Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batla Tshiamo go Tla re Sireletsa

Go Batla Tshiamo go Tla re Sireletsa

Go Batla Tshiamo go Tla re Sireletsa

“Nnang lo batle pele . . . tshiamo [ya Modimo].”—MATHAIO 6:33.

1, 2. Mosha mongwe wa Mokeresete o ne a dira tshwetso efe, mme ke eng fa a ile a dira tshwetso e e ntseng jalo?

LEKGAREBE lengwe la Mokeresete la kwa Asia le ne le bereka tiro ya go nna mokwaledi mo diofising tsa puso. Le ne le le kelotlhoko, le fitlha ka nako mo tirong e bile le dira ka natla. Le fa go ntse jalo, e re ka le ne le hirilwe fela ka nakwana, go ne ga fitlha nako ya gore maemo a lone a akanyediwe bosha. Mookamedi wa lefapha o ne a raya lekgarebe leno a re o tla le hira go ya go ile tota le go le tlhatlosetsa maemo fa fela le ne le ka dumela go nna le kamano ya boitshwaro jo bo sa siamang le ene. Le ne la gana seo gotlhelele le mororo seo se ne se tla dira gore le latlhegelwe ke tiro eo.

2 A lekgarebe leno le ne le dirile tshwetso ya boeleele? Nnyaa, le ne le latela kgakololo eno ya ga Jesu: “Nnang lo batle pele . . . tshiamo ya [Modimo].” (Mathaio 6:33) Mo go lone go latela melaometheo ya tshiamo go ne go le botlhokwa go feta go solegelwa molemo ke dilo dingwe ka ntlha ya boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo.—1 Bakorintha 6:18.

Lebaka La go Bo go Dira Tshiamo go le Botlhokwa

3. Tshiamo ke eng?

3 Lefoko “tshiamo” le naya kgopolo ya go tshela ka bothokgami le ka boikanyegi. Mo Baebeleng lefoko leno ka Segerika le ka Sehebera le naya kgopolo ya go dira dilo ka tsela e e tlhamaletseng. Go nna tshiamo ga se go itsaya o siame wena ka bowena. (Luke 16:15) Ke go nna tshiamo go ya kafa Jehofa a batlang ka teng. Ke go nna tshiamo go ya kafa ene a laelang ka teng.—Baroma 1:17; 3:21.

4. Ke eng fa go dira tshiamo go le botlhokwa mo Bakereseteng?

4 Ke eng fa go dira tshiamo go le botlhokwa? Ke ka gonne Jehofa, “Modimo yo o siameng” o a itumela fa batho ba gagwe ba dira dilo ka tshiamo. (Pesalema 4:1; Diane 2:20-22; Habakuke 1:13) Motho ope yo o sa direng dilo ka tshiamo a ka se nne le kamano ya botsala le ene. (Diane 15:8) Ke gone ka moo moaposetoloi Paulo a ileng a kgothatsa Timotheo jaana: “Tshaba dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone, mme latelela tshiamo” le dinonofo tse dingwe tse di botlhokwa. (2 Timotheo 2:22) Gape ke sone se se neng sa dira gore Paulo a akaretse “seiphemelo sa sehuba sa tshiamo” fa a ne a umaka dikarolo tse di farologaneng tsa diaparo tsa semoya tsa tlhabano.”—Baefeso 6:14.

5. Batho ba ba sa itekanelang ba ka kgona jang go batla tshiamo?

5 Ke boammaaruri gore ga go na motho ope yo o siameng ka botlalo. Rotlhe re ruile bosaitekanelang go tswa mo go Adame, mme rotlhe re dira boleo, ka jalo ga re a siama go tloga fela fa re tsholwa. Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a re re tshwanetse go batla tshiamo. A go a kgonega gore re batle tshiamo? Ee, go a kgonega ka gonne Jesu o ile a re intshetsa setlhabelo ka botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng, mme fa re bontsha gore re dumela mo setlhabelong seo, Jehofa o iketleeleditse go re itshwarela maleo. (Mathaio 20:28; Johane 3:16; Baroma 5:8, 9, 12, 18) Ka ntlha ya seo, fa re ntse re ithuta melao ya ga Jehofa e e siameng le go leka ka natla go e ikobela—re mo kopa gore a re thuse go fenya makoa a rona—Jehofa o tla amogela kobamelo ya rona. (Pesalema 1:6; Baroma 7:19-25; Tshenolo 7:9, 14) A bo seo se gomotsa jang ne!

