a ka dirang gore o lebe paka ya Keresemose le Ngwaga o Mosha ka tsela e sele?

Go bona dikarabo tse di kgotsofatsang, a re lebe seemo seno go ya kafa batho ba setšhaba sengwe ba ba tshwanetseng go nna le lebaka le le kgethegileng la go anaanela paka eno ya ngwaga ba se lebang ka teng.