Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Setlhare sa Ngwaga o Mosha—A ke Se-Russia? A ke Sekeresete?

Setlhare sa Ngwaga o Mosha—A ke Se-Russia? A ke Sekeresete?

Setlhare sa Ngwaga o Mosha—A ke Se-Russia? A ke Sekeresete?

“KWA tshimologong ya dingwaga tsa bo1830, setlhare se se nnang se le setala se ne se ntse se tsewa e le ‘selo se se simologileng kwa Jeremane.’ Kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di lesome go nna le sone e ne e ‘setse e le mokgwa’ mo magaeng a batho ba maemo kwa St. Petersburg. . . . Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, baruti le batho ba maemo a a kwa tlase ke bone fela ba sa kang ba itlwaetsa mokgwa oo wa gore mo magaeng a bone go nne le setlhare se se nnang se le setala. . . . 

“Pele ga foo, . . . batho ba ne ba sa rate setlhare seo thata. Go bo se ne se tsewa e le letshwao la loso le go bo se ne se amanngwa le ‘bodimona’ go ya ka ngwao ya Se-Russia, mmogo le mokgwa wa go pega setlhare seo mo godimo ga marulelo a matlo a bojalwa, go ne go sa tsamaisane le tsela e mekgwa ya batho e fetogileng ka yone mo magareng a lekgolo la bo19 la dingwaga. . . . Go utlwala sentle go lebelela gore fa mokgwa ono wa go kgabisa matlo ka setlhare seno o ntse o tlwaelwa o ne o tla feleletsa o tshwana le wa kwa dinageng tsa Bophirima wa go se tsaya e le setlhare sa Keresemose. . . . 

“Ga go a ka ga nna motlhofo gore setlhare seno se tsewe e le sa Bokeresete kwa Russia. Kereke ya Orthodox e ne ya ganetsa seo. Baruti ba ne ba tsaya mokete ono e le wa ‘bodimona,’ ngwao ya boheitane e e neng e sa amane ka gope le go tsalwa ga Mmoloki, e ka jalo e neng e le ngwao ya kwa dinageng tsa Bophirima.”—Porofesa Yelena V. Dushechkina, yo o ithutang ka go tlholega ga dipuo kwa St. Petersburg State University.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

Photograph: Nikolai Rakhmanov