Go Nna Tshiamo mo Lefatsheng le le sa Siamang

6. Ke eng fa lefatshe e ne e le lefelo le le kotsi mo Bakereseteng ba pele?

6 Fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba amogela taelo ya gagwe ya gore ba nne basupi ba gagwe “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe,” ba ne ba lebana le maemo a a thata. (Ditiro 1:8) Tshimo yotlhe e ba neng ba e abetswe e ne e “namaletse mo maatleng a yo o boikepo,” Satane. (1 Johane 5:19) Lefatshe le ne le tshwaeditswe ke moya wa gagwe o o boikepo mme Bakeresete ba ne ba tlile go amiwa ke tlhotlheletso ya one e e maswe. (Baefeso 2:2) Lefatshe e ne e le lefelo le le kotsi mo go bone. Ba ne ba ka kgona go itshoka le go tswelela ba ikanyega fela fa ba ne ba ka tswelela ba batla tshiamo ya Modimo. Bontsi jwa bone ba ne ba itshoka, le fa go ntse jalo bangwe ba ne ba faposiwa “mo tselaneng ya tshiamo.”—Diane 12:28; 2 Timotheo 4:10.

7. Ke maikarabelo afe a a tlhokang Mokeresete go lwa le ditlhotlheletso tse di sa siamang?

7 A le gompieno lefatshe le sa ntse le le kotsi mo Bakereseteng? Ee, le sa ntse le le kotsi. Tota e bile le senyegile go feta kafa le neng le le ka teng mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Mo godimo ga moo, Satane o ile a latlhelwa mo lefatsheng mme o lwa ntwa e e matlho mahibidu le Bakeresete ba ba tloditsweng, “ba ba setseng ba losika lwa [mosadi], ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo e bile ba na le tiro ya go naya bosupi ka Jesu.” (Tshenolo 12:12, 17) Gape Satane o tlhasela motho ope fela yo o emang “losika” loo nokeng. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ka se kgone go tshaba mo lefatsheng leno. Le mororo ba se karolo ya lefatshe, ba tshwanelwa ke go tshela mo go lone. (Johane 17:15, 16) Ba tshwanelwa ke go rera mo go lone go senka batho ba ba nang le dipelo tse di siameng le go ba dira barutwa ba ga Keresete. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Ka gone, e re ka Bakeresete ba ka se kgone go tila gotlhelele ditlhotlheletso tse di maswe tsa lefatshe leno, ba tshwanelwa ke go lwa le tsone. A re sekaseke tse nnè tsa tsone.

Serai sa Boitsholo jo bo Maswe

8. Ke eng fa Baiseraele ba ile ba simolola go obamela medimo ya Bamoabe?

8 Fa Baiseraele ba tloga ba wetsa mosepele wa bone wa dingwaga tse 40 mo nageng, bontsi jwa bone ba ne ba fapoga tsela ya tshiamo. Ba ile ba bona Jehofa a ba golola ka ditsela di le dintsi, mme e bile ba ne ba tla tloga ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Le fa go ntse jalo, ka nako eo e e botlhokwatlhokwa, ba ne ba simolola go direla medimo ya Bamoabe. Ka ntlha yang? Ba ne ba ineelela go laolwa ke “keletso ya nama.” (1 Johane 2:16) Pego eo ya re: “Batho ba simolola go nna le kamano ya boitsholo jo bo maswe le bomorwadia Moabe.”—Dipalo 25:1.

9, 10. Ke maemo afe gompieno a a dirang gore go nne botlhokwa go nna re akantse ka tsela e dikeletso tse di sa siameng tsa nama di nang le tlhotlheletso e e maswe ka teng?

9 Tiragalo eo e bontsha kafa dikeletso tse di sa siamang di ka tshwaetsang batho ba ba seng kelotlhoko ka teng. Re tshwanetse go ithuta sengwe mo tiragalong eo, segolobogolo ka gonne batho ba le bantsi ba tsaya boitshwaro jo bo maswe e le selo se se itshiametseng fela. (1 Bakorintha 10:6, 8) Pego nngwe e e tswang kwa United States ya re: “Pele ga 1970, mo dinageng tsotlhe tsa Amerika, molao o ne o sa dumele gore batho ba nne mmogo fela ba sa nyalana. Gone jaanong e setse e le selo se se tlwaelegileng. Palo e e fetang halofo ya manyalo otlhe a batho ba e leng gone ba nyalanang ke ya batho ba ba kileng ba bo ba nna mmogo pele ba nyalana.” Boitshwaro jo bo ntseng jalo le mefuta e mengwe ya boitshwaro jo bo maswe ga e fitlhelwe fela kwa nageng eo. E fitlhelwa mo lefatsheng lotlhe, mme ka maswabi, Bakeresete bangwe ba itetlile go tshwaediwa ke boitshwaro jo bo ntseng jalo—le e leng go latlhegelwa ke maemo a bone mo phuthegong ya Bokeresete.—1 Bakorintha 5:11.

