Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Lefoko ka Nako ya Lone e e Tshwanetseng le Molemo Jang Ne!’

‘Lefoko ka Nako ya Lone e e Tshwanetseng le Molemo Jang Ne!’

‘Lefoko ka Nako ya Lone e e Tshwanetseng le Molemo Jang Ne!’

MO KOPANONG ya letsatsi le le lengwe ya Basupi ba ga Jehofa, Kim o ne a leka ka thata go reetsa le go kwala dintlha a ntse a tlhokometse morwadie yo o nang le dingwaga di le pedi le halofo gore a se ka a tlhodia. Kwa bofelong jwa thulaganyo, kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o neng a dutse gaufi le bone o ne a akgola Kim le monna wa gagwe ka tsela e ba neng ba tlhokometse morwadiabone ka yone fa thulaganyo e ntse e tsweletse. Tsela e Kim a neng a akgolwa ka yone e ne ya mo itumedisa thata mo e leng gore le gone jaanong dingwagangwaga morago ga tiragalo eo o bua jaana: “Fa ke ikutlwa ke lapile kwa dipokanong ke gopola mafoko a kgaitsadi yole. Mafoko a gagwe a a molemo a sa ntse a nkgothatsa go tswelela ke thapisa morwadiarona.” Eleruri, mafoko a a buiwang ka nako e e tshwanetseng a ka kgona go kgothatsa motho. Baebele e bolela jaana: ‘Lefoko ka nako ya lone e e tshwanetseng le molemo jang ne!’—Diane 15:23.

Le fa go ntse jalo, bangwe ba rona ba ka thatafalelwa ke go akgola batho ba bangwe. Ka dinako tse dingwe, go itse dilo tse re tlhaelang mo go tsone go ka re thatafaletsa go akgola ba bangwe. Mokeresete mongwe o bolela jaana: “Mo go nna seno se tshwana le go ema mo lorageng. Fa ke ntse ke kgothatsa ba bangwe, nna ke ikutlwa e kete ke nwelela mo go lone.” Dilo tse di jaaka go nna ditlhong, go inyatsa, kana go boifa gore o ka nna wa se ka wa tlhaloganngwa sentle, le tsone di ka dira gore go nne thata go akgola ba bangwe. Mo godimo ga moo, fa e le gore re gotse re akgolwa go le gonnye fela kana re sa akgolwe gotlhelele, re ka nna ra fitlhela go le thata go akgola ba bangwe.

Go sa kgathalesege maemo ao, go itse gore go akgola go ka ama motho yo o akgolang le yo o akgolwang ka tsela e e molemo go ka re tlhotlheletsa gore re leke ka natla go akgola ba bangwe ka nako e e tshwanetseng. (Diane 3:27) Ke matswela afe a a molemo a re tla a bonang fa re dira jalo? A re sekasekeng mangwe a one ka bokhutshwane.

Matswela a a Molemo

Go akgolwa ka tsela e e tshwanetseng go ka dira gore motho yo o akgolwang a se ka a inyatsa. Mosadi mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Elaine o bolela jaana: “Fa batho ba nkakgola, ke nna le boikutlo jwa gore ba a ntshepa e bile ba dumela gore ke na le bokgoni.” Ee, go akgola mongwe yo o inyatsang go ka dira gore motho yoo a nne pelokgale mme a kgone go lebana le dikgoreletsi tse dingwe e leng se se tla dirang gore a feleletse a itumetse. Basha segolobogolo ba solegelwa molemo thata fa ba akgolwa mo ba dirileng sentle teng. Mosha mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome yo o dumelang gore o ne a kgobiwa marapo ke dikakanyo tse di sa siamang tse a neng a na le tsone o bolela jaana: “Ka metlha ke leka ka bojotlhe go kgatlha Jehofa, mme ka dinako dingwe ke nna le boikutlo jwa gore go sa kgathalesege gore ke dirang, se ke se dirang ga se a lekana. Ke itumela tota fa mongwe a nkakgola.” Seane sa Baebele se bua boammaaruri fa se re: “Lefoko le le builweng ka nako e e le tshwanetseng le tshwana le diapole tsa gouta.”—Diane 25:11.

