Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itumelele go Tlhatlhanya

Itumelele go Tlhatlhanya

Itumelele go Tlhatlhanya

BATHO ba bangwe ba ka tswa ba tsaya go tlhatlhanya go le bokete thata. Ba ka tswa ba go tsaya e le selo se se bokete se se tlhokang gore ba tlhome mogopolo thata. Batho ba ba ntseng jalo gape ba ikutlwa ba le molato fa ba sa tlhatlhanye, segolobogolo fa ba bala kafa go leng botlhokwa ka teng. (Bafilipi 4:8) Le fa go ntse jalo, go akanyetsa kwa teng ka boammaaruri jo re bo ithutileng ka Jehofa, dinonofo tsa gagwe tse di molemo, dilo tse di gakgamatsang tse a di dirileng, dilo tse a batlang gore re di dire, le maikaelelo a gagwe a a molemolemo e ka nna tsela e e itumedisang thata e re dirisang nako ya rona ka yone e bile re tshwanetse go dira jalo. Ka ntlha yang?

Jehofa Modimo ke Mmusi yo Mogolo Thata wa lobopo mme o ntse a tsweletse pele ka go diragatsa maikaelelo a gagwe. (Johane 5:17) Le fa go ntse jalo, o amega ka se mongwe le mongwe wa baobamedi ba gagwe a se akanyang. Mopesalema Dafide o ne a itse seno mme o ne a kwala jaana a tlhotlheleditswe: “Wena Jehofa, o ntlhatlhobile, mme o a nkitse. O itse go nna ga me le go ema ga me. O akanyeditse kakanyo ya me go tswa kgakala.”—Pesalema 139:1, 2.

Kwa tshimologong, motho a ka tsaya gore mafoko ao a mopesalema a kgoba marapo. A ka nna a re, ‘Le fa Modimo a le “kgakala,” o bona kakanyo nngwe le nngwe e e bosula e e mo mogopolong wa me.’ Ee, go molemo go itse gore o bona dikakanyo tse di ntseng jalo. Go ka re thusa go lwantsha dikakanyo tse di sa siamang mme fa di tla, re bolelele Modimo ka tsone, re tlhomamisegile gore o tla re itshwarela mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. (1 Johane 1:8, 9; 2:1, 2) Le fa go ntse jalo, gape re tshwanetse go gakologelwa gore Jehofa o tlhatlhoba baobamedi ba gagwe ka tsela e e molemo. O re tsaya tsia fa re akanya ka ene ka tsela e e bontshang gore re a mo anaanela.

O ka nna wa botsa jaana, “A Jehofa ruri o ela tlhoko dikakanyo tsotlhe tse di molemo tsa baobamedi ba gagwe ba bantsintsi?” Ee, go ntse jalo. Jesu o ne a bontsha gore Jehofa o a re kgatlhegela fa a ne a re Jehofa o tlhokomela le dithaga tse dinnye, a bo a re: “Lo botlhokwa go feta dithaga di le dintsi.” (Luke 12:6, 7) Dithaga ga di kgone go akanya ka Jehofa. Ka jalo fa a di tlhokomela, go raya gore rona o re tlhokomela thata e bile o a itumela fa re akanya ka ene! Ee, jaaka Dafide, re ka rapela jaana: ‘A . . . go tlhatlhanya ga pelo ya me go nne monate fa pele ga gago, wena Jehofa Lefika la me le Mogolodi wa me.’—Pesalema 19:14.

Re bona bosupi jo bongwe jo bo bontshang gore ruri Jehofa o amega ka go tlhatlhanya ga baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang mo mafokong a a tlhotlheleditsweng a ga moporofeti Malaki. O ne a bolelela pele jaana fa a ne a bua ka motlha wa rona: “Ka nako eo ba ba boifang Jehofa ba ne ba buisana mmogo, mongwe le mongwe le molekane wa gagwe, mme Jehofa a nna a tlhwaya tsebe a ba a reetsa. Mme buka ya kgakologelo ya simolola go kwalwa fa pele ga gagwe e kwalelwa ba ba boifang Jehofa le ba ba akanyang ka leina la gagwe.” (Malaki 3:16) Fa re ikgopotsa gore Jehofa o “nna a tlhwaya tsebe” fa re akanya ka ene, ruri seo se ka dira gore re itumelele go tlhatlhanya ka Modimo. Ka jalo, e kete re ka dumalana le mafoko a mopesalema yo o neng a kwala jaana: “Ruri ke tla tlhatlhanya ka tiro yotlhe ya gago, ke tla akanya ka ditiro tsa gago.”—Pesalema 77:12.