10 Mo godimo ga moo, go bonala boitsholo jo bo maswe bo rotloediwa gongwe le gongwe. Dibaesekopo le dithulaganyo tsa thelebishine di dira gore batho ba akanye gore ga go molato fa basha ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. Batho ba dirwa gore ba akanye gore ga go sepe se se phoso ka bosodoma. Dithulaganyo di le dintsi tsa thelebishine di bontsha tlhakanelodikobo fela jaaka e ntse. Ditshwantsho tse di maswe tsa tlhakanelodikobo di bonwa motlhofo mo Internet. Ka sekai, mokwadi mongwe wa lekwalodikgang o ne a bega gore fa morwa wa gagwe wa dingwaga tse supa a ne a tswa sekolong o ne a tla gae a itumetse mme a mo itsise gore tsala nngwe ya gagwe kwa sekolong e kgonne go bona lefelo lengwe mo Internet le le bontshang basadi ba ba sa aparang ba dira ditiro tsa tlhakanelodikobo. Rre yono o ne a garoga pelo, mme gone, ke bana ba le kae ba ba bonang mafelo a a ntseng jalo mme ba sa bolelele batsadi ba bone? Mo godimo ga moo, ke batsadi ba le kae ba ba itseng mefuta ya dilo tse bana ba bone ba di bonang mo metshamekong ya bone ya dibidio? Metshameko e le mentsi e e ratiwang e bontsha boitsholo jo bo ferosang sebete, bodimona le thubakanyo.

11. Lelapa le ka sirelediwa jang mo boitsholong jo bo maswe jwa lefatshe leno?

11 Lelapa le ka tila jang “boitlosobodutu” jo bo ntseng jalo? Ka go batla pele tshiamo ya Modimo, le go gana go dira ditiro dipe fela tsa boitsholo jo bo maswe. (2 Bakorintha 6:14; Baefeso 5:3) Fa batsadi ba ela tlhoko dilo tse bana ba bone ba di dirang le go nwetsa mo dipelong tsa bana ba bone lorato lwa go rata Jehofa le melao ya gagwe e e siameng, ba thusa bana go kgona go fenya tlhotlheletso ya go leba ditshwantsho tse di hepisang, metshameko ya dibidio tse di leswe, dibaesekopo tsa boitsholo jo bo maswe le dithaelo tse dingwe.—Duteronome 6:4-9. *

Kotsi ya go Tlhotlhelediwa ke Batho ba o Tshelang le Bone

12. Ke bothata bofe jo bo neng jwa tlhaga mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

12 Fa Paulo a ne a le kwa Lisetera kwa Asia Minor, o ne a fodisa monna mongwe ka kgakgamatso. Pego eo ya re: “Mme boidiidi, ya re bo bona se Paulo a se dirileng, jwa tlhatlosa mantswe a jone, jwa bua ka loleme lwa Selikaonia jwa re: ‘Jaanong medimo e tshwana le batho e bile e fologetse mo go rona!’ Mme jwa simolola go bitsa Barenabase Seuse, mme Paulo Heremese, e re ka e ne e le ene yo o neng a etelela pele mo go bueng.” (Ditiro 14:11, 12) Moragonyana jone boidiidi joo bo ne jwa batla go bolaya Paulo le Barenabase. (Ditiro 14:19) Ruri batho bao ba ne ba tlhotlhelediwa motlhofo ke batho ba ba neng ba tshela le bone. Go bonala e rile fa batho bangwe go tswa mo kgaolong eo ba fetoga Bakeresete, ba se ka ba kgaogana gotlhelele le dilo tse di amanang le tumelobotlhodi. Fa Paulo a kwalela Bakeresete ba kwa Kolosa, o ne a ba gakolola gore ba ikele tlhoko mo ‘kobamelong ya baengele.’—Bakolosa 2:18.