Go akgola motho go ka mo tlhotlheletsa le go mo kgothatsa. Modiredi mongwe wa nako e e tletseng o bolela jaana, “Go akgolwa go nkgothatsa gore ke dire ka natla ke bo ke tokafatse tsela e ke dirang bodiredi jwa me ka yone.” Mmè mongwe yo o nang le bana ba le babedi o ne a re fa maloko a phuthego a akgola bana ba gagwe ka ntlha ya dikarabo tse ba di ntshang mo dipokanong, seno se dira gore ba nne ba batle go araba. E le ruri, go akgola basha go ka ba tlhotlheletsa gore ba gatele pele mo tseleng e ba tshelang ka yone ya Bokeresete. Totatota, rotlhe re tlhoka go tlhomamisediwa gore re a anaanelwa le gore re tsewa re le botlhokwa. Lefatshe leno le le tletseng dilo tse di sulafatsang maikutlo le ka dira gore re ikutlwe re lapile e bile re kgobegile marapo. Mogolwane mongwe wa Mokeresete o ne a re, “Ka dinako dingwe fa ke ikutlwa ke kgobegile marapo, go akgolwa go dira gore ke ikutlwe e kete dithapelo tsa me di arabilwe.” Elaine le ene o ne a bua se se tshwanang fa a re, “Ka dinako tse dingwe ke na le boikutlo jwa gore Jehofa o dirisa dilo tse ba bangwe ba di buang go mpontsha gore o a nkamogela.”

Go akgolwa go ka dira gore motho a ikutlwe a ratwa. Go akgola motho go tswa pelong go bontsha go mo akanyetsa mme go dira gore a ikutlwe a ratwa, a sireletsegile a bile a tlotlwa. Ke bosupi jwa gore re rata Bakeresete mmogo le rona ka tsela ya mmatota e bile re a ba anaanela. Mmè mongwe yo o bidiwang Josie o bolela jaana: “Mo nakong e e fetileng ke ne ka tshwanelwa ke go ikemela ka nosi mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi. Ka nako eo, batho ba ba godileng semoyeng ba ba neng ba nkakgola ba ne ba dira gore ke nne ke nonofile mo maitlhomong a ke neng ke na le one a go sa ineele.” Ruri “re ditokololo tsa mongwe go yo mongwe.”—Baefeso 4:25.

Go batla go akgola ba bangwe go dira gore re bone se se molemo mo go bone. Re leba dinonofo tse di molemo tsa batho ba bangwe e seng makoa a bone. Mogolwane mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang David o bolela jaana, “Go anaanela dilo tse ba bangwe ba di dirang go tla re thusa gore re nne re ba akgola.” Go nna re gakologelwa kafa Jehofa le Morwawe ba leng pelotshweu ka gone fa ba bua molemo ka batho ba ba sa itekanelang go tla re tlhotlheletsa gore le rona re nne pelotshweu mo kgannyeng eno.—Mathaio 25:21-23; 1 Bakorintha 4:5.

Batho ba ba Tshwanelwang ke go Akgolwa

E re ka Jehofa Modimo e le Mmopi, ke ene motho wa ntlha yo o tshwanelwang ke go bakwa. (Tshenolo 4:11) Le fa gone a sa tlhoke gore re mo thuse gore a itshepe kana gore re mo rotloetse, fa re mmaka ka ntlha ya bogolo jwa gagwe le lorato lwa gagwe lwa bopelonomi o atamalana thata le rona mme re nna le kamano le ene. Gape, go baka Modimo go re thusa gore re se ka ra itseela kwa godimo ka dilo tse re di fitlheletseng mme re lemoge gore re di fitlheletse ka thuso e e tswang kwa go Jehofa. (Jeremia 9:23, 24) Jehofa o laletsa batho botlhe ba ba tshwanelegang gore ba nne le botshelo jo bo sa khutleng, mme leo ke lebaka le lengwe le le re tlhotlheletsang gore re mmake. (Tshenolo 21:3, 4) Kgosi Dafide wa bogologolo o ne a tlhoafaletse go “baka leina la Modimo” le go “mo godisa ka go ntsha ditebogo.” (Pesalema 69:30) E kete le rona re ka nna le keletso eo.

