Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Pesalema 102:26 e bolela gore lefatshe le legodimo “di tla nyelela.” A mafoko ano a bolela gore Lefatshe leno le re leng mo go lone le tla senngwa?

Fa mopesalema a ne a rapela Jehofa o ne a re: “O ne wa thaya metheo ya lefatshe ka bolone bogologolo, mme magodimo ke tiro ya diatla tsa gago. Tsone ka botsone di tla nyelela, mme wena ka bowena o tla nna o eme; mme di tla onala tsotlhe fela jaaka seaparo. O tla di emisetsa fela jaaka diaparo, mme di tla fetsa lobaka lwa tsone.” (Pesalema 102:25, 26) Ditemana tse di dikologileng kgang eno ga di bue ka go senngwa ga lefatshe mme di bua ka go nna gone ga Modimo ka bosakhutleng. Gape se go buiwang ka sone mo go tsone se bontsha kafa kgang eno e e boammaaruri e gomotsang ka gone batlhanka ba Modimo.

Mopesalema o simolola ka go tlhalosa kafa a neng a bogisega ka gone, gongwe fa a ne a le motshwarwa kwa Babelona. O bua ka khutsafalo gore botshelo jwa gagwe bo khutla ka bonako “fela jaaka mosi.” O na le bothata jwa go tlhobaela fela thata mo a utlwang e kete marapo a gagwe “a goteditswe gore a nne mahibidu fela jaaka leiso.” O lapile thata e bile o “omeletse jaaka dimela fela,” o jewa ke bodutu jaaka “nonyane e e itlhaotseng e le nosi mo godimo ga borulelo.” Diteko tsa gagwe di dirile gore a felelwe ke keletso ya dijo, mme botshelo jwa gagwe bo tletse khutsafalo. (Pesalema 102:3-11) Le fa go ntse jalo, mopesalema o ne a sa latlhegelwa ke tsholofelo gotlhelele. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya se Jehofa a neng a solofeditse go se dira ka Siona kana Jerusalema.

Le fa gone Siona e ne e sentswe, Jehofa o solofeditse gore e tla tsosolosiwa. (Isaia 66:8) Ka jalo mopesalema o ne a bua le Jehofa a tletse tsholofelo a re: “O tla utlwela Siona botlhoko, gonne ke paka ya go nna pelonomi mo go ene, gonne nako e e tlhomilweng e gorogile. Gonne ruri Jehofa o tla aga Siona.” (Pesalema 102:13, 16) Morago ga moo, mopesalema o boela mo kgannyeng ya go bogisiwa ga gagwe. O bontsha gore fa e le gore Jerusalema e e swafetseng e ka tsosolosiwa ka nonofo ya Modimo, go raya gore ruri Jehofa a ka kgona go mo golola mo maemong a gagwe a a hutsafatsang. (Pesalema 102:17, 20, 23) Mme go na le sengwe gape se se tlhotlheletsang mopesalema gore a ikanye Jehofa ka botlalo. Ke eng seo? Lebaka la go bo Modimo a nnetse ruri.

Go farologana le botshelo jo bokhutshwane jwa mopesalema, Jehofa ene o nnetse ruri. Mopesalema o raya Jehofa a re: “Dingwaga tsa gago di ralala dikokomana tsotlhe.” (Pesalema 102:24) Morago ga moo mopesalema o bolela jaana: “O ne wa thaya metheo ya lefatshe ka bolone bogologolo, mme magodimo ke tiro ya diatla tsa gago.”—Pesalema 102:25.

Le fa go ntse jalo, tota le dingwaga tse dintsintsi tse legodimo le lefatshe di sa bolong go nna gone ka tsone ga di ka ke tsa bapisiwa le lobaka lwa bosakhutleng lo Jehofa a sa bolong go nna gone ka lone. Mopesalema o oketsa ka go re: “Tsone ka botsone [legodimo le lefatshe] di tla nyelela, mme wena ka bowena o tla nna o eme.” (Pesalema 102:26) Legodimo le lefatshe di ka nyelela. Mme ke boammaaruri gore Jehofa o ne a bolela gore di tla nnela ruri. (Pesalema 119:90; Moreri 1:4) Mme gone di ka kgona go nyelediwa fa seo e le boikaelelo jwa Modimo. Go farologana le tsone, Modimo ene ga a ka ke a swa. Dilo tse di bonalang tse Modimo a di bopileng “di eme ka bosaengkae” ka gonne a di tlhokomela. (Pesalema 148:6) Fa Jehofa a ne a ka emisa go ntšhafatsa dilo tse a di bopileng, di ne “di tla onala tsotlhe fela jaaka seaparo.” (Pesalema 102:26) Fela jaaka mo botshelong motho a kgona go dirisa seaparo go fitlhela se felelwa ke mosola mo go ene, Jehofa le ene, fa a ne a batla, o ne a ka dirisa popo ya gagwe go fitlhela e felelwa ke mosola mo go ene. Le fa go ntse jalo, re a itse go tswa mo dikwalong gore seo ga se thato ya gagwe. Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore o ikaeletse gore legodimo le lefatshe di nnele ruri.—Pesalema 104:5.

Go a gomotsa tota go itse gore ka metlha Jehofa o tla nna a diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Go sa kgathalesege diteko le fa e ka nna dife tse di ka re welang, go a gomotsa go itse gore fa re kopa thuso kwa go ene, o tla “retologela mo thapelong ya ba ba amogilweng sengwe le sengwe, mme a sa nyatse thapelo ya bone.” (Pesalema 102:17) Ee tsela e Jehofa a re tlhomamisetsang ka yone gore o tla re tshegetsa e e fitlhelwang mo go Pesalema 102 e nonofile le e leng go feta lefatshe le re emeng mo go lone.