13. Mengwe ya meetlo e Bakeresete ba tshwanetseng go e tila ke efe, mme ke eng se se ka ba thusang go dira jalo?

13 Gompieno Bakeresete ba boammaaruri le bone ba tshwanetse go tila meetlo e e tumileng e e simologang mo bodumeding jwa maaka e e kgatlhanong le melaometheo ya Bokeresete. Ka sekai, mo dinageng dingwe, mekete e le mentsi ya matsalo le ya loso e theilwe mo thutong ya maaka ya gore fa motho a swa moya wa gagwe ga o swe. (Moreri 9:5, 10) Go na le dinaga tse kwa go tsone go sa ntseng go na le tlwaelo ya go sega dirwe tsa bosadi tsa bana ba basetsana. * Tlwaelo eno ke tlwaelo e e setlhogo, e e sa tlhokegeng le e e sa dumalaneng le tsela e e lorato e batsadi ba Bakeresete ba tshwanetseng go tlhokomela bana ba bone ka yone. (Duteronome 6:6, 7; Baefeso 6:4) Bakeresete ba ka tila jang kgatelelo ya batho ba ba tshelang le bone mme ba gana ditlwaelo tse di ntseng jalo? Ka go ikanya Jehofa ka botlalo. (Pesalema 31:6) Modimo yo o siameng o tla nonotsha le go tlhokomela batho ba ba buang jaana go tswa pelong: “O botshabelo jwa me le kago ya me e e thata, Modimo wa me, yo ke tla mo ikanyang.”—Pesalema 91:2; Diane 29:25.

O se Lebale Jehofa

14. Jehofa o ne a tlhagisa Baiseraele ka eng pelenyana fela ga ba tsena ka Lefatshe le le Solofeditsweng?

14 Pelenyana fela ga Baiseraele ba tsena ka Lefatshe le le Solofeditsweng, Jehofa o ne a ba tlhagisa gore ba se ka ba mo lebala. O ile a re: “Itise gore o se ka wa lebala Jehofa Modimo wa gago gore o se ka wa boloka ditaelo tsa gagwe le ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi le melao ya gagwe e ke e go laolelang gompieno; e se re kgotsa wa ja wa ikgotsofatsa, wa aga matlo a mantle mme wa nna mo go one, mme motlhape wa gago le letsomane la gago la oketsega, le selefera le gouta ya go ntsifalela, le sotlhe se e leng sa gago sa ntsifala; mme pelo ya gago ya tsholetsega mme ruri wa lebala Jehofa Modimo wa gago.”—Duteronome 8:11-14.

15. Re ka tlhomamisa jang gore ga re lebale Jehofa?

15 A go ka direga sengwe se se ntseng jalo le gompieno? Ee, se ka direga fa re sa dire gore dilo tsa botlhokwa e nne tsone di tlang pele. Le fa go ntse jalo, fa re batla pele tshiamo ya Modimo, kobamelo e e itshekileng e tla nna yone selo sa botlhokwa mo botshelong jwa rona. Jaaka fa Paulo a ile a re kgothatsa, re tla ‘ithekela nako e e re siametseng’ le go dira bodiredi jwa rona ka moya wa tlhoafalo. (Bakolosa 4:5; 2 Timotheo 4:2) Mme gone, fa re tsaya boitapoloso kana go ijesa monate go le botlhokwa go feta go nna gone mo dipokanong le go nna le seabe mo bodireding, seo se ka nna sa dira gore re lebale Jehofa ka tsela ya gore re se ka ra mo tsaya e le ene a tlang pele mo botshelong jwa rona. Paulo o ile a re mo malatsing a bofelo, batho ba ne ba tla nna “barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:4) Bakeresete ba ba tlhoafetseng ba a itshekatsheka gangwe le gape go tlhomamisa gore ga ba tlhotlhelediwe ke tsela e e ntseng jalo ya go akanya.—2 Bakorintha 13:5.

Ikele Tlhoko Gore o se Nne le Moya wa Boitaolo

16. Efa le batho bangwe ba motlha wa ga Paulo ba ne ba na le moya ofe o o sa siamang?

16 Kwa Edene Satane o ne a kgona go raela Efa ka go dirisa keletso ya bogagapa e a neng a na le yone ya go batla go itaola. Efa o ne a batla go itirela ditshwetso tsa gore se se siameng le se se sa siamang ke sefe. (Genesise 3:1-6) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho bangwe mo phuthegong ya Korintha ba ne ba na le moya o o ntseng jalo wa boitaolo. Ba ne ba itsaya ba na le kitso e e fetang ya ga Paulo, mme o ne a bua ka bone ka tsela ya go ba sotla a ba bitsa gore ke baaposetoloi ba ba molemo go feta selekanyo.—2 Bakorintha 11:3-5; 1 Timotheo 6:3-5.