Badumedi mmogo le rona ba tshwanelwa ke gore re ba akgole ka tsela e e tshwanetseng. Fa re ba akgola, re tla bo re dira go dumalana le taelo e e tswang kwa Modimong ya go ‘akanyetsana gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’ (Bahebera 10:24) Moaposetoloi Paulo o re tlhometse sekao mo kgannyeng eno. O ne a kwalela phuthego ya kwa Roma jaana: “Sa ntlha, ke leboga Modimo wa me ka Jesu Keresete ka ga lona lotlhe, ka gonne go buiwa ka tumelo ya lona mo lefatsheng lotlhe.” (Baroma 1:8) Moaposetoloi Johane le ene o ne a akgola Mokeresete mmogo le ene e bong Gaio ka ntlha ya sekao sa gagwe se se molemo sa go “tsamaya mo boammaaruring.”—3 Johane 1-4.

Gompieno, fa Mokeresete mongwe a tlhoma sekao ka go bontsha nonofo nngwe e e tshwanang le ya ga Keresete, a neela puo e a e baakanyeditseng sentle kwa dipokanong, kana a neela kakgelo e e tswang pelong mo dipokanong, seno se re naya tshono e e molemo ya go leboga motho yoo. Kana re ka akgola ngwana yo o lekang ka natla go bula ditemana tse di balwang ka nako ya dipokano. Elaine yo o umakilweng pelenyana o bolela jaana: “Re na le dimpho tse di sa tshwaneng. Fa re ela tlhoko se mongwe a se dirang, re supa gore re anaanela dimpho tse di farologaneng tse batho ba Modimo ba nang le tsone.”

Go Akgola ba Lelapa

Go tweng ka go supa gore re anaanela maloko a lelapa la rona? Go tlhokega nako, maiteko le lorato gore monna le mosadi ba kgone go tshegetsa ba lelapa la bone mo semoyeng, mo maikutlong le ka dilo tsa go itshedisa tse ba di tlhokang. Ruri monna le mosadi ba tshwanelwa ke go akgolana le go akgolwa ke bana ba bone. (Baefeso 5:33) Ka sekai, Lefoko la Modimo le bolela jaana ka mosadi wa senatla: “Bomorwawe ba nanogile ba mmolela a itumetse; mong wa gagwe o a nanoga, mme o a mmaka.”—Diane 31:10, 28.

Bana le bone ba tlhoka go akgolwa. Ka maswabi, batsadi bangwe ba itlhaganelela go bolelela bana ba bone se ba batlang gore ba se dire mme ga ba ke ba ba akgolela maiteko a ba a dirang a go nna bana ba ba nang le tlotlo le ba ba utlwang. (Luke 3:22) Fa ngwana a akgolwa a sa ntse a le monnye, seno se dira gore a ikutlwe a ratiwa le gore a se ka a inyatsa.

Ke boammaaruri gore go tlhokega maiteko gore re akgole batho ba bangwe mme gone re nna le matswela a le mantsi a a molemo fa re dira jalo. Totatota, re tla nna le boitumelo jo bogolo fa re leka ka natla gore re akgole batho ba ba tlhokang go akgolwa.—Ditiro 20:35.

Nna le Boikutlo jo bo Siameng fa o Akgolwa Le fa O Akgola ba Bangwe

Le fa go ntse jalo, go akgolwa e ka nna ya nna teko mo go ba bangwe. (Diane 27:21) Ka sekai, go ka nna ga dira gore batho ba ba nang le mokgwa wa go rata go ikgodisa ba ikutlwe ba le kwa godimo ga ba bangwe. (Diane 16:18) Ka jalo go botlhokwa gore re nne kelotlhoko. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola jaana: “Ke bolelela mongwe le mongwe mo go lona gore a se ka a ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone; mme a akanye gore a nne le mogopolo o o itekanetseng sentle, mongwe le mongwe kafa Modimo a mo abetseng selekanyo sa tumelo ka gone.” (Baroma 12:3) Gore re kgone go thusa ba bangwe gore ba se ka ba wela mo seraing sa go ipona ba le botlhokwa go feta ba bangwe, re se ka ra tlhoma mogopolo mo tseleng e ba leng botlhale ka yone kana mo ditebegong tsa bone tse dintle. Go na le moo, re tshwanetse go ba akgolela ditiro tsa bone tse di molemo.

Fa kakgolo e neelwa ka moya o o siameng e bile e amogelwa ka moya o o siameng, e ka re ama ka tsela e e molemo tota. E ka re tlhotlheletsa go lemoga gore ke ka thuso ya ga Jehofa re kgonneng go fitlhelela sengwe le sengwe se se molemo se re kgonneng go se dira. Gape, go akgolwa go ka re rotloetsa gore re nne re itshwere sentle.

Rotlhe re tshwanelwa ke go akgolwa e bile re ka kgona go akgola ba bangwe go tswa pelong. Fa re akanyetsa maemo a motho gore re tle re mo akgole, re ka nna ra se ka ra lemoga kafa kakgolo eo e mo kgothatsang ka gone.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]

Lekwalo le le Neng la mo Ama Pelo

Molebedi mongwe yo o etang o gakologelwa sentle nako nngwe fa ene le mosadi wa gagwe ba ne ba boela kwa ba nnang teng morago ga go fetsa letsatsi le le tsididi la mariga ba le mo bodireding. O bolela jaana: “Mosadi wa me o ne a gatsetse e bile a kgobegile marapo, mme o ne a mpolelela gore a ka se tlhole a kgona go tswelela mo tirelong. O ne a re, ‘go ka nna botoka thata fa re ka nna badiredi ba nako e e tletseng re dira le phuthego nngwe, re nna mo lefelong le le lengwe mme re nne le dithuto tse re di tshwarang tsa Baebele.’ Ga ke a ka ka nna bonako go swetsa ka gore re tlogele, ke ne ka mmolelela gore re tla tswelela beke yotlhe re bone gore o tla bo a ikutlwa jang kwa bofelong jwa yone. Fa e le gore o tla bo a sa ntse a batla go tlogela tiro ya go etela diphuthego, ke tla akanyetsa maikutlo a gagwe. Mo go lone letsatsi leo, re ne ra ya kwa posong mme ra fitlhela lekwalo le le neng le tswa kwa ofising ya lekala e bile le kwaletswe ene ka namana. Mo lekwalong leo, o ne a akgolelwa maiteko a a a dirang mo bodireding ka tsela e e molemo le boitshoko jwa gagwe, le gore ba a lemoga kafa go ka nnang thata ka gone go robala mo bolaong jo bo farologaneng beke nngwe le nngwe. Tsela e a neng a akgolwa ka yone e ne ya mo ama jaana mo e leng gore ga a ise a ko a tlhole a bua gape ka go tlogela tiro ya go eta. Totatota, o ne a nkgothatsa makgetlo a le mmalwa gore ke tswelele fa ke ne ke akanya ka go tlogela.” Banyalani bano ba ne ba nna mo tirong ya go eta dingwaga di ka nna 40.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Ke mang mo phuthegong ya lona yo o tshwanelwang ke go akgolwa?

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Bana ba gola sentle fa ba bontshiwa lorato e bile ba akgolwa