17. Re ka tila jang go nna le moya wa boitaolo?

17 Gompieno mo lefatsheng, batho ba le bantsi ‘ba tlhogoethata, ba gogomosiwa ke boikgogomoso,’ mme Bakeresete bangwe ba ile ba tshwaediwa ke tsela e e ntseng jalo ya go akanya. Bangwe e bile ba ile ba simolola go ganetsa boammaaruri. (2 Timotheo 3:4; Bafilipi 3:18) Mo dilong tse di amanang le kobamelo e e itshekileng, go botlhokwa gore re senke kaelo ya ga Jehofa le go dirisana mmogo le “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” le bagolwane ba phuthego. Tsela eo ke tsela ya go batla tshiamo, mme e re sireletsa gore re se ka ra simolola go nna le moya wa boitaolo. (Mathaio 24:45-47; Pesalema 25:9, 10; Isaia 30:21) Phuthego ya batlodiwa ke “pilara le setshegetso sa boammaaruri.” Jehofa o e tlhometse gore e re sireletse le go re kaela. (1 Timotheo 3:15) Go tsaya tsia seabe seno sa yone se se botlhokwa go tla re thusa gore re se ka ra ‘dira sepe ka ntlha ya go itseela kwa godimo’ fa re ntse re leka go dira thato ya ga Jehofa ka boikokobetso.—Bafilipi 2:2-4; Diane 3:4-6.

Nnang Baetsi ba ga Jesu

18. Re kgothalediwa go etsa Jesu ka ditsela dife?

18 Baebele e ile ya bolelela pele jaana ka Jesu ka tsela ya boporofeti: “O ratile tshiamo mme o tlhoile boikepo.” (Pesalema 45:7; Bahebera 1:9) A boikutlo jo bo molemo jo re tshwanetseng go bo etsa! (1 Bakorintha 11:1) Jesu o ne a rata melao e e siameng ya ga Jehofa, e ne e se fela gore o a e itse. Ka jalo fa Satane a ne a mo raela kwa nageng, o ne a se ka a etsaetsega, go na le moo, o ne a gana go fapoga ‘tselana ya tshiamo.’—Diane 8:20; Mathaio 4:3-11.

19, 20. Melemo ya go batla tshiamo ke efe?

19 Ke boammaaruri gore dikeletso tse di boikepo tsa nama di ka batla di re fekeetsa. (Baroma 7:19, 20) Le fa go ntse jalo, fa go dira tshiamo e le selo sa botlhokwa thata mo go rona, seo se tla re nonotsha gore re se ka ra dira boikepo. (Pesalema 119:165) Go rata go dira tshiamo go tla re sireletsa fa re raelesega go dira dilo tse di sa siamang. (Diane 4:4-6) Gakologelwa gore nako le nako fa re itetla go fenngwa ke thaelo, re a bo re naya Satane tshono ya go fenya. A bo go ne go ka nna botoka jang go mo ganetsa mme re dira gore Jehofa e nne ene yo o fenyang!—Diane 27:11; Jakobe 4:7, 8.

20 E re ka Bakeresete ba boammaaruri ba batla tshiamo, ba ‘tladiwa ka maungo a a siameng, a a leng ka Jesu Keresete, gore Modimo a galalediwe a bo a bakwe.’ (Bafilipi 1:10, 11) Ba apara “botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.” (Baefeso 4:24) Ke ba ga Jehofa mme ba tshelela go mo direla, e seng go iitumedisa. (Baroma 14:8; 1 Petere 4:2) Ke sone se se laolang megopolo le ditiro tsa bone. A bo seo se itumedisa Rraabone wa selegodimo jang ne!—Diane 23:24.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 Go na le dikakantsho tse di molemo tse batsadi ba ka di dirisang go sireletsa malapa a bone mo tlhotlheletsong ya boitsholo jo bo maswe mo bukeng ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 13 Go sega dirwe tsa bosadi tsa bana ba basetsana go bidiwa gore ke go rupa ga basadi.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke eng fa go batla tshiamo go le botlhokwa ?

• Mokeresete yo o sa itekanelang a ka kgona jang go batla tshiamo?

• Dingwe tsa dilo tsa lefatshe tse Mokeresete a tshwanetseng go di tila ke dife?

• Go batla tshiamo go re sireletsa ka tsela efe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Lefatshe e ne e le lefelo le le kotsi mo balateding ba ga Jesu

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Bana ba ba rutiwang go rata Jehofa ba tla kgona go emelana le boitsholo jo bo maswe

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Baiseraele bangwe ba ne ba lebala Jehofa fa ba sena go huma kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Bakeresete ba ila tshiamololo fela jaaka Jesu